Pina 125
Go Ikobela Thulaganyo ya Puso ya Modimo ka Boikanyego
E e Gatisitsweng
1. Fa re ntse re rera, re ruta batho
Boammaaruri ka puso ya Modimo,
Mme ba’ikobele taelo tsa puso
Ba le seoposengwe, ba ikanyega.
(KHORASE)
A re’ikanyegeng mo go Jehofa,
Go a mo tshwanela.
Wa sireletsa, mme o lorato,
Re’ikanyege go ene.
2. Jah’o re tlhokomela ka moya wa ’gwe.
O a re kaela ’tseleng tsa rona.
Jalo a re nneng re sa tshikinyege,
Re ntse re bolela ka puso ya ’gwe!
(KHORASE)
A re’ikanyegeng mo go Jehofa,
Go a mo tshwanela.
Wa sireletsa, mme o lorato,
Re’ikanyege go ene.
(Bona le Luke 12:42; Baheb. 13:7, 17.)