LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ll karolo 8 ts. 18-19
  • Loso Lwa ga Jesu lo Kaya Eng mo go Wena?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Loso Lwa ga Jesu lo Kaya Eng mo go Wena?
  • Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karolo 8
    Reetsa Modimo
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Ka Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
ll karolo 8 ts. 18-19

KAROLO 8

Loso Lwa ga Jesu lo Kaya Eng mo go Wena?

Jesu o ne a swa gore re kgone go tshela. Johane 3:16

Basadi ba lebile lebitla la ga Jesu le le se nang sepe

Malatsi a le mararo fa Jesu a sena go swa, basadi bangwe ba ne ba etela lebitla la gagwe mme ba fitlhela le le lolea. Jehofa o ne a tsositse Jesu mo baswing.

Jesu o itlhagisa mo baaposetoloing ba gagwe, mme moragonyana o tlhatlhogela kwa legodimong

Moragonyana Jesu o ne a itlhagisa mo baaposetoloing ba gagwe.

Ee, Jehofa o ne a tsositse Jesu mo baswing e le sebopiwa sa semoya se se maatla se se sa sweng. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmona a tlhatlogela kwa legodimong.

  • “Dituelo” tsa boleo ke eng?—Baroma 6:23.

  • Jesu o re buletse tsela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 5:21.

Modimo o ne a tsosa Jesu mo baswing mme a mo dira Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Daniele 7:13, 14

Jesu o dutse mo setulong sa gagwe sa Bogosi mme o busa batho ba ba mo lefatsheng la paradaise

Jesu o ne a ntshetsa batho botshelo jwa gagwe e le thekololo. (Mathaio 20:28) Modimo o dirisa thekololo eo gore re kgone go tshela ka bosakhutleng.

Jehofa o ne a tlhoma Jesu go nna Kgosi gore a buse mo lefatsheng. O tla busa le batho ba bangwe ba ba ikanyegang ba le 144 000 ba ba tsositsweng mo lefatsheng gore ba ye go tshela kwa legodimong. Jesu le ba ba 144 000 ba bopa puso e e siameng ya kwa legodimong—Bogosi jwa Modimo.—Tshenolo 14:1-3.

Bogosi jwa Modimo bo tla dira lefatshe paradaise. Ga go kitla go tlhola go nna le ntwa, bokebekwa, khumanego le tlala. Eleruri batho ba tla bo ba itumetse.—Pesalema 145:16.

  • Bogosi jwa Modimo bo tla lere masego afe?—Pesalema 72.

  • Re tshwanetse go rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle.—Mathaio 6:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela