Pina 88
Bana ke Boswa jo bo Tswang Kwa Modimong
1. Fa jaanong monna e nna rre
Mosadi a nna le ngwana wa ’gwe,
Ba na le boswa jo bogolo,
Jo bo tswang kwa go Jehofa.
Ruri mpho eo ke e molemo;
Ya botshelo e re’e anaanelang.
Jah o naya batsadi kaelo,
Gore ba dire ka botlha le
(KHORASE)
Lo neilwe boikarabelo;
Gore loba tlhokomele.
Fa lo batla ba gola sentle;
Ba godisetseng Moreneng.
2. Melao yotlhe ya Modi mo—
E age mo dipelong tsa lona.
Lo e rute bana ba lona;
Ba e boloke ka metlha.
Lo’e bue fa lo le motseleng,
Fa lo rapama le fa lo tsoga.
Go dira jalo go ba thusa,
Gore ba gole mo tumelong.
(KHORASE)
Lo neilwe boikarabelo;
Gore loba tlhokomele.
Fa lo batla ba gola sentle;
Ba godisetseng Moreneng.
(Bona le Dute. 6:6, 7; Baef. 6:4; 1 Tim. 4:16.)