Pina 10
“Ke Fano! Roma Nna”
1. Batho ba sotla Modimo,
Ba roga ’ina la gagwe.
Ba re Modimo’o setlhogo.
Dieleele tsa re Jah ga’a yo.
Ke mang yo tla mmuele lang?
A bake ’ina la Gagwe.
“Morena ke fano nthome!
Go ya go go buelela.
(KHORASE)
Ruri ke tla i pelela seo.
Ke fano roma nna Jah.”
2. Bangwe ba re Jah o bonya;
Ga ba boife Modimo.
Ba obamela ditshwantsho;
Batlotla kgosi tsa ’fatshe.
Ke mang yo tla ba tlhagisang
Ka ntwa’a Haramagedona?
“Morena ke fano nthome!
Ke tla bua ke sa tshabe.
(KHORASE)
Ruri ke tla i pelela seo.
Ke fano roma nna Jah.”
3. Ba ba molemo baa lela
Gonne boikepo bo’a ata.
Ba rapela Jah ka metlha
Gore a tle’a ba golole.
Ke mang yo tla ba gomotsang?
Gore ba lete kgololo.
“Morena ke fano nthome!
Ke tla ba ruta boitshoko.
(KHORASE)
Ruri ke tla i pelela seo.
Ke fano roma nna Jah.”
(Bona le Pes. 10:4; Esek. 9:4.)