Ka fa molemeng: Dithuso tsa namolo tse di neng di tswa kwa Switzerland di romelelwa bakaulengwe ba rona kwa Jeremane ka 1946; Ka fa mojeng: Go aga sesha Holo ya Bogosi kwa Japane morago ga tsunami ka 2011
KAROLO 6
Go Ema Bogosi Nokeng—Go Agela Kobamelo le go Namola
O TSENA mo Holong ya Bogosi mme lefelo leno le ntse kafa o sa le tlwaelang ka teng. Ga o bolo go nna o ntse o le motlotlo ka kago eno. E bile o ka tswa o gopola dinako tse di itumedisang fa o ne o thusa ka nako e e neng e agiwa mo dingwageng tse di fetileng. Ka tsela nngwe gone jaanong, o ikutlwa o le motlotlo le go feta ka gonne Holo eno ya Bogosi e fetotswe ka nakwana go nna lefelo la dithuso tsa namolo. Fa setsuatsue se sena go baka merwalela le go kgakgabatsa lefelo la lona, ka bonako fela Komiti ya Lekala e ne ya rulaganya go thusa ba ba amilweng ke masetlapelo ka dijo, diaparo, metsi a a phepa le dilo tse dingwe. Didirisiwa tsa namolo di rulagantswe ka tsela e e botswerere. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tlhomagane gore ba amogele se ba se tlhokang, gantsi ba ntse ba iphimola dikeledi tsa boipelo.
Jesu o ne a re letshwao le le tlhomologileng la batho ba gagwe e tla nna tsela e ba ratanang ka yone. (Joh. 13:34, 35) Mo karolong eno, re tla sekaseka kafa lorato lwa Bokeresete lo bontshiwang ka gone mo diporojekeng tsa go aga le mo maitekong a namolo a a dirwang ke Basupi ba ga Jehofa. Lorato loo lotlhe ke bosupi jo bo maatla jwa gore re busiwa ke Bogosi jwa ga Jesu.