BOTSHELO JWA BOKERESETE
Tswelela o Nonofile mo Tumelong e Bile o Tlhagafetse fa Maemo a Gago a Fetoga
Ga go na kwa re ka tshabelang diphetogo gone, segolo jang mo malatsing ano a bofelo. (1Bak 7:31) Le fa re ka tswa re di lebeletse kgotsa re sa di lebelela, di le molemo kgotsa di le bosula, diphetogo di ka kgoreletsa tsela e re obamelang Modimo ka yone le e leng go koafatsa tumelo ya rona. Ke eng se se tla re thusang gore re nne re nonofile mo tumelong e bile re tlhagafetse mo dinakong tseno tsa diphetogo? Leba bidio e e reng Tswelela o Nonofile mo Tumelong Le fa O Fuduga, go tswa foo, araba dipotso tse di latelang:
Ke kgakololo efe e mokaulengwe a neng a e naya tlhogo ya lelapa?
Molaomotheo o o mo go Mathaio 7:25 o ne o dira jang mo seemong sa lelapa leno?
Lelapa leno le ile la dira eng pele ga le fuduga mme seo se ba thusitse jang?
Ke eng se se thusitseng lelapa leno gore le kgone go tlwaelana le phuthego le tshimo e ba neng ba e bereka?
Ke diphetogo dife tse dikgolo tse ke ileng ka lebana le tsone bosheng jaana?
Nka dirisa jang se ke se ithutileng mo bidiong eno?