Pina 38
Latlhela Mokgweleo wa Gago mo go Jehofa
E e Gatisitsweng
1. A ko ntheetse tlhe Jehofa,
O se ka wa ntlogela.
Utlwa dithapelo tsa me;
O ntire pelokgale.
(KHORASE)
Latlhela mokgweleo wa
gago mo go Jehofa.
Ga a kitla a go latlha
mme o tla go tshegetsa.
2. Fa nkabo ke le lephoi,
Ke ne ke tla fofela,
Kgakala le baikepi ba,
ba batlang go mpolaya.
(KHORASE)
Latlhela mokgweleo wa
gago mo go Jehofa.
Ga a kitla a go latlha
mme o tla go tshegetsa.
3. Ke tla kopa tshireletso,
e’e tswang kwa go Jehofa.
Ke Modimo wa kagiso;
gape wa re nonotsha.
(KHORASE)
Latlhela mokgweleo wa
gago mo go Jehofa.
Ga a kitla a go latlha
mme o tla go tshegetsa.
(Bona le Pes. 22:5; 31:1-24.)