Bothokgami Jwa Gago bo Ipedisa Pelo ya ga Jehofa
“Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”—DIA. 27:11.
1, 2. (a) Buka ya ga Jobe e tlhalosa tatofatso efe e e neng ya dirwa ke Satane? (b) Ke eng se se bontshang gore Satane o ne a tswelela a kgoba Jehofa le fa Jobe a sena go tlhokafala?
JEHOFA o ne a letla Satane gore a leke bothokgami jwa motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo Jobe. Seo se ne sa felela ka gore Jobe a latlhegelwe ke leruo la gagwe, a swelwe ke bana a bo a lwale. Mme fa Satane a ne a leka bothokgami jwa ga Jobe, o ne a sa akanya fela ka Jobe a le esi. Satane o ne a re: “Letlalo mo boemong jwa letlalo, mme sengwe le sengwe se [motho] a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.” Tatofatso eno e ne ya tsosa kgang e e neng ya ama le batho ba bangwe gape kwantle ga ga Jobe mme ya tswelela lobaka lo loleele le fa a sena go tlhokafala.—Jobe 2:4.
2 Dingwaga di ka nna 600 morago ga diteko tsa ga Jobe, Solomone o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale jaana: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” (Dia. 27:11) Go bonala sentle gore ka nako eo Satane o ne a sa ntse a latofatsa Jehofa. Mo godimo ga moo, mo ponatshegelong e e neng ya bontshiwa moaposetoloi Johane, o ne a bona Satane a latofatsa batlhanka ba Modimo fa a sena go lelekwa kwa legodimong nako nngwe Bogosi jwa Modimo bo sena go tlhomiwa ka 1914. Ee, tota le gompieno, jaaka re le mo bokhutlong jwa metlha ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo, Satane o sa ntse a leka bothokgami jwa batlhanka ba Modimo!—Tshen. 12:10.
3. Re ka ithuta dithuto dife tsa botlhokwa mo bukeng ya ga Jobe?
3 Jaanong akanya ka dithuto tse tharo tsa botlhokwa tse re di ithutang mo bukeng ya ga Jobe. Sa ntlha, diteko tsa ga Jobe di senola gore tota mmaba wa batho ke mang le gore ke mang yo o bakelang batho ba Modimo kganetso. Mmaba yoo ke Satane Diabolo. Sa bobedi, go sa kgathalesege diteko tse re ka lebanang le tsone, go nna le kamano e e gaufi le Modimo go tla re thusa gore re nne re bolokile bothokgami. Sa boraro, fa re lebana le mathata mme re lekwa ka tsela nngwe, Modimo o re ema nokeng fela jaaka a ile a nonotsha Jobe. Gompieno, Jehofa o dira seno a dirisa Lefoko la gagwe, phuthego ya gagwe le moya wa gagwe o o boitshepo.
Nna o Gopotse Gore Mmaba wa Mmatota ke Mang
4. Ke mang yo o bakang maemo a a mo lefatsheng gompieno?
4 Batho ba le bantsi ga ba dumele gore Satane o teng. Ka jalo, le fa ba ka tshosiwa ke maemo a lefatshe, ga ba itse yo tota a a bakang—Satane Diabolo. Ke boammaaruri gore batho ke bone ba bakileng bontsi jwa mathata a ba lebaneng le one. Batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ba ne ba tlhopha go tsuologela Mmopi wa bone. Mme fa e sa le ka nako eo, dikokomana tse di ileng tsa latela di ile tsa dira ka tsela e e seng botlhale gotlhelele. Le fa go ntse jalo, Diabolo ke ene a ileng a tsietsa Efa gore a tsuologele Modimo. Ke ene yo o simolotseng kgang ya gore batho ba ba sa itekanelang ba ba swang ba nne le tsamaiso ya lefatshe e e laolwang ke ene. E re ka Satane e le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” setšhaba sa batho se na le mekgwa e e tshwanang le ya gagwe—boikgogomoso, kgaisano, lefufa, tlhakatlhakano, tsietso le botsuolodi. (2 Bakor. 4:4; 1 Tim. 2:14; 3:6; bala Jakobe 3:14, 15.) Mekgwa eno e feletse ka gore mo bopolotiking le mo bodumeding go nne le dikgotlhang le dintwa, letlhoo, boferefere le tlhakatlhakano, tse di bakelang batho matshwenyego a mantsi.
5. Re batla go dira eng ka kitso ya botlhokwa e re nang le yone?
5 A bo rona batlhanka ba ga Jehofa re na le kitso ya botlhokwa jang ne! Ee, re a itse gore ke mang yo o dirang gore maemo a lefatshe a nne a senyegela pele. A mme ga re ikutlwe re tlhotlheletsega go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo gore re itsise batho gore mmaba wa mmatota ke mang? A ga re itumelele go ema kafa letlhakoreng la Modimo wa boammaaruri, Jehofa, le go tlhalosetsa ba bangwe kafa a tla fedisang Satane ka teng mmogo le mathata a batho?
6, 7. (a) Ke mang yo o dirang gore baobamedi ba boammaaruri ba bogisiwe? (b) Re ka etsa sekao sa ga Elihu wa bogologolo jang?
6 Satane ke ene a bakang matlhotlhapelo a mantsi a lefatshe mmogo le kganetso e batho ba Modimo ba lebanang le yone. O ikemiseditse go re leka. Jesu Keresete o ne a raya moaposetoloi Petere a re: “Simone, Simone, bona! Satane o lo batlile ka kgang gore a lo fefere jaaka korong.” (Luke 22:31) Ka tsela e e tshwanang, mongwe le mongwe wa rona yo o latelang dikgato tsa ga Jesu o tla lekwa ka tsela nngwe. Petere o ne a tshwantsha Diabolo le “tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” Mme Paulo o ne a re: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.”—1 Pet. 5:8; 2 Tim. 3:12.
7 Re ka bontsha jang gore re nna re gopotse gore mmaba wa mmatota ke mang fa modumedi ka rona a welwa ke masetlapelo? Mo boemong jwa go katogela kgakala le mokaulengwe wa rona yo o wetsweng ke masetlapelo, re dira jaaka Elihu wa motlha wa bogologolo, yo o neng a bua le Jobe jaaka tsala ya mmatota. Re ema mokaulengwe wa rona nokeng fa a ntse a lwantsha mmaba wa rona rotlhe, Satane. (Dia. 3:27; 1 Bathes. 5:25) Boikaelelo jwa rona ke go thusa motlhanka ka rona gore a nne a bolokile bothokgami, go sa kgathalesege gore o diragalelwa ke eng, mme ka jalo a ipedise pelo ya ga Jehofa.
8. Ke ka ntlha yang fa Satane a sa kgona go thibela Jobe gore a se ka a tswelela a tlotla Jehofa?
8 Selo sa ntlha se Satane a neng a dira gore se latlhegele Jobe ke leruo la gagwe. Diruiwa tseo di ne di le botlhokwa, gongwe e le tsone tse a itshedisang ka tsone. Mme gape Jobe o ne a di dirisa mo kobamelong. Fa Jobe a sena go itshepisa bana ba gagwe, “o ne a tsoga go sa le phakela a bo a isa ditlhabelo tse di fisiwang go ya ka palo ya bone botlhe; gonne Jobe o ne a re, ‘gongwe bomorwaake ba leofile le go tlhapatsa Modimo mo pelong ya bone.’ Eo ke tsela e Jobe a neng a dira ka yone ka metlha.” (Jobe 1:4, 5) Ka jalo, Jobe o ne a isetsa Jehofa ditlhabelo tsa diphologolo ka metlha. Fa diteko di sena go simologa, o ne a sa tlhole a kgona go dira jalo. Jobe o ne a se na ‘dilo tse di tlhwatlhwakgolo’ tse a neng a ka tlotla Jehofa ka tsone. (Dia. 3:9) Mme o ne a ka kgona go tlotla Jehofa ka dipounama tsa gagwe, e bile o ne a dira fela jalo!
Nna le Kamano e e Gaufi le Jehofa
9. Ke eng sa botlhokwatlhokwa se re nang le sone?
9 Le fa re ka tswa re humile kgotsa re humanegile, re le basha kgotsa re godile, re tsogile sentle kgotsa re lwala, re ka kgona go nna le kamano e e gaufi le Jehofa. Go sa kgathalesege gore re lebana le diteko dife, fa re na le kamano e e gaufi le Modimo re tla kgona go tswelela re bolokile bothokgami le go ipedisa pelo ya ga Jehofa. Tota le batho bangwe ba ba neng ba se na kitso e e kalo ka boammaaruri ba ne ba nna pelokgale mme ba tswelela ba bolokile bothokgami.
10, 11. (a) Mongwe wa bokgaitsadi ba rona o ne a dira jang fa bothokgami jwa gagwe bo ne bo lekwa? (b) Kgaitsadi yono o ne a naya Satane karabo efe e e maatla?
10 Akanya ka sekai sa ga Kgaitsadi Valentina Garnovskaya, mongwe wa Basupi ba bantsi kwa Russia ba ba neng ba boloka bothokgami le fa ba lekwa botlhoko fela jaaka Jobe yo o ikanyegang. Ka 1945, fa a ne a na le dingwaga di ka nna 20, mokaulengwe mongwe o ne a mo rerela. Mokaulengwe yoo o ne a boa gape gabedi a tla go tlotla le ene ka Baebele, mme Valentina a se ka a tlhola a mmona gape. Le fa go ntse jalo, Valentina o ne a simolola go rerela baagelani ba gagwe. Seo se ne sa dira gore a tshwarwe a bo a atlholelwe dingwaga di le robedi mo kampeng. Ka 1953 o ne a gololwa mme a simolola tiro ya gagwe ya go rera gone fela foo. O ne a boa a tshwarwa gape a tsenngwa mo kgolegelong—jaanong e le ka dingwaga di le lesome. Fa a sena go nna dingwaga di le mmalwa mo kampeng nngwe o ne a fudusediwa kwa go e nngwe. Mo kampeng eno go ne go na le bokgaitsadi bangwe ba ba neng ba na le Baebele. Letsatsi lengwe kgaitsadi mongwe o ne a bontsha Valentina Baebele eo. A bo a ne a itumela jang ne! Akanya fela, Valentina o ne a sa le a feleditse go bona Baebele, e le la ntlha a e bona, e tshotswe ke mokaulengwe yo o neng a mo rerela ka 1945!
11 Ka 1967, Valentina o ne a gololwa mme kgabagare a kgona go tshwantshetsa boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing. O ne a dirisa kgololesego ya gagwe go dira ka tlhoafalo mo bodireding go fitlha ka 1969. Le fa go ntse jalo, ka one ngwaga oo o ne a tshwarwa gape, mme jaanong a atlholelwa dingwaga di le tharo mo kgolegelong. Mme Valentina o ne a tswelela pele ka go rera. Pele a tlhokafala ka 2001, o ne a thusitse batho ba le 44 go ithuta boammaaruri. O ne a ntse dingwaga di le 21 mo dikgolegelong le mo dikampeng. O ne a ile a iketleeletsa go latlhegelwa ke sengwe le sengwe, go akaretsa kgololesego ya gagwe, gore a nne a bolokile bothokgami. Mo malatsing a ga Valentina a bofelo pele a tlhokafala, o ne a re: “Ga ke ise ke tsamaye ke nne le ntlo e e leng ya me. Dithoto tsa me tsotlhe di ne di le mo potomenteng e le nngwe fela, mme ke ne ke itumetse e bile ke kgotsofetse gore ke direla Jehofa.” A bo Valentina a ile a naya Satane karabo e e maatla jang ne, ene yo o neng a bolela gore batho ba ka se tswelele ba ikanyega mo Modimong fa ba lekwa! (Jobe 1:9-11) Re ka tlhomamisega gore o ne a ipedisa pelo ya ga Jehofa le gore o lebile pele ka tlhoafalo kwa nakong e a tla bong a tsosa Valentina ka yone le ba bangwe botlhe ba ba suleng ba ikanyega gore ba boe ba tshele gape.—Jobe 14:15.
12. Lorato lo na le seabe sefe mo kamanong ya rona le Jehofa?
12 Re nna ditsala tsa ga Jehofa ka gonne re mo rata. Re rata dinonofo tsa Modimo e bile re dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang gore re tshele tumalanong le maikaelelo a gagwe. Le fa Diabolo a re re direla Jehofa ka mabaka a boithati, seo ga se boammaaruri ka gonne re rata Jehofa go tswa pelong mme re sa lebelela sepe. Lorato lono lo lo tswang pelong lo re nonotsha gore re nne re bolokile bothokgami le fa re lekwa. Mme Jehofa ene “o tla disa tsela ya batho ba gagwe ba ba ikanyegang.”—Dia. 2:8; Pes. 97:10.
13. Jehofa o leba jang se re se mo direlang?
13 Lorato lo re tlhotlheletsa go tlotla leina la ga Jehofa, le fa re ka tswa re ikutlwa re sa kgone go dira go le gontsi. O bona maitlhomo a rona a a molemo mme ga a re bone molato fa re sa kgone go dira sotlhe se re ka ratang go se dira. Selo sa botlhokwa ga se fela gore re dira eng mme gape ke gore re se dira ka lebaka lefe. Le fa Jobe a ne a utlwile botlhoko thata e bile a itshoketse dilo tse dintsi, o ne a bolelela batho ba ba neng ba mo latofatsa gore o rata Jehofa le ditsela tsa gagwe. (Bala Jobe 10:12; 28:28.) Mo kgaolong ya bofelo ya buka ya ga Jobe, Modimo o ne a bolela gore o galefetse Elifase, Biledade le Sofare ka gonne ba ne ba sa bua boammaaruri. Mme gape Jehofa o ne a bontsha gore o amogela Jobe ka go mmitsa “motlhanka wa me” makgetlho a le manè le ka go mo laela gore a rapelele bagomotsi ba maaka. (Jobe 42:7-9) E kete le rona re ka itshwara ka tsela e e tla dirang gore Jehofa a re amogele.
Jehofa o Thusa Batlhanka ba Gagwe ba ba Ikanyegang
14. Jehofa o ne a thusa Jobe jang gore a baakanye tsela e a akanyang ka yone?
14 Jobe o ne a boloka bothokgami le fa a ne a sa itekanela. Ka dinako tse dingwe, fa a gateletswe thata, o ne a sa lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng. Ka sekai, o ne a raya Jehofa a re: “Ke goela kwa go wena ke kopa thuso, mme ga o nkarabe . . . O nna o ntlhoile ka thata yotlhe ya seatla sa gago.” Mo godimo ga moo, Jobe o ne a tsaya go le botlhokwa mo go feteletseng gore a ipuelele fa a ne a re: “Ga ke na molato,” e bile ‘ga go na thubakanyo mo diatleng tsa me, le thapelo ya me e itshekile.’ (Jobe 10:7; 16:17; 30:20, 21) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a thusa Jobe ka bopelonomi ka go mo tlhoma dipotso di le mmalwa tse di neng di dira gore a tlogele go ikakanyetsa a le esi. Gape dipotso tseo di ne tsa dira gore Jobe a kgone go bona sentle gore Modimo ke ene yo mogolo le gore motho ga se sepe fa a bapisiwa le ene. Jobe o ne a amogela kgakololo mme a baakanya tsela e a akanyang ka yone.—Bala Jobe 40:8; 42:2, 6.
15, 16. Jehofa o thusa batlhanka ba gagwe ka ditsela dife gompieno?
15 Gape Jehofa o naya batlhanka ba gagwe gompieno kaelo ka bopelonomi a sa potapote. Mo godimo ga moo, re solegelwa molemo ka ditsela tse di botlhokwa. Ka sekai, Jesu Keresete o ne a ntsha setlhabelo sa thekololo mme ka go rialo a dira gore re kgone go itshwarelwa maleo. Ka ntlha ya setlhabelo seo, re ka nna le kamano e e gaufi le Modimo le fa re sa itekanela. (Jak. 4:8; 1 Joh. 2:1) Fa re lebane le diteko, re rapelela le gore moya o o boitshepo wa Modimo o re thuse le go re nonotsha. Mo godimo ga moo, re na le Baebele e e feletseng, mme fa re e bala re bo re tlhatlhanya ka se se mo go yone, re ipaakanyetsa diteko tsa tumelo. Go ithuta go re thusa go tlhaloganya kgang ya bolaodi jwa lobopo lotlhe le ya bothokgami jwa motho mongwe le mongwe.
16 Mo godimo ga moo, re solegelwa molemo thata ke go nna karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa batho ba Jehofa a ba tlamelang ka dijo tsa semoya a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45-47) Mo diphuthegong tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa tse di ka nnang 100 000, go tshwarwa dipokano tse di re nayang tao le go re nonotsha gore re kgone go lebana le diteko tsa tumelo tse di ka nnang tsa re wela. Sekai sa seo ke se se diragaletseng Sheila, Mosupi mongwe yo mmotlana yo o nnang kwa Jeremane.
17. Bontsha kafa go leng botlhale ka teng go latela ka kelotlhoko tao ya phuthego ya ga Jehofa gompieno.
17 Letsatsi lengwe fa Sheila a le kwa sekolong, morutabana wa mophato wa gagwe o ne a ba tlogela ka nakwana. Baithuti ka ene ba ne ba simolola go dirisa lomati lwa Ouija [lomati lo lo amanang le bodimona lo lo dirisediwang go bonela dilo pele]. Gone fela foo Sheila o ne a tswa mo phaposing eo ya borutelo, mme se a neng a se utlwa moragonyana se ne sa dira gore a itumelele go bo a ile a tswa. Fa baithuti ba ntse ba dirisa lomati lwa Ouija, bangwe ba bone ba ne ba utlwa gore madimona a teng, mme ba tswa ba sia ba tshogile. Mme ke eng se se neng se thusitse Sheila go dira tshwetso ya gore a tswe mo phaposing ka bonako jalo? Sheila o tlhalosa jaana: “Pelenyana fela ga tiragalo eno, re ne re tlotlile ka dikotsi tsa dimati tsa Ouija kwa pokanong nngwe kwa Holong ya Bogosi. Ka jalo ke ne ke itse se ke tshwanetseng go se dira. Ke ne ke batla go ipedisa Jehofa, fela jaaka Baebele e bolela mo go Diane 27:11.” Ruri Sheila o dirile sentle tota ka go nna teng kwa pokanong eo le go reetsa thulaganyo ka kelotlhoko!
18. Wena o ikemiseditse go dira eng?
18 A mongwe le mongwe wa rona a ititeye sehuba gore o tla nna a latela tao e re e newang ke phuthego ya Modimo. Re ka bona kaelo e re e tlhokang le kgothatso fa re nna teng ka metlha mo dipokanong, re bala Baebele, re ithuta dikgatiso tse di theilweng mo go yone, re rapela, e bile re kopanela le Bakeresete ba ba godileng semoyeng. Jehofa o batla gore re ikanyege, e bile o tlhomamisegile gore re tla tswelela pele re ikanyega. A bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go baka leina la ga Jehofa, go boloka bothokgami le go ipedisa pelo ya gagwe!
A o A Gakologelwa?
• Satane o baka maemo afe le diteko?
• Sengwe sa botlhokwatlhokwa se re nang le sone ke eng?
• Ke eng se se dirang gore re nne le kamano e e gaufi le Jehofa?
• Dingwe tsa ditsela tse Jehofa a re thusang ka tsone gompieno ke dife?
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
A o ikutlwa o tlhotlheletsega go naya ba bangwe kitso ya botlhokwa e o nang le yone?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Re ka thusa baobamedi ka rona gore ba boloke bothokgami
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Valentina o ne a iketleeditse go latlhegelwa ke sengwe le sengwe gore a nne a bolokile bothokgami