-
Go Diragetse Eng ka Yone?Tora ya Tebelo—2003 | July 1
-
-
Go Diragetse Eng ka Yone?
NOFE le No ke maina a Baebele a metsemegolo ya Egepeto e e kileng ya bo e tumile ya Memphis le Thebes. Nofe (Memphis) e ne e le dikilometara di ka nna 23 go ya kwa borwa jwa Cairo, kafa ntlheng ya bophirima jwa Noka ya Nile. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, Memphis e ne ya se ka ya tlhola e tsewa e le motsemogolo wa Egepeto. Mo tshimologong ya lekgolo la bo15 la dingwaga B.C.E., Egepeto e ne e na le motsemogolo o mosha e leng No (Thebes) o o neng o le dikilometara di ka nna 500 go tswa kafa borwa jwa Memphis. Gare ga matlotla a le mantsi a tempele ya kwa Thebes go na le matlotla a Karnak, e go tsewang gore ke kago e kgolo go gaisa tsotlhe e e kileng ya agiwa ka dipilara. Thebes le tempele ya yone ya Karnak di ne di dirisetswa kobamelo ya ga Amone, modimo o mogolo wa Baegepeto.
Ke eng se boporofeti jwa Baebele bo neng jwa se bolelela pele ka Memphis le Thebes? Go ne ga bolelelwa pele katlholo e e neng e tla tlela Faro wa Egepeto le medimo ya gagwe, segolobogolo modimo wa gagwe o mogolo e leng “Amone yo o tswang kwa No.” (Jeremia 46:25, 26) Boidiidi jwa baobamedi ba ba neng ba thologela koo ba ne ba tla ‘fedisiwa.’ (Esekiele 30:14, 15) Mme go ile ga nna fela jalo. Se se setseng fela sa kobamelo ya ga Amone ke matlotla a tempele. Toropo ya segompieno ya Luxor e eme mo go lengwe la mafelo a Thebes ya bogologolo e neng e eme mo go lone, mme go na le metsana e mengwe mo gare ga matlotla a teng.
Mme kwa Memphis, ga go a sala sepe fa e se mabitla a yone fela. Mokanoki wa Baebele e bong Louis Golding a re: “Ka makgolokgolo a dingwaga Baarabia ba ba neng ba thopa Egepeto ba ne ba dirisa matlotla a magolo a Memphis jaaka lefelo le ba neng ba epa maje a go aga motsemogolo wa bone [Cairo] kafa ntlheng e nngwe ya noka. Tsela e metsi a noka ya Nile a ileng a epa ka yone le e baagi ba Baaraba ba neng ba epa ka yone e dirilwe ka botlalo mo e leng gore ga go na le fa e le leje le le lengwe le le bonalang mo mmung o montsho o o ikadileng sekgala sa dikilometara di le dintsi mo tikologong ya motse oo wa bogologolo.” Ee, jaaka go boleletswe pele mo Baebeleng, Memphis e ne ya nna “selo fela sa go akabalelwa . . . a se na monni.” (Jeremia 46:19)
Tseno ke dikai tse pedi fela tse di bontshang kafa boporofeti jwa Baebele bo leng boammaaruri ka teng. Go senngwa ga Thebes le Memphis go dira gore re nne le lebaka le le utlwalang la go ikanya boporofeti jwa Baebele jo bo iseng bo diragadiwe.—Pesalema 37:10, 11, 29; Luke 23:43; Tshenolo 21:3-5.
-
-
A o Ka Rata go Etelwa?Tora ya Tebelo—2003 | July 1
-
-
A o Ka Rata go Etelwa?
Le e leng mo lefatsheng leno le le tletseng matshwenyego, o ka kgona go itumela ka go bona kitso e e tlhomameng go tswa mo Baebeleng ka ga Modimo, Bogosi jwa gagwe le boikaelelo jwa gagwe jo bo molemo jo a nang najo ka batho. Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala, o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Basupi ba ga Jehofa, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 2.
-