-
Tiro ya Setlhopha se se Laolang ke Eng Gompieno?Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
-
-
THUTO 20
Tiro ya Setlhopha se se Laolang ke Eng Gompieno?
Setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga
Ba bala lekwalo le le tswang kwa setlhopheng se se laolang
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, setlhopha se sennye sa ‘baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Jerusalema,’ se ne se direla e le setlhopha se se laolang, se dira ditshwetso tsa botlhokwa mo boemong jwa phuthego yotlhe ya Bakeresete ba ba tloditsweng. (Ditiro 15:2) Go sekaseka Dikwalo ka kelotlhoko le go ikobela kaelo ya moya wa Modimo go ne go ba thusa go dira ditshwetso tse ba neng ba dumalana ka tsone. (Ditiro 15:25) Ke one mokgwa o o latelwang le gompieno.
Ba dirisiwa ke Modimo go dira thato ya gagwe. Bakaulengwe ba ba tloditsweng ba ba direlang mo Setlhopheng se se Laolang, ba kgatlhegela thata Lefoko la Modimo e bile ba na le maitemogelo a go etelela pele mo dilong tsa semoya le go dira ditshwetso tsa gore tiro ya go rera e tshwanetse go dirwa jang. Ba kopana beke le beke go sekaseka dilo tse bakaulengwe ba bone ba di tlhokang mo lefatsheng lotlhe. Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba neela ditaelo tse di theilweng mo Baebeleng, ba dirisa makwalo, balebedi ba ba etang kgotsa balebedi ba bangwe. Seno se dira gore batho ba Modimo ba nne le mogopolo o o tshwanang ba bo ba dire tiro e e tshwanang ka kutlwano. (Ditiro 16:4, 5) Setlhopha se se Laolang se etelela pele go rulaganngwa ga dijo tsa semoya, se kgothaletsa botlhe go baya tiro ya go rera kwa pele mo matshelong a bone, e bile ke sone se rulaganyang gore bakaulengwe bangwe ba tlhomiwe go etelela pele mo diphuthegong.
Ba ikobela kaelo ya moya wa Modimo. Setlhopha se se Laolang se ikaegile ka Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe, e bong Jehofa le Tlhogo ya phuthego e bong Jesu go bona kaelo. (1 Bakorintha 11:3; Baefeso 5:23) Maloko a sone ga a itseye e le balaodi ba batho ba Modimo. Bone mmogo le Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng, ‘ba nna ba sala Kwana Jesu morago go sa kgathalesege gore o ya kae.’ (Tshenolo 14:4) Maloko a Setlhopha se se Laolang a anaanela thata fa re ntse re a rapelela.
Ke bomang ba ba neng ba le mo setlhopheng se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga?
Setlhopha se se Laolang sa gompieno se batla kaelo ya Modimo jang?
-
-
Bethele ke Eng?Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
-
-
THUTO 21
Bethele ke Eng?
Lephata la Botaki, U.S.A.
Lefoko la Sehebera Bethele, le kaya “Ntlo ya Modimo.” (Genesise 28:17, 19) Ke leina le le tshwanelang sentle meago e Basupi ba ga Jehofa ba e agileng mo lefatsheng lotlhe. Tiro ya go rera e kaelwa le go engwa nokeng gone. Setlhopha se se Laolang se direla kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe e e kwa New York State, U.S.A. Ke sone se etelelang pele tiro e e dirwang mo diofising tsa makala tse di mo dinageng di le dintsi. Batho ba ba direlang kwa diofising tseno ba bidiwa lelapa la Bethele. Fela jaaka lelapa lengwe le lengwe, ba nna mmogo, ba bereka mmogo, ba ja mmogo e bile ba ithuta Baebele mmogo ka kutlwano.—Pesalema 133:1.
Lefelo le le tlhomologileng le go nnang batho ba ba ithaopang ka go rata. Kwa meagong yotlhe ya Bethele, go na le banna le basadi ba Bakeresete ba ba dirang ka natla go dira thato ya Modimo le go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a bone, ba dira jalo ka nako e e tletseng. (Mathaio 6:33) Ga go ope wa bone yo o duelwang mme botlhe ba fiwa bonno le dijo le madinyana a a ba thusang go duelela ditshenyegelo tsa bone. Mongwe le mongwe kwa Bethele o na le tiro e a e abetsweng, e ka tswa e le mo ofising, kwa boapeelong kgotsa kwa go jelwang gone. Ba bangwe ba bereka kwa go gatisiwang kgotsa kwa go dirwang dibuka gone, ba bangwe ba dira tiro ya go phepafatsa, go tlhatswa diaparo, go baakanya dilo le ditiro tse dingwe.
Ke lefelo le go dirwang ka natla go ema tiro ya go rera ka Bogosi nokeng. Boikaelelo jo bogolo jwa Bethele nngwe le nngwe ke go dira gore boammaaruri jwa Baebele bo fitlhelele batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng. Boroutšhara jono ke bosupi jwa seo. Bo kwadilwe ka kaelo ya Setlhopha se se Laolang, mme jwa romelwa ka mokgwa wa eleketeroniki kwa ditlhopheng tsa baranodi di le makgolokgolo mo lefatsheng lotlhe. Bo gatisitswe ka metšhini e e gatisang ka lobelo lo lo kwa godimo kwa meagong e go gatisiwang mo go yone mo makaleng a le mmalwa mme jwa romelwa kwa diphuthegong tse di fetang 100 000. Tiro eno yotlhe e maloko a malapa a Bethele a e dirang, a e dira go ema nokeng ka botlalo tiro e e potlakileng go gaisa tsotlhe—go rera dikgang tse di molemo.—Mareko 13:10.
Ke bomang ba ba direlang kwa Bethele mme ba tlamelwa jang?
Ditiro tse di dirwang kwa meagong ya Bethele di ema nokeng tiro efe e e potlakileng?
-
-
Ke Eng se se Dirwang Kwa Ofising ya Lekala?Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
-
-
THUTO 22
Ke Eng se se Dirwang Kwa Ofising ya Lekala?
Solomon Islands
Canada
Afrika Borwa
Maloko a lelapa la Bethele a direla mo mafapheng a a farologaneng, go tlhokomela tiro ya go rera e e dirwang mo nageng kgotsa mo dinageng di le mmalwa. Ba ka direla e le baranodi, ba gatisa dimakasine, ba dira dibuka, ba paka dikgatiso, ba dira dibidio kgotsa dilo dingwe tse di tlhokegang mo tshimong ya bone.
Komiti ya Lekala ke yone e okamelang tiro. Setlhopha se se Laolang se neile Komiti ya Lekala boikarabelo jwa go okamela tiro e e dirwang mo ofising nngwe le nngwe ya lekala. Komiti eno e dirilwe ka bagolwane ba ba tshwanelegang sentle ba le bararo kgotsa go feta. Bagolwane bano ba itsise Setlhopha se se Laolang kafa tiro ya go rera e tsweletseng ka gone le ka mathata a ba lebanang le one mo tshimong e ba e okametseng. Dipego tseno di thusa Setlhopha se se Laolang go sekaseka gore mo isagweng ke ditlhogo dife tse go ka tlotliwang ka tsone mo dikgatisong, kwa dipokanong le kwa dikopanong. Gangwe le gape baemedi ba Setlhopha se se Laolang ba romelwa kwa makaleng a a farologaneng go ya go neela Dikomiti tsa Makala dikgakololo tsa kafa ba ka dirang dikabelo tsa bone ka gone. (Diane 11:14) Go nna le thulaganyo e e kgethegileng e mo go yone moemedi wa ntlokgolo a neelang puo go kgothatsa ba ba mo tshimong e e okametsweng ke lekala leo.
Go thusa diphuthego. Bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo kwa ofising ya lekala ba ntsha tetla ya go tlhomiwa ga diphuthego tse disha le go tlhomiwa ga bagolwane le batlhanka ba bodiredi. Gape bakaulengwe ba kaela tiro ya babulatsela, barongwa le balebedi ba potologo ba ba direlang mo tshimong e e okametsweng ke lekala la bone. Ba rulaganya dikopano tse dinnye le tse dikgolo, ba okamela go agiwa ga Diholo tse disha tsa Bogosi le go tlhomamisa gore dikgatiso tse di tlhokegang di romelwa kwa diphuthegong. Tiro yotlhe e e dirwang kwa ofising ya lekala e thusa gore tiro ya go rera e dirwe ka thulaganyo.—1 Bakorintha 14:33, 40.
Dikomiti tsa Makala di thusa jang Setlhopha se se Laolang?
Ke ditiro dife tse di dirwang kwa ofising ya lekala?
-