Tsayang Baporofeti e le Sekao—Nahume
1. Re ithuta eng mo bukeng ya Nahume?
1 Marope a Ninife wa bogologolo ke bosupi jwa gore fela jaaka Nahume a boleletse pele, Jehofa o ipusolosetsa mo babeng ba Gagwe le gore tota le baganetsi ba ba setlhogo ba ka se emelane le Ene. (Nah. 1:2, 6) Fa re sekaseka boporofeti jwa ga Nahume ka kelotlhoko re ka ithuta dithuto tsa botlhokwa tse re ka di dirisang mo bodireding.
2. Re ka dira jang gore molaetsa wa rona o gomotse?
2 Naya Kgomotso le Tsholofelo: Fa o bala buka ya Nahume go ka lebega e kete e bua fela ka dipolelelopele tsa go senngwa ga Ninife, motsemogolo o o ikgantshang wa Asiria wa bogologolo. (Nah. 1:1; 3:7) Le fa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa ba ne ba itumelela dipolelelopele tseo. Nahume yo leina la gagwe le kayang “Mogomotsi,” o ne a tlhomamisetsa Bajuda ka ene gore mmaba wa bone o ne a tla nyelediwa! Gape Nahume o ne a ba tlhomamisetsa gore Jehofa “ke kago e e thata mo motlheng wa matshwenyego.” (Nah. 1:7) Le rona fa re rera, re bolelela batho dikgang tse di molemo e bile re ba kgothaletsa gore ba batle botshabelo mo go Jehofa.—Nah. 1:15.
3. Re ka etsa Nahume jang ka go dirisa dikai le dipapiso?
3 Dirisa Dikai le Dipapiso: Jehofa o ne a tlhotlheletsa Nahume go bapisa go senngwa ga Ninife le go senngwa ga motse wa kwa Egepeto wa Thebes (No-amone), o o neng wa senngwa ke Asiria. (Nah. 3:8-10) Fa re bua le batho ka bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, re ka gatelela boporofeti jwa Baebele jo bo bontshang gore Jehofa o diragatsa sengwe le sengwe se a se buileng. Ka sekai, fa Bababelona le Bameda ba ne ba tlhasela motse wa Ninife ka 632 B.C.E., dipula tsa matsorotsoro di ne tsa dira gore Noka ya Tigris e penologe e bo e diga dipota tse di thata tsa motse. Ka jalo, Ninife e ne ya thopiwa ka bonako fela jaaka Jehofa a ne a boleletse pele.—Nah. 1:8; 2:6.
4. Re ka bua jang ka tsela e e utlwalang le e e tlhaloganyesegang fa re le mo bodireding?
4 Bua ka Tsela e e Utlwalang Le e E Tlhaloganyesegang: Nahume o ne a tlhalosa ka tsela e e utlwalang e bile a tsenya maikutlo fa a kwala. Dintlha tsa gagwe di ne di tlhaloganyesega. (Nah. 1:14; 3:1) Le rona re batla go dirisa puo e e tlhaloganyesegang motlhofo. (1 Bakor. 14:9) Mo lekgetlong la ntlha fa o etela batho, ba bolelele lebaka la go bo o ba etetse. Fa o ithuta Baebele le batho, ba thuse go dumela mo go Jehofa le mo Lefokong la gagwe le go lemoga kafa tshedimosetso eo e ba amang ka gone.—Bar. 10:14.
5. Boporofeti jwa ga Nahume bo re tlhomamisetsa eng?
5 Tsela e Nahume a neng a ikanya go diragadiwa ga lefoko la ga Jehofa ka yone e bonala sentle mo bukeng ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe. Fa bokhutlo jwa tsamaiso ya ga Satane bo ntse bo atamela, re bona kgomotso mo mafokong ano a Modimo: “Matshwenyego a ka se tsoge lekgetlo la bobedi.”—Nah. 1:9.