Pina 107
Tlang mo Thabeng ya ga Jehofa
1. Lebang, mme lo bone,
Bonang thaba’a Jehofa.
Ruri e tsholeditswe
Mo motlheng wa rona.
Batho, ba tswa gotlhe,
’Khutlong tse nnè tsa ’fatshe
Ba ntse ba goa ba re,
‘Tlang lo direle Jah.’
Nako e fitlhile
Gore ’tšhaba seno se gole.
Fa re ntse re gola,
Jah o ntse a re segofatsa.
Batho ba tla go Jah,
Ba rata puso ya ’gwe.
Ba tla mo direla,
Ba nne ba ikanyega.
2. Jesu o laetse Tsamayang,
rerang ’foko.
’Kgang tseno tsa Bogosi
Di rerelwa botlhe.
Kresete wa busa
A re re mo lateleng.
Botlhe ba ba bonolo
Ba’utlwa ’foko la ’gwe.
Ruri re’a ipela
Fa re bona boidiidi jono!
Re na le seabe,
Sa go ba ruta ka Jehofa.
A re ba rereleng,
Gore botlhe ba utlwe
‘Tlang mo thabeng ya ga Jah,
Mme nnelang ruri teng.’
(Bona le Pes. 43:3; 99:9; Isa. 60:22; Dit. 16:5.)