LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 8/15 ts. 10-15
  • Go Bula Tsela ya go Boela Gape kwa Paradaiseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bula Tsela ya go Boela Gape kwa Paradaiseng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsholofetso ya ga Jesu ya Paradaise go Sesenyi
  • Thekololo E Bula Tsela
  • Kafa Bogosi Jono Bo Tshwanelang ka Gone
  • Paradaise Eo E Tla Tsosolosiwang Gape ke “Adame oa Moragō”
  • Motlha O O Itumedisang Thata Wa Lefatshe Je Lesha O Fela Kafa
  • Paradaise
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Paradaise E E Tsosolositsweng E Galaletsa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • A Jesu O ne A Solofetsa Modirabosula Botshelo Kwa Legodimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tsholofelo e e Tlhomameng
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 8/15 ts. 10-15

Go Bula Tsela ya go Boela Gape kwa Paradaiseng

“[Jesu] a mo raya a re: ‘Ammaaruri kea go raya gompieno, O tla nna le nna kwa Paradaiseng.’”—LUKE 23:43, “NW.”

1, 2. (a) “Paradaise” e raya eng, mme tshimo ya Edene e tshwanetse ya bo e ne e tshwana le eng? (b) Lefoko la Sehebera le le rayang “tshimo” le ranotswe jang mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete?

LELAPA la motho le simologile mo Paradaiseng. Malebana le go bopiwa ga motho, re bala jaana mo bukeng ya ntlha ya Dikwalo Tse Di Boitshepo: “Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ. Me Yehofa Modimo a baea tshimo kaha ntlheñ ea botlhabatsatsi, mo Edena, me a baea gōna motho eo o mmopileñ.” (Genesise 2:7, 8) Leina “Edena” le raya “Boitumelo,” mme ka jalo tshimo ya Edena e ne e le paraka e kgolo ya boitumelo, e na le dilo tse dintsi tse dintle le tse di farologaneng.

2 Lefoko “paradaise” le tshotswe go tswa mo puong ya Segerika, mme mo puong eo le raya tshimo ya seka paraka. Lefoko la Segerika leo le dirisitsweng go ranola leina la Sehebera gan, leo le rayang “tshimo,” ke pa·raʹdei·sos. Dikwalo tsa go tloga ka Mathaio go fitlha ka Tshenolō di ne di kwadilwe ka puo ya Segerika, mme go ne ga dirisiwa lefoko leno la Segerika fa go ne go begwa dilo tseo Morena Jesu Keresete a neng a di bolela fa a ne a boga ka ntlha ya go atlholelwa loso mo mokgorong wa tlhokofatso kwa Calvary ka Nisane 14 wa ngwaga wa 33 C.E.

Tsholofetso ya ga Jesu ya Paradaise go Sesenyi

3. (a) Sesinyi se se kutlwelo-botlhoko se ne sa kopa Jesu eng? (b) Kopo ya sesinyi seno e ne e bontshang malebana le seo a neng a se dumela ka Jesu?

3 Ka nako eo, disinyi dingwe di le pedi di ne di bapoletswe fa gaufi le Jesu. A le mongwe wa bone o ne a tlogetse go bua maswe le Jesu ka mokgwa o senokwane sa bobedi seo se neng se bapoletswe kafa letlhakoreng le lengwe la ga Jesu se neng se santse se tswelela se bua ka one. Sesenyi seno se se neng se le kutlwelo botlhoko se ne sa retologa mme sa bolela jaana: “Yesu, a u ko u nkgopolè mogañ u tlañ mo bogosiñ yoa gago,” ka go rialo a bontsha gore o dumela gore Jesu, lemororo a pegilwe fa thoko ga gagwe, o ne a le mo boemong jwa go ka amogela bogosi jo bo tlang mo isagweng. (Luke 23:42; Mareko 15:32) Abo seo se tshwanetse sa bo se ile sa ama pelo ya ga Morena Jesu jang ne! Senokwane seo se se botsalano se ne se dumela gore Jesu Keresete o ne a sena molato le gore o ne a sa tshwanelwe ke go bona katlholo e e botlhoko jalo jaaka ya go bapolwa a tlontlololwa phatlalatsa. (Luke 23:41) O ne a bontsha ka seo a neng a se kopa gore o ne a dumela gore Jesu o ne a tla tsosiwa mo baswing le gore o ne a tla tla mo bogosing. Sesinyi seno gape se ne sa bontsha gore se a dumela gore ene ka boene a ka bona tsogo le gore Jesu e ne e tla nna Ene yo o neng a tla mo tsosa mo baswing mme a mo neela botshelo jo bo ntšhafaditsweng gape mo lefatsheng.

4. Jesu o ne a araba jang kopo ya sesinyi seo, a bontsha eng?

4 Fa Jesu a ne a mo raya a re: “Ammaaruri, kea go raya gompieno, O tla nna le nna kwa Paradaiseng,” o ne a bua ka go tsoga ga sesinyi seo se se neng se le kutlwelo botlhoko. Seno se tshwanetse sa bo se ile sa gomotsa senokwane seno tota seo se neng se bontsha tumelo. E le gore monna yono a tle a tsoge, Jesu o ne a tshwanelwa ke gore a tsoge pele. Morago ga moo Jesu, a dirisa maatla ao a a neilweng ke Modimo a go tsosa baswi, o ne a tla tsosa sesinyi seno mo baswing ka letsatsi la tsogo ya lefatshe la setho.—Luke 23:43, NW; Yohane 5:28, 29; 1 Bakorintha 15:20, 23; Bahebera 9:15.

5, 6. (a) Mmusisi Ponto Pilato o ne a dira gore go kwalwe eng mo godimo ga Jesu yo o bapotsweng? (b) Go bonala Jesu a ne a bua le sesinyi seno ka puo efe?

5 Jesu o ne a neela tsholofetso eno ka puo efe? Go ne go dirisiwa dipuo di le mmalwa ka nako eo. Seno se bontshiwa ke mafoko ao Mmusisi Ponto Pilatwe a neng a dira gore a kwalwe mo godimo ga tlhogo ya ga Jesu yo o neng a bapotswe, a mo bontsha botlhe bao ba fetang ka tsela gore ba bale gore ke mang. Pego e e mo go Yohane 19:19, 20 e bolela jaana: “Me le gōna Pilatwe a kwala lokwalō, a lo baea mo mokgoroñ. Me ga bo go kwadilwe, go twe, YESU OA NASARETHA, KGOSI EA BAYUDA. Me hoñ Bayuda ba le bantsi ba bala lokwalō lo: gonne helō ha Yesu o bapolecweñ gōna go no go le gauhi le motse: me ga bo go kwadilwe ka Sehebera, le [Selatine, NW], le Segerika.”

6 Fa Jesu a ne a tsalelwa kwa Betlelehema a tsalwa ke mmaagwe wa lekgarebane, ebong Maria, o ne a tsalwa e le Mojuda, kana Mohebera. Ka ntlha ya moo, fa a ne a rera mo dingwageng di le tharo le sephatlho mo lefatsheng le a tsaletsweng mo go lona, go bonala a ne a rera ka puo ya Sejuda seo se neng se dirisiwa ka nako eo, kana Sehebera. Ka jalo, fa a ne a solofetsa sesenyi seno se se kutlwelo botlhoko, o ka nna a bo a ne a dirisa Sehebera. Ka jalo o ka nna a bo a ile a dirisa lefoko la Sehebera gan fa a ne a bua ka Paradaise—eleng lefoko le le fitlhelwang mo go Genesise 2:8. Gone koo, thanolo ya Segerika ya Septuagint ya Dikwalo Tse Di Boitshepo e dirisa lefoko pa·raʹdei·sos fa e ranola lefoko leno la pele eleng gan.

7. Jesu o ne a galalediwa jang fa a ne a tsosiwa?

7 Jesu o ne a tsosiwa mo baswing ka letsatsi la boraro morago ga gore a bapolwe, kana ka Nisane 16 go ya ka khalendara ya Sehebera. Malatsi a le masome a mane morago ga moo o ne a boela kwa legodimong, kwa legaeng la gagwe la pele, e le ga jaanong fela a neng a le mo boemong jo bo goleditsweng thata. (Ditihō 5:30, 31; Bafilipi 2:9) Jaanong o ne a apesitswe bosasweng, ebong nonofo eo a e kopanetseng le Rraagwe wa selegodimo. Jehofa e ne e le ene fela Motho yo o nang le mmele wa bosasweng go fitlhela ka nako ya fa Jesu a tsosiwa mo baswing ka Sontaga seo sa Nisane 16.—Baroma 6:9; 1 Timotheo 6:15, 16.

Thekololo E Bula Tsela

8. Boikaelelo jwa ga Jehofa jwa pele malebana le lefatshe e ne e le bofe, mme ke eng seo se bontshang gore o santse a ngaparetse mo boikaelelong joo?

8 Dikgato tseno tsotlhe e ne e le tseo Modimo a neng a di ikaeletse go dira gore lefatshe lotlhe le aparelwe ke bontle jwa paradaise, ee, e tle e nne paradaise ya lefatshe lotlhe. (Genesise 1:28; Isaia 55:10, 11) Mo go 1 Bakorintha 15:45, moaposetoloi Paulo o bitsa Jesu a re ke “Adame oa moragō.” Seno se bontsha gore Modimo o ile a nna a tswelela ka boikaelelo jwa gagwe jwa pele jo bo malebana le lefatshe le gore mongwe o tla diragatsa boikaelelo joo Adame wa pele a neng a palelwa ke go bo diragatsa.

9. Jesu o ne a neela eng e le go bula tsela ya go boela gape kwa Paradaiseng?

9 Go ya ka Paulo, Jesu o ne a ineela go nna “thèkololō.” (1 Timotheo 2:6) Jesu Keresete ka boene o ne a bolela jaana: “Hèla yaka Morwa Motho a na a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.” Seno se ne sa dira gore go kgonege gore bao ba bontshang tumelo mo go Jesu Keresete ba nne le botshelo jo bosakhutleng.—Mathaio 20:28; Yohane 3:16.

10. (a) Modimo o ne wa ikaelela eng ka palo e nnye ya batho bao o ba ratang? (b) Go tlhophiwa ga “lecomanyane” go ne ga simologa leng, mme ga simologa ka bomang?

10 Fa Jesu a ne a tlhatlogela kwa legodimong morago ga gore a tsoge mo baswing, o ne a ka neela Modimo molemo wa setlhabelo sa gagwe sa thekololo mo boemong jwa lelapa la motho. Lefa go le jalo, e ne e le boikaelelo jwa ga Rraagwe wa selegodimo, ebong Jehofa Modimo, gore a tlhaolele “leina ya ōna batho” mo merafeng ya lefatshe. (Ditihō 15:14) Go ya ka Tshenolō 7:4 le 14:1-4, bano e tshwanetse ya nna batho ba le 144 000 fela ka palo, “lecomanyane,” bao ba bilediwang kwa Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo. (Luke 12:32) Go tlhophiwa ga batho bano bao ba ratiwang thata ke Jehofa Modimo go ne ga simologa fa go ne go tlhophiwa baaposetoloi ba le 12 ba ga Jesu Keresete. (Mathaio 10:2-4; Ditihō 1:23-26) Jesu o ne a bolelela maloko ano a ntlha a phuthego ya gagwe jaana: “Ga loa ka loa intshenkèla, ke nna ke itshenketseñ lona.” (Yohane 15:16) Bano ba ne ba tla etelela pele mo tirong ya go itsise ka Paradaise e e tlang ya lefatshe lotlhe tlase ga puso ya Bogosi.

Kafa Bogosi Jono Bo Tshwanelang ka Gone

11. Bogosi jwa Bomesia bo ne bo tshwanetse jwa tlhongwa leng?

11 Rona gompieno re tswelela re isa dithapelo tsa rona kwa go Jehofa mo leineng la ga Morena Jesu Keresete re rapelela Bogosi jwa Gagwe gore bo tle. (Mathaio 6:9, 10; Yohane 14:13, 14) Bogosi jwa Bomesia bo ne bo tshwanetse jwa tlhongwa kwa bofelong jwa “metlha ea Badichaba.” (Luke 21:24) Metlha eo ya Baditšhaba e ne ya diragadiwa ka ngwaga wa 1914.a

12. Ke eng seo se neng sa diragala ka 1914 seo se neng se le tumalanong le polelelopele ya ga Jesu ya dilo tse di tlhomologileng tseo di neng di tla tshwaya go nna gone ga gagwe go go sa bonaleng?

12 Ngwaga oo o ne wa tshwaiwa ke ntwa ya ntlha ya lefatshe mo hisitoring ya motho. Seno se ne se le tumalanong le polelelopele ya ga Jesu e e malebana le dilo tse di tlhomologileng tseo di neng di tla tshwaya go nna gone ga gagwe go go sa bonaleng a le mo maatleng a Bogosi a busa mo godimo ga lefatshe. Barutwa ba gagwe ba ne ba mmoditse potso eno: “Re bolèlèlè, go re, dilō tse di tla dihala leñ? Le seshupō e tla nna eñ sa [go nna gone ga gago, NW] le sa bokhutlō yoa [tsamaiso eno ya dilo, NW]?” Jesu fa a araba o ne a re: “Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: me go tla nna meshwèle, le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe. Me dilō cotlhe tse, e bo e le tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga. Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:3, 7, 8, 14; Mareko 13:10.

13. (a) Go rerwa ga Bogosi jwa Modimo ke mafoko a a molemo jang? (b) Dithapelo tsa go rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle di na le sebaka se sekae di rapelwa, a mme basupi ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba kile ba seka ba lapa go rapela dithapelo tseno?

13 Mafoko ano a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa jaanong a rerwa mo mafatsheng a a fetang a le 200, ebile go dirwa boiteko jwa go a atolosetsa kwa ditshimong tse dingwe. Ga se mafoko a goromente nngwe ya lefatshe eo e santseng e tla, mme ke a bogosi joo jaanong bo laolang, joo bo setseng bo busa. Bogosi joo bo ne jwa tlhongwa ka 1914. Bo ne jwa neela motheo wa go arabiwa ga thapelo eo Jesu a neng a e bua go feta dingwaga di le 1 900 tse di fetileng. Thapelo eo fa esale e ntse e rapelwa go Mong wa Bogosi jono go tloga ka nako ya fa motho yo o neng a tla nna Kgosi ya goromente oo a neng a ruta barutwa ba gagwe go bo rapelela ka yone. Ka jalo Mosimolodi wa Bogosi joo o na le sebaka se se leele thata a utlwa bo kopiwa. O ile a itumelela go utlwa thapelo eno e isiwa kwa go ene e rapelwa ke basupi ba gagwe ba ba mo lefatsheng ka nako eo yotlhe, ka gonne seno se bontsha gore ba ne ba santse ba dumela gore Bogosi joo bo e tla. Ga ba ka ba lapa go nna ba isa thapelo eno kwa go ‘Rre yo o kwa magodimong,’ jaaka ekete ke selo sengwe se se sa tlholeng se le monate mo go bone.—Mathaio 6:9, 10.

14. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba tswelela pele ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo?

14 Lemororo Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Bogosi jono bo ne jwa tlhongwa kwa magodimong ka 1914 ebile ba bolela jalo, ba santse ba tswelela ba rera mafoko a a molemo ano a Bogosi. Ba dira jalo ka gonne Bogosi jono jo bo tlhomilweng ga bo ise bo nne le taolo e e feletseng mo lefatsheng mme bo santse bo letleletse magosi a lefatshe leno go tswelela a laola merafe yotlhe le ditso tsotlhe tsa batho le go e busa. (Baroma 13:1) Ka jalo bo tshwanetse jwa tla bo feletse, ke gore, bo le mo selekanyong seo ka sone e leng jone fela goromente e e laolang mo godimo ga lefatshe lotlhe.—Daniele 2:44.

15. Ke eng seo se ntseng se diragala fa esale ka Pentekosete ya 33 C.E. seo se leng molemo go feta fa dikgosi tsa Iseraele di ne di tlodiwa?

15 Lemororo Jesu a tlhophilwe jaaka Kgosi ya Bogosi joo, ga a busi a le esi. Jehofa Modimo o tlhophile balatedi ba le 144 000 ba Morwawe wa segosi bao ba tla nnang baruaboswa mmogo le ene mo Bogosing jwa Bomesia jwa Modimo. (Daniele 7:27) Fela jaaka dikgosi tsa bogologolo tsa kwa Iseraele di ne di tlodiwa ka lookwane lo lo boitshepo lo lo tlotsang di tlodiwa ke moperesiti yo mogolo, ka go tshwana fa esale ka letsatsi la Pentekosete la 33 C.E., Jehofa o ile a dira gore baruaboswa mmogo le Jesu Keresete ba ba 144 000 ba tlodiwe ka moya wa Gagwe o o boitshepo, a ba tsalela gore ba nne le botshelo jwa semoya kwa magodimong le “Kgosi ea Dikgosi, le Morèna oa Barèna.”—Tshenolō 19:16; bapisa 1 Dikgosi 1:39.

Paradaise Eo E Tla Tsosolosiwang Gape ke “Adame oa Moragō”

16. Bogosi bo ne bo lebega jang fa Jesu a ne a bapolwa, mme ke ka ntlhayang fa a ne a ile a seka a nna mmoledi wa dikgang tsa maaka?

16 Fa Jesu a ne a bapolwa ka 33 C.E., go ne go sa bonale go kgonega ka gope gore a ka nna le bogosi. Mme fa a ne a rera ka Bogosi jwa Modimo, o ne a sa bolele dikgang tsa maaka. Ka letsatsi la boraro morago ga gore a bapolwe, Mong wa Bogosi jono o ne a tlhomamisa gore barutwa ba ga Jesu ba seka ba rapelela bogosi jo bo neng bo se kitla bo kgonagala. Jehofa o ne a tsosa Ene yo o neng a tla Mo emela mo Bogosing jo bo neng bo ntse bo rapelelwa jono mme a mo apesa bosasweng.

17, 18. (a) Go bidiwa ga ga Jesu gore ke “Adame oa moragō” go rayang? (b) Ditiragalo tsa lefatshe tsa fa esale ka 1914 di bontshang?

17 Jesu o ne a itse gore Mmopi wa Paradaise ya ntlha ya mo lefatsheng o ne a tla mo naya boikarabelo jwa go ntšhafatsa Paradaise le go tlhomamisa gore tshimo ya lefatshe lotlhe e tlale ka batho. Mo go 1 Bakorintha 15:45, 47, re bala jaana: “Le gōna go kwadilwe yalo, ga twe, Motho oa pele, eboñ Adame, a dihwa motho eo o tshedileñ. Adame oa moragō a dihwa mōea o o tshedisañ. Motho oa pele ke oa mbu, oa selehatshe: motho oa bobedi ke oa legodimo.” Adame wa morago o ne a fologa go tswa kwa legodimong mme ke ene yo Jehofa a mo dirisang go tsosolosa Paradaise mo lefatsheng mono. Ke ka ntlha ya moo Morena Jesu a neng a bolelela sesinyi se se kutlwelo botlhoko sele jaana: “O tla nna le nna kwa Paradaiseng.” (Luke 23:43, NW) Go ya ka motlotlo ono go a bonala gape gore Paradaise eo e tla tlhongwa mo lefatsheng kafa tlase ga Bogosi jwa legodimo bo le mo diatleng tsa ga Jesu Keresete yo o galaleditsweng, ebong “Adame oa moragō.”

18 Ditiragalo tsa lefatshe tsa fa esale ka 1914 di dumalana le dipolelelopele tseo Jesu Keresete a neng a di bua mme ka jalo di bontsha gore Jesu o sale a busa fa esale ka nako eo. Go feta masome a le supa a dingwaga jaanong, batho ba losika lono lwa lekgolo la bo-20 la dingwaga bao ba saleng ba tshela fa esale ka 1914 ba ile ba bona ditiragalo tseo di thathamisitsweng mo polelelongpele ya ga Jesu eo e fitlhelwang mo go Mathaio kgaolo 24 di diragadiwa. Ka jalo, motlha ono o setse o ya bokhutlong jwa one, mme go tsosolosiwa ga Paradaise ya lefatshe go atametse thata.—Mathaio 24:32-35; bapisa Pesalema 90:10.

Motlha O O Itumedisang Thata Wa Lefatshe Je Lesha O Fela Kafa

19, 20. (a) Morago ga Hara–Magedona, Jehofa o tla tsenya batho ba gagwe mo go eng? (b) Ke eng seo se tla tshwanelang go dirwa morago fela ga Hara–Magedona?

19 E tla bo e se tsamaiso ya dilo e e lapisang, e e sa kgatlhiseng eo Jehofa a tla tsenyang batho bao ba mo ratang mo go yone morago ga gore a tlotlomatse bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe ka mo go sa belaetseng ka gope kwa ntweng ya Hara–Magedona. Motlha o o tlang o mo go one lelapa lotlhe la setho le tla bong le le kafa tlase ga puso e e molemo ya Kgosi ya Bomesia, Jesu, ebong Morwa Modimo, e tla bo e le o o itumedisang eleruri. Ao ruri, abo go tla bo go tlhokafala gore go dirwe dilo tse dintsi jang ne tse di molemo! Mme tshenyo yotlhe eo e tlogetsweng mo godimo ga lefatshe eo e bakilweng ke kgotlhang ya mo lefatsheng lotlhe magareng ga masole a selegodimo a ga Jehofa le mephato e e rulagantsweng ya boikepo e tla bo e tlositswe. Ga go na go tlogelwa sepe se se tla salang se bontsha tshenyo eno.

20 Mme go tweng ka dibetsa tsotlhe tsa ntwa tseo merafe e tla bong e di tlogetse? Ka ntlha ya boleele jwa nako eo e supiwang ka tsela ya tshwantshetso eo e tla tlhokegang gore go tlosiwe dikarolo tse di kgonang go ka fisiwa tsa tsone, palo ya tsone e tla bo e boitshega. (Esekiele 39:8-10) Bafalodi ba Hara–Magedona ba ka nna ba kgona go fetola dilo dipe fela tse di setseng tsa ntwa ba di fetolela gore e nne dilo tseo di dirisetswang sengwe se se mosola.—Isaia 2:2-4.

21. Ka mo go tshwanang le seo se neng sa diragalela bafalodi ba Morwalela, ke maemo afe ao bafalodi ba Hara–Magedona ba tla rakanang le one, mme go tla bo go na le pharologano efe e kgolo?

21 Batho ba ba segofaditsweng ba segompieno bao ba tshwanang le Noa le lelapa la gagwe bao ba neng ba falola Morwalela wa lefatshe lotlhe ka kgakgamatso ba tla lebana le maemo a lefatshe a a tshwanang le a lelapa la ga Noa le neng la rakana le one. Lefa go le jalo, Satane Diabolo le mephato ya gagwe ya badimona ga a kitla a tlhola a tshwenya magodimo a a sa bonaleng ao a dikologileng lefatshe mme ba tla bo ba golegilwe gore ba seka ba dira ka sebaka sa dingwaga di le makgolo a lesome. (Tshenolō 20:1-3) Bafalodi bano ba Hara–Magedona ba tla nna le tiro e e gwetlhang ya go laola lefatshe le le kgabagantseng “letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe,” ba lebana le ditlamorago dipe fela tseo le tla bong le di tlogeletse polanete eno.—Tshenolō 16:14.

22. Bafalodi ba Hara–Magedona ba tla itshwara jang malebana le kgwetlho ya gore ba atolose Paradaise lefatshe ka bophara?

22 Ereka bafalodi bano ba ntwa ya Hara–Magedona ba tla bo ba se bakae fela ka palo, go ka lebelelwa ka tlwaelo fela gore ba tla tshoga thata fa ba newa tiro e kgolo eno ya go atolosa Paradaise lefatshe ka bophara. Mme go na le moo, ba kgatlhilwe thata ke seno, ba tla e simolola ka matlhagatlhaga le ka boikobo. Ba lemoga ka botlalo gore lefatshe leno ke sebeo sa Modimo sa dinao sa tshwantshetso, mme ka bopelo-e-phepa ba batla gore kgolokwe eno ya lefatshe e nne e e kgatlhisang le e ntle e e tshwanelang gore a ka baya dinao tsa gagwe mo go yone.

23. Bafalodi ba Hara–Magedona ba tla bo ba tshegeditswe jang go tlhomamisa gore tiro ya bone ya go tsosolosa Paradaise e tla atlega?

23 Go a itumedisa ebile go a kgothatsa go itse gore ga ba kitla ba nna ba le bosi ebile ga ba kitla ba dira fela kwantle ga gore ba thusiwe morago ga gore ba dire tirelo eno e e ipedisang ya go diragatsa taolo ya Modimo malebana le lefatshe. (Bapisa Isaia 65:17, 21-24.) Ba tla bo ba tshegeditswe ka botlalo, ka mo go sa lekanyesegeng ke Ene yo o ba solofeditseng Paradaise e e tsosolositsweng le yo e neng ya re ka nako ya fa a ne a tlhatlogela kwa legodimong a neng a bua jaana: “Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ.” (Mathaio 28:18) O santse a na le taolo eo, ebile o kgona go diragatsa tsholofetso ya gagwe e e tlhomologileng eo a neng a e solofetsa sesinyi se se kutlwelo botlhoko sele, jaaka fa re tla bona mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona dintlha ka botlalo, bona buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 138-41. Bona gape le Esekiele 21:27.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Tsholofetso ya ga Jesu ya kwa Calvary e tlhomamisetsa setho le senokwane sengwe eng?

◻ Motheo wa go bula tsela ya go boela gape kwa Paradaiseng ke ofe?

◻ Adame wa pele o ne a palelwa ke go dira eng, mme ke eng seo “Adame oa moragō” a tla se dirang?

◻ Morago ga Hara–Magedona, Jehofa o tla tsenya bao ba mo ratang mo mofuteng ofe wa tsamaiso ya dilo?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Setlhogo se se reng “Bokhutlo Jwa Magosi Otlhe ka 1914” se ne sa tlhaga go “The World Magazine” wa August 30, 1914

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela