LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 11/15 ts. 32
  • O na Le Leina le le Ntseng Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O na Le Leina le le Ntseng Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 11/15 ts. 32

O na Le Leina le le Ntseng Jang?

MO BAEBELENG, lefoko “leina” ka dinako tse dingwe le kaya tsela e motho a itsegeng ka yone. Ka sekai, Kgosi e e botlhale e bong Solomone o ne a kwala jaana: “Leina le le molemo le gaisa setlolo se se tlhokegang; le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi le motho o tsetsweng ka lone.” (Moreri 7:1; bapisa Diane 22:1.) Go ya ka mafoko a ga Solomone, motho ga a tsalwe a na le leina le le molemo. Go na le moo, motho o itirela leina la bokao jwa mmatota mo tsamaong ya botshelo jwa gagwe. Leina la gagwe le tlhaola dinonofo tsa gagwe, gore a o pelotshweu kana o pelotshetlha, o kutlwelobotlhoko kana ga a na kutlwelobotlhoko, o boikokobetso kana o boikgogomoso, tota le gore a o siame kana o boikepo.

Akanya ka Dafide. Ka nako ya puso ya gagwe, o ne a itshupa e le motho yo o nonofileng yo o sa reketleng. Ka nako e e tshwanang, Dafide o ne a dumela diphoso tsa gagwe ka boikokobetso mme a bo a ikwatlhaela maleo a gagwe a a maswe thata. Ke ka lebaka le le utlwalang go bo moporofeti wa ga Jehofa a ile a bontsha gore Dafide e ne e le “monna yo o ntseng ka fa pelong ya [Modimo].” (1 Samuele 13:14) Dafide yo mmotlana o ne a setse a na le leina le lentle le Modimo.

Go farologana le seo, Kgosi ya Juda e bong Jehorame o ne a itirela leina le le maswe. O ne a faposa batho ba a ba busang mo kobamelong ya ga Jehofa mme a bo a dira gore bomorwarraagwe ba le barataro le dikgosana dingwe tsa Juda di bolawe. Kgabagare, Jehofa o ne a itaya Jehorame ka bolwetse jo bo botlhoko jo bo ileng jwa dira gore a swe. Baebele e bolela gore Jehorame “a swa a sa elediwe ke ope,” kana jaaka Today’s English Version e e ranola, “go ne go se na ope yo o utlwileng botlhoko fa a swa.”—2 Ditirafalo 21:20.

Tsela e Dafide le Jehorame ba neng ba tshela ka yone e supa boammaaruri jwa seane seno sa Baebele: “E sego kgakologelo ya mosiami, mme leina la moikepi le tlaa bola.” (Diane 10:7) Ka jalo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go akanyetsa potso eno sentle, ‘Ke itirela leina le le ntseng jang le Modimo le bathokanna?’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela