LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/08 ts. 19-21
  • A go Direla Batho Molemo go Tla Rarabolola Mathata?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Direla Batho Molemo go Tla Rarabolola Mathata?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo Batho ba le Bantsi ba Aba Gompieno
  • Se go Direla Batho Molemo go se Fitlhelelang
  • Lebaka La go Bo go Aba Madi go sa Lekana
  • Mongwe yo o Ratang Batho go Gaisa
  • A Batho ba ka Tlhomamisega Ka Isagwe e e Itumedisang?
    Tsogang!—2008
  • Ditshenyegelo tsa Yone di Duelelwa Jang?
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • O Leba Madi Jang?
    Tsogang!—2015
  • Nako ya Gore Modimo a Letlelele Pogo e Tloga e Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 5/08 ts. 19-21

A go Direla Batho Molemo go Tla Rarabolola Mathata?

LE MORORO go utlwala thata dipego tsa dikgang tsa masetlapelo a tlholego, lehuma, tlala, malwetse le matshosetsi a mathata a tikologo a go ka diregang gore a nne teng, go etswe tlhoko gore go na le sengwe se se itumedisang e leng go oketsega ga go aba ka bopelotshweu. Ka dinako tse dingwe dikgang di bega ka batho ba ba humileng ba ba abang dimilione tota le e leng dibilione tsa diranta tse di ka thusang batho ba ba di tlhokang. Go tlwaelegile go bona batho ba ba tumileng ba dirisa go tuma ga bone go tlhokomedisa batho ka mathata a a masisi a a leng teng. Tota le batho ba ba sa amogeleng madi a mantsi le bone ba a aba go thusa mo maemong a a farologaneng. Mme gone, madi a ka se thuse go le kalo, segolo jang mo dingwageng tse di tlang.

Lebaka La go Bo Batho ba le Bantsi ba Aba Gompieno

Go bonala batho ba ba abang madi ba oketsega gompieno mo dinageng dingwe. Buka nngwe e ne ya re: “Mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, go na le mekgatlho e e oketsegileng [e e direlang batho molemo] e e nang le madi a mantsi mo dinageng di le dintsi go feta le e leng pele.” E re ka bangwe ba ba humileng ba oketsega, go lebeletswe gore go aba go tswelele pele. Ga se fela gore bangwe ba tla kgona go aba mo go oketsegileng mme fa batho ba ba humileng ba swa ba bo ba tlogela boswa jwa bone, go lebeletswe gore karolo e e yang kwa mekgatlhong e e abang e oketsege. Go a utlwala go bo lokwalopaka lwa kwa Boritane lwa The Economist lo ile lwa tlhalosa gore re ka bona tshimologo ya koketsego ya go direla batho molemo.

Lebaka lengwe la go bo batho ba aba ke ka go bo mebuso e palelwa ke go rarabolola mathata a a masisi a a aparetseng lefatshe. Moemedi mongwe yo o kgethegileng wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng yo o emelang HIV/AIDS mo Afrika o ne a umaka gore go retelelwa ga baeteledipele ba dipolotiki ke lengwe la mabaka a go bo batho ba ba tumileng ba ba oketsegileng ba tsenelela mo dikgannyeng tse di amanang le boitekanelo mo lefatsheng lotlhe. Joel Fleishman mo bukeng ya gagwe ya The Foundation: A Great American Secret—How Private Wealth Is Changing the World o ne a bolela gore batho ba ba humileng ke bone ba segolobogolo “ba felang pelo thata ka go bo mebuso le maiteko a a dirwang ke ditšhaba a retelelwa ke go rarabolola kgotsa go tokafatsa mathata” a a jaaka lehuma, boitekanelo, tikologo, thuto kgotsa tshiamiso ya setšhaba. E re ka batho bangwe ba ba humileng ba ba direlang ba bangwe molemo ba ikemiseditse go tokafatsa maemo, ba leka go dirisa mekgwa e e farologaneng gore ba atlege mo dikgwebong.

Se go Direla Batho Molemo go se Fitlhelelang

Mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga batho ba ne ba simolola go aba thata. Borakgwebo ba ba atlegileng thata ba ba jaaka Andrew Carnegie le John D. Rockefeller yo mogolo, ba ne ba swetsa go dirisa dikhumo tsa bone go thusa ba ba tlhokang. Baabi bano ba ne ba bona gore le fa mekgatlho e e tlwaelegileng ya go aba e fepa batho ba ba bolawang ke tlala kgotsa e alafa bana ba ba lwalang, ga e ya ka ya rarabolola modi wa bothata. E re ka ba ne ba lemoga gore go tlhokega tsela e e rulaganeng ya go aba, ba ne ba tlhoma ditheo le mekgatlho e e tla rotloetsang diphetogo mo bathong le gore go dirwe dipatlisiso tsa gore matlole a dirisiwa jang gore bothata bo rarabololwe go tswa kwa moding. Fa e sale ka dingwaga tseo tsa bogologolo go ile ga tlhomiwa diketekete tsa mekgatlho e e ntseng jalo lefatshe ka bophara, mme mo gare ga mekgatlho eno go na le e e fetang 50 e e nang le dithoto tse di fetang diranta di le dibilione di le 6,7.

Ga go pelaelo gore go fitlheletswe melemo e mentsi ka ntlha ya seno. Dikolo, dilaeborari, dikokelo, diparaka le dimusiamo tse dintsi tse di leng teng ke bosupi jwa seo. Ka mo go tshwanang, dithulaganyo tsa go ntsifatsa dijalo le dijo di thusitse thata dinaga tse di tlhasetsweng ke lehuma. Madi a a ileng a ntshediwa go dira dipatlisiso mo go tsa kalafi a ile a thusa mo go tokafatseng kalafi mme ka dinako tse dingwe le go fedisa malwetse mangwe a a jaaka letshoroma le lesetlha (yellow fever).

Gompieno e re ka batho ba dira ka natla go lwantsha ka tlhoafalo mathata a a aparetseng lefatshe, e bile ba na le dilo tse di oketsegileng tse di ba thusang go feta le fa e le leng pele, ditshono tsa go atlega di bonala di le dikgolo mo bathong ba le bantsi. Ka 2006, yo e kileng ya bo e le poresidente ya kwa United States o ne a raya setlhopha sengwe sa batho ba ba direlang ba bangwe molemo a re: “Re ka se ka ra itlhokomolosa kafa go aba ga batho le mekgatlho e e ikemetseng go tla thusang ka teng go tokafatsa matshelo a batho.”

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba kelotlhoko thata malebana le kafa ba lebang dilo ka teng. Laurie Garrett yo e leng mankge mo go tsa kalafi mo lefatsheng o ne a kwala jaana: “Motho a ka akanya gore, e re ka go setse go na le madi a mantsi, go ise go ye kae go tla kgonega gore mathata a mantsi a tsa kalafi mo lefatsheng a rarabololwe. Mme go akanya jalo go tla bo go le phoso.” Ka ntlha yang? O umaka dilo tse di jaaka dithulaganyo tsa puso tse di senyang madi a mantsi, bonweenwee le go palelwa ke go dirisana mmogo mo maitekong a a dirwang le tlwaelo ya batho ba ba abang ya go dirisetsa madi a bone bolwetse jo bo rileng fela—ka sekai, AIDS.

Garrett o akanya gore e re ka go na le dikgogakgogano mo maitekong ano e bile madi “gantsi a dirisiwa mo malwetseng a a itsegeng thata go na le gore a dirisiwe mo kalafing ka kakaretso, go na le kotsi e kgolo ya gore go aba gono ka bopelotshweu ga go kitla go dira fela gore ditebelelo tse batho ba nang le tsone di se ka tsa fitlhelelwa mme tota go tla dira gore dilo di nne maswe le go feta.”

Lebaka La go Bo go Aba Madi go sa Lekana

Go direla batho molemo go tla nna go tlhaela go sa kgathalesege gore boikaelelo jwa gone ke bofe. Ka ntlha yang? Lebaka la ntlha ke gore, madi kgotsa thuto e e molemo di ka se ka tsa fedisa mathata a a jaaka bogagapa, letlhoo, go tlhaola batho, bošetshaba, bomorafe le ditumelo tsa bodumedi jwa maaka. Le fa gone dilo tseno di oketsa mathata a batho, ga se tsone tse di bakang pogo. Jaaka Baebele e tlhalosa, go na le mabaka a botlhokwa le go feta a a akarediwang.

Lengwe la mabaka ano ke go sa itekanelang ga batho ba ba tshotsweng ka boleo. (Baroma 3:23; 5:12) Go sa itekanelang ga rona go dira gore re akanye ka tsela e e sa siamang le go dira dilo tse di sa siamang. Genesise 8:21 ya re: “Tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe.” Ka go bo batho ba ineela mo tshekamelong ya bone ya go dira se se sa siamang, dimilione di dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang. Mme dilo tseno tsone, di dira gore malwetse a a farologaneng a aname, go akaretsa le AIDS.—Baroma 1:26, 27.

Lebaka la bobedi, le le dirang gore batho ba boge ke ka go bo re sa kgone go ipusa sentle. Jeremia 10:23 ya re: “Ga se ga motho . . . go kaela dikgato tsa gagwe.” Lebaka le lengwe la go bo mekgatlho e e direlang batho melemo e itlhokomolosa thuso ya mebuso ya dipolotiki ke ka go bo e retelelwa. Baebele e tlhalosa gore batho ba ne ba tshwanetse go ikaega ka Mmopi go nna Mmusi wa bone e seng gore bone ka bobone ba tshepane.—Isaia 33:22.

Mo godimo ga moo, Baebele e solofetsa gore Mmopi e bong Jehofa Modimo, o tla rarabolola mathata otlhe a a utlwisang batho botlhoko. Tota e bile, o setse a tsere dikgato tse dikgolo go dira jalo.

Mongwe yo o Ratang Batho go Gaisa

Ga go na ope yo o ratang batho go gaisa Mmopi wa rona. Johane 3:16 ya re: “Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” Ee, Jehofa o abile se se fetang madi fela go golola batho mo dikgoleng tsa boleo le loso. O re file Morwawe gore e nne “thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana ka Jesu: “Ene ka boene o ne a sikara maleo a rona mo mmeleng wa gagwe mo koteng, e le gore re tle re kgaogane gotlhelele le maleo re bo re tshelele tshiamo. Mme ‘lo ne lwa fodisiwa ka dititeo tsa gagwe.’”—1 Petere 2:24.

Jehofa gape o dirile thulaganyo ya go rarabolola bothata jwa bobusi. Go dira seo, o tlhomile puso ya lefatshe lotlhe e e bidiwang Bogosi jwa Modimo. E re ka Bogosi joo bo busa go tswa kwa legodimong, bo tla fedisa boikepo jotlhe mme bo lere kagiso le kutlwano mo Polaneteng ya rona e leng Lefatshe.—Pesalema 37:10, 11; Daniele 2:44; 7:13, 14.

Ka go rarabolola modi wa go boga ga batho, Modimo o tla fitlhelela ka botlalo se se reteletseng batho botlhe, e ka tswa e le motho a le mongwe kgotsa e le setlhopha. Ka gone, go na le gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhome mekgatlho e e direlang batho molemo, ka go etsa sekao sa ga Jesu Keresete, ba tlhopha go dirisa nako le madi a bone go itsise batho ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.’—Mathaio 24:14; Luke 4:43.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]

“Modimo o Rata yo o Nayang ka Boitumelo”

Mafoko ao a a fitlhelwang mo Baebeleng mo go 2 Bakorintha 9:7, ke molaomotheo o o kaelang Basupi ba ga Jehofa. Fa ba dirisa nako, maatla le dithoto tsa bone go thusa batho ba bangwe, ba bo ba leka go latela kgothatso e e reng: “[Rata], e seng ka lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.”—1 Johane 3:18.

Fa go tlhokega thuso, ka nako ya fa go na le masetlapelo a tlholego, Basupi ba go tsaya e le tshiamelo go thusa batho ba ba amegang. Ka sekai, fa Kgwanyape ya Katrina le ya Rita di sena go tlhasela dikgaolo tse di kwa borwa jwa United States, baithaopi ba le bantsi ba Basupi ba ne ba thologela kwa mafelong ao go ya go thusa ka tiro ya namolo le go aga dikago sesha. Kafa tlase ga kaelo ya komiti ya namolo ya lefelo leo, baithaopi ba ile ba baakanya le go aga sesha matlo a a fetang 5 600 a Basupi ba ga Jehofa le Diholo tsa Bogosi di le 90—mo e ka nnang sengwe le sengwe se se neng se senyegile.

Basupi ba ga Jehofa ga ba ntshe di tsa bosome e bile ga ba kope madi ka tsela epe mo bathong. Tiro ya bone e tshegediwa fela ka meneelo ya boithatelo.—Mathaio 6:3, 4; 2 Bakorintha 8:12.

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Madi a ka se ka a fedisa modi wa se tota se bakang malwetse le go boga ga batho

[Motswedi wa Setshwantsho]

©Chris de Bode/Panos Pictures

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela