Pina 97
Tswelang Pele, Lona Badiredi ba Bogosi!
1. Tswelelang lo rera Bogosi,
Itsiseng batho botlhe.
Lo rate le baagelani,
Thusang ba ba bonolo.
Ruri seno ke tshiamelo;
Go itsise batho ka Jah.
Tswelelang pele mme lo rere;
Ka leina la ga Jehofa.
(KHORASE)
Tswelang pele lo rera
Bogosi mo ’fatsheng lotlhe.
Tswelang pele,
mme lo emeng mo letlhakoreng la Jah.
2. Lona badiredi ba Mmopi,
Lo lebeng kwa mokgeleng.
Mme lo lateleng Jesu Kreste,
Lo dire ka bojotlhe.
A batho botlhe ba re relwe,
Ba tle ba’itse ka Bogosi.
Jehofa o re naya maatla;
Gare tlhoke go boifa.
(KHORASE)
Tswelang pele lo rera
Bogosi mo ’fatsheng lotlhe.
Tswelang pele,
mme lo emeng mo letlhakoreng la Jah.
3. A re gateleng pele rotlhe,
Masalela le dinku.
Ba basha, basadi le banna,
Re nonofe tumelong.
A re bolokeng tiro eno;
Re e dire ka botlalo.
Ka metlha a re kgatlheng Mmopi,
Re itsholeng re le phepa.
(KHORASE)
Tswelang pele lo rera
Bogosi mo ’fatsheng lotlhe.
Tswelang pele,
mme lo emeng mo letlhakoreng la Jah.
(Bona le Pes. 23:4; Dit. 4:29, 31; 1 Pet. 2:21.)