Pina 129
Re Ngangatlele Tsholofelo ya Rona
E e Gatisitsweng
1. Batho ba ntse ba tsamaya mo lefifing.
Ba batla thuso mme ba sa e bone.
Ruri batho ga ba itekanela:
Ga ba na maatla ke baleofi.
(KHORASE)
Lo ipeleng puso e gaufi!
Jesu o tla golola batho botlhe.
O tla tlosa boikepo jotlhe;
A re ngangatleleng tsholofelo’eno.
2. Ruri ‘letsatsi la Modimo le gaufi!’
A re se keng ra le felela pelo!
Jah o tla tloga a golola batho.
A re mmakeng ka boitumelo.
(KHORASE)
Lo ipeleng puso e gaufi!
Jesu o tla golola batho botlhe.
O tla tlosa boikepo jotlhe;
A re ngangatleleng tsholofelo’eno.
(Bona le Hab. 1:2, 3; Pes. 27:14; Joele 2:1; Bar. 8:22.)