Keresete O Ne A Ila Boikepo—A Wena wa Bo Ila?
“U ratile tshiamō, me ua ila boikèpō; ke gōna Modimo, Modimo oa gago, o gu tloditseñ ka loukwane loa boitumèlō godimo ga bankana ba gago.”—BAHEBERA 1:9.
1. Kwantle ga gore ba rate tshiamo, ke eng gape se se tlhokegang mo batlhankeng botlhe ba boammaaruri ba ga Jehofa Modimo?
BATLHANKA ba ga Jehofa ba boammaaruri ba mo rata ka pelo, moya, tlhaloganyo, le nonofo ya bone yotlhe. (Mareko 12:30) Ba batla go itumedisa pelo ya ga Jehofa ka go nna ba thokgame. (Diane 27:11) E le gore ba kgone go dira jalo, ga ba a tshwanela fela go rata tshiamo mme ba tshwanetse ba ila boikepo. Eleruri Jesu Keresete, Motlhomasekao wa bone, o ne a dira jalo. Go ne ga bolelwa jaana ka ene: “U ratile tshiamō, me ua ila boikèpō.”—Bahebera 1:9.
2. Boikepo bo akaretsa eng?
2 Go tlola molao go kaya eng? Ke boleo, jaaka moaposetoloi Johane a ne a bontsha ka go kwala jaana: “Moñwe le moñwe eo o dihañ boleo o diha boiphèhèrō mo molaoñ: me boleo ke boiphèhèrō mo molaoñ.” (1 Yohane 3:4) Motho yo o tlolang molao “ga a kganelwe kana ga a laolwe ke molao.” (Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary) Go tlola molao go akaretsa sengwe le sengwe se se maswe, se se boikepo, sa boitsholo jo bo maswe, go tsietsa, le sa boferefere. Fa re leba lefatshe go bonala gore gompieno boikepo bo tletsetletse go gaisa pele. Ga go belaetse gore re tshela mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang’ tseo moaposetoloi Paulo a neng a di bolelela pele mo go 2 Timotheo 3:1-5. Mabapi le boikepo jo bo tletsetletseng jono, abo go le molemo jang ne go bo re laelwa gore re ile sengwe le sengwe se se bosula! Ka sekai, re bolelelwa jaana: “Lona ba lo ratañ Yehofa, a lo ko lo ileñ boshula.” (Pesalema 97:10) Ka tsela e e tshwanang, re bala gape jaana: “Ilañ se se boshula, lo ratè se se molemō.”—Amose 5:15.
Mefuta E Meraro ya Letlhoo
3-5. Lefoko “go ila” le dirisitswe ka ditsela dife tse tharo mo Lefokong la Modimo?
3 Go ila go kaya eng? Mo Lefokong la Modimo, “go ila” go bolelwa ka ditsela tse tharo tse di sa tshwaneng. Go na le kilo e e bakiwang ke go eletsa go bona mongwe a utlwile botlhoko mme motho yoo a batla go gobatsa yo mongwe. Bakeresete ba tshwanetse ba tila go nna le kilo e e ntseng jalo. Ke mofuta oo o neng wa dira gore Kaine a bolaye morwarraagwe yo o siameng Abele. (1 Yohane 3:12) Ono ke one mofuta wa kilo oo baeteledipele ba bodumedi ba neng ba ila Jesu Keresete ka one.—Mathaio 26:3, 4.
4 Mo godimo ga moo, lefoko “go ila” mo Dikwalong le dirisiwa ka tlhaloganyo ya go rata sengwe ka selekanyo se sennye. Ka sekai, Jesu o ne a bolela jaana: “Ha motho leha e le mañ, a tla kwa go nna, me a sa ile rragwè, le mmagwè, le mosadi oa gagwè, le bana, le bana ba ga rragwè ba basimane, le ba basetsana, E, le yōna botshelō yoa gagwè, ga a kake a nna morutwa oa me.” (Luke 14:26) Go phepafetse he gore Jesu o ne a raya fela gore re ba rate ka selekanyo se sennye go na le jaaka re mo rata. Jakobe ‘o ne a ila Lea,’ mme totatota o ne a mo rata ka selekanyo se sennye go na le jaaka a ne a rata Ragele.—Genesise 29:30, 31.
5 Gape go na le sengwe gape se se kaiwang ke lefoko “go ila” seo re amegileng thata ka sone fano. Le naya kgopolo ya go ikutlwa re sa rate selo tota kana re tila motho kana sengwe fela thata mo e leng gore re tila go kopana le motho yo o ntseng jalo kana selo se se ntseng jalo. Mo go Pesalema 139 seno se bidiwa ‘go ila ka kilo e tona thata.’ Ke koo Dafide a neng a bolela jaana teng: “Yehofa, a ga ke ile bōnè ba ba gu ilañ? a ga kea tlhokohadiwa ke ba ba gu cogologèlañ? Kea ba ila ka kilō e tona thata: ke ba kaea e le baba ba me.”—Pesalema 139:21, 22.
Lebaka la Go Bo Re Tshwanetse go Ila Boikepo
6, 7. (a) Ke ka ntlha yang fa segolobogolo re tshwanetse go ila boikepo? (b) Lebaka le lengwe gape la bobedi le le nonofileng la go ila boikepo ke lefe?
6 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ila boikepo? Lebaka lengwe ke gore re kgone go nna re itlotla ebile re na le segakolodi se se siameng. Ke fa re dira ka tsela eno fela re ka nnang le kamano e e molemo le Rraarona yo o siameng, yo o lorato wa selegodimo, Jehofa. Dafide o ne a tlhoma sekao se se molemo tota mo go seno, jaaka re ka bona fa re bala Pesalema 26. Ka sekai, o ne a bolela jaana: “Ke ila phuthègō ea badiha dibe, ke gana go dula le baikepi.” (Pesalema 26:5) Go rata Modimo le go rata tshiamo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re galefele ka tsela e e tshwanetseng—ee, re ile—sengwe le sengwe se a se lebang se le boikepo, go akaretsa le ditiro tsa boikepo tse di dirwang ke bao ba sa ikobeleng Jehofa le ba ba mo ilang. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go ila boikepo ka ntlha ya kgobo eo bo e tlisang mo leineng la Modimo.
7 Lebaka le lengwe la go bo batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go ila boikepo ke gore bo kotsi ebile bo kgona go gobatsa. Go jalela nama, goo go kayang boikepo, go felela ka eng? Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ ke shōna se o tla se rōbañ. Gonne eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ; me eo o yalèlañ mōea o tla rōba botshelō yo bo sa khutleñ yo bo cwañ mo Moeeñ.” (Bagalatia 6:7, 8) Ka jalo ga re a tshwanela go dira boikepo ka gope. Ke boammaaruri gore re tlhoka go ila boikepo bope fela gore re kgone go tshela sentle le go nna le kagiso ya mogopolo.
Bao Ba Ilang Boikepo
8. Ke mang yo o tlhomileng sekao se segolo sa go ila bokepo, mme seo se supiwa ke dikwalo dife?
8 Modimo o tlhomela dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale sekao se se kwa godimo thata sa go ila boikepo. O galefa ka tsela e e tshwanetseng ka ntlha ya boikepo ebile Lefoko la gagwe le bolela jaana: “Go na le dilō di le thataro tse Yehofa o di ilañ; E, di shupa tse di mo hedisañ pelo: ke tse, Matlhō a a kadileñ, loleme lo lo akañ, le diatla tse di chololañ madi a motho a a senañ molato; Pelo e e logañ tlhatlhanyō tsa boikèpō, dinaō tse di boheho go sianèla kwa bosenyiñ: Moshupi oa kakō eo o bilolañ maaka, le eo o yalañ kgotlhañ mo baneñ ba monna.” Gape re bala jaana: “Go boiha Yehofa ke go ila boshula: boikgodishō, le bogōma, le mokgwa o o boshula, le molomo o o leshōkō, ke dilō tse ke di ilañ.” (Diane 6:16-19; 8:13) Mo godimo ga moo, re bolelelwa jaana: “Gonne nna Yehofa ke rata tshiamishō, ke ila bogodu bo na le boikèpō.”—Isaia 61:8.
9, 10. Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a ila boikepo?
9 Jesu Keresete o ne a etsa Rraagwe ka go ila boikepo. Ke gone ka moo re balang jaana: “U ratile tshiamō, me ua ila boikèpō; ke gōna Modimo, Modimo oa gago, o gu tloditseñ ka loukwane loa boitumèlō godimo ga bankana ba gago.” (Bahebera 1:9) Jesu o ne a re tlhomela sekao kaga mofuta ono wa kilo. O ne a supa gore o ila boikepo ka go senola bao ba neng ba bo dira fela ka boomo—baeteledipele ba maaka ba bodumedi. O ne a ba bolelela gangwe le gape gore ke baitimokanyi. (Mathaio, kgaolo 23) Jesu o ne a ba bolelela jaana ka lekgetlo lengwe: “Lo ba rra eno diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha.” (Yohane 8:44) Jesu o ne a supa fa a ila boikepo mo a neng a bo a lwa ka makgetlo a mabedi a ntsha baitimokanyi ba ba pelotshetlha ba bodumedi mo tempeleng.—Mathaio 21:12, 13; Yohane 2:13-17.
10 Jesu o ne a supa gape gore o ila boikepo le boleo ka go sa di dire. Ke gone ka moo a neng a kgona go botsa baganetsi ba gagwe jaana: “Ke ohe oa lona eo o ka tlhōmamisañ boleo mo go nna?” (Yohane 8:46) Jesu o ne a le “boitshèpō, a sena boleo, a sena leshwè, a lomologanye le baleohi.” (Bahebera 7:26) Petere o ne a tlhomamisa ka go kwala gore Jesu ‘ga a ka a dira boleo bope, le boferefere ga bo a ka jwa fitlhelwa mo molomong wa gagwe.’—1 Petere 2:22.
11. Ke dikao dife tsa Dikwalo tse re nang le tsone tsa batho ba ba sa itekanelang ba ba neng ba ila boikepo?
11 Lefa go ntse jalo, Jesu e ne e le monna yo o itekanetseng. A re na le dikao dipe tse di mo Dikwalong tsa batho ba ba sa itekanelang bao ba neng ba ila boikepo eletota? Eleruri re na le tsone! Ka sekai, Moshe le Balefi ba bangwe ba ne ba supa fa ba ila go obamelwa ga medimo ya disetwa tota ka go bolaya baobamedi ba le 3 000 ba medimo ya disetwa fa Jehofa a ne a ba laela jalo. (Ekesodo 32:27, 28) Finease o ne a supa gore o ila boikepo tota ka nako ya fa a ne a bolaya batho bangwe ba babedi ba ba neng ba gokafala ka lerumo.—Dipalō 25:7, 8.
Go Supa Fa Re Ila Boikepo
12. (a) Re supa jang gore re ila boikepo? (b) Ke dilo dife tse dingwe tse di ka kgonwang go dirwa tsa go tila go akanya dilo tse di boikepo?
12 Fa re tla mo motlheng ono wa rona, re ka bontsha jang gore re ila boikepo? Ka go laola se re se akanyang, se re se buang, le seo re se dirang. Re tlhoka go leka gore re itlwaetse go akanya ka dilo tse di agang fa go sena tiro epe e e fa pele ga rona e re akanyang ka yone. Fa go diragala gore re se ka ra tshwara boroko bosigo, re ka nna ra tswa re rata go akanya dilo se di sa siamang, jaaka go nna o akantse ka dingongorego kana go ijesa dijo tsa ditoro ka tlhakanelodikobo. O se ka le ka motlha wa bo wa letla dilo tse di ntseng jalo, mme itlwaetse go akanya dilo tse di nang le mosola. Ka sekai, leka go tshwara ditemana ka tlhogo, dilo tse robong tse di lereng boitumelo, le maungo a a robong a moya. (Mathaio 5:3-12; Bagalatia 5:22, 23) A o ka bolela maina a baaposetoloi ba ba 12? A o itse Melao E E Lesome? Maina a diphuthego tse supa tse di umakiwang mo go Tshenolō ke afe? Go tshwara dipina tsa Bogosi ka tlhogo le gone go thusa ditlhaloganyo tsa rona gore di nne di akanya dilo tse di boammaaruri, tse di tshwanetseng go tlotlwa, tse di itshekileng, tse di rategang, tsotlhe tse di bolelwang gore di molemo, tse di siameng, le tse di bakiwang.—Bafilipi 4:8.
13. Go ila boikepo go tla re dira gore re ile puo ya mofuta ofe?
13 Mo godimo ga moo, re bontsha gore re ila boikepo ka go tila puo e e leswe. Batho ba bantsi ba lefatshe ba itumelela go tlotla ka metlae e e leswe le go e reetsa, mme lefa go ntse jalo Bakeresete ga ba a tshwanela go e itlwaetsa lefa e le gone go e reetsa. Go na le moo, re tshwanetse go tloga foo mme re tile go nna le seabe mo motlotlong ope o o maswe thata jalo. Fa re sa kgone go tloga foo, re ka supa ka sefatlhego sa rona gore re ila puo e e ntseng jalo. Re tshwanetse go reetsa kgakololo e e molemo eno: “A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona, ha e se e e molemō hèla go agèlèla kaha go tlhōkahalañ ka gōna, gore e tlè e neè ba ba utlwañ letshegō.” (Baefesia 4:29) Ga re a tshwanela go itlatsa leswe ka go bua dilo tse di leswe kana ka go di reetsa.
14. Go ila boikepo go tla re sireletsa jang mo ditirong tsa kgwebo le kwa re dirang teng?
14 Fa re ila boikepo re tshwanetse ra ila gape le ditiro tsa boleo. Go ila boikepo go tla re thusa go tila go wela mo lemeneng la go ineela fa go tla mo go seno. Ba e leng Bakeresete ka mmatota ga ba dire boleo. (Bapisa 1 Yohane 5:18.) Ka sekai, re tshwanetse ra ila ditiro tsotlhe tsa go tlhoka boikanyegi tse di amang kgwebo. Gompieno, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bo ile jwa gatelelwa gore bo dire dilo tsa go sa ikanyegeng ba di direla beng ba bone mme lefa go ntse jalo ba ile ba gana. Bakeresete ba ile ba ineela gore ba ka senyegelwa ke ditiro tsa bone go na le gore ba dire sengwe se se leng kgatlhanong le segakolodi sa bone se se katisitsweng ka Bibela. Mo godimo ga moo, re batla go supa gore re ila boikepo ka go se tlole melao ya pharakano le ka go se tsietse fa go tla mo go dueleng makgetho kana makgetho a a duelwang kwa melelwaneng.—Ditihō 23:1; Bahebera 13:18.
Go Ila go Itlatsa Leswe ka Tlhakanelodikobo
15. Batho ba ne ba bopiwa ba na le keletso e e nonofileng ya go tlhakanela dikobo go fitlhelela boikaelelo bofe jo bo molemo?
15 Jaaka Bakeresete, re tshwanetse segolobogolo re tile bomaswe jotlhe jo bo amanang le dikgang tsa tlhakanelodikobo. Modimo o ne wa fitlhelela maikaelelo a gagwe a mabedi ka go bopa batho ba na le keletso e e nonofileng ya go tlhakanela dikobo. O ne a tlhomamisa gore batho ga ba ne ba fela botlhe ka go swa, seo gape e ne e le selo se se lorato se a se diretseng batho gore ba itumele. Le eleng batho ba ba humanegileng, ba ba sa rutegang, kana ba ba dikobo dikhutshwane ka tsela nngwe ba kgona go itumelela thata kamano ya lenyalo. Lefa go ntse jalo, Jehofa o tlhomile melelwane eo botsalano jono bo ka ipelelwang mo teng ga yone. Melelwane eno e e tlhomilweng ke Modimo e tshwanetse ya se ka ya tlolwa.—Genesise 2:24; Bahebera 13:4.
16. Re tshwanetse ra leba jang boitlosobodutu jwa tlhakanelodikobo e e leswe le ditiro tsa jone?
16 Fa e le gore re ila boikepo, re tla dira ka natla gore re tile go dira ditiro tsotlhe tse di leswe tsa tlhakanelodikobo mmogo le go itlosa bodutu ka dilo tsa boitsholo jo bo maswe. Ka gone re tla tila go bala dibuka, dimakasine, le dipampiri tsa dikgang tse di belaetsang kaga boitsholo. Ka tsela e e tshwanang, fa e le gore re ila boikepo, ga re kitla re leba sepe se se leswe, e ka tswa e le mo thelebisheneng, mo baesekopong, kana mo diterameng ke tse di tshamekelwang mo seraleng. Fa re fitlhela e le gore thulaganyo nngwe ke ya boitsholo jo bo maswe, re tshwanetse go tlhotlheletsega go tima thelebishene ka yone nako eo kana re nne le bopelokgale jwa go tswa mo lefelong leo la metshameko. Ka tsela e e tshwanang, go ila boikepo go tla dira gore re itise kgatlhanong le mmino otlhe o o tsosang maikutlo a lorato ka mafoko a one kana ka go lelela ka pele ga one. Ga re kitla re batla go itse ka boitsholo jo bo maswe mme re tla nna ‘banyana mo bosuleng, mme re gole ka botlalo mo nonofong ya go tlhaloganya dilo.’—1 Bakorintha 14:20, NW.
17. Bakolosa 3:5 e re naya kgakololo efe e e ka re thusang gore re nne re le phepa mo boitsholong?
17 Re gakololwa jaana ka tshwanelo: “Me ke gōna, bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, le bomashwè, le [keletso ya tlhakanelodikobo, NW].” (Bakolosa 3:5) Ga go na pelaelo gore re tshwanetse go gagamala thata fa e le gore re ititeile sehuba gore re batla go nna re le phepa mo boitsholong. Mabapi le lediri la Segerika le le ranotsweng jaaka “bolaeañ” mo go Bakolosa 3:5, The Expositor’s Bible Commentary e bolela jaana: “Le akantsha gore ga re a tshwanela fela go leka go gatelela kana go laola ditiro le maikutlo a a bosula. Re tshwanetse go di tlosa, re bolaye gotlhelele tsela ya bogologolo e re neng re ntse re tshela ka yone. ‘Go bolaela ruri’ go ka tlhalosa maatla a gone. . . . Se se kaiwang ke lediri leo mmogo le maatla a paka ya lone akantsha gore seno ke maiteko a a dirwang ke motho a ititeile sehuba a dira ka maatla, a iteka tota.” Ka gone re tshwanetse ra tila dibaesekopo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo jaaka ekete ke bolwetsi jo bo kotsi, jo bo tshelanwang, jo bo bolayang, gonne ke seo di leng sone mo boitsholong le semoyeng. Keresete o ne a bolela se se tshwanang fa a ne a bolela gore fa letsogo, leoto, kana le eleng leitlho le dira gore o wele mo boleong o le ntshe.—Mareko 9:43-48.
Go Ila Bodumedi jwa Maaka le Botenegi
18. Re ka supa jang gore re ila go nna boikepo ga bodumedi?
18 Mo godimo ga moo gape, fela jaaka Jesu a ne a bontsha gore o ila boikepo ka go senola baitimokanyi ba bodumedi, Basupi ba ga Jehofa le bone gompieno ba supa fa ba ila ditumelo tse di boikepo tsa boitimokanyi. Jang? Ka go anamisa dibuka tsa Bibela tse di senolang se tota Babelona O Mogolo e leng sone, seaka sa bodumedi. Fa e le gore ruri re ila baitimokanyi ba ba boikepo ba bodumedi, ra tla gagamala fela mo go senoleng Babelona O Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Re tla dira jalo ka ntlha ya batho ba ba pelo di siameng bao a ba foufaditseng le ba ba golegilweng semoyeng. Selekanyo seo re ilang boikepo jwa Babelona O Mogolo ka sone, ke sone selekanyo seo re tla nnang tlhaga ka sone mo go nneng le seabe mo dikarolong tsotlhe tsa bodihedi jwa Bogosi.—Mathaio 15:1-3, 7-9; Tito 2:13, 14; Tshenolō 18:1-5.
19. Re tshwanetse ra leba batenegi jang, le gone ka ntlha yang?
19 Lebaka la go bo re tshwanetse go ila boikepo le dira gape le mo go ileng ditiro tsotlhe tsa batenegi. Tsela e re ikutlwang ka yone kaga batenegi e tshwanetse go nna e Dafide a neng a ikutlwa ka yone, ene yo a neng a bolela jaana: “A ga kea tlhokohadiwa ke ba ba gu cogologèlañ? Kea ba ila ka kilō e tona thata: ke ba kaea e le baba ba me.” (Pesalema 139:21, 22) Batenegi ba motlha wa segompieno ba ile ba ema mo letlhakoreng la “monna oa boleo” ebong baruti ba Labokeresete. (2 Bathesalonia 2:3) Ka gone, rona jaaka Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, ga re tshwane le bone ka gope. Ereka re sa itekanela, dipelo tsa rona di ka sekamela mo go tshwayeng bakaulengwe ba rona diphoso. Bao ba e leng ba “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” ga ba a itekanela gonne e le batho. (Mathaio 24:45-47) Mme setlhopha seno se a ikanyega ebile se botlhale. Batenegi ba rata thata go tsweledisa maikaelelo a bone ka go gatelela diphoso kana dilo tse di lebegang ekete ke diphoso tse di dirwang ke bakaulengwe ba ba eteletseng pele. Re tla sireletsega fa re tila dikgopolo tse di senyang tsa batenegi jaaka ekete ke botlhole, tseo totatota e leng jone.—Baroma 16:17, 18.
20, 21. Re ka sobokanya jang mabaka a go ila boikepo?
20 Re bone gore lefatshe le tletse boikepo joo bo kayang selo se se tshwanang fela le boleo. Ga go a lekana fela gore re rate tshiamo; re tshwanetse gore gape re ile boikepo. Bangwe ba bao ba ileng ba kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete ba ka tswa ba ne ba akanya gore ba rata tshiamo, mme ba ne ba sa ile boikepo ka mo go lekaneng. Re bone gape gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ila boikepo. Ga re kake ra nna le segakolodi se se siameng ebile re ka se kgone go itlotla fa re sa dire jalo. Mo godimo ga moo, boikepo bo kaya go sa ikanyege mo go Jehofa Modimo. Gape boikepo bo dira gore re robe maungo a a botlhoko tota—kutlobotlhoko, go dira ditiro tse di maswe, le loso.
21 Re kgonne go lemoga gape kafa re supang ka teng gore re ila boikepo. Re dira jalo ka go sa nne le seabe mo go tlhokeng boikanyegi jwa mofuta ope fela, boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, kana botenegi. Ereka re batla go nna le seabe mo go tlotlomatseng Jehofa ebile re batla go itumedisa pelo ya gagwe, ga re a tshwanela go rata tshiamo le go dira thata mo tirelong ya gagwe fela mme lefa go ntse jalo, re tshwanetse gore gape re ile boikepo, fela jaaka Moeteledipele le Mokaedi wa rona, Jesu Keresete.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Dikwalo di dirisa lefoko “go ila” jang?
◻ Ke mabaka afe a a molemo ao re nang le one a go ila boikepo?
◻ Re na le dikao dife tse di siameng tsa bao ba neng ba ila boikepo?
◻ Re ka supa jang gore re ila boikepo?
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Jesu o ne a phepafatsa tempele gonne a ne a ila boikepo
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Fa e le gore re ila boikepo re tla tila boitlosobodutu jwa tlhakanelodikobo e e leswe