LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 9/15 ts. 22-27
  • ‘Ba Tla Itse Fa Ke Le Jehofa’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ba Tla Itse Fa Ke Le Jehofa’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipolelelopele Tseo Di Leng Kgatlhanong le Ba Bangwe
  • Tiro ya Molebedi
  • “Modisa A Le Moñwe Hèla” wa ga Jehofa
  • “Tshimo ea Edena”!
  • Go Tsosolosiwa ga Kutlwano
  • Goga O A Tlhasela!
  • Bonang Lefelo Le Le Boitshepo la ga Jehofa!
  • Mme Ba Tla Itse!
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—II
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Buka ya Bibela ya bo 26—Esekiele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Reetsa—Molebedi wa ga Jehofa O A Bua!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 9/15 ts. 22-27

‘Ba Tla Itse Fa Ke Le Jehofa’

“Ga nketla ke tlhōla ke leseletsa leina ya me ye le boitshèpō go tlhapadiwa: me merahe e tla itse ha ke le Yehofa.”—ESEKIELE 39:7.

1, 2. Re itse jang gore Jehofa ga a na go leseletsa go tlhapadiwa ga leina la gagwe le le boitshepo ka bosakhutleng?

LEINA la ga Jehofa le le boitshepo le ne la tlhapadiwa ke Baiseraele ba bogologolo. Seno se phepafadiwa ke lokwalo lwa Esekiele. Mme batho ba La-Bodumedi le bone ba tlhapatsa leina la Modimo yo ba ipolelang fa ba mo obamela.

2 A Molaodi wa Lobopo o tla leseletsa go tlhapadiwa ga leina la gagwe ka bosakhutleng? Nnyaa, ka gonne o boletse jaana: “Ga nketla ke tlhōla ke leseletsa leina ya me ye le boitshèpō go tlhapadiwa: me merahe e tla itse ha ke le Yehofa.” (Esekiele 39:7; boñ a le Esekiele 38:23.) Seno se tla raya eng? Mme ke dithuto dife tseo di ka ithutiwang mo dikgaolong tsa moragonyana mo lokwalong lwa Esekiele?

Dipolelelopele Tseo Di Leng Kgatlhanong le Ba Bangwe

3. (a) Merafe e mene e ne ã itshwara jang fa Juda a ne a boga? (b) “Kgosi ya Ture e ne ya tlosiwa mo bogosing ka baka la boikutlo bofe, mme sena se tshwanetse go re ama jang?

3 Morago ga go senngwa ga Jerusalema, Amona o ne a pegwa molato wa go itumelela go boga ga Juda, mme Moaba go nna le boikutlo jwa go nyatsa Juda. Edoma o ne a latofalediwa bopeloetlhoi, mme moya wa go ipusolosetsa wa Bafi-lisitia o ne o tla lere “dikgalemō tse di shakgetseñ” tsa Modimo. (Esekiele 25:1-17; Diane 24:17, 18) Ka go bo o ne o itumelela go bo Jerusalema e le mo matlhotlhapelong, motse wa Ture o ne o tla gapiwa ke Nebukadenesare, kana Nebukaderesare (mopeleto o o gaufi le wa Bababelona). (Esekiele 26:1-21) O ne a tshwana le sekepe seo go neng go tlhomamisega gore se ya go nwela. (Esekiele 27:1-36) “Kgosi” ya Ture (seo go bonalang e ne e le tlhatlhamano ya babusi ba gagwe) o ne a tlosiwa ka baka la go nna le boikutlo jwa boikgodiso fela jaaka Satane. (Esekiele 28:1-26) Eleruri, he, re tshwanetse go tila go leofa ka go ikgodisa mo go ka nnang ga re dira gore re tlhapatse lei na la ga Jehofa.—Pesalema 138:6; Diane 21:4.

4. Faro le Egepeto ba ne ba tla diragalelwa ke eng?

4 Esekiele o ne a bolelela pele gore Egepeto o ne a tla nna a kgakgabetse ka dingwaga di le 40. Khumo ya gagwe e ne e tla nna tuelo go Nebukadenesare ka go bo a ne a dirisa masole a gagwe mo go diragatseng katlholo ya ga Jehofa mo Ture. (Esekiele 29:1-21) Fa Modimo o ne o tlhomamisa gore Baegepeto ba phatlaladiwe, ‘ba ne ba tla itse fa e le Jehofa.’ (Esekiele 30:1-26) A tshwantshetsa Egepeto, Faro yo o boikgodiso o ne a tshwantshanngwa le setlhare se se kwa godimo sa mosedara seo se neng se tla rengwa. (Esekiele 31:1-18) Kwa bokhutlong, Esekiele o ne a tlhabeletsa dipina tsa khutsafalo kaga Faro le go fologela ga Egepeto mo Bobipong.—Esekiele 32:1-32.

Tiro ya Molebedi

5. (a) Modimo o amogela molebedi wa semoya tlase ga mabaka afe fela? (b) Go rayang go “sepela mo ditaoii tsa botshelō”?

5 Esekiele o ne a gakololwa tiro ya gagwe jaaka molebedi. (Esekiele 33:1-7) Legale, Modimo o amogela molebedi wa semoya fela fa a dira tiro ya gagwe a bile a tlhagisa baikepi. (Bala Esekiele 33:8, 9.) Fela jaaka Esekiele, he, ba setlhopha sa “molebedi” ba ba tloditsweng ba bolela ditlhagiso tsa bomodimo ka bopelokgale. Ereka Modimo o sa ipelele go swa ga baikepi, ga a kitla a ba atlholela boitsholo jwa bone jwa nako e e fetileng fa ba utlwa ditlhagiso ba bile ba “sepela mo ditaoñ tsa botshelō.” Mo motlheng wa ga Esekiele, go sepela mo ditaong tseo go ne go raya go boloka Molao, mme jaanong go raya go amogela setlhabelo sa ga Keresete le go nna molatedi wa gagwe. (1 Petere 2:21) Ga go na go tlhoka tekatekanyo gope kaga tsela eo Modimo a otlhayang kana a duelang batho ka yone, gape go falola “sepitla se segolo” go ikaegile ka go utlwa ditao tsa gagwe.—Esekiele 33:10-20; Mathaio 24:21.

6. Gompieno, batho ba le bantsi ba tshwana jang le batshwarwa ba Bajuda ba motlha wa ga Esekiele?

6 Fa ngwaga wa 607 B.C.E. o ne o tloga o fela, motshabi mongwe o ne a bega go senngwa ga Jerusalema, mme Esekiele o ne a bolela molaetsa wa ga Jehofa gape. (Esekiele 33:21-29) Batshwarwa ba ne ba itshwara jang? (Bala Esekiele 33:30-33.) Gompieno, batho ba le bantsi ba tshwana le batshwarwa ba Bajuda bao Esekiele e neng e le moopedi ‘wa pina e e monate ya lorato’ mo go bone. Fa batlodiwa le balekane ba bone ba tsamaya ka ntlo le ntlo, batho bano ba itumelela go utlwa molaetsa ono wa Bogosi mme ga ba o amogele. Mo go bone, o tshwana le pina e e monate ya lorato, mme ga ba ineele go Jehofa, ka jalo ga ba na go falola “sepitla se segolo.”

“Modisa A Le Moñwe Hèla” wa ga Jehofa

7. Ke ditiro dife tsa ga Jehofa tsa motlha wa rona tseo di tshwanang le go dirisana ga gagwe le dinku tsa gagwe mo motlheng wa ga Esekiele?

7 Mo molaetseng wa gagwe go Esekiele morago ga go wa ga Jerusalema, Jehofa o ne a atlhola batlhapatsi ba leina la Gagwe le le boitshepo, “badisa ba Iseraela” bao ba neng ba busa. Abo mafoko ao a tshwanela babusi ba La-Bodumedi jang ne! (Bala Esekiele 34:1-6.) Ka go se tshwane le Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete, babusi ba La-Bodumedi ba sepolotiki ba ikhumisa ka dilo tse di bonalang tseo ba di tsayang mo ‘dinkung.’ (Yohane 10:9-15) Mme fela jaaka Modimo o ne wa golola dinku tsa gagwe ka go tlosa badisa ba ba pelotshetlha mo pu song fa Juda a ne a swahadiwa, jalo gape o tla golola dinku tsa gagwe ka go amoga babusi ba La-Bodumedi bolaodi jwa bone ka “sepitla se segolo.” (Tshenolō 16:14-16; 19:11-21) Jehofa o [le a bontsha batho ba gagwe ba seka-dinku lorato fa a ne a ba golola kwa Babelona ka 537 B.C.E., fela jaaka a ne a bontsha nonofo eo fa a ne a dirisa Kurose yo Mogolwane, ebong Jesu Keresete, go golola masalela a Iseraela wa semoya mo botshwarong jwa Babelona o Mogolo ka 1919 C.E.—Esekiele 34:7-14.

8. Jehofa o ne a tla dirang fa ‘nku’ nngwe ‘e e nonneng’ e ne e ka gatelela letsomane, mme badisa ba babotlana ba Bakeresete ba tshwanetse go tshwara dinku jang?

8 Modimo o neneketsa dinku tsa gagwe. (Bala Esekiele 34:15, 16.) Fa ‘nku nngwe e e nonneng’ e ne e ka gatelela letsomane la Modimo gompieno, Jehofa o ne a tla mo “hudisa” go kgaolwa jaanong le go nyelediwa ka “sepitla se segolo.” Ka 1914 Jehofa o ne a tlhoma “modisa a le monwe hèla,” ebong Jesu Keresete, go laola masalela a a tloditsweng. Fa esale ka 1935 0 nnile a kaela go phuthwa ga “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele,” bao jaanong ba direlang le ‘dinku tsa bohulo jwa ga Jehofa’ tse di tloditsweng. Fela jaaka Modimo le Keresete, badisa ba babotlana ba Bakeresete ba tshwanetse go neneketsa dinku tseno tsotlhe.—Esekiele 34:17-31; Tshenolō 7:9; Yohane 10:16; Pesalema 23:1-4; Ditihō 20:28-30.

“Tshimo ea Edena”!

9. Ereka Jehofa a ne a ikaeletse gore mafatshe a Juda le Iseraele a boloke sabata, o ne a dira eng?

9 Gape akanya kaga lefatshe leo le neng le swahetse la Juda le la Iseraele. Ereka Modimo o ne wa ikemisetsa gore le boloke Sabata ka go nna le sena baagi ka dingwaga tse 70, o ne a tsaya kgato ya go thibela Edoma le merafe e mengwe go nna mo lefelong leo. (2 Ditihalō 36:19-21; Daniele 9:2) Ebile tota, Edoma le kgaolo ya gagwe e e dithaba ya Seira le ene o ne a kgakgabadiwa, fela jaaka go ne go boleletswe pele, ke go fenngwa ke Bababelona ka 602-601 B.C.E.—Esekiele 35:1–36:5; Yeremia 25:15-26.

10. Go busediwa ga masalela kwa Juda ka 537 B.C.E. go ne go lebisa ditiragalong dife mo motlheng wa rona?

10 Go busediwa ga masalela kwa Juda ka 537 B.C.E. go ne go su pa ditiragalo tse di kgatlhisang tsa motlha wa rona. Ka 1919 “dithaba tsa Iseraela,” kana lefatshe la semoya la basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa, le ne la simolola go nniwa ke masalela a a tsosolositsweng semoyeng. (Esekiele 36:6-15) Modimo o ne wa ba tlhapisa leswe la bodumedi mme wa ba tsenya “moea o mosha” oo o neng wa ba kgonisa go tlhagisa maungo a moya wa gagwe o o boitshepo. (Bagalatia 5:22, 23) Mme e le gore leina la ga Jehofa le seka la tlhapadiwa ke batho ba selefatshe ka go bo a ne a otlhaya batho ba gagwe, o segofaditse masalela fela thata.—Esekiele 36:16-32.

11. Tumalanong le Esekiele 36:33-36, Modimo o dirile eng ka lefatshe la semoya la masalela a a tloditsweng?

11 Morago ga masalela a sena go boela kwa Juda, lefatshe leo le le neng le swahetse le ne la fetolwa go nna “tshimo ea Edena” e e nang le maungo a mantsi. (Bala Esekiele 36:33-36.) Ka mo go tshwanang, fa esale ka 1919 Jehofa o ile a fetola lefatshe leo le kileng la bo le kgakgabetse la masalela a a tloditsweng go nna paradaise ya semoya e e nang le maungo a mantsi, eo jaanong ba nnang mo go yone le ba “boidiidi yo bogolo.” Ereka paradaise eno ya semoya e na le batho ba ba boitshepo, ekete Mokeresete mongwe le mongwe yo o ineetseng o ka berekela go e boloka e le phepa.—Esekiele 36:37, 38.

Go Tsosolosiwa ga Kutlwano

12. Go tsenngwa botshelo ga morafe wa bogologolo wa Bajuda go ne ga tshwantshediwa jang mo go Esekiele 37:1-14, mme sena se ne se na le setshwani sefe sa motlha wa segompieno?

12 Fa ba le kwa botshwarong kwa Babelona, Bajuda ba ne ba tshwana fela le morafe o o suleng, fela jaaka marapo a a mo tshimong. (Esekiele 37:1-4) Mme Esekiele o ne a bona eng morago ga moo? (Bala Esekiele 37:5-10.) Marapo ao a ne a apesiwa mesifa, nama, le letlalo, mme a ne a tshedisiwa ka moya wa botshelo. (Esekiele 37:11-14) Modimo o ne wa tsosa morafe wa Bajuda fa batho ba ba 42 360 ba ditso tsotlhe tsa Iseraele le batho bangwe bao e neng e se Baiseraele ba ba 7 500 ba ne ba dirisa sebaka sa bone go tlatsa Jerusalema ka batho gape, ba aga Jerusalema le tempele ya gagwe sesha, ba bo ba busetsa kobamelo ya boammaaruri mo nagagaeng ya bone. (Esere 1:1-4; 2:64, 65) Ka mo go tshwanang, ka 1918 masalela a Iseraela wa semoya ao a neng a bogisiwa ba ne ba tshwana le marapo ao a a neng a omeletse—ba bolailwe mabapi le tiro ya bone ya go rera phatlalatsa. Mme ka 1919 Jehofa o ne a ba tsosolosa jaaka baboledi ba Bogosi. (Tshenolō 11:7-12) Setshwani sena se tshwanetse go nonotsha tshepo ya rona gore batlodiwa bano le balekane ba bone ba dira phuthego ya selefatshe eo Jehofa a e dirisang gompieno.—Bona 1975 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 87-125.

13. Go tsosolosiwa ga kutlwano ya phuthego ya batho ba ga Jehofa ya bogologolo go ne ga tshwantshiwa jang go Esekiele 37:15-20, mme go ne go na le setshwani sefe sa gone?

13 Go tsosolosiwa ga kutlwano gareng ga phuthego ya batho ba ga Jehofa ba bogologolo go ne ga tshwantshediwa jang? (Bala Esekiele 37:15-20.) Go na le setshwani sa segompieno sa go kopanngwa ga dithobane tse pedi (e nngwe e tshwailwe bogosi jwa ditso tse pedi jwa Juda, e nngwe Iseraele wa ditso tse sorne). Ka Ntwa ya Lefatshe I, banna ba ba boikgodiso ba ne ba leka go senya kutlwano ya bana ba Modimo, mme ka 1919 batlodiwa ba ba ikanyegang ba ne ba kopanngwa tlase ga ga Keresete, “kgosi e le nwe hèla” le “modisa a le monwe hèla” wa bone. Mo godimo ga moo, fela jaaka batho bao e neng e se Baiseraela ba ba fetang 7 500 bao ba neng ba boela kwa Juda, ba “boidiidi yo bogolo” jaanong ba mo kutlwanong le masalela a a tloditsweng. Abo e le boitumelo jang ne go nna mo paradaiseng ya semoya, re direla Jehofa ka kutlwano tlase ga “kgosi e le nwe hèla” ya rona!—Esekiele 37:21-28.

Goga O A Tlhasela!

14. Goga wa Magoga ke mang, mme o tla tsaya kgato efe? (Esekiele 38:1-17)

14 Morago, go ne ga bolelelwa pele tiragalo e e tsosang maikutlo. A solofetse go tlhapatsa leina la Modimo le go senya batho ba Gagwe, Goga wa Magoga o tla tlhasela masalela a Iseraele wa semoya, bao ba emelang “mosadi” wa ga Jehofa kana phuthego ya selegodimo. (Tshenolō 12:1-17) Goga ke “kgōsana ea lehatshe yeno,” ebong Satane Diabolo. O ne a rewa leina leo la Goga morago ga a sena go lelekwa kwa legodimong, fa Bogosi bo sena go tsalwa ka 1914. (Yohane 12:31) “Lehatshe ya Magōga” ke lefelo leo Gaga le badimona ba gagwe ba kganeletsweng mo go lone mo sebakeng sa lefatshe. Morago ga matsholo a e seng a bodumedi a sena go senya La-Bodumedi le dikarolo tsotlhe tsa Babelona o Mogolo, Jehofa o tla lere Goga kgatlhanong le masalela a Iseraela wa semoya ao a lebegang a sena boiphemelo le balekane ba bone ba ba ineetseng.—Esekiele 38:1-17; Tshenolō 17:12-14.

15. Go tla diragala eng fa Goga a tlhasela Basupi ba ga Jehofa?

15 Go tla diragala eng fa Goga a tlhasela Basupi ba ga Jehofa? (Bala Esekiele 38:18-23.) Jehofa o tla falotsa batho ba gagwe! Dibetsa tsa gagwe e tla bo e le dipula tse di tshologang, sefako se sekima, dikgadima tsa molelo, dikgogodi tsa malwetsi a a sa alafesegeng. Ka ba tla bo ba tlhakane tlhogo, masole a ga Goga a tla tlhabana ka ditšhaka. Mme pele ga Modimo o ba nyeletsa, ‘ba tla tshwanelwa ke go itse fa e le Jehofa.’

16. (a) “Lehatshe ya Magōga” le tla diragalelwa ke eng? (b) Re tshwanetse go amiwa jang ke kitso ya rona kaga ditiragalo tseo di boleletsweng pele tse di kopanyeletsang Goga?

16 Fa Satane le badimona ba gagwe ba tsenngwa mo moleteng o o senang bolekeletso, “lehatshe ya Magōga,” eleng lefelo la bone le le kwa tlase mo lefatsheng, le tla bo le nyeleleditswe ruri. (Tshenolō 20:1-3) Didirisiwa tsa ntwa tsa ga Goga di tla bo di le dikgolo mo eleng gore go di nyeletsa go tla tsaya nako e telele. Dinonyane le dibatana di tla ikgorisa ka direpa tse di sa fitlhwang tsa boidiidi jwa ga Goga. Kitso ya sena sotlhe e tshwanetse go re ama jang? Ee, go itse gore tlhaselo ya ga Goga e gaufi le gore Jehofa o tla falotsa batho ba Gagwe go tshwanetse ga oketsa tumelo ya rona mme ga dira gore re itumelele go bo ditiragalo tsa go nna jalo di tla felela ka gore leina la Modimo le le sa bolong go tlhapadiwa le itshepisiwe!—Esekiele 39:1-29.

Bonang Lefelo Le Le Boitshepo la ga Jehofa!

17. (a) Esekiele o ne a newa ponatshegelo efe ka 593 B.C.E.? (b) Go nna gone ga tempele mo ponatshegelong go supa eng?

17 Ka 593 B.C.E., ngwaga wa bo-14 morago ga go senngwa ga tempele ya Jerusalema, Esekiele o ne a bontshiwa ponatshegelo ya lefelo le le boitshepo le lesha la kobamelo ya ga Jehofa. Go ya kafa le neng la lekanngwa ke mokaedi yoo wa moengele wa moperofeti, le ne le le legolo thata. (Esekiele 40:1–48:35) Tempele eno e ne e tshwantshetsa “motlaagana wa amarure, o Morèna [Jehofa] o o tlhomileñ,” mme le ne le na le “malebèla a dilō tse di kwa magodimoñ.” Jesu Keresete o ne a tsena mo Boitshepong jwa Maitshepo jwa lone, eleng “legodimo tōta,” ka 33 C.E. go ya go neela Modimo molemo wa setlhabelo sa gagwe sa thekololo. (Bahebera 8:2; 9:23, 24) Tempele eno e e bonwang mo ponatshegelong e supa gore kobamelo e e itshekileng e tla falola tlhaselo ya ga Goga. Abo seo se gomotsa barati ba leina la Modimo jang ne!

18. Dipopego dingwe tse di kwadilweng tsa tempele ya ponatshegelo ke dife?

18 Tempele eo e ne e na le dipopego tse dintsi. Ka sekai, e ne e na le dikgoro di le thataro mo dipoteng tsa yone tse di ka kwantle le tse di kafa teng. (Esekiele 40:6-35) Matlwana a bojelo a le masome a mararo (ao ka gongwe e neng e le ao batho ba neng ba jela ditshupelo tsa kagiso mo go one) a ne a le mo lolwapeng lo lo kafa ntle. (40:17) Sebeso sa ditshupelo tse di fisiwang se ne se le mo lolwapeng lo lo kafa teng. (43:13-17) Sebeso sa logong, seo ka phepafalo go neng go tshubelwa maswalo mo go sone, se ne se le mo ntlwaneng ya ntlha ya tempele. (41:21, 22) Boitshepo jwa Maitshepo bo ne bo le boleele le bophara jwa mabogo a le masome mabedi, mme lebota leo le neng le ageletse tempele le ne le le boleele jwa ditlhaka tse 500 [dimitara di le 1 600] mo letlhakoreng lengwe le lengwe. Abo e ne e le ntlo e ntle jang ne eo e neng e tletse ka kgalalelo ya Modimo!—Esekiele 41:4; 42:16-20; 43:1-7.

19. Re tshwanetse go amiwa jang ke dinUha tsa tempele le lebaka la go bo ba ba direlang koo ba tshwanetse go fitlhelela ditekanyetso tsa Modimo?

19 Dintlha tse dintsi kaga tempele, ditlhabelo, ditshupelo, le mediro di tshwanetse go gatisetsa mo go rona botlhokwa jwa go latela ditao tse di tswang kwa phuthegong ya Modimo ka kelotlhoko, re lemoga gore go tshwanetswe ga dirwa boiteko bongwe le bongwe jwa go tlotlomatsa Jehofa le kobamelo ya gagwe. (Esekiele 45:13-25; 46:12-20) Bao ba neng ba direla kwa tempeleng ba ne ba tshwanetse go fitlhelela ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Modimo, gape ba ne ba tshwanetse go ruta batho ‘pharologanyo gareng ga dilo tse di boitshepo le dilo tse di tlhapatsang.’ (Esekiele 44:15, 16, 23) Seno se tshwanetse go re kgothaletsa go nna re le boitshepo jaaka batho ba ga Jehofa.—Baefesia 1:3, 4.

20. (a) Ke eng seo se tshwantshediwang ke metsi ao a neng a elela go tswa kwa tempeleng ya ponatshegelo? (b) Metsi ana a tshwantshetso a Ua nna le matswela afe?

20 Go tswa mo tempeleng go ne go elela molatswana o o neng o fodisa, kana o natefisa, metsi a a letswai a Lewatle le le Suleng, mo eleng gore ditlhapi di ne tsa ntsifala mo go one. (Esekiele 47:1-11) Metsi ana a tshwantshetsa paakanyetso ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng, go akareletsa le setlhabelo sa ga Jesu, seo se lekaneng bafalodi ba tlhaselo ya ga Goga le ba bangwe, go akareletsa le bao ba tsositsweng. (Yohane 5:28, 29; 1 Yohane 2:2; Tshenolō 22:1, 2) Lewatle je le Suleng le tshwantshetsa seemo seo setho se ntseng se le mo go sone—eleng go atlholelwa sebe se se ruilweng le loso gammogo le go busiwa ke Satane. Fela jaaka ditlhapi tse dintsi mo metsing a a natefisitsweng a Lewatle je le Suleng, setho seo se rekolotsweng se tla ata mo maemong a a baakantsweng a puso ya Bomesia.

21. Esekiele 47:12 e supa gore batho ba ba kuUo ba Ua ipelela eng mo lefatsheng le lesha?

21 Phodiso gape e amanngwa le ditlhare tseo di golang go bapa le molatswana wa ponatshegelo. (Bala Esekiele 47:12.) Mo lefatsheng le’ lesha, setho seo se kutlo se tla ipelela botsogo jo bo itekanetseng jwa mmele le jwa semoya. Mme go ka tlhoka go nna jalo jang? Makakaba a ditlhare tse di ungwang maungo tsa ponatshegelo a na le dilo tse di tswelelang di fodisa. Abo e le masego jang ne go bao ba itseng ba bile ba direla Jehofa!

Mme Ba Tla Itse!

22. Ke eng seo se supang gore Modimo o tla baya batho fa a Uhophang go ba baya gone mo Paradaiseng?

22 Ka go dirisana mmogo le phuthego ya ga Jehofa jaanong, re ka tlhagolela dinonofo tseo di ka re dirang gore re kgone go dirisana mmogo fa Modimo o baya batho fa o tlhophang go ba baya gone mo Paradaiseng ya selefatshe. Gore batho ba tla bewa ka mokgwa o o ntseng jalo go lemotshiwa ke lebaka la go bo batho ba ne ba abelwa lefatshe ka ditso tsa bone kwa bokone le borwa jwa lefatshe la bolaodi leo le neng la bonwa ke Esekiele mo ponatshegelong. “Seromololō” se se dikarolo di tharo sa lefatshe se ne se akareletsa karolo ya Balefi bao e neng e se baperesiti le karolo ya lefelo la baperesiti leo go neng go le tempele ya ponatshegelo mo go lone. Fa bogareng jwa karolo ya kwa borwa go ne go na le motse oo go neng go na le badiri ba ditso tse di tlhakaneng mo go one o busiwa ke setlhopha sa ‘kgosana’ eleng baemedi ba baperesiti ba ga Mesia mo ‘lefatsheng le lesha.’—Esekiele 47:13–48:34; 2 Petere 3:13; Pesalema 45:16.

23. E le gore re nne karolo ya batho bao ba Ua tshelang mo Paradaiseng, ke eng seo re tshwanetseng go se dira jaanong?

23 Modimo o tla segofatsa motse wa tshwantshetso oo o neng wa bonwa ke Esekiele, a le mo setulong sa bogosi mo lefelong le le boitshepo la gagwe la selegodimo. (Bala Esekiele 48:35.) Lefelo leo la selefatshe la bolaodi le tla bidiwa Jehofa-Shamma, kana “Yehofa o Gōna.” Tswelelang lo bontsha lorato loo lo sa tlhaeleng go Modimo, mme lo tla nna karolo ya setho seo se rekolotsweng seo se tla tshelang mo Paradaiseng, koo go senang motho ope mo lefatsheng yo o tla nnang mo lefifing la semoya mme botlhe ba tla itse gore Jehofa ke Modimo o o osi o o tshedileng le wa boammaaruri teng. (Habakuke 2:14) Tila go patelediwa go amogela leina la Modimo o sa rate fa baikepi ba senngwa. Nna le tumelo, o bontsha gore o lebeletse go nna gareng ga bafalodi fa a tla bo a diragatsa mafoko a a reng: “Merahe e tla itse ha ke le Yehofa.”—Esekiele 36:23.

O ne o ka Reng?

◻ Jehofa o amogela molebedi wa semoya tlase ga maemo afe fela?

◻ Jehofa o tshwara dinku tsa gagwe jang, mme badisa ba Bakeresete ba tshwanetse go dirisana jang le tsone?

◻ Go tsenngwa botshelo ga morafe wa Bajuda go ne ga tshwantshiwa jang? (Esekiele 37:1-14) Setshwani sa segompieno sa sene ke eng?

◻ Goga wa Magoga ke mang, mme go tla diragala eng fa a tlhasela Basupi ba ga Jehofa?

◻ Ke eng seo se tshwantshediwang ke metsi a a elelang go tswa kwa tempeleng ya ponatshegelo?

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 25]

(For fully formatted text, see publication)

Seromolo se se boitshepo le go abelwa lefatshe ga ditso

THE GREAT SEA

ENTERING IN TO HAMATH

DAN

ASHER

NAPHTALI

MANASSEH

EPHRAIM

REUBEN

JUDAH

THE CHIEFTAIN

Holy Contribution

En-Eglaim

BENJAMIN

SIMEON

En-gedi

ISSACHAR

ZEBULUN

Tamar

GAD

Meribath-Kadesh

Salt Sea

Jordañ River

Sea of Galilee

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jehofa o tlhokomela dinku tsa gagwe ka go di neneketsa, fela jaaka badisa ba bagologolo ba ne ba dira. Jalo badisa ba Bakeresete ha tshwanetse go tshwara letsomane la Modimo ka go le neneketsa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela