LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • sn pina 13
  • Thapelo ya go Leboga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thapelo ya go Leboga
  • Opelelang Jehofa
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thapelo ya go Leboga
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • Jehofa o Simolola go Busa
    Opelelang Jehofa
  • Jehofa o Simolola go Busa
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • Modimo yo Mogolo, Jehofa
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Opelelang Jehofa
sn pina 13

Pina 13

Thapelo ya go Leboga

E e Gatisitsweng

(Pesalema 95:2)

1. Jehofa o tshwanelwa ke pako,

Re go baka ka mantswe a rona.

Re ya go Jah, Moutlwi wa thapelo,

Re’ipaya mo tlhokomelong ya ’go.

Re go leofela ka nako tsotlhe;

Re kopa tshwarelo Mong wa rona.

Madi a Morwao a re golotse.

Re kopa gore o re thapise.

2. Go lesego ba o ba laletsang,

Mo ntlong ya gago gore’o ba rute.

’Foko la ’go le a re kaela.

Re batla go nna re go direla.

Wena Jehofa yo’o maatla otlhe,

Batho ba gago ba pelokgale.

Re galaletsa Bogosi jwa ’go.

Bo tla re busa ka bosakhutleng.

3. Re kopa o re neye boipelo;

Batho botlhe ba go obamele.

Puso ya ’go e molemo ruri,

E tla tlosa khutsafalo yotlhe.

Morwao o tla tlosa boikepo;

Go rene boipelo fatsheng lotlhe.

A re mmakeng rotlhe ka boipelo:

“Go bakwe Jah, Kgosi’e galalelang!”

(Bona le Pes. 65:2, 4, 11; Bafil. 4:6.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela