-
Re ka Thusa Jang go Tlhokomela Holo ya Rona ya Bogosi?Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
-
-
THUTO 26
Re ka Thusa Jang go Tlhokomela Holo ya Rona ya Bogosi?
Estonia
Diholo Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa di emela leina la Modimo le le boitshepo. Ka jalo, re tsaya go nna le seabe mo go bolokeng Holo ya rona ya Bogosi e le phepa, e lebega sentle e bile e le mo boemong jo bo siameng e le tshiamelo e kgolo e bile e le karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya rona e e boitshepo. Botlhe ba itumelela go nna le seabe.
Ithaopele go phepafatsa morago ga dipokano. Morago ga pokano nngwe le nngwe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumelela go dirisa nako e khutshwane go phepafatsa Holo ya Bogosi. Gangwe ka beke e phepafadiwa ka botlalo. Mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi o etelela pele mo tirong e e dirwang, gantsi a dirisa lenaane go bona gore ke ditiro dife tse di tshwanetseng go dirwa. Go ikaegile ka se se tshwanetseng go dirwa, bangwe ba ithaopela go feela, go koropa, go phimola lerole, go baakanya ditulo, go phepafatsa matlwana, go tlhatswa difensetere le diipone, go tsholola matlakala kgotsa go phepafatsa kwa ntle ga holo. Bobotlana gangwe mo ngwageng, go bewa letsatsi la go phepafatsa Holo ya Bogosi ka botlalo. Fa re ruta bana ba rona go nna le seabe mo go phepafetseng, re ba ruta go tlotla lefelo la rona la kobamelo.—Moreri 5:1.
Ithaopele go thusa fa go na le sengwe se se tlhokang go baakanngwa. Ngwaga le ngwaga Holo ya Bogosi e tlhatlhobiwa mo teng le ka fa ntle go bona gore a e mo boemong jo bo siameng. Morago ga moo, go dirwa thulaganyo ya ka metlha ya go baakanya holo mo go tlhokegang gone, mme seno se tla thusa gore go se ka ga nna le ditshenyegelo tse di sa tlhokegeng. (2 Ditiragalo 24:13; 34:10) Holo ya Bogosi e e phepa le e e tlhokometsweng sentle, ke lefelo le le tshwanelang le re ka obamelang Modimo wa rona mo go lone. Fa re nna le seabe mo tirong ya go phepafatsa, re bontsha kafa re ratang Jehofa le lefelo la rona la kobamelo ka gone. (Pesalema 122:1) Seno gape se kgatlha le batho ba ba mo lefelong la rona.—2 Bakorintha 6:3.
Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhokomela lefelo la rona la kobamelo?
Ke dithulaganyo dife tse di dirwang gore Holo ya Bogosi e nne e le phepa?
-
-
Laeborari ya Holo ya Bogosi E ka Re Solegela Molemo Jang?Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
-
-
THUTO 27
Laeborari ya Holo ya Bogosi E ka Re Solegela Molemo Jang?
Iseraele
Czech Republic
Benin
A o ka rata go dira dipatlisiso go oketsa kitso ya Baebele e o nang le yone? A o batla go itse mo go oketsegileng ka temana, motho mongwe, lefelo kgotsa sengwe se go buiwang ka sone mo Baebeleng? Kgotsa gongwe o kile wa ipotsa gore a Lefoko la Modimo le ka go thusa ka bothata bongwe jo bo go tshwenyang? Fa go le jalo, o ka dirisa dikgatiso tse di mo laeboraring ya Holo ya Bogosi.
E re thusa ka didirisiwa tsa go dira dipatlisiso. O ka tswa o se na dikgatiso tsotlhe tsa puo ya gago tse di theilweng mo Baebeleng tsa Basupi ba ga Jehofa. Mme laeborari e e kwa Holong ya Bogosi e na le bontsi jwa dikgatiso tsa bosheng. Gape e ka tswa e na le dithanolo tse di farologaneng tsa Baebele, didikishinare le didirisiwa tse dingwe tsa go dira dipatlisiso tse di ka go solegelang molemo. O gololesegile go dirisa laeborari eno pele ga dipokano le morago ga tsone. Go ka nna ga bo go na le khomputara e e nang le Watchtower Library mo laeboraring ya Holo ya Bogosi. Eno ke thulaganyo ya eleketeroniki e go tsentsweng dikgatiso tsa rona di le dintsi mo go yone, mme e na le karolo e e motlhofo e e ka dirisiwang go batla setlhogo, lefoko kgotsa temana nngwe.
E solegela molemo baithuti ba Pokano ya Botshelo le Bodiredi. O ka nna wa kgona go dirisa laeborari ya Holo ya Bogosi fa o baakanyetsa kabelo ya gago. Laeborari eno e tlhokomelwa ke molebedi wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi. O na le boikarabelo jwa go tlhomamisa gore dikgatiso tsa bosheng di gone le gore di rulagantswe sentle. Molebedi wa sekolo kgotsa motho yo o go rutang Baebele a ka go bontsha kafa o ka bonang tshedimosetso e o e batlang ka gone. Le fa go ntse jalo, dibuka tse di mo laeboraring eno ga di a tshwanela go ntshiwa mo Holong ya Bogosi. Ke boammaaruri gore re batla go tlhokomela dibuka tseno mme re se ka ra kwala sepe mo go tsone.
Baebele e tlhalosa gore fa re batla go bona “kitso ya Modimo,” re tshwanetse go ikemisetsa go e batla “jaaka matlotlo a a fitlhegileng.” (Diane 2:1-5) Laeborari ya Holo ya Bogosi e tla go thusa go simolola letsholo la gago la go batla.
Ke didirisiwa dife tsa go dira dipatlisiso tse di leng gone mo laeboraring ya Holo ya Bogosi?
Ke mang yo o ka go thusang go dirisa laeborari eno ka tsela e e tla go solegelang molemo?
-
-
Se o Ka se Fitlhelang mo Website ya Basupi ba ga Jehofa (JW.ORG)Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
-
-
THUTO 28
Se o Ka se Fitlhelang mo Website ya Basupi ba ga Jehofa (JW.ORG)
Poland
Russia
Jesu Keresete o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.” (Mathaio 5:16) Gore re kgone go dira jalo, re dirisa thekenoloji ya bosheng ka tsela e e molemo, go akaretsa le Internet. Aterese ya rona ya Internet ya jw.org, ke ya semolao mme e na le tshedimosetso e e tlhalosang se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang le tiro ya bone. Ke tshedimosetso efe e nngwe e e fitlhelwang mo go yone?
Dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tse gantsi di bodiwang. O ka kgona go bona dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa tse gantsi batho ba ipotsang tsone. Ka sekai, pampitshana ya setlhogo se se reng, A Pogo e Tla Fela? le ya setlhogo se se reng, A Tota Baswi ba ka Tshela Gape? di gone mo Internet ka dipuo di feta 600. Gape o tla fitlhela Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka dipuo di feta 130 le dikgatiso tse dingwe tse di ka go thusang go ithuta Baebele, go akaretsa le buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? le dikgatiso tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! O ka nna wa bala kgotsa wa reetsa bontsi jwa dikgatiso tseno mo Internet kgotsa wa itseela dingwe tsa tsone ka difomete tse di tlwaelegileng tse di jaaka MP3, PDF kgotsa EPUB. O ka nna wa printa ditsebe di se kae tsa kgatiso nngwe ka puo ya motho yo o kgatlhegang mme wa mo naya tsone gore a kgone go ipalela! Go na le dibidio tsa puo ya diatla ka dipuo di le dintsi. O ka nna wa itseela diterama tsa mmalo wa Baebele, diterama tsa Baebele le mmino o o monate o o ka itumelelang go o reetsa ka nako ya gago.
Tshedimosetso ya boammaaruri ka Basupi ba ga Jehofa. Gape go nna go tsenngwa dikgang tsa bosheng le dibidio tse di khutshwane tse di buang ka tiro ya rona e e dirwang mo lefatsheng lotlhe, ditiragalo tse di amang Basupi ba ga Jehofa le tiro e re e dirang go namola batho ka dinako tsa mathata. O ka bona lenaane la dikopano tsa kgaolo tse di tla tshwarwang le tshedimosetso ya go ikgolaganya le diofisi tsa rona tsa makala.
Dilo tseno di re thusa go phatsimisetsa lesedi la boammaaruri kwa dikarolong tse di kgakalakgakala tsa lefatshe. Batho ba ba mo dikontinenteng tsotlhe, go akaretsa le Antarctica, ba solegelwa molemo ke molaetsa ono. Re rapelela gore “lefoko la ga Jehofa le nne le tsamaye ka bofefo” mo lefatsheng lotlhe, gore Modimo a galalediwe.—2 Bathesalonika 3:1.
Aterese ya Internet ya jw.org e thusa batho ba le bantsi jang go ithuta boammaaruri jwa Baebele?
Ke eng se o ka batlang go batlisisa ka sone mo atereseng ya rona ya Internet?
-