Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ Ereka Daniele pelenyana a ne a boletse gore o ne a ka seke a amogele dimpho mo go Kgosi Beleshasare tsa go bo a ne a ranola mokwalo o o mo leboteng, ke ka ntlhayang fa morago a bonwa a apere diaparo tseo le sebaga sa mo molaleng?
Pele fela ga Bameda le Baperesia ba tlosa Babelona mo bogosing, Kgosi Beleshasare le dikgosana tsa gagwe ba ne ba le fa gare ga go keteka moletlo. Fa moletlo oo o ntse o tsweletse, o ne a tsaya dijana tse di neng di tswa kwa tempeleng ya ga Jehofa mme a di dirisetsa go nwa bojalwa jwa mofine, fa ba ne ba baka medimo ya Sebabelona. Mme moletlo oo o ne wa kgaupediwa ka tshoganetso fa seatla seo e neng e se sa motho ka tlholego se ne se kwala dilo tse di gakgamatsang mo loboteng.—Daniele 5:1-5.
Banna ba ba botlhale le balepadinaledi ba Babelona ba ne ba seka ba kgona go ranola mokwalo oo, lemoraro Beleshasare a ne a solofetsa go naya ope fela yo o neng a ka kgona go bala le go ranola mokwalo oo o o neng o gakgamatsa sebaga sa molala sa gouda le maemo a a kwa godimo mo pusong.—Daniele 5:7-9.
Fa kgabagare go ne go leriwe Mohebera mongwe yo o neng a bidiwa Daniele, kgosi eo e ne ya boa ya bolela mpho ya yone—eleng go apesa Daniele diaparo tse di bohibidu io bo mokgona, go mo apesa se baga sa molala sa gouda, le go mo tlhoma go nna mmusi wa maemo a bararo mo bogosing jwa gagwe. Moperofeti yoo o ne a fetola jaana ka tlotlo: “A dinèō tsa gaga e nnè tsa gago, me u neè o sele dituèlō tsa gaga; leha go nntse yalo ke tla balèla kgosi lokwalō, ke ba ke e itsise phuthololō.”—Daniele 5:17.
Jalo Daniele o ne a sa tlhoke go neelwa pipa-molomo kana go duelelwa go ntsha tlhaloso. Kgosi eo e ne e ka ipolokela dimpho tseo kana ya di naya mongwe o sele. Daniele o ne a tla ntsha tlhaloso, e se gare a tle a duelwe, mme e le ka gonne a ne a neilwe maatla a go dira jalo ke Jehofa, Modimo wa boammaaruri, yo katlholo ya gagwe mo go Babelona e neng e tloga e diragala.
Jaaka re ile ra bala mo go Daniele 5:29, morago ga Daniele a sena go bala le go tlhalosa mafoko ao jaaka a ne a boletse gare o tla dira, kgosi e ne ya laolela gare Daniele a neelwe dituelo tseo lefa go le jalo. Daniele gaa ka a ikapesa diaparo tseo a ba a ithwesa sebaga sa mol al a ka boene. O ne a di apesiwa ka taolo ya mmusa-nosi yoo, ebong Kgosi Beleshasare. Mme sena ga se thulane le Daniele 5:17, koo moperofeti yoo a neng a phepafatsa gare boitlhomo jwa gagwe e ne e se jwa bogagapa.
Moragonyana Jesu o ne a re “eo o cholañ moperofeti ka leina ya moperofeti, o tla bōna tuèlō ea moperofeti.” (Mathaio 10:41) Seo se ne se sa dire ka gope mo go Beleshasare, ereka a ne a sa tshware Daniele ka bopelonomi le ka tlotlo ka go bo a ne a tlotla monna yono yo o neng a ikanyega jaaka moperofeti wa Modimo wa boammaaruri. Kgosi Beleshasare o ne a ikemiseditse go neela mongwe le mongwe yo o neng a ka kgona go rarabolola masaitsiweng a mokwalo oo, le eleng balepadinaledi ba baheitane, tsone dimpho tseo. Kgosi eo e ne ya bona tuelo e e tshwanetseng, eo e neng e le tumalanong le mokwalo wa boperofeti o o neng o le mo leboteng ya gore: “E rile mo bosigoñ youō hèla Beleshasare kgosi ea Sekaladea a bolawa. Me Dario oa Momede a tsaea bogosi.”—Daniele 5:30, 31.