Pina 34
Go Tshelela Leina la Rona
E e Gatisitsweng
1. Mothatayotlhe, Modimo wa rona,
O tshiamiso mme o lorato.
Mmopi yo’o maatla le yo o botlhale,
Ke wena Mmusi wa ’bopo lotlhe.
Batho ba gago ba tla go direla;
Ba itsise botlhe ka Bogosi.
(KHORASE)
Go nna Basupi ke tshiamelo’e kgolo.
Re tla tshelela leina la rona!
2. Fa re go baka mmogo ka kutlwano,
Go rena kagiso le lorato.
Re ruta batho gore ba go bake.
Ba galaletse leina la gago.
Fa batho ba itse leina la gago,
Ba tla go baka ka bosakhutleng.
(KHORASE)
Go nna Basupi ke tshiamelo’e kgolo.
Re tla tshelela leina la rona!
(Bona le Dute. 32:4; Pes. 43:3; Dan. 2:20, 21.)