Pina 73
Lorato lo Logolo lo lo Tswang Pelong
1. A re rateng go tswa pelong,
Ke moo lorato lo tswang teng;
A re bontsheng bakaulengwe
Lorato lwa nnete.
Re ba bontsheng ka ditiro
Gore ruri re’a ba rata,
Re etseng Mmopi wa rona
Re nneng peloephepa.
Re thuseng ba ba tlhokang,
Ka gore re ba bontshe ’rato;
A re nneng pelotshweu
Fa re tlelwa ke tshono.
Fa re amega ka batho
E bile re bontsha tlotlo,
Makoa ga re a senole.
Re bontshana lorato,
mme re nna ka kutlwano.
2. Fa re rata go tswa pelong,
Re diega go galefa;
Mme re tshepa bakaulengwe
Le go ba’itshwarela.
Ruri re tlhoka ditsala
Tse re tla di anaanelang.
Re kopaneng ka boipelo
Mme re kgothatsaneng.
Rotlhe re a leofa;
E bile re a kgopisana.
Mme a re nneng bonolo
Mme re itshwarelaneng.
Jah o rata batho botlhe,
A re bontshaneng lorato.
Ke lone lo re tlhaolang.
Re godisa Jehofa;
fa re ntse re mo etsa.
(Bona le 1 Pet. 2:17; 3:8; 4:8; 1 Joh. 3:11.)