Pina 4
Go Itirela Leina le le Molemo le Modimo
E e Gatisitsweng
1. Ka metlha yotlhe, Ka malatsi otlhe
Re batla go nna Re utlwa Jehofa.
Fa re kgaratlhela, Go dira tshiamo,
O tla’itumela, A re rate.
2. Lefatshe leno, Ruri le a feta,
Fa re le rata, Re feta le lone.
Fa re rata ’fatshe, Re nna baba ba Jah,
Ga’a kitla a re Amogela.
3. Re batla gore, Jah a re gopole
Mme a re kwale Mo bukeng ya gagwe.
Re tla itirela Leina le lentle
Ka go tsamaya, Mo tshiamong.
(Bona le Gen. 11:4; Dia. 22:1; Mal. 3:16; Tshen. 20:15.)