Pina 127
Lefelo le le Bidiwang ka Leina la Gago
E e Gatisitsweng
1. Mmopi re tletse boipelo
Go bo re go agetsentlo!
Re neela ntlo eno go wena
E le go go galaletsa.
Dilo tse re di go a belang,
E ne’e ntse e le tsa gago.
Bo kgoni le ’khumo tsa rona,
Re di ntsha go tswa dipelong.
(KHORASE)
Re go naya lefelo le,
Gore leina la gago,
Le’itsisiwe mo go lone;
Ka kopo le’amogele.
2. A lefelo leno le tlale,
Ka kgalalelo ya gago.
Ba ba go bakang ba tla ata,
Fa ba’ithuta tsela tsa ’go.
Ke lefelo la kobamelo,
Mme re tla le tlhokomela.
Ekete le ka nnela ruri,
Gore o galalediwe.
(KHORASE)
Re go naya lefelo le,
Gore leina la gago,
Le’itsisiwe mo go lone;
Ka kopo le’amogele.
(Bona le 1 Dikg. 8:18, 27; 1 Ditir. 29:11-14; Dit. 20:24.)