LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dikgatiso Tsa Rona di Kwalwa le go Ranolwa Jang?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
    • THUTO 23

      Dikgatiso Tsa Rona di Kwalwa le go Ranolwa Jang?

      Mongwe a bereka mo Lephateng la Bokwaledi, U.S.A.
      Setlhopha sa baranodi kwa Korea Borwa
      Monna mongwe kwa Armenia a tshotse buka e e ranotsweng ke Basupi ba ga Jehofa
      Mosetsana mongwe kwa Burundi a tshotse buka e e ranotsweng ke Basupi ba ga Jehofa
      Mosadi mongwe kwa Sri Lanka a tshotse dimakasine tse di ranotsweng ke Basupi ba ga Jehofa

      Gore re kgone go bolela “dikgang tse di molemo” mo “setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho,” re dira dikgatiso ka dipuo di feta 750. (Tshenolo 14:6) Re kgona jang go fitlhelela tiro eno e kgolo? Re thusiwa ke ditlhopha tsa bakwadi ba ba mo lefatsheng lotlhe le setlhopha sa baranodi ba ba dirang ka natla—botlhe ke Basupi ba ga Jehofa.

      Tshedimosetso e kwalwa pele ka Seesemane. Setlhopha se se Laolang se okamela tiro e e dirwang ke Lephata la Bokwaledi le le kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. Lephata leno le rulaganya dikabelo tsa bakwadi ba ba direlang kwa ntlokgolo le kwa diofising tse dingwe tsa makala. Go nna le ditlhopha tsa bakwadi ba ba tswang mo dinageng tse di farologaneng go re thusa gore re kwale ka ditlhogo tse di amang batho ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng.

      Tshedimosetso e romelwa kwa baranoding. Fa tshedimosetso e sena go tlhatlhobiwa le go tlhomamisiwa gore e siametse go gatisiwa, e romelwa ka mokgwa wa eleketeroniki kwa baranoding ba ba mo lefatsheng lotlhe, ba ba dirang tiro ya go ranola, go tlhatlhoba gore a dikgopolo tsotlhe tsa Seesemane di ranotswe sentle le go bala tshedimosetso eo gape go utlwa gore a e balega sentle. Ba leka ka natla go tlhopha “mafoko a a nepileng a boammaaruri,” a a tla kgonang go tlhalosa bokao jwa Seesemane sentle ka puo ya bone.—Moreri 12:10.

      Dikhomputara di akofisa tiro. Khomputara e ka se kgone go dira tiro e e dirwang ke bakwadi le baranodi. Le fa go ntse jalo, ba ka kgona go dira tiro ya bone ka bonako ba dirisa didikishinare tse di mo khomputareng le didirisiwa tse dingwe tsa go dira dipatlisiso. Basupi ba ga Jehofa ba dirile thulaganyo ya khomputara e e bidiwang Multilanguage Electronic Publishing System (MEPS) e e kgonang go tsenya tshedimosetso ka dipuo di le makgolokgolo le go e kopanya le ditshwantsho gore e baakanyediwe go ya go gatisiwa.

      Ke ka ntlha yang fa re dira maiteko a a kanakana a go ranola dikgatiso le ka dipuo tse di buiwang ke batho ba le mmalwa fela? Ke ka gonne thato ya ga Jehofa ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:3, 4.

      • Ke tiro efe e e akarediwang fa go kwalwa dikgatiso tsa rona?

      • Ke ka ntlha yang fa re ranola dikgatiso tsa rona ka dipuo di le dintsi jaana?

  • Tiro ya Rona e e Dirwang mo Lefatsheng Lotlhe e Tshegediwa Jang ka Madi?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
    • THUTO 24

      Tiro ya Rona e e Dirwang mo Lefatsheng Lotlhe e Tshegediwa Jang ka Madi?

      Mongwe a ntsha moneelo ka go rata
      Basupi ba ga Jehofa ba rera
      Baithaopi ba ba agang Diholo tsa Bogosi kwa Togo
      Baithaopi ba ba berekang kwa ofising ya lekala kwa Boritane

      Phuthego ya rona e gatisa le go aba Dibaebele le dikgatiso tse dingwe di le dimilione di le makgolokgolo ngwaga le ngwaga kwantle ga go duedisa batho. Re aga le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi le diofisi tsa makala. Re tlhokomela maloko a malapa a Bethele le barongwa ba le diketekete, e bile re rulaganya dithuso tsa namolo ka dinako tsa masetlapelo. Ka jalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘madi a a tshegetsang tiro eno yotlhe a tswa kae?’

      Ga re ntshe makgetho, karolo ya lesome kgotsa dikoleke. Le fa gone tiro ya rona ya go rera e tlhoka ditshenyegelo tse dintsi, ga re kope batho madi. Mo lekgolong la dingwaga le le fetileng, kgatiso ya bobedi ya makasine wa Tora ya Tebelo e ne ya tlhalosa gore re dumela gore Jehofa ke ene a re emeng nokeng ka jalo ga re “kitla re kopa batho go re ema nokeng”—mme ga re ise re ko re dire jalo!—Mathaio 10:8.

      Ditiro tsa rona di tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. Batho ba le bantsi ba anaanela tiro ya rona ya go ruta Baebele mme ba e ntshetsa meneelo. Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go dirisa nako, maatla, madi a bone le dilo tse dingwe tse ba nang le tsone go dira thato ya Modimo mo lefatsheng lotlhe. (1 Ditiragalo 29:9) Kwa Holong ya Bogosi go na le mabokoso a moneelo a botlhe ba ba ratang go ntsha meneelo ba ka tsenyang meneelo ya bone mo go one. Kgotsa ba ka nna ba ntsha meneelo ba dirisa website ya rona ya jw.org. Gantsi madi a re a amogelang a ntshiwa ke batho ba maemo a a kwa tlase, ba ba tshwanang le motlholagadi wa motlhoki yo Jesu a ileng a bua molemo ka ene, yo o neng a latlhela madinyana a tshipi a le mabedi mo letloleng la matlotlo a tempele. (Luke 21:1-4) Ka jalo, mongwe le mongwe a ka itlwaetsa go ‘beela sengwe kwa thoko’ gore a ntshe “fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe.”—1 Bakorintha 16:2; 2 Bakorintha 9:7.

      Re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla tswelela a tlhotlheletsa batho ba ba batlang go mo ‘tlotla ka dilo tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo’ go ema nokeng tiro ya Bogosi gore thato ya gagwe e diragadiwe.—Diane 3:9.

      • Ke eng se se dirang gore phuthego ya rona e farologane le madumedi a mangwe?

      • Meneelo e e ntshiwang ka go rata e dirisiwa jang?

  • Diholo Tsa Bogosi—Goreng di Agiwa Mme di Agiwa Jang?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
    • THUTO 25

      Diholo Tsa Bogosi—Goreng di Agiwa Mme di Agiwa Jang?

      Baithaopi ba ba agang Holo ya Bogosi kwa Bolivia

      Bolivia

      Holo ya Bogosi pele e agiwa sesha kwa Nigeria
      Holo ya Bogosi e e agilweng sesha kwa Nigeria
      Go agiwa Holo ya Bogosi kwa Tahiti

      Jaaka leina Holo ya Bogosi le tlhalosa, thuto ya Baebele e e rutiwang koo e bua thata ka Bogosi jwa Modimo—jo e leng setlhogo sa bodiredi jwa ga Jesu.—Luke 8:1.

      Ke mafelo a kobamelo ya boammaaruri. Basupi ba ga Jehofa ba dira dithulaganyo tsa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo go one mafelo ano. (Mathaio 24:14) Diholo Tsa Bogosi di farologana ka bogolo le tsela e di agiwang ka yone, mme tsotlhe ke mafelo a a lebegang sentle a a seng magasigasi, bontsi jwa tsone di dirisiwa ke diphuthego di feta e le nngwe. Mo dingwageng tsa bosheng, re ile ra aga Diholo Tsa Bogosi di le diketekete (e leng palogare ya diholo di le tlhano ka letsatsi) gore palo ya baboledi le diphuthego tse di ntseng di oketsega di nne le mafelo a di kopanelang mo go one. Seno se kgonega jang?—Mathaio 19:26.

      Di agiwa ka meneelo e e ntshediwang letlole la go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi. Meneelo eno e romelwa kwa ofising ya lekala gore diphuthego tse dingwe tse di batlang go aga kgotsa go baakanya Holo ya Bogosi, di kgone go adima madi ano.

      Di agiwa ke baithaopi ba ba sa duelweng ba ba tswang mo maemong a a farologaneng. Go rulagantswe Ditlhopha Tsa go Aga Diholo Tsa Bogosi mo dinageng di le dintsi. Ditlhopha tsa baagi le baithaopi di nna di tsamaya mo diphuthegong tse di farologaneng mo nageng ya bone, tota le kwa mafelong a a kgakala, gore ba thuse Basupi ba mafelo ao go aga Diholo tsa bone tsa Bogosi. Mo dinageng tse dingwe go tlhomilwe Basupi ba ba tshwanelegang go etelela pele go agiwa le go baakanngwa ga Diholo Tsa Bogosi tsa mo kgaolong ya eo. Le fa gone batho ba le bantsi ba ba nang le bokgoni jwa kago mo kgaolong eo ba ithaopela go thusa mo mafelong otlhe a go agiwang mo go one, maloko a phuthego ya lefelo leo ke one a a nnang teng ka bontsi go tla go thusa. Ka ntlha ya moya wa ga Jehofa le maiteko a batho ba gagwe ba a dirang ka moya otlhe, tiro eno yotlhe e kgona go fitlhelelwa.—Pesalema 127:1; Bakolosa 3:23.

      • Ke ka ntlha yang fa mafelo a rona a kobamelo a bidiwa Diholo Tsa Bogosi?

      • Ke eng se se re thusang gore re kgone go aga Diholo Tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe?

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela