LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Boammaaruri Jwa Baebele bo ne Jwa Senolwa Jang Gape?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
    • THUTO 3

      Boammaaruri Jwa Baebele bo ne Jwa Senolwa Jang Gape?

      Setlhopha sa batho se ithuta Baebele ka bo1870

      Baithuti ba Baebele, ka bo1870

      Monna o bala kgatiso ya ntlha ya The Watchtower

      Kgatiso ya ntlha ya The Watchtower, ka 1879

      Mosadi o tshotse Tora ya Tebelo le Tsogang!

      Tora ya Tebelo gompieno

      Baebele e ne ya bolelela pele gore morago ga loso lwa ga Keresete, go ne go tla nna le barutisi ba maaka mo Bakereseteng ba ntlhantlha mme ba sokamise boammaaruri jwa Baebele. (Ditiro 20:29, 30) Fa nako e ntse e ya, go ne ga direga sone seo. Ba ne ba kopanya dithuto tsa ga Jesu le dikgopolo tsa ditumelo tsa boheitane, mme go ne ga nna le Bokeresete jo e seng jwa boammaaruri. (2 Timotheo 4:3, 4) Gompieno re ka tlhomamisega jang gore re tlhaloganya sentle se tota Baebele e se rutang?

      Go ne ga tla nako ya gore Jehofa a senole boammaaruri. O ne a bolelela pele gore mo ‘motlheng wa bokhutlo, kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi.’ (Daniele 12:4) Ka 1870, setlhopha se sennye sa batho ba ba neng ba batla boammaaruri se ne sa lemoga gore bontsi jwa dithuto tsa kereke di ne di sa tswe mo Dikwalong. Ka jalo, ba ne ba simolola go batla tsela e e tla ba thusang go tlhaloganya dithuto tsa ntlhantlha tsa Baebele, mme Jehofa o ne a ba thusa go tlhaloganya Dikwalo.

      Banna ba ba peloephepa ba ne ba ithuta Baebele ka kelotlhoko. Baithuti bao ba ba tlhoafetseng ba Baebele, ba ba nnileng gone pele ga rona, ba ne ba latela mokgwa wa go ithuta Baebele o re sa ntseng re o dirisa le gompieno. Ba ne ba ithuta dikgang tse di farologaneng tse di tswang mo Baebeleng. Fa ba sa tlhaloganye kgang nngwe mo Baebeleng, ba ne ba batla ditemana tse dingwe tse di tlhalosang kgang eo. Fa ba ne ba dira tshwetso ya gore kgang eo e dumalana le Dikwalo tse dingwe tsotlhe, ba ne ba e kwala. Ka go dira gore Baebele e itlhalose, ba ne ba senola gape boammaaruri ka leina la Modimo le Bogosi jwa gagwe, boikaelelo jwa gagwe ka batho le lefatshe, boemo jwa baswi le tsholofelo ya tsogo ya baswi. Dipatlisiso tse ba neng ba di dira di ne tsa ba golola mo ditumelong le mo ditlwaelong di le dintsi tsa maaka.—Johane 8:31, 32.

      Ka 1879 Baithuti ba Baebele ba ne ba lemoga gore nako e gorogile ya gore boammaaruri bo itsisiwe batho botlhe. Ka jalo mo go one ngwaga oo, ba ne ba simolola go gatisa makasine o re sa ntseng re o gatisa le gompieno, Tora ya Tebelo e Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa. Gone jaanong re ithuta boammaaruri jwa Baebele le batho mo dinageng di le 240 ka dipuo tse di fetang 750. Ga go ise go ke go direge gore kitso ya boammaaruri e aname thata jaana!

      • Morago ga loso lwa ga Keresete, go ne ga direga eng ka boammaaruri jwa Baebele?

      • Ke eng se se re thusitseng go senola gape boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo?

  • Ke ka Ntlha Yang fa re Ile ra Gatisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
    • THUTO 4

      Ke ka Ntlha Yang fa re Ile ra Gatisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha?

      Motšhine wa bogologolo wa go gatisa
      Fa go gololwa kgatiso ya ntlha ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo
      Batho ba itumeletse Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo kwa Congo (Kinshasa)

      Congo (Kinshasa)

      Fa go gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo kwa Rwanda

      Rwanda

      Kapetla ya Symmachus e e nang le leina la Modimo

      Ka masomesome a dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ntse ba dirisa, ba gatisa le go anamisa dithanolo tse di farologaneng tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, re ne ra bona go tlhokega gore re gatise thanolo e ntšha e e neng e tla thusa batho go ithuta ‘kitso ya boammaaruri’ gonne seo e le thato ya Modimo ka batho botlhe. (1 Timotheo 2:3, 4) Ka jalo ka 1950, re ne ra simolola go golola dikarolo tsa Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha, ka puo e re e dirisang gone jaanong. Baebele eno e ne ya ranolelwa mo dipuong di feta 130, ka tsela e e dumalanang e bile e bua se se neng se kwadilwe mo mekwalong ya ntlhantlha.

      Go ne go tlhokega Baebele e e ka tlhaloganngwang motlhofo. Fa nako e ntse e ya, dipuo di a fetoga mme bontsi jwa dithanolo di na le mafoko a a sa itsiweng le a bogologolo, a go leng thata go a tlhaloganya. Gape go ne ga bonwa mekwalo ya seatla ya bogologolo e e neng e dumalana le mekwalo ya ntlhantlha, e e neng ya thusa gore go tlhaloganngwe Sehebera, Searamaika le Segerika se se neng se dirisiwa mo Baebeleng.

      Go ne go tlhokega thanolo e e neng e tla tlhalosa lefoko la Modimo jaaka le ntse. Go na le gore baranodi ba fetole lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ba tshwanetse go ranola go dumalana le mekwalo ya ntlhantlha. Le fa go ntse jalo, mo dithanolong di le dintsi, leina la Modimo, Jehofa, ga le a dirisiwa mo Dikwalong tse di Boitshepo.

      Go ne go tlhokega Baebele e e tlotlomatsang Mokwadi wa yone. (2 Samuele 23:2) Mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha, leina la ga Jehofa le buseditswe mo le neng le tlhaga teng ka makgetlo a ka nna 7 000 mo mekwalong ya bogologolo ya Baebele ya seatla, jaaka re bona mo sekaing se se fa tlase. (Pesalema 83:18) Ka ntlha ya dipatlisiso tse di tseneletseng tse di tsereng dingwagangwaga, Baebele eno e balega motlhofo e bile e tlhalosa sentle tsela e Modimo a akanyang ka yone. Go sa kgathalesege gore o na le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka puo ya gago kgotsa ga o na yone, re go kgothaletsa gore o nne le thulaganyo ya ka metlha ya go bala Lefoko la ga Jehofa letsatsi le letsatsi.—Joshua 1:8; Pesalema 1:2, 3.

      • Ke ka ntlha yang fa re ile ra swetsa ka gore go tlhokega thanolo e ntšha ya Baebele?

      • Ke eng se motho yo o batlang go ithuta thato ya Modimo a tshwanetseng go itlwaetsa go se dira letsatsi le letsatsi?

      ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

      Bala ketapele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha, mme o arabe potso e e reng: “Komiti ya thanolo e ne e ikutlwa e na le boikarabelo bofe fa e gatisa Baebele eno?” Jaanong bapisa tsela e ba tlhalosang ditemana tse di latelang ka yone le e dithanolo tse dingwe tse o ka tswang o na le tsone di di tlhalosang ka yone: Genesise 25:29; Isaia 14:23; Mathaio 5:3; 11:12; 1 Bakorintha 10:24, 25; Bafilipi 1:8.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela