LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 1 ts. 10-11
  • Go Dira Ditsala Tsa Mmatota

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dira Ditsala Tsa Mmatota
  • Tsogang!—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE
  • SE O KA SE DIRANG
  • Didirisiwa Tsa Ileketeroniki di Ama Jang Botsala Jwa Gago le Batho Ba Bangwe?
    Tsogang!—2021
  • Go Dira Botsala jo bo Nnelang Ruri mo Lefatsheng Le le Se Nang Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ke ka Ntlha Yang ke sa Kgone go Nna le Ditsala?
    Tsogang!—1996
  • Ditsala Tse di Siameng le Tse di sa Siamang
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 1 ts. 10-11
Makawana a mabedi a tlotla

GO THUSA LELAPA | BASHA

Go Dira Ditsala Tsa Mmatota

KGWETLHO

Makawana a mabedi a lebagane a le mo borogong

Re leboga thekenoloji—e re thusa go bua le batho ba le bantsi motlhofo fela go gaisa mo nakong e e fetileng. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o se na ditsala tsa mmatota. Lekawana lengwe le ne la re: “Ke ikutlwa e kete ditsala tsa me ga di nnele ruri. Le fa go ntse jalo, papa ene o sa ntse a na le ditsala tse a sa bolong go atamalana le tsone!”

Goreng gompieno e le kgwetlho go nna le ditsala tse di nnelang ruri e bile e le tsa mmatota?

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Thekenoloji e ka tswa e le karolo ya bothata. Go romelelana melaetsa le go ikgolaganya le batho ka Internet go dirile gore go nne motlhofo go tsweletsa botsala lo ntse lo se mmogo. Metlotlo e e molemo e emiseditswe ka melaetsa e e sa feleng. Buka ya Artificial Maturity ya re: “Batho ga ba tlhole ba tlotla ba lebane difatlhego. Baithuti ba fetsa nako e ntsi ba le mo Internet mme ba fetsa nako e nnye ba le mmogo.”

Ka dinako dingwe, thekenoloji e ka dira gore go bonale e kete batho ba atamalane go feta kafa tota ba atamalaneng ka gone. Briana wa dingwaga di le 22 a re: “Bosheng jaana, ke ne ka lemoga gore ke nna fela yo ke neng ke tsaya matsapa a go tlhola ditsala tsa me ka go di romelela melaetsa. Mme ka emisa go bona gore ke ba le kae ba ba neng ba tla ntlhola. Boammaaruri ke gore ke ba le mmalwa fela ba ba neng ba ntlhola. Go bonala ditsala dingwe tsa me di ne di sa atamalana le nna jaaka ke ne ke akanya.”

A go romelelana melaetsa le go ikgolaganya le batho ka Internet go ka se go thuse go tlotla le batho le go nonotsha botsala jwa gago le bone? Ee, go ka go thusa segolobogolo fa e le gore o tle o fetse nako o na le bone. Le fa go ntse jalo, gantsi go ikgolaganya le batho ka Internet go go katosetsa kgakala le batho go na le go go atamalanya le bone.

SE O KA SE DIRANG

Itse gore botsala jwa mmatota ke jo bo ntseng jang. Baebele ya re tsala ke mongwe yo o go “ngaparelang go gaisa morwarra motho.” (Diane 18:24) A ke yone tsala e o e batlang? A wena o tsala eo? Gore o kgone go araba dipotso tseo, kwala dinonofo tse tharo tse o batlang tsala ya gago e nna le tsone. Go tswa foo, kwala dinonofo tse tharo tse wena o nang le tsone.

Ipotse jaana: ‘Ke ditsala dife tse ke tlotlang le tsone ka Internet tse di nang le dinonofo tse ke batlang tsala ya me e nna le tsone? Ke dinonofo dife tse ditsala tsa me di ka reng ke na le tsone?’—Molaomotheo wa Baebele: Bafilipi 2:4.

Leba dilo tse di botlhokwa. Gantsi batho ba ba dirang botsala ka Internet ba kgatlhegela dilo tse di tshwanang, jaaka go itlosa bodutu. Le fa go ntse jalo, go nna le mekgwa e e tshwanang go botlhokwa go na le go kgatlhegela dilo tse di tshwanang. Leanne wa dingwaga di le 21 a re: “Le fa ke se na ditsala tse dintsi, tse ke nang le tsone di dira gore ke batle go nna motho yo o botoka.”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 13:20.

Kopana le batho. Ga go na selo se se monate jaaka go tlotla le motho lo lebane difatlhego, lo ntse lo utlwa kafa segalo sa lentswe la yo mongwe le sefatlhego sa gagwe di fetogang ka gone fa a ntse a bua le fa a itshikinya mmele.—Molaomotheo wa Baebele: 1 Bathesalonika 2:17.

Kwala lekwalo. Le fa go romela lekwalo go ka lebega e le selo sa bogologolo, go dira jalo go bontsha gore o kgathalela motho yo mongwe e bile o tsere matsapa. Ga go motlhofo go tlhoma mogopolo jalo mo lefatsheng leno le go tletseng batho ba ba ratang go dira dilo di le dintsi ka nako e le nngwe. Ka sekai, mo bukeng ya gagwe ya Alone Together, Sherry Turkle o bua ka lekawana lengwe le le neng le re ga le gopole le amogela lekwalo mo botshelong jwa lone. Fa lekawana leo le bua ka nako ya fa batho ba ne ba kwala makwalo, la re: “Ke akanya ka dinako tseo le fa ke ne ke ise ke tsholwe.” Goreng le wena o sa dirise ‘thekenoloji eno ya bogologolo’ go dira ditsala?

Sa botlhokwa: Botsala jwa mmatota ga se fela go tlotla ka metlha. Go tlhoka gore wena le tsala ya gago lo bontshane gore lo a ratana, lo utlwelana botlhoko, lo pelotelele e bile lo a itshwarelana. Kgabagare dilo tseo di tla dira gore botsala jwa lona bo itumedise. Mme go thata go di bontsha fa o tlotla le batho ka Internet.

a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “Lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”—Bafilipi 2:4.

  • “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20.

  • “Re ne ra leka ka natla fela thata go feta mo go tlwaelegileng go bona difatlhego tsa lona.”—1 Bathesalonika 2:17.

Alisabel

ALISABEL

“Rotlhe re tlhoka mongwe yo re ka buang le ene fa re kgobegile marapo. Ditsala ke tsone tse di re tlhaloganyang le tse di ka dirang gore re ikutlwe botoka. Ga di itumele le rona fela mme gape di ka re thusa fa re nna le mathata.”

Jordan

JORDAN

“Fa ke ne ke le monnye, ke ne ke nna fela ke itlhaotse e bile ke sa tseye matsapa go dira ditsala. Eo e ne e le nako e e thata. Kgabagare ke ne ka nna botsalano. Go botlhokwa go nna le ditsala tse di ka go thusang ka dinako tsa mathata le tse di itumelang le wena ka dinako tse di monate.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela