Pina 85
Maduo a a Tswang Kwa go Jehofa
1. Jah o botlhale mme o itse sentle
Batho ba ba mo direlang.
O itse gore ka ’nako tse dingwe
Baimetswe ke mathata.
Fa’o tlogetse tsotlhe go mo direla,
Jah o tla go segofatsa.
O re neile phuthego e’e lorato,
Le botshelo jo bo kgatlhang.
(KHORASE)
A Modimo’a kgomotso a bone;
A lo neye tuelo e kgolo.
Lo iphitlhe mo ’phukeng tsa’gwe
Jah o’a ikanyega; O na le nnete.
2. Bangwe ba tlhopha go nna ba sa nyala,
Bangwe ba dirwa ke maemo.
Ka go nna ba batla Bogosi pele,
Ba nonofa mo tumelong.
Re’a itse gore go’a tle go nne thata
Fa ba jewa ke bodutu.
Bakaulengwe le bokgaitsadi bano,
Re nna re ba ema nokeng.
(KHORASE)
A Modimo’a kgomotso a bone;
A lo neye tuelo e kgolo.
Lo iphitlhe mo ’phukeng tsa’gwe
Jah o’a ikanyega; O na le nnete.
(Bona le Baatlh. 11:38-40; Ruthe 2:12; Math. 19:12.)