LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb14 ts. 169
  • Ke ne Ka Rata Sierra Leone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ne Ka Rata Sierra Leone
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tiro ya go Dira Barutwa e Tlhotlheleditse Ditshwetso Tse ke di Dirileng mo Botshelong Fela Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Ke Ititeile Sehuba go Direla Jehofa
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • Sengwe se se Botoka go Feta Diteemane
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • Ke mo Diatleng Tse di Sireletsegileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
yb14 ts. 169

SIERRA LEONE LE GUINEA

Ke ne Ka Rata Sierra Leone

Cindy McIntire

  • O TSHOTSWE KA 1960

  • O KOLOBEDITSWE KA 1974

  • DINTLHA KA GA GAGWE E ntse e le morongwa fa e sa le ka 1992. O kile a direla kwa Guinea le Senegal mme ga jaana o direla kwa Sierra Leone.

LEKGETLO la ntlha fa ke ne ke tla fano, go ne ga ntsaya dibeke di le pedi fela gore ke rate Sierra Leone. Ke ne ka kgatlhiwa ke kafa batho ba neng ba rwala dilo tse di boima ka teng mo tlhogong mme di kgona go nna sentle di sa we. Go ne go na le botshelo mo motseng. Bana ba ne ba tshameka e bile ba bina mo mebileng, ba opa diatla mme ba tlolatlola ka moribo o o monate. Ke ne ke dikologilwe ke mebalabala, botshelo le mmino.

Se ke se itumelelang thata ke go rera fano. Baagi ba Sierra Leone ba rata go amogela baeng, tota le ba ba sa ba itseng. Ba tlotla Baebele e bile ba reetsa molaetsa wa yone. Gantsi ba ntetla gore ke tsene mo matlong a bone. Fa ke tsamaya, bangwe ba mpuledisa go fitlha kwa bowelong jwa mmila. Mekgwa eno e e rategang e nthusa gore ke itshokele mathata a e seng a sepe a a jaaka go tlhaela ga metsi le motlakase.

Ka gonne ke sa nyalwa, batho ba a tle ba mpotse gore a ga ke jewe ke bodutu. Mme gone ke na le mo gontsi go go dira mo ke se nang nako ya go jewa ke bodutu. Ke tshela botshelo jo bo nang le bokao tota.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela