LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 9/1 ts. 21
  • “Ditšhaba di Tla Itse Gore ke Nna Jehofa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ditšhaba di Tla Itse Gore ke Nna Jehofa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La Go Bo Re Tshwanetse Go Itse Leina La Modimo
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • Tsela ya go Itse Modimo ka Leina
    Tsogang!—2004
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Dirisa Leina la Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Leina la Modimo
    Tsogang!—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 9/1 ts. 21

Atamalana le Modimo

“Ditšhaba di Tla Itse Gore ke Nna Jehofa”

O NE o tla ikutlwa jang fa o ne o ka latofadiwa ka tlolomolao e o neng o sa e dira? Mme go tweng fa e le gore tlolomolao eo e ile ya bakela batho pogo e e seng kana ka sepe, go akaretsa le batho ba bantsi ba ba se nang molato? Ga go pelaelo gore o ne o tla batla go itlhatswa leina! A o itse gore Jehofa le ene o latofadiwa ka tsela e e tshwanang? Ka phoso, batho ba le bantsi gompieno ba latofatsa Modimo ka tshiamololo le pogo tse di mo lefatsheng. A Jehofa o amegile ka go itlhatswa leina? Eleruri o batla go dira jalo! Ela tlhoko se se buiwang mo bukeng ya Esekiele.—Bala Esekiele 39:7.

Jehofa a re: “Ga nkitla ke tlhola ke letla leina la me le le boitshepo gore le itshepololwe.” Fa batho ba mo latofatsa ka tshiamololo, ba itshepolola leina la gagwe. Ba dira seo jang? Gantsi mo Baebeleng, lefoko “leina” le tlhalosa tsela e motho a itsegeng ka yone. Buka nngwe ya ditshupiso ya re leina la Modimo le kaya “se se itsiweng ka ene—tsela e a dirang gore a itsiwe ka yone; gape le emela botumo jwa gagwe le go tseelwa ga gagwe kwa godimo.” Leina la ga Jehofa le akaretsa tsela e a itsegeng ka yone. Ke eng se re se itseng ka ga Jehofa malebana le tshiamololo? O e tlhoile! Gape o tlhomogela batho ba ba direlwang tshiamololo pelo.a (Ekesodo 22:22-24) Fa batho ba re Modimo o ikarabelela ka dilo tse tota a di tlhoileng, ba mo senya leina. Ka jalo ba “tshwara leina la [gagwe] ka go tlhoka tlotlo.”—Pesalema 74:10.

Ela tlhoko gore Jehofa o dirisa polelwana “leina la me le le boitshepo” gabedi. (Temana 7) Mo Baebeleng, leina la ga Jehofa le amanngwa le lefoko “boitshepo” ka makgetlho a mantsi. Lefoko “boitshepo” le kaya kgopolo ya go sa amane gotlhelele le sengwe; gape le kaya bophepa le boitsheko. Leina la ga Jehofa le boitshepo ka gonne Modimo o boitshepo—ga a amane ka gope le boleo le sepe fela se se seng phepa. A jaanong o a lemoga gore ke ka ntlha yang fa batho ba ba latofatsang Jehofa ka boikepo, ba kgoba ‘leina la gagwe le le boitshepo’ ka tsela e e feteletseng?

Boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go itlhatswa leina a dirisa Bogosi jwa gagwe ke sone setlhogo sa konokono sa Baebele. Setlhogo seo se gatelelwa thata mo bukeng ya Esekiele, e gangwe le gape e reng “ditšhaba di tla itse gore ke nna Jehofa.” (Esekiele 36:23; 37:28; 38:23; 39:7) Ela tlhoko gore ditšhaba di ka se itlhophele gore a di tla itse Jehofa kgotsa nnyaa. Go na le moo, di “tla itse.” Ka mafoko a mangwe, Jehofa o ikaeletse go dira sengwe se se tla pateletsang ditšhaba tse di mo lefatsheng gore di lemoge gore ke motho yo o itlhalosang gore ke ene—Jehofa, Morena Molaodimogolo yo leina la gagwe le emelang sotlhe se se boitshepo, se se itshekileng le se se phepa.

Tsholofetso e e boelediwang gantsi ya gore “ditšhaba di tla itse gore ke nna Jehofa,” ke dikgang tse di molemo mo bathong ba ba eletsang go bona tshiamololo le pogo di fela. Go ise go ye kae, Jehofa o tla diragatsa tsholofetso eo a bo a tlosa kgobo yotlhe e e tliseditsweng leina la gagwe. O tla fedisa boikepo le botlhe ba ba bo rotloetsang mme o tla sireletsa ba ba tlotlang leina la gagwe le se le se emelang. (Diane 18:10) A seo ga se go tlhotlheletse gore o ithute kafa o ka atamalanang ka gone le Jehofa, Modimo yo o boitshepo yo e leng “morati wa tshiamiso”?—Pesalema 37:9-11, 28.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka September:

Esekiele 39-48–Daniele 1-3

a Bona setlhogo se se reng “Atamalana le Modimo—Morati wa Tshiamiso” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 1, 2008.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela