Pina 134
Ipone ka Nako ya fa Dilo Tsotlhe di Tla Bo di Le Disha
1. A re lekeng go ipona,
Re tshela mo lefatsheng le lesha.
Rotlhe re le mo monateng,
Go rena kagiso e kgolo.
Go se ope yo’o boikepo;
Puso ya Modimo e busa.
Ka nako eo ’fatshe le fetogile,
Re tla opela ka boipelo mme re re:
(KHORASE)
“Jehofa Mmopi, re’a go leboga!
Morwao o dirile tsotlhe disha.
Re tla go’opelela ka dipelo tsotlhe;
Kgalalelo, tlotlo le pako ke tsa ’go.”
2. A re lekeng go ipona,
Rotlhe re le mo ’fatsheng le lesha.
Go se sepe se se maswe
Se re se bonang le go se’utlwa.
Dilo tsotlhe di le disha;
Fela jaaka’a solofeditse.
A tsosa botlhe ba ba mo mabitleng;
Ba baka Jah le rona ka boitumelo:
(KHORASE)
“Jehofa Mmopi, re’a go leboga!
Morwao o dirile tsotlhe disha.
Re tla go’opelela ka dipelo tsotlhe;
Kgalalelo, tlotlo le pako ke tsa ’go.”
(Bona le Pes. 37:10, 11; Isa. 65:17; Joh. 5:28; 2 Pet. 3:13.)