LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bt kgao. 27 ts. 211-217
  • Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng”
  • Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Paulo . . . O ne A Leboga Modimo A bo A Kgothala” (Ditiro 28:14, 15)
  • “Le a Kgalwa Gongwe le Gongwe” (Ditiro 28:16-22)
  • Sekao Se re Se Tlhometsweng sa go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” (Ditiro 28:23-29)
  • ‘Ba Rera ka Bogosi Jwa Modimo’ (Ditiro 28:30, 31)
  • Paulo Kwa Roma
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Nna Pelokgale Gonne Jehofa o Tla go Thusa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Rera Bogosi Jwa ga Jehofa ka Bopelokgale!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “Ga ke Na Molato wa Madi a Motho Ope”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
bt kgao. 27 ts. 211-217

KGAOLO 27

Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng”

Paulo o tswelela ka go rera a ntse a le mo kgolegelong kwa Roma

E tswa mo go Ditiro 28:11-31

1. Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba tlhomamisegile ka eng, mme ka ntlha yang?

SEKEPE se go bonalang e le sone se segolo se se rwalang dijo tsa ditlhaka se se nang le mokwalo o o reng “Bomorwa Seuse,” se tswa kwa setlhaketlhakeng sa Mediterranean sa Maleta se ya kwa Itali. Ngwaga ke wa 59 C.E. Mo sekepeng seo go na le moaposetoloi Paulo—legolegwa le le disitsweng—le Bakeresete ka ene e bong Luke le Arisetareko. (Dit. 27:2) Baefangele bano bone ba farologane le badiri ba bangwe ba mo sekepeng gonne bone ga ba tlhoke tshireletso ya bomorwa modimo wa Bagerika e bong Seuse—Castor le Pollux ba e leng mawelana. (Bona ntlha ya go ithuta e e mo Baebeleng ya Seesemane mo go Ditiro 28:11.) Go na le moo, Paulo le ditsala tsa gagwe ba direla Jehofa, yo o neng a itsise gore Paulo o tla naya bosupi ka boammaaruri kwa Roma a bo a eme fa pele ga ga Kaesara.—Dit. 23:11; 27:24.

2, 3. Sekepe sa ga Paulo se tsaya tsela efe, mme ke mang yo o neng a mo ema nokeng go tswa kwa tshimologong ya loeto lwa gagwe?

2 Malatsi a le mararo fa ba sena go goroga kwa Sirakuse, motse o montle wa Sisili o o neng o tsewa o le botlhokwa jaaka Athena le Roma, sekepe se a tloga mme se ya kwa Regiuma e e neng e le kafa borwa jwa Itali. Sekepe seno se tsamaya dikilometara di le 320 se thusiwa ke phefo ya borwa mme se tsamaya lobaka lo lokhutshwane go feta lo lo tlwaelegileng go ya kwa boemakepeng jwa Itali jwa Puteoli (gaufi le kwa Naples e leng gone gompieno) mme se goroga koo mo letsatsing la bobedi.—Dit. 28:12, 13.

3 Jaanong Paulo o mo karolong ya bofelo ya loeto lwa gagwe lwa go ya kwa Roma, kwa a tla tlhagelelang fa pele ga Mmusimogolo Nero. Go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong jwa loeto lono lwa ga Paulo, “Modimo yo o re gomotsang ka ditsela tsotlhe” o ntse a na le ene. (2 Bakor. 1:3) Jaaka re tla bona, Modimo ga a tlogele go mo ema nokeng; mme Paulo le ene o tswelela e le morongwa yo o tlhoafetseng.

“Paulo . . . O ne A Leboga Modimo A bo A Kgothala” (Ditiro 28:14, 15)

4, 5. (a) Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba amogelwa jang kwa Puteoli, mme ke eng se gongwe se neng se dira gore a newe kgololesego e e kanakana? (b) Tota le fa Bakeresete ba le mo kgolegelong, boitshwaro jwa bone jo bontle bo ka ba solegela molemo jang?

4 Fa Paulo le ditsala tsa gagwe ba goroga kwa Puteoli, ba ne ba ‘fitlhela bakaulengwe mme ba ne ba ba kopa gore ba nne le bone malatsi a le supa.’ (Dit. 28:14) Ruri Bakeresete bano ba ne ba tlhoma sekao se se molemo sa go amogela baeng! Ga go pelaelo gore bakaulengwe bano ba ba neng ba na le moya wa go amogela baeng ba ne ba solegelwa molemo fela thata ke tsela e Paulo le ditsala tsa gagwe ba neng ba ba kgothatsa semoyeng ka yone. Mme gone, go tla jang gore legolegwa leno le le disitsweng le newe kgololesego e e kanakana? Gongwe e ne e le ka gonne tsela e moaposetoloi yono a neng a itshwere ka yone e ne ya dira gore badisa ba Baroma ba mo tshepe.

5 Go ntse fela jalo le mo motlheng wa gompieno, gantsi batlhanka ba ga Jehofa ba ba leng mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogiso ba newa kgololesego e e rileng le ditshiamelo dingwe tse di kgethegileng ka ntlha ya boitshwaro jwa bone jo bontle jwa Bokeresete. Ka sekai, monna mongwe wa kwa Romania yo o neng a atlholetswe dingwaga di le 75 mo kgolegelong ka ntlha ya go kgothosa, o ne a simolola go ithuta Lefoko la Modimo mme a dira diphetogo tse dikgolo mo tseleng e a itshwarang ka yone. Mme ka ntlha ya seo, badiredibagolo ba mo kgolegelong ba ne ba mo letla gore a ye toropong—a sa disiwa—go ya go reka dilwana tse ba di tlhokang mo kgolegelong! Mme sa botlhokwa le go feta, boitshwaro jwa rona jo bontle bo dira gore Jehofa a galalediwe.—1 Pet. 2:12.

6, 7. Bakaulengwe ba kwa Roma ba ne ba bontsha jang gore ba na le lorato lo logolo?

6 Fa Paulo le ditsala tsa gagwe ba tloga kwa Puteoli, ba ka tswa ba ne ba tsamaya dikilometara di ka nna 50 go ya kwa Capua mo Tseleng ya Apio e e yang kwa Roma. Fa o le mo tseleng eno e e itsegeng thata e e adilweng maje a a sephaphathi a a dirilweng ke seretse se se omileng sa lekgwamolelo, o kgona go bona sentle metse mengwe ya Itali, mme fa o ntse o tsweletse mo go yone o kgona go bona le Lewatle la Mediterranean. Gape batho ba ba tsamayang ka tsela eno ba ne ba feta kwa Pontine Marshes, e leng lefelo le le tletseng seretse le le leng dikilometara di ka nna 60 go tswa kwa Roma le le Marekisetso a Apio a leng kwa go lone. Luke a re, fa bakaulengwe ba kwa Roma “ba utlwa gore re a tla,” bangwe ba bone ba ne ba tla go re kgatlhantsha kwa Marekisetsong mme ba bangwe ba re leta kwa lefelong le le bidiwang Matlomararo a Boitapolosetso, e leng lefelo la go ikhutsa le le leng dikilometara di ka nna 50 go tswa kwa Roma. Ruri seo se ne se bontsha lorato lo logolo lo ba neng ba na le lone!—Dit. 28:15.

7 Marekisetso a Apio e ne e se lefelo le le siameng le motho yo o ntseng a le mo loetong le yo o lapileng a neng a ka ikhutsa mo go lone. Mmoki mongwe wa Moroma yo o bidiwang Horace yo gape e leng mokwadi o ne a tlhalosa gore Marekisetso ao, “a ne a tlhanasela ka batsamaisadikepe le beng ba matlo a boitapoloso ba ba seng botho.” A re “metsi a teng a ne a sa nwege,” a le leswe. Horace o ne a bo a gana le go ja dijo tsa teng! Le fa maemo a lefelo leo a ne a le maswe jalo, bakaulengwe ba ba neng ba tswa kwa Roma ba ne ba leta Paulo le ditsala tsa gagwe koo ba itumetse gore ba tsamaye le bone ka pabalesego mo karolong ya bofelo ya loeto lwa bone.

8. Ke eng fa Paulo a ne a leboga Modimo fa a “bona” bakaulengwe ba gagwe?

8 Pego eo ya re, e rile ‘Paulo a bona bakaulengwe, o ne a leboga Modimo a bo a kgothala.’ (Dit. 28:15) Ee, go bona fela bakaulengwe bao ba ba rategang, ba bangwe ba bone a ka tswang a ne a ba itse, go ne ga nonotsha moaposetoloi yono le go mo kgothatsa. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a leboga Modimo? O ne a itse gore lorato lo e seng lwa boithati ke karolo ya leungo la moya. (Bagal. 5:22) Tota le gompieno moya o o boitshepo o tlhotlheletsa Bakeresete gore ba intshe setlhabelo gore ba thuse ba ba tlhokang thuso le go ba kgothatsa.—1 Bathes. 5:11, 14.

9. Re ka etsa jang sekao sa bakaulengwe ba ba neng ba tla go kgatlhantsha Paulo?

9 Ka sekai, moya o o boitshepo o tlhotlheletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le moya wa go amogela baeng gore ba tlhokomele balebedi ba potologo, barongwa ba ba etileng le badiredi ba bangwe ba nako e e tletseng ba bontsi jwa bone ba intshitseng setlhabelo fela thata gore ba direle Jehofa ka botlalo. Ipotse: ‘A nka oketsa tsela e ke emang nokeng ka yone ketelo ya molebedi wa potologo, gongwe ka go mo laletsa kwa legaeng la me le mosadi wa gagwe fa e le gore o nyetse? A nka dira dithulaganyo tsa gore ke bereke le bone mo bodireding?’ Fa o ka dira jalo, o tla bona masego a magolo. Ka sekai, akanya fela ka boitumelo jo bakaulengwe ba kwa Roma ba neng ba nna le jone fa ba ntse ba reeditse Paulo le ditsala tsa gagwe ba ba tlotlela mangwe a maitemogelo a mantsi a a agang a ba nnileng le one.—Dit. 15:3, 4.

“Le a Kgalwa Gongwe le Gongwe” (Ditiro 28:16-22)

10. Paulo o ne a le mo maemong a a ntseng jang kwa Roma, mme o ne a dira eng fela fa a goroga koo?

10 Kgabagare fa batsamai bano ba tsena mo Roma, “Paulo o ne a letlelelwa go nna a le nosi mme a disitswe ke lesole.” (Dit. 28:16) Fa motho e ne e se legolegwa le le kotsi, gantsi o ne a bofelelwa ka keetane mo lesoleng le le mo disitseng gore a se ka a tshaba. Tota le fa Paulo a ne a golegilwe jalo, o ne a tswelela a rera ka Bogosi; dikeetane di ne di ka se ka tsa mo thiba go dira seo. Ka gone, fa a sena go ikhutsa malatsi a le mararo morago ga loeto lo loleele, o ne a phutha banna ba bagolo ba Bajuda ba kwa Roma gore a ikitsise mo go bone le go ba naya bosupi.

11, 12. Fa Paulo a ne a bua le Bajuda ka ene, o ne a leka jang go fedisa mokgwa o ba ka tswang ba ne ba na le one wa go tlhaola batho ka lotso?

11 Paulo o ne a re: “Banna, bakaulengwe, le fa gone ke sa dira sepe se se kgopisang batho kgotsa ke sa tlola ditlwaelo tsa borraaronamogolo, ke ne ka tsenngwa mo diatleng tsa Baroma ke le legolegwa le le tswang kwa Jerusalema. Mme fa ba sena go batlisisa, ba ile ba re ba a nkgolola, ka gonne go ne go se na mabaka ape a a ka dirang gore ba mpolaye. E rile Bajuda ba sa dumalane le gore ke gololwe, ke ne ka patelesega go ikuela kwa go Kaesara, mme e se ka gonne ke ne ke na le sengwe se ke latofatsang setšhaba sa gaetsho ka sone.”—Dit. 28:17-19.

12 Fa Paulo a ne a bitsa Bajuda ba ba neng ba mo reeditse “bakaulengwe,” o ne a leka go dira gore go nne le sengwe se ba dumalanang ka sone le go fedisa mokgwa o ba ka tswang ba ne ba na le one wa go tlhaola batho ka lotso. (1 Bakor. 9:20) Gape o ne a batla go ba tlhomamisetsa gore o ne a sa tla go latofatsa ope wa bone, mme o ne a tlile go ikuela mo go Kaesara. Le fa go ntse jalo, e ne e le lekgetlo la ntlha Bajuda bao ba utlwa ka kgang ya gore Paulo o ne a tlile go ikuela mo go Kaesara. (Dit. 28:21) Ke eng fa Bajuda ba kwa Judea ba ne ba sa bolelela ba kwa Roma ka kgang eno? Buka nngwe ya ditshupiso ya re: “Sekepe se Paulo a neng a le mo go sone e ka tswa e ne e le sengwe sa dikepe tsa ntlha tse di neng tsa goroga kwa Itali morago ga mariga, mme baemedi ba balaodi ba Bajuda ba ba leng kwa Jerusalema ba ka tswa ba ne ba ise ba goroge, gongwe le lekwalo le le tlhalosang kgetsi eo le lone le ka tswa le ne le ise le goroge.”

13, 14. Paulo o ne a simolola jang molaetsa wa gagwe wa Bogosi, mme re ka etsa sekao sa gagwe jang?

13 Jaanong Paulo o ne a simolola molaetsa wa gagwe wa Bogosi a bua ka tsela e e neng e tla dira gore baeng ba gagwe ba Bajuda ba šwegašwege dipelo mme ba batle go itse mo gontsi. O ne a re: “Ka ntlha ya seo ke ne ka kopa go lo bona le go bua le lona, ka gonne ke bofilwe ka keetane eno ka ntlha ya tsholofelo e batho ba Iseraele ba nang le yone.” (Dit. 28:20) Ke boammaaruri gore fela jaaka phuthego ya Bokeresete e tlhalosa, tsholofelo eo e ne ya nna gone ka ntlha ya ga Mesia le Bogosi jwa gagwe. Bagolwane ba Bajuda ba ne ba araba ka gore: “Re batla go utlwa gore wena wa reng, ka gonne re a itse gore ruri lekoko leno le a kgalwa gongwe le gongwe.”—Dit. 28:22.

14 Fa re nna le tshono ya go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo, re ka etsa Paulo mme re bue le bone ka tsela e e tla ba thusang go akanya kgotsa re botse dipotso tse di tla tsosang kgatlhego ya bone. Re ka bona dikakantsho tse di molemo mo dikgatisong tse di jaaka Go Fetolana ka Dikwalo, Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta. A o dirisa ka botlalo didirisiwa tseno tse di re thusang go ithuta Baebele?

Sekao Se re Se Tlhometsweng sa go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” (Ditiro 28:23-29)

15. Ke dilo dife tse nnè tse Paulo a neng a re tlhomela sekao mo go tsone fa a rera?

15 Mo letsatsing le le tlhomilweng, Bajuda ba mo lefelong leo ba ne ba “tla ba le bantsi” kwa Paulo a nnang teng. Mme Paulo o ne a ba tlhalosetsa “go tloga mo mosong go fitlha maitseboa . . . a ntsha bosupi jo bo tletseng ka Bogosi Jwa Modimo, a leka go ba tlhotlheletsa go dumela mo go Jesu a dirisa Molao wa ga Moshe le mekwalo ya baporofeti.” (Dit. 28:23) Go na le dilo di le nnè tse di tlhomologileng tse Paulo a neng a re tlhomela sekao mo go tsone fa a rera. Sa ntlha, o ne a tlhomile mogopolo mo Bogosing jwa Modimo. Sa bobedi, o ne a leka go ikuela mo bareetsing ba gagwe ka “go ba tlhotlheletsa.” Sa boraro, o ne a bua le bone a dirisa Dikwalo. Sa bonè, o ne a bontsha moya wa go intsha setlhabelo, a rera “go tloga mo mosong go fitlha maitseboa.” Ruri o re tlhometse sekao se se molemo! Matswela a seo e ne ya nna afe? Luke o bega jaana: “Bangwe ba ne ba simolola go dumela” fa ba bangwe bone ba ne ba sa dumele. Go ne ga tsoga kganetsano mme batho “ba ne ba simolola go tsamaya.”—Dit. 28:24, 25a.

16-18. Ke eng fa Paulo a ne a sa gakgamala fa Bajuda ba kwa Roma ba ne ba gana molaetsa wa gagwe, mme rona re tshwanetse go ikutlwa jang fa molaetsa wa rona o sa amogelwe?

16 Paulo ga a ka a gakgamadiwa ke tsela e batho ba neng ba itshwara ka yone ka gonne e ne e boleletswe pele mo boporofeting jwa Baebele e bile ke yone tsela e ba neng ba tlhola ba itshwara ka yone. (Dit. 13:42-47; 18:5, 6; 19:8, 9) Ke gone ka moo Paulo a neng a raya baeng bano ba gagwe ba ba sa batleng go amogela molaetsa ba ba neng ba tsamaya a re: “Moya o o boitshepo o ne o nepile fa o ne o bua le borraalonamogolo o dirisa moporofeti Isaia, o re, ‘Ya kwa bathong bano mme o ba reye o re: “Eleruri lo tla utlwa, mme ga lo kitla lo tlhaloganya, e bile lo tla leba, mme ga lo kitla lo bona gotlhelele. Gonne pelo ya batho bano e thatafetse.”’” (Dit. 28:25b-27) Lefoko la puo ya ntlhantlha le le ranolwang e le pelo e e “thatafetseng,” le kaya pelo e e “tletseng mafura” e molaetsa wa Bogosi o sa kgoneng go tsenelela mo go yone. (Dit. 28:27) A matlhotlhapelo ruri!

17 Fa Paulo a konela, o ne a re baditšhaba ga ba kitla ba tshwana le Bajuda, ka gonne ‘eleruri bone ba tla reetsa.’ (Dit. 28:28; Pes. 67:2; Isa. 11:10) Tota Paulo o ne a tlhomamisegile ka se a neng a se bua ka gonne o ne a iponetse ka matlho fa Baditšhaba ba le bantsi ba amogela molaetsa wa Bogosi!—Dit. 13:48; 14:27.

18 Fela jaaka Paulo, le rona ga re a tshwanela go utlwa botlhoko fa batho ba gana dikgang tse di molemo. Kana gone, re a itse gore ke ba se kae fela ba ba tla bonang tsela ya botshelo. (Math. 7:13, 14) Mo godimo ga moo, fa ba ba siameng ba tsena mo kobamelong ya boammaaruri, a re itumeleng mme re ba amogele ka diatla tsoopedi.—Luke 15:7.

‘Ba Rera ka Bogosi Jwa Modimo’ (Ditiro 28:30, 31)

19. Paulo o ne a dirisa jang nako ya gagwe ka tsela e e molemo le fa a ne a tswaletswe mo ntlong a disitswe?

19 Luke o konela pego ya gagwe ka mafoko ano a a nametsang pelo le a a lorato, a re: “[Paulo] o ne a tswelela a nna mo ntlong e a neng a e hirile dingwaga di le pedi, mme o ne a amogela ka lorato botlhe ba ba neng ba tla kwa go ene, a ba rerela ka Bogosi Jwa Modimo e bile a ba ruta ka Morena Jesu Keresete a le pelokgale, a sa kgorelediwe ke ope.” (Dit. 28:30, 31) Ruri Paulo o ne a tlhoma sekao se se tlhomologileng gonne a ne a na le moya wa go amogela baeng, a na le tumelo e bile a tlhoafetse!

20, 21. Umaka dikai dingwe tsa batho ba ba neng ba solegelwa molemo ke bodiredi jwa ga Paulo kwa Roma.

20 Mongwe wa batho ba Paulo a neng a ba amogela ka lorato e ne e le monna mongwe yo o bidiwang Onesimo, yo e neng e le lekgoba le le tshabileng kwa Kolosa. Paulo o ne a thusa Onesimo gore e nne Mokeresete, mme monna yono ene o ne a nna “mokaulengwe . . . yo o ikanyegang le yo o rategang” mo go Paulo. Tota e bile Paulo o mmitsa, ‘ngwanake, yo ke neng ka nna rraagwe.’ (Bakol. 4:9; File. 10-12) Ruri Onesimo o tshwanetse a bo a ile a kgothatsa Paulo fela thata!a

21 Go na le batho ba bangwe ba le bone ba neng ba solegelwa molemo ke sekao se se molemo sa ga Paulo. O ne a kwalela Bafilipi a re: “Dilo tse di ntiragaletseng di dirile gore dikgang tse di molemo di aname le go feta. Badisa botlhe ba Mmusimogolo le batho ba bangwe botlhe ba a itse gore ke mo kgolegelong ka ntlha ya go bo ke le molatedi wa ga Keresete. Jaanong bakaulengwe ba le bantsi ba ba direlang Morena ba kgothaditswe ke go bo ke le mo kgolegelong, e bile ba rera molaetsa wa Modimo ba le pelokgale le go feta ba sa boife.”—Bafil. 1:12-14.

22. Fa Paulo a ne a golegilwe kwa Roma, o ne a dirisa jang nako eo ka tsela e e molemo?

22 Fa Paulo a ne a le mo kgolegelong kwa Roma, o ne a dirisa nako eo go kwala makwalo a a botlhokwa a jaanong e leng karolo ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika.b Makwalo ao a ile a tswela Bakeresete ba bogologolo mosola. Le rona a re tswela mosola ka gonne a na le kgakololo e e re thusang fela jaaka e ne e thusa Bakeresete ba bogologolo.—2 Tim. 3:16, 17.

MAKWALO A MATLHANO A PAULO A A KWADILENG FA A NE A TSHWERWE LEKGETLO LA NTLHA KWA ROMA

Moaposetoloi Paulo o kwadile makwalo a gagwe a le matlhano fa a ne a tshwerwe lekgetlo la ntlha kwa Roma ka 60-61 C.E. Mo lekwalong le Paulo a le kwaletseng modumedi ka ene e bong Filemone, o tlhalosa gore lekgoba la ga Filemone le le neng le tshabile e bong Onesimo, jaanong e ne e le Mokeresete. Paulo e ne e le rre wa semoya wa ga Onesimo mme o ne a mo romela kwa go mong wa gagwe. Lekgoba leno le le neng le “se na mosola” jaanong e ne e le mokaulengwe wa Mokeresete.—File. 10-12, 16.

Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Bakolosa, a re Onesimo o ne a ‘tswa kwa lefelong la bone.’ (Bakol. 4:9) Onesimo le Tikiko yo le ene e neng e le Mokeresete, ba ne ba nna le tshiamelo ya go tsamaisa makwalo a mabedi a a umakilweng fa godimo mmogo le le Paulo a neng a le kwalela Baefeso.—Baef. 6:21.

Fa Paulo a kwalela Bafilipi, o umaka gore o “mo kgolegelong” mme gape o tlhalosa boemo jwa motho yo o tsamaisang lekwalo leo—yo mo lekgetlong leno e leng Epaforodito. Bafilipi ba ne ba rometse Epaforodito gore a ye go thusa Paulo. Mme Epaforodito o ne a lwala mo a batlileng a swa. Gape o ne a tshwenyegile thata mo maikutlong ka gonne Bafilipi ba ne ba “utlwile gore o ne a lwala.” Ke ka lebaka leo Paulo a neng a ba raya a re ba ‘bontshe banna ba ba tshwanang le ene gore ba a ba rata.’—Bafil. 1:7; 2:25-30.

Lekwalo le le yang kwa go Bahebera le ne le kwaletswe Bakeresete ba Bahebera ba ba neng ba le kwa Judea. Le fa lekwalo leno le sa tlhalose ka tlhamalalo gore mokwadi wa lone ke mang, go na le bosupi jo bo bontshang gore le kwadilwe ke Paulo. Le kwadilwe ka tsela e Paulo a kwalang ka yone. Paulo o romela ditumediso a le kwa Itali, mme o umaka Timotheo, yo o neng a na le ene kwa Roma.—Bafil. 1:1; Bakol. 1:1; File. 1; Baheb. 13:23, 24.

23, 24. Fela jaaka Paulo, Bakeresete ba mo motlheng wa rona ba ne ba kgona jang go nna ba itumetse le fa ba golegilwe ba se molato?

23 Buka ya Ditiro ga e umake gore Paulo o ne a gololwa leng, mme gone fa a gololwa o ne a feditse dingwaga di le nnè mo kgolegelong—di le pedi kwa Kaesarea mme tse dingwe tse pedi kwa Roma.c (Dit. 23:35; 24:27) Mme gone, o ne a nna a itumetse a dira sotlhe se a ka se kgonang fa a ntse a direla Modimo. Le mo motlheng ono, batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba nna ba itumetse e bile ba tswelela ba rera le fa ba golegilwe ba se molato ka ntlha ya tumelo ya bone. Akanya ka sekai sa ga Adolfo yo o neng a tshwerwe kwa Spain ka ntlha ya go se tseye letlhakore gonne e le Mokeresete. Modiredimogolo mongwe o ne a re: “Ruri o a re gakgamatsa. Re lekile go go thatafaletsa botshelo, mme fa re go ketefaletsa dilo o nna fela o nyenya e bile o bua ka bonolo.”

24 Fa nako e ntse e ya, Adolfo o ne a ikanngwa jaana mo mojako wa sele ya gagwe o neng o tlogelwa fela o sa lotlelwa. Masole a ne a mo etela mme a mmotsa dipotso ka Baebele. Mongwe wa badisa o ne a tle a etele Adolfo mo seleng ya gagwe a ya go bala Baebele fa Adolfo ene a ntse a tlhokometse gore ga go ope yo o tlang. Jaanong legolegwa le ne le “tlhokometse” modisa! E kete sekao se se molemo sa Basupi bao ba ba ikanyegang se ka re tlhotlheletsa gore re ‘rere molaetsa wa Modimo re le pelokgale le go feta re sa boife,’ tota le mo maemong a a thata.

25, 26. Ke boporofeti bofe jo bo kgatlhang jo Paulo a ileng a bona bo diragadiwa mo dingwageng tse di kafa tlase ga di le 30, mme bo diragadiwa jang le mo motlheng wa rona?

25 Fa batho ba tla kwa moaposetoloing yono wa ga Keresete yo o tswaletsweng mo ntlong a disitswe, o ba ‘rerela ka Bogosi Jwa Modimo.’ Ruri buka eno ya Ditiro e e nang le ditiragalo tse di kgatlhang e konelwa ka tsela e e nametsang pelo tota! Mo kgaolong ya ntlha, re bala ka taelo e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe fa a ne a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o tla mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema, mo Judea yotlhe le Samarea, le go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.” (Dit. 1:8) Mme jaanong dingwaga tse di kwa tlase ga tse 30 morago ga moo, molaetsa oo wa Bogosi o ne o setse o ‘rerilwe mo lefatsheng lotlhe.’d (Bakol. 1:23) Ruri seo se bontsha kafa moya wa Modimo o leng maatla ka gone!—Seka. 4:6.

26 Le gompieno, one moya oo o nonotsha bomorwarraagwe Keresete ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng mmogo le balekane ba bone ba “dinku tse dingwe” gore ba tswelele ka go ‘ntsha bosupi jo bo tletseng ka Bogosi Jwa Modimo’ mo dinageng di le 240! (Joh. 10:16; Dit. 28:23) A le wena o nna le seabe ka botlalo mo tirong eno?

KAFA PAULO A NENG A TSHELA KA GONE MORAGO GA 61 C.E.

Ka 61 C.E., Paulo a ka tswa a ile a tlhagelela fa pele ga Mmusimogolo Nero yo o neng a se ka a mmona molato. Ga re itse go le kalo gore moaposetoloi o ne a ntse a dira eng morago ga moo. Fa e le gore o ne a tsaya loeto lo a neng a lo rulagantse lwa go ya Sepeine, a ka tswa a ile a dira seo mo go yone nako eo. (Bar. 15:28) Mo e ka nnang ka 95 C.E., monna mongwe wa kwa Roma yo o bidiwang Clement a re Paulo o ne a ya le “kwa mafelong a a kwa kgakalakgakala a bophirima.”

Mo makwalong a le mararo a Paulo a neng a a kwala fa a sena go gololwa—Timotheo wa Ntlha le wa Bobedi le Tito—re lemoga gore Paulo o ne a etela kwa Kereta, Makedonia, Nikopolisa le kwa Teroase. (1 Tim. 1:3; 2 Tim. 4:13; Tito 1:5; 3:12) Gongwe Paulo o ne a tshwarwa gape fa a ne a le kwa Nikopolisa kwa Gerika. Go sa kgathalesege se se neng sa direga, o ne a tsenngwa mo kgolegelong gape kwa Roma mo e ka nnang ka 65 C.E. Mme mo lekgetlong leno Nero ga a ka a mo utlwela botlhoko. Rahisitori mongwe wa Moroma e bong Tacitus a re fa motse oo o ne o lailwa ke molelo ka 64 C.E., Nero o ne a latofatsa Bakeresete ka seo a bo a ntsha letsholo la go ba bogisa setlhogo.

Mo lekwalong la bobedi le Paulo a neng a le kwalela Timotheo, o ne a kopa Timotheo le Mareko gore ba tle kwa go ene ka bonako gonne a ne a bona gore o tloga a bolawa. Re kgona go bona kafa Luke le Onesiforo ba neng ba le pelokgale ka gone gonne ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba ye go gomotsa Paulo. (2 Tim. 1:16, 17; 4:6-9, 11) Boammaaruri ke gore ka nako eo, fa motho a ne a ipolela phatlalatsa gore ke Mokeresete o ne a ka golegwa mme a tlhokofadiwa go fitlha a swa. Gongwe Paulo o ne a bolaelwa tumelo fela fa a sena go kwala lekwalo la gagwe la bofelo le le yang kwa go Timotheo mo e ka nnang ka 65 C.E. Go begwa gore Nero le ene o ne a swa loso lo lo setlhogo dingwaga di le tharo Paulo a sena go bolaelwa tumelo.

DIKGANG TSE DI MOLEMO DI “RERWA MO LEFATSHENG LOTLHE”

Mo e ka nnang ka 61 C.E., fa moaposetoloi Paulo a ne a golegilwe kwa Roma, o ne a kwala gore “dikgang tse di molemo” di setse di ‘rerilwe mo lefatsheng lotlhe.’ (Bakol. 1:23) Re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko ao?

Go bonala Paulo a ne a tlhalosa gore “dikgang tse di molemo” di ne di setse di rerilwe go ya bokgakaleng bofe. Ka sekai, mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., Alexander yo Mogolo o ne a tsenelela kwa Asia go ya go fitlha kwa melelwaneng ya India. Julius Caesar o ne a tlhasela Boritane ka 55 B.C.E., mme ka 43 C.E. Kalaudio o ne a laola karolo e e kafa borwa ya setlhaketlhake seo mme a dira gore e nne karolo ya Mmusomogolo wa Roma. Karolo e e kafa Botlhaba jo bo Kgakala le yone e ne e itsege thata gonne sei e e boleta e ne e dirwa koo.

Mme gone, a dikgang tse di molemo di ne di setse di rerilwe kwa Boritane, China le kwa Botlhaba jo bo Kgakala? Ga go bonale jalo. Boammaaruri ke gore fa Paulo a ne a kwalela Bakolosa, o ne a ise a fitlhelele mokgele wa gagwe o a neng a kwala ka one ka 56 C.E., wa gore a rere ‘mo dikgaolong tsotlhe’ tsa Sepeine. (Bar. 15:20, 23, 24) Mme gone, mo e ka nnang ka 61 C.E., molaetsa wa Bogosi o ne o setse o aname. Tota le fa molaetsa oo o ne o ise o fitlhe kwa dikgaolong tse dingwe, o ne o setse o aname go fitlha le kwa dinageng tse Bajuda le basokologi ba ba neng ba kolobediwa ka Pentekosete ya 33 C.E. ba tswang kwa go tsone mmogo le kwa mafelong a baaposetoloi ba ga Jesu ba ileng ba a etela.—Dit. 2:1, 8-11, 41, 42.

a Paulo o ne a batla gore Onesimo a nne le ene, mme seo e ne e tla bo e le go tlola molao wa Roma le go gataka ditshwanelo tsa mong wa ga Onesimo e bong Filemone yo e neng e le Mokeresete. Ka jalo Onesimo o ne a boela kwa go Filemone, a tshotse lekwalo le le tswang kwa go Paulo le le neng le kopa Filemone gore a amogele lekgoba leno la gagwe ka bopelonomi gonne jaanong e ne e le mokaulengwe wa Mokeresete.—File. 13-19.

b Bona lebokose le le reng, “Makwalo a Matlhano a Paulo a a Kwadileng Fa a Ne a Tshwerwe Lekgetlo la Ntlha Kwa Roma”.

c Bona lebokose le le reng, “Kafa Paulo a Neng a Tshela ka Gone Morago ga 61 C.E.”.

d Bona lebokose le le reng, “Dikgang Tse di Molemo di ‘Rerwa mo Lefatsheng Lotlhe.’”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela