Pina 119
Tla! O Lapolosiwe
1. Lefatshe la rona le mo lefifing;
Mme ga le itse Modimo.
Re tlhoka go kaelwa ke Jah ka metlha;
Gore re tle re atlege.
Dipokano di a re lapolosa;
Di aga tumelo’a rona.
Dire kgothatsa go dira molemo,
Di nna di re matlafatsa.
Re tla tswelela re ikobela Jah;
Re dira thato ya gagwe.
Dipokano di re thusa semoyeng;
Di tsosa ’rato lwa rona.
2. Jehofa o itse se re se tlhokang;
Ka jalo a re mo reetseng.
Fa re nna teng mo dipokanong tsotlhe,
Re bontsha go mo ikanya.
Fa banna ba ba tshabang Jah ba ruta,
Ba re aga mo tumelong.
Fa re tshegediwa ke bakaulengwe,
Re nna re le seopose ngwe.
Fa re ntse re letile Paradaise,
Go bona ba re ba ratang.
Dipokano di re ruta go tshela
Ka botlhale jwa Modimo.
(Bona le Pes. 37:18; 140:1; Dia. 18:1; Baef. 5:16; Jak. 3:17.)