LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr18 March ts. 1-7
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2018
  • Ditlhogwana
  • MARCH 5-11
  • MARCH 12-18
  • MARCH 19-25
  • MARCH 26–APRIL 1
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2018
mwbr18 March ts. 1-7

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

MARCH 5-11

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 20-21

“Le fa E le Mang yo o Batlang go Nna Mogolo mo go Lona o Tshwanetse go Nna Modiredi wa Lona”

(Mathaio 20:3) Ya re a tswa gape mo e ka nnang ka ura ya boraro, a bona ba bangwe ba eme ba sa dire sepe kwa marekisetsong;

setshwantsho se se tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 20:3 mo Baebeleng ya Study Edition

Marekisetso

Marekisetso mangwe, jaaka go bontshitswe mo setshwantshong, a ne a le fa thoko ga tsela. Gantsi barekisi ba ne ba rekisa dilo tse dintsi mo di neng di feleletsa di tswetse tsela. Go ne go rekisiwa dilo tsa ntlo, dilo tse di dirilweng ka letsopa, tse di dirilweng ka galase, maungo le merogo. E re ka go ne go se na ditsidifatsi, batho ba ne ba tlhoka go ya marekisetsong letsatsi le letsatsi. Fa ba le koo, batho ba ba tlileng go rekisa kgotsa ba ba etileng ba ne ba itlotlela, bana ba ne ba kgona go tshameka mme batho ba ba batlang tiro ba ne ba tlhola ba ema mo marekisetsong. Jesu o ile a fodisa motho kwa marekisetsong e bile Paulo o ne a rera gone. (Dit 17:17) Bakwadi le Bafarasai bone ba ne ba rata go ya kwa marekisetsong gore ba bonwe ke batho le go dumedisiwa.

(Mathaio 20:20, 21) Go tswa foo mmaagwe bomorwa Sebede a mo atamela a na le bomorwawe, a obama e bile a kopa sengwe mo go ene. 21 A mo raya a re: “O batlang?” Ene a mo raya a re: “Ntsha taelo gore bomorwaake ba babedi bano ba nne, yo mongwe kafa seatleng sa gago sa moja mme yo mongwe kafa go sa molema, mo bogosing jwa gago.”

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 20:20, 21 mo Baebeleng ya Study Edition

mmaagwe bomorwa Sebede: Ke mama wa ga moaposetoloi Jakobe le Johane. Go ya ka pego ya Mareko, Jakobe le Johane ke bone ba ileng ba ya go bua le Jesu. Go bonala kopo eno e simolotse ka bone mme ba dirile gore mmaabone e bong Salome yo a ka tswang e ne e le mangwaneagwe Jesu, e nne ene a ya go ba kopelang kwa go Jesu.—Mat 27:55, 56; Mar 15:40, 41; Joh 19:25.

yo mongwe kafa seatleng sa gago sa moja mme yo mongwe kafa go sa molema: Go nna ka fa seatleng sa moja le sa molema go ne go bontsha gore motho o neilwe taolo le maemo a a kwa godimo mme letsogo la moja le bontsha taolo le maemo a a kwa godimo thata.—Pes 110:1; Dit 7:55, 56; Bar 8:34.

(Mathaio 20:25-28) Mme Jesu, ya re a ba biletsa kwa go ene, a re: “Lo a itse gore babusi ba ditšhaba ba rena mo go bone le banna ba bagolo ba dirisa taolo mo go bone. 26 Ga go a nna jalo mo go lona; mme le fa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona, 27 mme le fa e le mang yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona. 28 Fela jaaka Morwa motho a ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.”

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 20:26, 28 mo Baebeleng ya Study Edition

modiredi: Kgotsa “motlhanka.” Gantsi Baebele e dirisa lefoko la Segerika e leng di·aʹko·nos fa e bua ka motho yo o ikokobeditseng e bile a sa kgaotse go thusa ba bangwe. Lefoko leno le ile la dirisiwa fa go buiwa ka Keresete (Bar 15:8; 1Bak 3:5-7; Bak 1:23), batlhanka ba bodiredi (Baf 1:1; 1Ti 3:8), ba ba thusang mo lelapeng (Joh 2:5, 9) le badiredi ba puso (Bar 13:4).

e seng go direlwa, fa e se go direla: Kgotsa “go nna modiredi e seng go direlwa.”

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 21:9) Mme boidiidi, ba ba tsamayang kwa pele ga gagwe le ba ba tlang kwa morago ba nna ba goa ba re: “Boloka Morwa Dafide, re a rapela! A go bakwe yo o tlang ka leina la ga Jehofa! Mmoloke, re a rapela, kwa bogodimong jo bo kwa godimo!”

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 21:9 mo Baebeleng ya Study Edition

Boloka . . . re a rapela: Kgotsa “Hosana” ka Segerika. Lefoko leno la Segerika le tswa mo mafokong a Sehebera a a kayang “boloka, re a rapela” kgotsa “re boloke tsweetswee.” Mo temaneng eno le dirisitswe e le kopo e batho ba e isang kwa Modimong gore a ba boloke kgotsa a ba thuse go fenya; gape a ka ranolwa e le “tsweetswee re boloke mo.” Fa nako e ntse e ya, le ile la dirisiwa mo thapelong le mo dipineng. Gape le tlhagelela mo go Pesalema 118:25, e e leng karolo ya dipina tsa pako tse di neng di opelwa ka nako ya moletlo wa Tlolaganyo. Batho ba ne ba a tlwaetse mafoko ao thata jaana mo a neng a itlela fela mo mogopolong ka nako ya moletlo wa Tlolaganyo. Tsela nngwe e Modimo a ileng a araba thapelo eno ka yone ke ka go tsosa Jesu mo baswing. Mo go Mathaio 21:42, Jesu o nopola mafoko a ga Pesalema 118:22, 23 go bontsha gore a ne a bua ka Mesia.

Morwa Dafide: Mafoko ano a bontsha gore ba ne ba lemoga gore Jesu o tswa mo losikeng lofe le gore ke Mesia yo go neng go buiwa ka ene.

(Mathaio 21:18, 19) Ya re a boela kwa motseng go sa le phakela, a tshwarwa ke tlala. 19 Mme a tshogana ka a bona setlhare sa mofeige fa gaufi le tsela mme a ya kwa go sone, a fitlhela go se na sepe mo go sone fa e se matlhare fela, a se raya a re: “A go se tlhole go tswa leungo lepe mo go wena ka bosaengkae.” Mme setlhare sa mofeige sa swaba ka ponyo ya leitlho.

jy-E 244 ¶4-6

Jesu o Dirisa Setlhare sa Mofeige go ba Ruta ka Tumelo

Goreng Jesu a ile a dira gore setlhare sa mofeige se omelele? O ne a re: “Ammaaruri ke a lo raya ka re, fa fela lo na le tumelo mme lo sa belaele, ga lo na go dira fela se ke neng ka se dira setlhare seno sa mofeige, mme gape fa lo raya thaba eno lo re, ‘Tsholetsega o bo o latlhelwe mo lewatleng,’ go tla diragala jalo. Mme dilo tsotlhe tse lo di kopang ka thapelo, lo na le tumelo, lo tla di amogela.” (Mathaio 21:21, 22) O ne a gatelela ntlha e a neng a e buile ya go nna le tumelo e e dirang gore motho a kgone go fudusa dithaba.—Mathaio 17:20.

Fa Jesu a ne a dira gore setlhare se omelele, o ne a bontsha barutwa ba gagwe botlhokwa jwa go nna le tumelo mo Modimong. O ile a re: “Dilo tsotlhe tse lo di rapelelang e bile lo di kopa nnang le tumelo gore go ntse jaaka lo setse lo di amogetse, mme lo tla nna le tsone.” (Mareko 11:24) Eno ke thuto ya botlhokwa e barutwa botlhe ba ga Jesu ba ka ithutang yone! Go ne go tlhokega gore Jesu a ba rute thuto eo ka gonne ba ne ba tlile go lebana le teko e e botlhoko thata. Gape go omelela ga setlhare go tsamaisana le go nna le tumelo.

Fela jaaka setlhare seo sa mofeige, Baiseraele ba ne ba lebega e kete ba dumela mo Modimong. Modimo o ne a dirile kgolagano le bone mme go ne go bonala e kete ba ikobela melao ya gagwe. Le fa go ntse jalo, ba ile ba bontsha ka ditiro tsa bone tse di maswe gore ga ba na tumelo. Ba ile ba bo ba gana go dumela mo go Jesu! Ka jalo, fa Jesu a ne a dira gore setlhare seo sa mofeige se omelele, o ne a bontsha se se tlileng go diragalela setšhaba seo se se neng se se na tumelo.

MARCH 12-18

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 22-23

“Tshela Go ya Ka Ditaelo Tse Pedi Tse Dikgolo”

(Mathaio 22:36-38) “Moruti, taelo e kgolo thata mo Molaong ke efe?” 37 A mo raya a re: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ 38 Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 22:37 mo Baebeleng ya Study Edition

pelo: Fa lefoko leno le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso, gantsi le kaya se motho a leng sone ka fa teng. Mme gone, fa le dirisiwa mmogo le lefoko “moya” le “mogopolo,” go bonala le bua thata ka maikutlo le dikeletso tsa motho. Mafoko ano a mararo (pelo, moya le mogopolo) a a tsamaisana; a dirisiwa go gatelela tsela e re tshwanetseng go rata Modimo ka yone, gore e tshwanetse go nna ka sotlhe se re leng sone.

moya: Kgotsa “motho.”

mogopolo: Go buiwa ka tsela e re dirisang tlhaloganyo kgotsa botlhale jwa rona ka yone. Motho o tshwanetse go dirisa tlhaloganyo ya gagwe go ithuta ka Modimo le go mo rata. (Joh 17:3; Bar 12:1) Mathaio o ile a nopola mafoko a a mo go Dut 6:5 mme mo temaneng eno, Sehebera se dirisitse mafoko ‘pelo, moya le maatla.’ Le fa go ntse jalo, pego ya ga Mathaio e e kwadilweng ka Segerika e dirisa lefoko “mogopolo” go na le go dirisa lefoko “maatla.” Go ka tswa go na le mabaka a le mmalwa a go bo Mathaio a dirile jalo. Sehebera sa bogologolo se ne se se na lefoko le le lengwe le le tlhalosang lefoko “mogopolo.” Mme gone, fa go buiwa ka “mogopolo,” se ne se dirisa lefoko “pelo.” Lefoko leno fa le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso, le kaya se motho a leng sone go akaretsa dikakanyo, maikutlo, mekgwa le maitlhomo a motho. (Dut 29:4; Pes 26:2; 64:6; bona ntlha e e fa godimo e e tlhalosang pelo.) Ke lone lebaka le le dirang gore Septuagint ya Segerika e dirise lefoko “mogopolo” fa Sehebera sone se dirisitse lefoko “pelo.” (Ge 8:21; 17:17; Dia 2:10; Isa 14:13) Lebaka le lengwe le le ka tswang le dirile gore Mathaio a dirise lefoko la Segerika e leng “mogopolo” go na le go dirisa lefoko “maatla” fa a nopola Dut 6:5, ke ka gonne lefoko la Sehebera e leng “maatla” le ka tswa le akaretsa maatla a motho a a dirisang go tsholetsa sengwe kgotsa bokgoni jwa go akanya. Le fa go ka tswa go na le mabaka a mangwe, lefoko leno la Sehebera le la Segerika le na le bokao jo bo tshwanang, ke ka moo bakwadi ba Diefangele ba ka tswang ba sa dirisa lefoko le le lengwe fa ba nopola Duteronome.

(Mathaio 22:39) Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 22:39 mo Baebeleng ya Study Edition

Ya bobedi: Mofarasai mongwe o ne a botsa Jesu potso mme Jesu o ne a mo araba ka mafoko a a mo go Mat 22:37. Mo godimo ga go mo araba, Jesu o ile a nopola taelo ya bobedi (Lef 19:18), mme a mo ruta gore taelo ya ntlha le ya bobedi di botlhokwa fela thata le gore Molao otlhe le Boporofeti jotlhe bo theilwe mo go tsone.—Mat 22:40.

moagelani: Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le moagelani ga le reye fela motho yo o nnang gaufi le wena. Gape le ka kaya mongwe le mongwe yo re kopanang le ene.—Luk 10:29-37; Bar 13:8-10.

(Mathaio 22:40) Molao otlhe le Baporofeti, di ikaegile ka ditaelo tse pedi tseno.”

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 22:40 mo Baebeleng ya Study Edition

Molao . . . le Baporofeti: Fa go buiwa ka “Molao” go buiwa ka buka ya Baebele ya Genesise go fitlha ka ya Duteronome. “Baporofeti” ke dibuka tsotlhe tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Mme fa mafoko ano a dirisiwa oomabedi, a ka tswa a kaya Dikwalo tsotlhe tsa Sehebera.—Mat 7:12; 22:40; Luk 16:16.

ikaegile: Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le go ‘ikaega’ le dirisitswe ka tsela ya tshwantshetso go kaya “di theilwe mo.” Ka jalo, Jesu o ne a bontsha gore ga se Melao e e Lesome fela e e ikaegileng ka lorato, go na le moo, Dikwalo tsotlhe tsa Sehebera di ne di theilwe mo loratong.—Bar 13:9.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 22:21) Ba re: “Ke tsa ga Kaesara.” Foo a ba raya a re: “Jalo, duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.”

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 22:21 mo Baebeleng ya Study Edition

Kaesara dilo tsa ga Kaesara: Mafoko a temana eno a a tlhagelelang le mo pegong e e mo go Mar 12:17 le Luk 20:25, ke one fela mo Baebeleng a mo go one Jesu a buang ka tlhamalalo ka mmusi wa Roma. “Dilo tsa ga Kaesara” di akaretsa go duela ditirelo tsa puso le go ikobela taelo ya balaodi ba puso fa se ba re kopang sone se sa thulane le melao ya Modimo.—Bar 13:1-7.

Modimo dilo tsa Modimo: Di akaretsa go direla Modimo, go mo obamela, go mo rata ka pelo yotlhe le go ikanyega mo go ene ka botlalo.—Mat 4:10; 22:37, 38; Dit 5:29; Bar 14:8.

(Mathaio 23:24) Bagogi ba ba foufetseng, ba lo tlhotlhang montsana mme lo kodumetsa kamela!

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 23:24 mo Baebeleng ya Study Edition

ba lo tlhotlhang montsana mme lo kodumetsa kamela: Go ya ka molao, montsana e ne le tshenekegi e nnye thata mo dilong tse di neng di itshekologile, mme kamela e le phologolo e tona mo go tse di itshekologileng. (Lef 11:4, 21-24) Jesu o ne a dirisa sekapuo sa pheteletso le sa tshotlo fa a ne a re baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tlhotlha dino tsa bone gore montsana o se ka wa di kgotlela fa ka fa letlhakoreng le lengwe ba ne ba itlhokomolosa Molao mme Jesu o ne a tshwantsha seo le go kometsa kamela.

MARCH 19-25

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 24

“Tswelela o Nonofile mo Tumelong fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela”

(Mathaio 24:12) mme ka ntlha ya go oketsega ga go tlhoka molao lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.

it-2-E 279 ¶6

Lorato

Lorato lo Kgona go Tsidifala. Fa Jesu Keresete a ne a bolelela barutwa ba gagwe ka dilo tse di tla diregang, o ne a ba raya a re lorato (a·gaʹpe) lwa batho ba le bantsi ba ba reng ba dumela mo Modimong, lo ne lo tla tsidifala. (Mat 24:3, 12) Moaposetoloi Paulo o ne a re mo metlheng ya bofelo, batho ba ne ba tla nna “barati ba madi.” (2Ti 3:1, 2) Ka jalo, motho o kgona go lebala melaometheo ya Baebele mme lorato lwa gagwe lo bo lo tsidifala. Seno se re thusa go bona botlhokwa jwa go nna re tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo le go tshela go ya ka melaometheo ya Baebele ka gonne go dira jalo go tla dira gore lorato lwa rona lo se ka lwa tsidifala.—Bae 4:15, 22-24.

(Mathaio 24:39) mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.

w99 11/15 19 ¶5

A o Diragatsa Tshwanelo Yotlhe ya Gago mo Modimong?

5 Jesu Keresete o ile a bua jaana ka motlha ono wa rona wa mathata: “Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo. Gonne fela jaaka ba ne ba ntse mo malatsing ao pele ga morwalela, baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa o tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o ba o ba gogola botlhe, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.” (Mathaio 24:37-39) Go ja le go nwa ga go molato fa go dirwa ka tekanyo mme lenyalo lone ke thulaganyo e e simolotsweng ke Modimo ka boene. (Genesise 2:20-24) Le fa go ntse jalo, fa re lemoga gore dilo tse gantsi di gagamalelwang mo botshelong di setse di fetogile dilo tse re amegang thata ka tsone, ke eng fa re sa rapelele kgang eo? Jehofa a ka re thusa go nna re dira gore dilo tsa Bogosi di tle pele, re dire se se siameng le gore re diragatse tshwanelo ya rona mo go ene.—Mathaio 6:33; Baroma 12:12; 2 Bakorintha 13:7.

(Mathaio 24:44) Ka lebaka leno le lona itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.

jy-E 259 ¶5

Baaposetoloi ba Kopa Sesupo

Jesu o ne a re barutwa ba gagwe ba ne ba tlhoka go nna ba disitse e bile ba ipaakantse. O ile a gatelela ntlha eo ka setshwantsho seno: “Itseng selo se le sengwe, gore fa mong wa ntlo a ne a itsile gore legodu le tla ka tebelo efe, o ka bo a ne a nna a tsogile mme a se ka a letlelela gore go thubiwe mo ntlong ya gagwe. Ka lebaka leno le lona itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.”—Mathaio 24:43, 44.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 24:8) Dilo tseno tsotlhe ke tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 24:8 mo Baebeleng ya Study Edition

ditlhabi tsa tlalelo: Mafoko ano a Segerika fa a ranolwa jaaka a ntse a kaya ditlhabi tse mmê a di utlwang fa a belega. Le fa mo temaneng eno mafoko ano a kaya ditlhabi le go boga, a ka tswa a kaya gore fela jaaka ditlhabi tsa pelegi, pele pitlagano e kgolo e go buiwang ka yone mo go Mat 24:21 e simologa, mathata a batho a tla nnela maswe le go feta e bile a tla oketsega fela thata.

(Mathaio 24:20) Nnang lo rapele gore go tshaba ga lona go se ka ga diragala ka nako ya mariga, le fa e le ka letsatsi la sabata;

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 24:20 mo Baebeleng ya Study Edition

ka nako ya mariga: Ka paka eno go na dipula tsa matlakadibe, merwalela e bile go tsididi mme seo se dira gore go nne thata go tsaya loeto, go batla dijo le lefelo la bonno.—Eser 10:9, 13.

ka letsatsi la sabata: Kwa metseng e e tshwanang le ya Judea, molao wa Sabata o ne o iletsa batho go tsaya maeto go ya kwa mafelong a a kgakala le go sikara merwalo; gape dikgoro tsa motse di ne di tswalwa ka letsatsi la Sabata.—Bona Dit 1:12 le Karolo 16 mo bukaneng ya Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo.

MARCH 26–APRIL 1

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 25

“Nnang lo Disitse”

(Mathaio 25:1-6) “Ka nako eo bogosi jwa magodimo bo tla tshwana le makgarebane a le lesome a a neng a tsaya dipone tsa one mme a tswa a ya go kgatlhantsha monyadi. 2 A le matlhano a one a ne a le dieleele, mme a le matlhano a ne a le botlhale. 3 Gonne a a dieleele a ne a tsere dipone tsa one mme a sa tsaya leokwane, 4 mme a a botlhale one a ne a tsere leokwane ka dielo tsa one le dipone tsa one. 5 Ya re monyadi a ntse a diegile, otlhe a otsela mme a robala. 6 Gare ga mpa ya bosigo ga goelediwa go twe, ‘Monyadi ke yoo! Tswang lo ye go mo kgatlhantsha.’

(Mathaio 25:7-10) Foo makgarebane ao otlhe a tsoga mme a baakanya dipone tsa one. 8 A a dieleele a raya a a botlhale a re, ‘Re neyeng lengwe la leokwane la lona, ka gonne dipone tsa rona di tloga di tima.’ 9 A a botlhale a araba ka mafoko a a reng, ‘Gongwe go ka nna ga se ka ga nna le le le lekaneng rona le lona. Mo boemong jwa moo, yang kwa go ba ba le rekisang mme lo ithekele.’ 10 Ya re ba ntse ba tswa ba ya go reka, monyadi a goroga, mme makgarebane a a neng a iketleeditse a tsena le ene mo moketeng wa lenyalo; mme setswalo sa tswalwa.

(Mathaio 25:11, 12) Morago ga moo makgarebane a mangwe otlhe le one a tla, a re, ‘Rra, rra, re bulele!’ 12 Fa a araba a re, ‘Ke lo bolelela boammaaruri, ga ke lo itse.’

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 25:31-33) “Fa Morwa motho a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang. 32 Mme ditšhaba tsotlhe di tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe, fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi. 33 Mme o tla baya dinku ka fa seatleng sa gagwe sa moja, mme dipodi ka fa molemeng wa gagwe.

w15 3/15 26 ¶7

Tswelela Pele o Tshegetsa Bomorwarraagwe Keresete

7 Gone jaanong re tlhaloganya setshwantsho seno sentle. Re a itse gore “Morwa motho” kgotsa “Kgosi” ke Jesu. ‘Bomorwarraagwe’ Kgosi ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong. (Bar. 8:16, 17) “Dinku” le “dipodi” ke batho ba ditšhaba tse di farologaneng. Ba tla atlholwa go ela kwa bokhutlong jwa pitlagano e kgolo e e tla tlogang e simologa. E bile re a itse gore Jesu o tla atlhola batho go ya ka tsela e ka yone ba tshwarang Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng. Re leboga tota gore mo dingwageng tse di fetileng Jehofa o ile a re thusa go tlhaloganya setshwantsho seno le tse dingwe tse di mo go Mathaio kgaolo 24 le 25!

(Mathaio 25:40) Mme fa kgosi e fetola e tla ba raya e re, ‘Ammaaruri ke a lo raya, Go ya bokgakaleng jo lo neng lwa go dira mo go mongwe wa ba babotlana thata wa bomorwarre bano, lo ne lwa go dira mo go nna.’

w09 10/15 16 ¶16-18

“Lo Ditsala Tsa Me”

16 Fa e le gore o na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng mo Bogosing jwa Modimo, o ka bontsha jang gore o tsala ya bomorwarraagwe Keresete? A re tlotleng ka ditsela tse tharo fela. Sa ntlha, ke ka go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera. Keresete o ne a laela bomorwarraagwe gore ba rere dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. (Math. 24:14) Le fa go ntse jalo, bomorwarraagwe Keresete ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng gompieno ba ne ba tla thatafalelwa ke go rwala maikarabelo ao fa ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe di ne di sa ba thuse. Tota e bile, nako le nako fa ba dinku tse dingwe ba dira tiro ya go rera ba a bo ba thusa bomorwarraagwe Keresete go diragatsa thomo ya bone e e boitshepo. Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, fela jaaka Keresete, se anaanela tiro eno e e bontshang botsala fela thata.

17 Tsela ya bobedi e ba setlhopha sa dinku tse dingwe ba ka thusang bomorwarraagwe Keresete ka yone ke ka go ema tiro ya go rera nokeng ka meneelo ya madi. Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba itirele ditsala ka “dikhumo tse di sa siamang.” (Luke 16:9) Seno ga se reye gore re ka reka botsala mo go Jesu kana Jehofa. Go na le moo, fa re dirisa dithoto tsa rona go ema nokeng dilo tse di direlwang Bogosi, re bontsha gore re na le lorato e bile re ditsala tsa mmatota, e seng fela ka lefoko, mme “ka tiro le boammaaruri.” (1 Joh. 3:16-18) Re ema tiro eno nokeng ka madi fa re dira tiro ya go rera, fa re ntsha meneelo ya madi gore go dirwe tiro ya go aga le ya go tlhokomela mafelo a re kopanelang mo go one, le fa re ntsha madi gore a thuse mo tirong e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go rera. Le fa re ka tswa re ntsha madi a mannye kgotsa a mantsi, ruri Jehofa le Jesu ba anaanela go aba ga rona ka boitumelo.—2 Bakor. 9:7.

18 Tsela ya boraro e rotlhe re ka bontshang ka yone gore re ditsala tsa ga Keresete ke ka go amogela kaelo e re e newang ke bagolwane ba phuthego. Banna bano ba tlhomilwe ka moya o o boitshepo ka kaelo ya ga Keresete. (Baef. 5:23) Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe.” (Baheb. 13:17) Ka dinako tse dingwe re ka fitlhela go le thata go ikobela kaelo e e theilweng mo Baebeleng e re e newang ke bagolwane ba phuthego ya rona. Re ka tswa re itse makoa a bone, mme seno se ka nna sa dira gore re se ka ra amogela kgakololo ya bone. Le fa go ntse jalo, Keresete, Tlhogo ya phuthego, o itumelela go dirisa banna bano ba ba sa itekanelang. Ka jalo, tsela e re lebang taolo ya bone ka yone e ama botsala jwa rona le Keresete ka tlhamalalo. Fa re tlodisa diphoso tsa bagolwane matlho mme re latela kaelo ya bone ka boitumelo, re bontsha gore re rata Keresete.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela