Pina 92
“Rera Lefoko”
1. Jah o re neile taelo;
Mme re tshwanetse go e’ikobela.
Ka metlha re nne re’e lateleng
E bolela botshelo go rona.
(KHORASE)
Jalo re rang,
Gore botlhe ba utlwe!
Bolelang,
Gore ’khutlo bo e tla.
Rerelang,
Botlhe ba pelonolo.
Bolelang,
’Fatsheng lotlhe!
2. Re tla lebana le teko;
Fa re ntse re rera molaetsa.
Lefa maemo a le jalo,
Jehofa ke poloko ya rona.
(KHORASE)
Jalo re rang,
Gore botlhe ba utlwe!
Bolelang,
Gore ’khutlo bo e tla.
Rerelang,
Botlhe ba pelonolo.
Bolelang,
’Fatsheng lotlhe!
3. Re tla bona boitumelo,
Fa re ruta ba bangwe Lefoko.
Gore le bone ba bolokwe
Le gore ba galaletse Mmopi.
(KHORASE)
Jalo re rang,
Gore botlhe ba utlwe!
Bolelang,
Gore ’khutlo bo e tla.
Rerelang,
Botlhe ba pelonolo.
Bolelang,
’Fatsheng lotlhe!
(Bona le Math. 10:7; 24:14; Dit. 10:42; 1 Pet. 3:15.)