Pina 76
Jehofa, Modimo wa Kagiso
E e Gatisitsweng
1. Jehofa’o lorato,
Modimo wa kagiso.
Re neye kagiso’a gago,
Mme re gole semoyeng.
Re batla’o re kaele;
Ka gonne re’a go’ikanya.
Re kopa kagiso’a gago
Re nne re itumetse.
2. ’Fatshe le lekile.
Ga le bone kagiso.
Mme batho botlhe ba gago,
Ba tshela ka kagiso.
Re itse thato’a ’go
Mme re dira molemo,
Re kopa thuso ya gago
O re neye kagiso.
3. Moya o’o boitshepo
O re naya lesedi.
Wa re kaela, wa re thusa
Mo lefifing la ’fatshe.
Fela jaaka monyo
Kagiso’a lapolosa,
E dibela pelo’a rona
Gore e bolokege.
(Bona le Pes. 4:8; Bafil. 4:6, 7; 1 Bathes. 5:23.)