Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
APRIL 2-8
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 26
“Tlolaganyo le Segopotso di Tshwana ka Eng Mme di Farologana ka Eng?”
(Mathaio 26:17-20) Mo letsatsing la ntlha la dikuku tse di sa bedisiwang barutwa ba tla kwa go Jesu, ba re: “O batla re baakanye kae gore o jele tlolaganyo gone?” 18 A re: “Tsenang mo motseng kwa go Mokètè mme lo mo reye lo re, Moruti a re, ‘Nako ya me e e tlhomilweng e gaufi; ke tla ketekela tlolaganyo le barutwa ba me kwa legaeng la gago.’” 19 Mme barutwa ba dira jaaka Jesu a ne a ba laetse, ba baakanya dilo ba di baakanyetsa tlolaganyo. 20 Jaanong, e rile go sena go nna maitseboa, a bo a ntse ka go sekama fa tafoleng le barutwa ba ba lesome le bobedi.
setshwantsho se se mo Baebeleng ya Study Edition
Dijo Tsa Tlolaganyo
Dilo tsa botlhokwa tse di neng di dirisiwa ka Tlolaganyo ke (1) nama ya nku e e besitsweng (marapo a yone a ne a sa robiwe), (2) dikuku tse di neng di sa tsenngwang sebediso (3) le merogo e e galakang. (Ek 12:5, 8; Dip 9:11) Merogo eo e ka tswa e ne e gopotsa Baiseraele tsela e e setlhogo e ba neng ba tshwerwe ka yone fa e ne e le makgoba kwa Egepeto. Jesu o ile a dirisa senkgwe se se se nang sebediso go tshwantshetsa mmele wa gagwe o o neng o se na boleo. (Mat 26:26) Moaposetoloi Paulo o ile a bitsa Jesu a re ke ‘tlolaganyo ya rona.’ (1Bak 5:7) Dingwaga moragonyana, beine (4) e ile ya dirisiwa ka nako ya moletlo wa Tlolaganyo. Jesu o ile a dirisa beine go tshwantshetsa madi a gagwe a a ileng a tshololwa.—Mat 26:27, 28.
(Mathaio 26:26) Ya re ba ntse ba tsweletse baa ja, Jesu a tsaya senkgwe mme, morago ga go rapela, a se ngathoganya mme, ya re a se naya barutwa ba gagwe, a re: “Tsayang, jang. Seno se kaya mmele wa me.”
ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 26:26 mo Baebeleng ya Study Edition
kaya: Mo temaneng eno, lefoko la Segerika e·stinʹ (le sentlentle le kayang “ke”) le ka tswa le bua ka “go emela kgotsa go tshwantshetsa sengwe.” Fa Jesu a ne a bua mafoko ano, o ne a na le baaposetoloi ba gagwe e bile senkgwe seo se ne se le fa pele ga bone. Ka jalo, ba ne ba tlhaloganya gore o ne a sa reye gore senkgwe se ba neng ba tloga ba se ja ke mmele wa gagwe. Lefoko leno la Segerika le tlhaga gape mo go Mat 12:7 e bile Dibaebele di le dintsi di le ranotse e le “raya.”
(Mathaio 26:27, 28) Gape, a tsaya senwelo mme, ya re a sena go leboga, a se ba naya, a re: “Nwang mo go sone, lotlhe; 28 gonne seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.
ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 26:28 mo Baebeleng ya Study Edition
madi a kgolagano: Setlhabelo sa ga Jesu se ile sa dira gore go nne le kgolagano fa gare ga ga Jehofa le Bakeresete ba ba tlhophilweng go ya kwa legodimong. (Bah 8:10) Mafoko ano a ga Jesu a tshwana le a Moshe a neng a a bua fa a le kwa Thabeng ya Sinai a tlhoma kgolagano ya Molao fa gare ga Modimo le Baiseraele. (Ek 24:8; Bah 9:19-21) Fela jaaka madi a dipoo le a dipodi a ne a tlhomamisa kgolaganyo ya Molao fa gare ga Modimo le Baiseraele, madi a ga Jesu le one a tlhomamisa kgolagano fa gare ga Jehofa le Iseraele wa semoya kgotsa Bakeresete ba ba tloditsweng. Kgolagano eo e ne ya simolola ka Pentekosete ya ngwaga wa 33.—Bah 9:14, 15.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Mathaio 26:17) Mo letsatsing la ntlha la dikuku tse di sa bedisiwang barutwa ba tla kwa go Jesu, ba re: “O batla re baakanye kae gore o jele tlolaganyo gone?”
ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 26:17 mo Baebeleng ya Study Edition
Mo letsatsing la ntlha la dikuku tse di sa bedisiwang: Moletlo wa dikuku tse di sa bedisiwang o ne o simolola ka Nisane 15, letsatsi morago ga Tlolaganyo (Nisane 14) mme moletlo oo o ne o tsaya malatsi a le supa. (Bona Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo, Karolo 19.) Ka nako ya ga Jesu, Tlolaganyo e ne e tsamaisana thata le moletlo ono e bile ka dinako tse dingwe, malatsi a le robedi a moletlo ono o neng o ketekiwa ka one, go akaretsa le letsatsi la Nisane 14, a ne a bidiwa malatsi a “moletlo wa dikuku tse di sa bedisiwang.” (Luk 22:1) Ke ka moo mafoko a a reng “Mo letsatsing la ntlha la” a ka ranolwang gape e le “Letsatsi pele ga.” (Bapisa Joh 1:15, 30, e mo go yone lefoko la Segerika le le kayang “la ntlha” [proʹtos] le ranolwang e le “pele,” ka sekai “o ne a nna gone pele [proʹtos] ga me.”) Seno se re thusa go lemoga gore barutwa ba ga Jesu ba ile ba mmotsa potso e e mo go Mat 26:17 ka Nisane 13. Barutwa ba ga Jesu ba ile ba baakanyetsa Tlolaganyo go le motshegare ka Nisane 13 mme ba simolola go e keteka fa “go sena go nna maitseboa” ka nako ya fa Nisane 14 e ne e simologa.—Mar 14:16, 17.
(Mathaio 26:39) Mme ya re a tsamaela kwa pele sekgalanyana, a wa ka sefatlhego, a rapela a re: “Rra, fa go kgonega, a senwelo seno se mphete. Le fa go ntse jalo, e seng jaaka go rata nna, mme jaaka go rata wena.”
ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 26:39 mo Baebeleng ya Study Edition
a senwelo seno se mphete: Gantsi mo Baebeleng, lefoko “senwelo” le tshwantshetsa thato ya Modimo kgotsa “kabelo” e mongwe a e neilweng. (Bona ntlha e e tlhagang fa o tobetsa Mat 20:22 mo Baebeleng ya Study Edition.) Jesu o ne a tshwenngwa ke tsela e loso lwa gagwe lo neng lo tlile go dira gore leina la Modimo le tlhapadiwe le go kgobiwa ka yone, ke ka moo a ileng a re “senwelo” se mo fete.
Mmalo wa Baebele
(Mathaio 26:1-19) Jaanong e rile Jesu a sena go fetsa mafoko ano otlhe, a raya barutwa ba gagwe a re: 2 “Lo a itse gore malatsi a le mabedi go tloga jaanong ke tlolaganyo, mme Morwa motho o tla neelwa gore a bapolwe.” 3 Foo baperesiti ba bagolo le banna ba bagolwane ba batho ba phuthega mmogo mo lolwapeng lwa moperesiti yo mogolo yo o neng a bidiwa Kaiafase, 4 mme ba gakololana mmogo gore ba tshware Jesu ka maano a boferefere mme ba mmolaye. 5 Le fa go ntse jalo, ba nna ba re: “E seng kwa moletlong, gore go se ka ga tsoga pheretlhego epe mo bathong.” 6 E rile go direga gore Jesu a bo a le kwa Bethani mo ntlong ya ga Simone wa molepero, 7 mosadi mongwe yo o neng a tshotse kurwana ya alabasetere ya leokwane le le nkgang monate le le jang madi a mantsi a mo atamela, mme a le tshela mo tlhogong ya gagwe fa a ne a ntse ka go sekama fa tafoleng. 8 Ya re barutwa ba bona seno ba galefa ba re: “Ke ka ntlha yang fa go dirwa tshenyo e e kana kana? 9 Gonne seno se ka bo se rekisitswe ka madi a le mantsi mme a newa batho ba ba humanegileng.” 10 E re ka Jesu a lemoga seno, a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo leka go tshwenya mosadi yono? Gonne o ntiretse tiro e e molemo. 11 Gonne lona lo na le bahumanegi ka metlha, mme ga lo na lo nna le nna ka metlha. 12 Gonne fa mosadi yono a tshela leokwane le le nkgang monate leno mo mmeleng wa me, o ne a dira seno go mpaakanyetsa phitlho. 13 Ammaaruri ke a lo raya, Gongwe le gongwe fela kwa dikgang tse di molemo di rerwang gone mo lefatsheng lotlhe, se mosadi yono a se dirileng le sone se tla bolelwa e le go mo gopola.” 14 Foo mongwe wa ba ba lesome le bobedi, yo o bidiwang Judase Isekariota, a ya kwa baperesiting ba bagolo 15 mme a re: “Lo tla nnaya eng gore ke mo okele mo go lona?” Ba mo tlhomamisetsa dipapetlana tsa selefera di le masome a mararo. 16 Jalo go tloga ka nako eo go ya pele a nna a batla sebaka se se molemo sa go mo oka. 17 Mo letsatsing la ntlha la dikuku tse di sa bedisiwang barutwa ba tla kwa go Jesu, ba re: “O batla re baakanye kae gore o jele tlolaganyo gone?” 18 A re: “Tsenang mo motseng kwa go Mokètè mme lo mo reye lo re, Moruti a re, ‘Nako ya me e e tlhomilweng e gaufi; ke tla ketekela tlolaganyo le barutwa ba me kwa legaeng la gago.’” 19 Mme barutwa ba dira jaaka Jesu a ne a ba laetse, ba baakanya dilo ba di baakanyetsa tlolaganyo.
APRIL 9-15
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 27-28
“Goreng re Tshwanetse go Dira Barutwa, Re ka Ba Dira Kae le Gone Jang?”
(Mathaio 28:18) Mme Jesu a atamela a ba a bua le bone, a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.
‘Tsamayang lo Dire Barutwa’
4 Jesu o na le taolo mo phuthegong ya gagwe, mme fa e sa le ka 1914 o ile a nna le taolo mo Bogosing Jwa Modimo jo bo sa tswang go tlhomiwa. (Bakolosa 1:13; Tshenolo 11:15) Ke moengele yo mogolo ka jalo o na le taolo mo lesomosomong la selegodimo la baengele ba ba dimilionemilione. (1 Bathesalonika 4:16; 1 Petere 3:22; Tshenolo 19:14-16) Rraagwe o mo neile taolo ya go nyeletsa “puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla” a a kgatlhanong le melaometheo ya gagwe e e siameng. (1 Bakorintha 15:24-26; Baefeso 1:20-23) Taolo ya ga Jesu ga e felele fela mo bathong ba ba tshelang. Gape ke “moatlhodi wa batshedi le baswi” e bile Modimo o mo neile maatla a go tsosa batho ba ba robetseng mo losong. (Ditiro 10:42; Johane 5:26-28) Ga go pelaelo gore re tshwanetse go tsaya taelo e re e neilweng ke Motho yo o nang le taolo e kgolo go le kalo e le botlhokwa go feta dilo tsotlhe. Ka gone, ka go rata le ka tlotlo re ikobela taelo ya ga Keresete ya gore re ‘tsamaye re ye go dira barutwa.’
(Mathaio 28:19) Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo,
dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 28:19 mo Baebeleng ya Study Edition
dira barutwa: Lefoko la Segerika ma·the·teuʹo le ka ranolwa e le go “ruta” ka boikaelelo jwa go thusa motho go nna moithuti. (Bapisa tsela e le dirisitsweng ka yone mo go Mat 13:52 e le “rutilwe.”) Ka jalo, mafoko ‘kolobetsa’ le ‘ruta’ a bontsha gore go dira barutwa go kaya eng.
batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa: Mafoko ano a Segerika a ranolwa e le “ditšhaba tsotlhe,” mme temana eno e re thusa go bona gore go buiwa ka batho ba ba tswang mo ditšhabeng tse di farologaneng e seng ditšhaba ka botsone, seno ke ka gonne go dirisitswe leemedi la Segerika “ba” mo mafokong a a reng lo ba kolobetse. E ne e le la ntlha Jesu a laela barutwa gore ba ye go rerela “batho ba ditšhaba tsotlhe.” Pele Jesu a ba laela go dira jalo, Modimo o ne a letleletse batho ba ditšhaba tse dingwe gore ba tle mo Iseraele fa fela ba batla go mo direla. (1Dik 8:41-43) Ka jalo, fa Jesu a ne a laela barutwa ba gagwe gore ba rerele batho ba e seng Bajuda, o ne a bontsha gore tiro eno ya go dira batho barutwa e ne e tshwanetse go dirwa mo lefatsheng lotlhe.—Mat 10:1, 5-7; Tsh 7:9; Mat 24:14.
(Mathaio 28:20) lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme, bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.”
dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 28:20 mo Baebeleng ya Study Edition
lo ba rute: Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le ‘go ruta’ le akaretsa go bolelela motho sengwe, go se mo tlhalosetsa, go mmontsha mabaka le bosupi jwa se o se buang. (Bona dintlha tse di tlhagang fa o tobetsa Mat 3:1; 4:23 mo Baebeleng ya Study Edition.) Go ruta batho go boloka dilo tsotlhe tse Jesu a di laetseng go akaretsa go ruta motho dilo tse Jesu a ileng a di bua, go mmontsha gore a ka di dirisa jang mo botshelong le go etsa sekao sa ga Jesu. Mme go ruta motho ga se selo se o se dirang gangwe fela.—Joh 13:17; Bae 4:21; 1Pe 2:21.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Mathaio 27:51) Mme, bona! sesiro sa lefelo le le boitshepo sa gagogana ka bogare, go tswa kwa godimo go ya kwa tlase, mme lefatshe la roroma, le mafika a phatloga.
dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 27:51 mo Baebeleng ya Study Edition
sesiro: Gareteine eno e e kgabisitsweng bontle e ne e kgaoganya lefelo la Boitshepo le la Boitshepo Jwa Maitshepo. Go ya ka dibuka dingwe tsa Bajuda, e ne e le telele (dimetara di le 18), e le sephara (dimetara di le 9) e bile e le kima (disentimetara di le 7,4). Fa Jehofa a ne a gagoganya sesiro ka bogare, o ne a bontsha gore o galefetse batho ba ba bolaileng Morwawe mme gape seo se ne se raya gore batlodiwa ba ne ba ka kgona go tsena kwa legodimong.—Bah 10:19, 20.
lefelo le le boitshepo: Lefoko la Segerika na·osʹ le kaya lefelo le le fa gare ga Boitshepo le Boitshepo Jwa Maitshepo.
(Mathaio 28:7) Mme tsamayang ka bofefo lo bolelele barutwa ba gagwe gore o ne a tsosiwa mo baswing, mme, bonang! o lo etile pele go ya kwa Galalea; lo tla mmona koo. Bonang! Ke lo boleletse.”
ntlha e e tlhagang fa o tobetsa Mat 28:7 mo Baebeleng ya Study Edition
lo bolelele barutwa ba gagwe gore o ne a tsosiwa mo baswing: Basadi bano ke bone batho ba ntlha ba ba ileng ba bolelelwa gore Jesu o tsositswe mo baswing e bile gape ba ile ba laelwa gore ba ye go bolelela barutwa ba bangwe. (Mat 28:2, 5, 7) Go ya ka molao o Bajuda ba neng ba itiretse one, mosadi o ne a sa letlelelwa go ntsha bosupi mo kgotlatshekelong. Moengele wa ga Jehofa ene o ile a bontsha gore o tlotla basadi bano ka go ba naya kabelo eno e e itumedisang.
Mmalo wa Baebele
(Mathaio 27:38-54) Foo dinokwane tse pedi di ne di bapotswe le ene, se sengwe ka fa mojeng wa gagwe mme se sengwe ka fa molemeng wa gagwe. 39 Jalo bafeti ka tsela ba simolola go bua ka ene ba mo kgoba, ba thukutha ditlhogo 40 ba re: “Wai wena yo o reng o ka digela tempele fa fatshe mme o e age mo malatsing a le mararo, ipoloke! Fa e le gore o morwa Modimo, fologa mo koteng ya tlhokofatso!” 41 Ka mokgwa o o tshwanang baperesiti ba bagolo ba na le bakwadi le banna ba bagolwane le bone ba simolola go sotla ka ene ba re: 42 “Ba bangwe o ne a ba boloka; ene ga a kgone go ipoloka! Ke Kgosi ya Iseraele; a jaanong a fologe mo koteng ya tlhokofatso mme re tla dumela mo go ene. 43 O ikantse Modimo; a jaanong A mo namole fa e le gore Wa mmatla, gonne o ne a re, ‘Ke Morwa Modimo.’” 44 Ka yone tsela eo le tsone dinokwane tse di neng di bapotswe le ene tsa simolola go mo kgoba. 45 Go tloga ka ura ya borataro go ya pele ga nna lefifi mo lefatsheng leo lotlhe, go fitlha ka ura ya borobongwe. 46 Mo e ka nnang ka ura ya borobongwe Jesu a goa ka lentswe le le kwa godimo, a re: “Eli, Eli, lama sabakathani?” ke gore, “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?” 47 Ya re bangwe ba bao ba emeng foo ba utlwa seno, ba re: “Monna yono o bitsa Elija.” 48 Mme ka yone nako eo mongwe wa bone a siana a tsaya ngami a e ina mo beineng e e botšarara a e tlhomela mo lotlhakeng mme a mo nosa. 49 Mme ba bangwe botlhe ba re: “Mo leseng! A re boneng gore a Elija o tla tla go mmoloka.” [[Monna yo mongwe a tsaya lerumo mme a tlhaba letlhakore la gagwe, mme madi le metsi tsa tswa.]] 50 Jesu a goa ka lentswe le le kwa godimo gape, mme a lesa moya wa gagwe. 51 Mme, bona! sesiro sa lefelo le le boitshepo sa gagogana ka bogare, go tswa kwa godimo go ya kwa tlase, mme lefatshe la roroma, le mafika a phatloga. 52 Mme mabitla a kgakologelo a ne a bulega le mebele e le mentsi ya baitshepi ba ba neng ba robetse ya tswela kwa ntle, 53 (mme batho, ya re ba tswa mo mabitleng a kgakologelo fa a sena go tsosiwa, ba tsena mo motseng o o boitshepo,) mme ya bonwa ke batho ba le bantsi. 54 Mme modiredi wa masole mmogo le ba ba lebeletseng Jesu, e rile ba bona thoromo ya lefatshe le dilo tse di diragalang, ba tlelwa ke poifo fela thata, ba re: “Eleruri yono e ne e le Morwa Modimo.”
APRIL 16-22
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MAREKO 1-2
“Maleo a Gago a Itshwaretswe”
(Mareko 2:3-5) Mme banna ba tla ba mo tlisetsa motho yo o suleng ditokololo a kukilwe ke ba le banè. 4 Mme ka ba ne ba sa kgone go mo fitlhisa kwa go Jesu ka ntlha ya boidiidi, ba tlosa borulelo mo godimo ga fa a neng a le gone, mme ya re ba sena go bula phatlha ba isa bolawana jo motho yo o suleng ditokololo a neng a letse mo go jone kwa tlase. 5 E rile Jesu a bona tumelo ya bone a raya motho yo o suleng ditokololo a re: “Ngwanaka, maleo a gago a itshwaretswe.”
jy-E 67 ¶3-5
“Maleo a Gago a Itshwaretswe”
Fa Jesu a ntse a ruta boidiidi jwa batho, banna ba banê ba tla ba tsholeditse monna yo o golafetseng. Ba batla gore Jesu a fodise tsala ya bone. Ga ba kgone go “mo fitlhisa kwa go Jesu” ka gonne go tletse. (Mareko 2:4) Akanya fela gore go nyemisa moko jang. Ba palama ntlo ba bo ba ntsha dithaele. Go tswa foo, ba mo folosetsa kwa tlase mo ntlung eo.
A Jesu o a galefa fa banna bano ba mo itaya tsebe? Le e seng! O kgatlhiwa ke tumelo ya bone a bo a raya monna yo o golafetseng a re: “Maleo a gago a itshwaretswe.” (Mathaio 9:2) A mme Jesu o kgona go itshwarela maleo? Bakwadi le Bafarasai ba tshwenngwa ke mafoko ano mme ba re: “Ke ka ntlha yang fa monna yono a bua ka mokgwa ono? O a tlhapatsa. Ke mang yo o ka itshwarelang maleo fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo?”—Mareko 2:7.
Jesu o a itse gore ba akanya eng, o ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo akanya dilo tseno mo dipelong tsa lona? Ke eng se se motlhofo segolo, go raya motho yo o suleng ditokololo yono ke re, ‘Maleo a gago a itshwaretswe,’ kgotsa go re, ‘Nanoga o tseye bolawana jwa gago o tsamaye?’” (Mareko 2:8, 9) Jesu o ne a tlile go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, ka jalo, o ne a kgona go itshwarela maleo a monna yono.
(Mareko 2:6-12) Jaanong go ne go na le bangwe ba bakwadi koo, ba ntse e bile ba akanya mo dipelong tsa bone ba re: 7 “Ke ka ntlha yang fa monna yono a bua ka mokgwa ono? O a tlhapatsa. Ke mang yo o ka itshwarelang maleo fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo?” 8 Mme Jesu, ka a lemogile ka yone nako eo ka moya wa gagwe gore ba ne ba akanya ka tsela eo, a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo akanya dilo tseno mo dipelong tsa lona? 9 Ke eng se se motlhofo segolo, go raya motho yo o suleng ditokololo yono ke re, ‘Maleo a gago a itshwaretswe,’ kgotsa go re, ‘Nanoga o tseye bolawana jwa gago o tsamaye’? 10 Mme gore lo itse gore Morwa motho o na le taolo ya go itshwarela maleo mo lefatsheng,”—a raya motho yo o suleng ditokololo a re: 11 “Ke a go raya, Nanoga, tsaya bolawana jwa gago, mme o ye legaeng la gago.” 12 Foo a nanoga ruri, mme ka yone nako eo a tsaya bolawana jwa gagwe a tswa fa pele ga bone botlhe a tsamaya, mo botlhe ba neng ba tseega maikutlo fela thata, mme ba galaletsa Modimo, ba re: “Ga re ise re ke re bone selo se se tshwanang le seno.”
ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 2:9 mo Baebeleng ya Study Edition
Ke eng se se motlhofo: Go ne go ka nna motlhofo go raya motho o re o kgona go itshwarela maleo a gagwe ka gonne o ne o sa tlhoke go mmontsha bosupi bope. Mme fa Jesu a ne a re, Nanoga . . . o tsamaye, batho ba ne ba tla bona gore o kgona go itshwarela maleo. Temana eno le ya Isa 33:24 di bontsha gore re lwala ka gonne re na le boleo.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Mareko 1:11) mme lentswe la tswa kwa magodimong la re: “O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.”
dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 1:11 mo Baebeleng ya Study Edition
lentswe la tswa kwa magodimong: Leno ke lekgetlo la ntlha mo go a le mararo mo dipegong tsa Efangele tse mo tsone Jehofa a buang le batho ka tlhamalalo.—Bona dintlha tse di tlhagang fa o tobetsa Mar 9:7 le Joh 12:28 mo Baebeleng ya Study Edition.
O Morwaake: Jesu e ne e le Morwa Modimo fa a ne a le kwa legodimong. (Joh 3:16) Le fa a ne a tsholwa mo lefatsheng, o ile a bidiwa “morwa Modimo” ka gonne o ne a sena boleo fela jaaka Adame. (Luk 1:35; 3:38) Mafoko ano ga a re bolelele fela gore Jesu e ne e le mang, mme a re bontsha gore fa Modimo o ne a tshololela moya wa gagwe o o boitshepo mo go Jesu o ne a dira gore a “tsalwe gape.” Seno se ne se raya gore Jesu o ne a tla boa a ya go tshela kwa legodimong a bo a tlhomiwa ke Modimo gore a nne Kgosi le Moperesiti yo Mogolo.—Bapisa Joh 3:3-6; 6:51; Luk 1:31-33; Bah 2:17; 5:1, 4-10; 7:1-3.
Ke go amogetse: Kgotsa “O a intumedisa.” Mafoko ano gape a fitlhelwa mo go Mat 12:18, mme a tswa mo go Isa 42:1 e e buang ka Mesia kgotsa Keresete. Fa Modimo a ne a tsholola moya wa gagwe o o boitshepo le go bolelela gore Jesu e ne e le Morwawe, o ne a bontsha gore Jesu ke ene Mesia yo o neng a solofetswe.—Bona dintlha tse di tlhagang fa o tobetsa Mat 3:17; 12:18 mo Baebeleng ya Study Edition.
(Mareko 2:27, 28) Jalo a tswelela a ba raya a re: “Sabata e ne ya nna gone ka ntlha ya motho, mme e seng motho ka ntlha ya sabata; 28 ka gone Morwa motho ke Morena le e leng wa sabata.”
dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 2:28 mo Baebeleng ya Study Edition
Morena . . . wa sabata: Jesu o ne a dirisa mafoko ano fa a bua ka ga gagwe (Mat 12:8; Luk 6:5), mme o ile a bua mafoko ano go bontsha gore o ne a na le tshwanelo ya go dira tiro e Rraagwe yo o kwa legodimong a mo neileng yone ka letsatsi la Sabata. (Bapisa Joh 5:19; 10:37, 38) Bontsi jwa dikgakgamatso tse di tlhomologileng tse Jesu a ileng a di dira, go akaretsa le go fodisa batho ba ba lwalang, o ile a di dira ka letsatsi la Sabata. (Luk 13:10-13; Joh 5:5-9; 9:1-14) Fa Jesu a busa, go tlile go nna jaaka e kete re mo letsatsing la sabata ka gonne o tla fedisa dilo tsotlhe tse di bosula.—Bah 10:1.
Mmalo wa Baebele
(Mareko 1:1-15) Tshimologo ya dikgang tse di molemo kaga Jesu Keresete: 2 Fela jaaka go kwadilwe mo go Isaia moporofeti go twe: “(Bona! Ke romela morongwa wa me fa pele ga sefatlhego sa gago, yo o tla baakanyang tsela ya gago;) 3 reetsang! mongwe o goa kwa nageng a re, ‘Baakanyang tsela ya ga Jehofa, tlhamalatsang ditsela tsa gagwe,’” 4 Johane wa mokolobetsi o ne a tla mo nageng, a rera kolobetso e le tshwantshetso ya boikwatlhao gore go itshwarelwe maleo. 5 Ka gone karolo yotlhe ya naga ya Judea le banni botlhe ba Jerusalema ba ya kwa go ene, mme a ba kolobetsa mo Nokeng ya Joredane, ba ipolela maleo a bone ka tshosologo. 6 Jaanong Johane o ne a apere boboa jwa kamela le moitlamo wa letlalo mo lothekeng lwa gagwe, mme o ne a ja tsie le tswina ya dinotshe ya naga. 7 Mme o ne a tle a rere, a re: “Morago ga me go tla mongwe yo o nonofileng go mpheta; ga ke a lekana go inama ke funolola dikgole tsa bompaatšhane ba gagwe. 8 Nna ke ne ka lo kolobetsa ka metsi, mme ene o tla lo kolobetsa ka moya o o boitshepo.” 9 Fa malatsi ao a ntse a tsweletse Jesu a tla a tswa kwa Nasaretha wa Galalea mme a kolobediwa ke Johane mo Joredane. 10 Mme ka yone nako eo ya re a tlhatloga a tswa mo metsing a bona magodimo a kgaogana, le moya o fologela mo go ene jaaka lephoi; 11 mme lentswe la tswa kwa magodimong la re: “O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.” 12 Mme ka yone nako eo moya wa mo patelela go tsena mo nageng. 13 Jalo a tswelela a le mo nageng malatsi a le masome a manè, a raelwa ke Satane, mme o ne a na le dibatana tsa naga, le fa go ntse jalo baengele ba ne ba mo direla. 14 Jaanong ya re Johane a sena go tshwarwa, Jesu a tsena mo Galalea, a rera dikgang tse di molemo tsa Modimo 15 a re: “Nako e e tlhomilweng e diragaditswe, mme bogosi jwa Modimo bo atametse. Ikwatlhayeng, mme lo nne le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo.”
APRIL 23-29
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MAREKO 3-4
“Go Fodisa Batho ka Letsatsi la Sabata”
(Mareko 3:1, 2) A tsena mo sinagogeng gapegape, mme monna mongwe yo o omeletseng seatla o ne a le koo. 2 Jalo ba ne ba mo lebeletse ka kelotlhoko go bona gore a o ne a tla alafa monna yono ka sabata, gore ba tle ba mo latofatse.
jy-E 78 ¶1-2
Ke Eng se se Siameng ka Sabata?
Jesu a ka tswa a ne a le kwa Galalea fa a ne a etela sinagoge nngwe ka letsatsi la Sabata. Fa a tsena koo, o fitlhela monna mongwe yo o omeletseng seatla. (Luke 6:6) Bakwadi le Bafarasai ba batla go bona gore Jesu o tla dira eng. Goreng? Re bona se tota se leng mo dipelong tsa bone ka potso e ba ileng ba e botsa: “A go kafa molaong go alafa ka sabata?”—Mathaio 12:10.
Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba dumela gore motho o tshwanetse go fodisiwa ka letsatsi la Sabata fa fela botshelo jwa gagwe bo le mo kotsing. Ka sekai, fa motho a robegile kgotsa a tsipogile, molao o ne o sa letle gore a fodisiwe. Ka jalo fa bakwadi le Bafarasai ba ne ba botsa Jesu potso eno, e ne e se gore ba kgathalela monna yoo, go na le moo ba ne ba batla lebaka la go tshwaya Jesu phoso.
(Mareko 3:3, 4) Mme a raya monna yo o omeletseng seatla yono a re: “Nanoga o tle fa gare.” 4 Morago ga moo a ba raya a re: “A go kafa molaong go dira tiro e e molemo kgotsa go dira tiro e e bosula ka sabata, go boloka moya kgotsa go o bolaya?” Mme ba didimala fela.
jy-E 78 ¶3
Ke Eng se se Siameng ka Sabata?
Le fa go ntse jalo, Jesu o itse tsela e ba akanyang ka yone. O lemoga gore ba feteletsa dilo tse ba tshwanetseng go di dira kgotsa tse ba sa tshwanelang go di dira ka letsatsi la Sabata. (Ekesodo 20:8-10) Leno e ne e se lekgetlo la ntlha batho ba mo latofatsa ka dilo tse a neng a di direla batho. Jaanong, Jesu o araba ditatofatso tseno ka go raya monna yo o omeletseng seatla a re: “Nanoga o tle fa gare.”—Mareko 3:3.
(Mareko 3:5) Fa a sena go lebaleba mo tikologong kwa go bone ka kgakalo, a hutsafaditswe thatathata ke go kgwaralala ga dipelo tsa bone, a raya monna yono a re: “Otlolola seatla sa gago.” Mme a se otlolola, mme seatla sa gagwe sa fola.
ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 3:5 mo Baebeleng ya Study Edition
ka kgakalo, a hutsafaditswe thatathata: Pego ya ga Mareko ke yone fela e buang ka tsela e Jesu a neng a ikutlwa ka yone fa a bona dipelo tse di kgwaraletseng tsa baeteledipele ba bodumedi. (Mat 12:13; Luk 6:10) Petere e ne e le motho yo o ratang go tlhalosa maikutlo a gagwe, go ka direga gore ke ene a neng a bolelela Mareko ka tsela e Jesu a neng a ikutlwa ka yone.—Leba bidio ya “Se se Mo Bukeng ya Mareko.”
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Mareko 3:29) Le fa go ntse jalo, le fa e le mang yo o tlhapatsang moya o o boitshepo ga a na boitshwarelo ka bosaengkae, mme o na le molato wa boleo jwa bosakhutleng.”
dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 3:29 mo Baebeleng ya Study Edition
yo o tlhapatsang moya o o boitshepo: Go tlhapatsa go kaya go bua dilo tse di maswe kgotsa tse di bosula ka Modimo le ka dilo tse di boitshepo. Moya o o boitshepo o tswa kwa Modimong, ka jalo, go dira dilo kgatlhanong le one kgotsa go gana go dumela gore o teng go tshwana le go tlhapatsa Modimo. Mo go Mat 12:24, 28 le Mar 3:22, baeteledipele ba Bajuda ba ne ba bona gore moya wa Modimo ke one o nayang Jesu maatla a go dira dikgakgamatso mme ba ile ba re Jesu o tsaya maatla ao mo go Satane Diabolo.
o na le molato wa boleo jwa bosakhutleng: Go bonala Modimo a se kitla a itshwarela motho yo o tlhapatsang moya o o boitshepo e bile go se na setlhabelo sepe se se ka dirwang go phimola boleo jono.—Bona ntlha e e buang ka yo o tlhapatsang moya o o boitshepo mo go Mat 12:31 mo Baebeleng ya Study Edition.
(Mareko 4:26-29) Jalo a tswelela ka go re: “Ka tsela eno bogosi jwa Modimo bo tshwana fela le fa motho a latlhela peo mo mmung, 27 mme a robale bosigo a ba a tsoge motshegare, mme peo e tlhoge e bo e golele kwa godimo, gore jang ga a itse. 28 Mmu ka boone o ntsha maungo ka bonya, sa ntlha mogwang, go tswa foo seako, la bofelo dijo tsa ditlhaka tse di tletseng mo seakong. 29 Mme ka bonako fela fa maungo a letla, o tsenya sekele, ka gonne nako ya thobo e tlile.”
A o ‘Tlhaloganya Bokao’?
6 Re ka ithuta eng mo setshwantshong seno? Sa ntlha, re tshwanetse go amogela gore ga se rona re laolang kgolo ya semoya ya motho yo re ithutang Baebele le ene. Go nna boingotlo go tla re thusa go tila go raelesega go pateletsa motho yo re ithutang le ene gore a kolobediwe. Re dira sotlhe se re ka se kgonang le go ema motho yono nokeng, mme ka boikokobetso re amogela ntlha ya gore kgabagare ke ene a tshwanetseng go dira tshwetso ya go ineela mo Modimong. Motho o tshwanetse go ineela ka gonne a rata go dira jalo go tswa pelong mme a tlhotlhelediwa ke go bo a rata Modimo. Fa go se jalo, Jehofa ga a na go amogela boineelo joo.—Pes. 51:12; 54:6; 110:3.
7 Sa bobedi, go tlhaloganya se setshwantsho seno se re rutang sone go tla re thusa gore re se ka ra kgobega marapo fa kwa tshimologong re sa bone diphelelo tse di molemo mo tirong ya rona. Re tlhoka go nna pelotelele. (Jak. 5:7, 8) Tota le fa peo e sa ungwe, fa re dirile sotlhe se re ka se kgonang go thusa motho yo re ithutang le ene, re lemoga gore seno ga se reye gore ga re a dira tiro ya rona ka botlalo. Jehofa o letlelela peo ya boammaaruri gore e gole mo pelong e e ikokobeditseng le e e iketleeleditseng go dira diphetogo. (Math. 13:23) Ka jalo, ga re a tshwanela go tsaya gore go nna le diphelelo tse di molemo mo bodireding ke gone fela go bontshang gore re atlegile. Go ya ka Jehofa, go atlega ga rona mo bodireding ga go a ikaega ka gore batho ba re ba rutang ba arabela jang. Go na le moo, Modimo o anaanela thata maiteko a re a dirang ka boikanyegi go sa kgathalesege diphelelo tse di nnang gone.—Bala Luke 10:17-20; 1 Bakorintha 3:8.
8 Sa boraro, ga se ka dinako tsotlhe re kgonang go lemoga fa motho a dira diphetogo. Ka sekai, banyalani bangwe ba ba neng ba ithuta le morongwa mongwe ba ne ba ya kwa go ene mme ba mmolelela gore ba batla go nna baboledi ba ba sa kolobediwang. O ne a ba gakolola gore fa ba batla go tshwanelega ba tshwanetse go tlogela go goga motsoko. O ne a gakgamala fa ba ne ba mmolelela gore ba tlogetse motsoko dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba tlogetse motsoko? Ba ne ba lemoga gore Jehofa o a ba bona fa ba goga motsoko le gore ga a rate boitimokanyi. Ka jalo, dipelo tsa bone di ne tsa ba tlhotlheletsa gore ba dire tshwetso—gore a ba tla goga motsoko fa pele ga morongwa kgotsa ba tla kgaotsa gotlhelele. E re ka ba ne ba sa tswa go simolola go rata Jehofa, seo se ne sa ba thusa go dira tshwetso e e siameng. Ba ne ba godile semoyeng le fa morongwa a ne a sa itse sepe ka diphetogo tse ba neng ba di dirile.
Mmalo wa Baebele
(Mareko 3:1-19a) A tsena mo sinagogeng gapegape, mme monna mongwe yo o omeletseng seatla o ne a le koo. 2 Jalo ba ne ba mo lebeletse ka kelotlhoko go bona gore a o ne a tla alafa monna yono ka sabata, gore ba tle ba mo latofatse. 3 Mme a raya monna yo o omeletseng seatla yono a re: “Nanoga o tle fa gare.” 4 Morago ga moo a ba raya a re: “A go kafa molaong go dira tiro e e molemo kgotsa go dira tiro e e bosula ka sabata, go boloka moya kgotsa go o bolaya?” Mme ba didimala fela. 5 Fa a sena go lebaleba mo tikologong kwa go bone ka kgakalo, a hutsafaditswe thatathata ke go kgwaralala ga dipelo tsa bone, a raya monna yono a re: “Otlolola seatla sa gago.” Mme a se otlolola, mme seatla sa gagwe sa fola. 6 Foo Bafarasai ba tswa mme ka yone nako eo ba simolola go tshwara khuduthamaga le lekoko la balatedi ba ga Herode ka ene, gore ba mo mmolaye. 7 Mme Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa ba ya kwa lewatleng; mme bontsintsi jo bogolo jwa batho ba ba tswang kwa Galalea le kwa Judea ba mo sala morago. 8 Le ba ba tswang kwa Jerusalema le kwa Idumea le ka kwa ga Joredane le go dikologa Ture le Sidona, bontsintsi jo bogolo, ya re ba utlwalela ka dilo di le dintsi tse a neng a di dira, ba tla kwa go ene. 9 Mme a raya barutwa ba gagwe a re ba beye mokorwana o a tla nnang a o dirisa gore boidiidi bo se ka jwa mo pitlaganyetsa. 10 Gonne o ne a alafa ba le bantsi, mo go neng ga felela ka gore botlhe ba ba neng ba na le malwetse a a hutsafatsang ba wele mo go ene gore ba mo ame. 11 Le e leng meya e e seng phepa, le fa e le leng fela fa e mmona, e ne e itigela fa pele ga gagwe e bo e goa, e re: “O Morwa Modimo.” 12 Mme o ne a e laela gantsi ka bogale gore e se ka ya dira gore a itsiwe. 13 Mme a tlhatloga thaba a bo a bitsa ba a neng a ba batla, mme ba tswa ba ya kwa go ene. 14 Mme a bopa setlhopha sa ba le lesome le bobedi, ba gape a neng a ba bitsa “baaposetoloi,” gore ba tswelele le ene le gore a ba rome ba ye go rera 15 le gore ba nne le taolo ya go leleka madimona. 16 Mme setlhopha sa ba le lesome le bobedi se a neng a se bopa e ne e le Simone, yo gape a neng a mo naya sefane sa Petere, 17 le Jakobe morwa Sebede le Johane morwarraagwe Jakobe (gape o ne a naya bano sefane sa Boaneregese, mo go rayang Bomorwa Tumo ya Maru), 18 le Anderea le Filipo le Barotholomeo le Mathaio le Thomase le Jakobe morwa Alefaeo le Thadaeo le Simone wa Mokanana 19 le Judase Isekariota, yo moragonyana a neng a mo oka. Mme a tsena mo ntlong nngwe.
BOTSHELO JWA BOKERESETE
ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 4:9 mo Baebeleng ya Study Edition
A yo o nang le ditsebe tsa gore a reetse a reetse: Pele Jesu a bua ka setshwantsho sa mojadi, o ne a re: “Reetsang.” (Mar 4:3) O ne a konela setshwantsho seno ka go dirisa lefoko le le tshwanang, mme ka go dira jalo, o ne a bontsha gore go botlhokwa gore balatedi ba gagwe ba ele tlhoko dikgakololo tsa gagwe. Jesu o ne a ba kgothaletsa gore ba reetse le mo ditemaneng tseno: Mat 11:15; 13:9, 43; Mar 4:23; Luk 8:8; 14:35; Tsh 2:7, 11, 17, 29; 3:6, 13, 22; 13:9.
APRIL 30–MAY 6
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MAREKO 5-6
“Jesu O na Le Maatla a go Tsosa Batho ba ba Tlhokafetseng”
(Mareko 5:38) Jalo ba tla mo ntlong ya modiredi yo o okametseng wa sinagoge, mme a bona tlhakatlhakano e bile go le modumo le ba ba lelang e bile ba kuruetsa,
(Mareko 5:39-41) mme, fa a sena go tsena mo teng, a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo tsosa tlhakatlhakano le modumo e bile lo lela? Ngwana yo mmotlana ga aa swa, mme o robetse.” 40 Foo ba simolola go mo tshega ka tshotlo. Mme, fa a sena go ba ntshetsa botlhe kwa ntle, a tsaya rraagwe ngwana yo mmotlana yono le mmaagwe le ba ba neng ba na le ene, mme a tsena mo ngwana yo mmotlana a neng a le gone. 41 Mme, ya re a tshwara seatla sa ngwana yo mmotlana yono, a mo raya a re: “Talitha kumi,” mo, fa go ranolwa, go rayang gore: “Morweetsana, ke a go raya, Tsoga!”
ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 5:39 mo Baebeleng ya Study Edition
ga aa swa, mme o robetse: Gantsi Baebele e tshwantsha loso le boroko. (Pes 13:3; Joh 11:11-14; Dit 7:60; 1Bak 7:39; 15:51; 1Bath 4:13) Jesu a ka tswa a ne a bua mafoko ano ka gonne a itse gore o tloga a tsosa mosetsana yo o suleng. Jaanong o ne a batla gore batho ba bone gore batho ba ka tsosiwa mo losong fela jaaka ba tsosiwa mo borokong. Jesu o ne a tsaya maatla a go tsosa mosetsana yono kwa go Rragwe, “yo o tshedisang baswi a ba a bitsa dilo tse di seyong jaaka e kete di ne di le gone.”—Bar 4:17.
(Mareko 5:42) Mme ka yone nako eo morweetsana yono a tsoga mme a simolola go tsamaya, gonne o ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi. Mme ba se ka ba kgona go itshwara ka ntlha ya go tlhapelwa ke boitumelo.
jy-E 118 ¶6
Mosetsana yo o Neng a Sule o a Tshela!
Fa Jesu a ne a fodisa batho o ne a ba kopa gore ba se ka ba bolelela ba bangwe mme o ile a dira jalo le mo lekgetlong leno ka batsadi ba mosetsana yono. Mme gone, e re ka batsadi bao ba ne ba itumetse ba ile ba bolelela batho ba “mo kgaolong eo yotlhe.” (Mathaio 9:26) A le wena o ne o se kitla o itumela fa o bona motho yo o mo ratang a tsositswe mo baswing? Leno ke lekgetlo la bobedi Jesu a tsosa motho yo o suleng.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Mareko 5:19, 20) Le fa go ntse jalo, a se ka a mo letla, mme a mo raya a re: “Ya gae kwa go ba losika lwa gago, mme o ba begele dilo tsotlhe tse Jehofa a di go diretseng le kafa a neng a go utlwela botlhoko ka gone.” 20 Mme a tsamaya a simolola go bolela mo Dekapolise dilo tsotlhe tse Jesu a di mo diretseng, mme batho botlhe ba gakgamala.
ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 5:19 mo Baebeleng ya Study Edition
ba begele: Fa Jesu a ne a fodisa batho o ne a ba raya a re ba se ka ba ya go bolelela ba bangwe (Mar 1:44; 3:12; 7:36), mme mo lekgetlong leno o ile a bolelela monna yono gore a ye bolelela ba losika lwa gagwe ka se se diragetseng. A ka tswa dirile jalo ka gonne batho ba ile ba mo kopa gore a tswe mo motseng oo mme seo se ne se tla dira gore a se ka a kgona go ba rerela; gape go ne go tla dira gore go se ka ga nna le dipuo tse di ntsi ka dikolobe tse di suleng.
(Mareko 6:11) Mme gongwe le gongwe kwa lefelong le batho ba se kitlang ba lo amogela kwa go lone le fa e le go lo utlwa, e re lo tswa koo lo tlhotlhoreng lerole le le kafa tlase ga dinao tsa lona gore e nne bosupi mo go bone.”
ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 6:11 mo Baebeleng ya Study Edition
lo tlhotlhoreng lorole mo dinaong tsa lona: Fa barutwa ba ne ba dira jalo, seo se ne se bontsha gore ba dirile tiro ya bone mme ba ne ba se kitla ba rwala maikarabelo a se Modimo a tla se dirang motho yoo. Mafoko ano gape a tlhagelela mo go Mat 10:14 le Luk 9:5. Mareko le Luke ba oketsa mafoko ano ka gore e nne bosupi mo go [kgotsa, “kgatlhanong le”] bone. Paulo le Barenabase ba ile ba dira jalo fa ba ne ba tswa kwa Antioka wa Pisidia. (Dit 13:51) Paulo o ile a go dira le kwa Korintha fa a ne a tlhotlhora diaparo tsa gagwe a bo a re: “A madi a lona a nne mo ditlhogong tsa lona. Ke phepa.” (Dit 18:6) Go bona batho ba dira jalo e ne e le selo se se tlwaelegileng ka dinako tseo ka gonne Bajuda ba ne ba tlhola ba tlhotlhora dinao tsa bone fa ba tswa kwa metseng ya ditšhaba tse dingwe. Mme gone fa Jesu a ne a bua mafoko ano o ne sa reye gore barutwa ba gagwe ba etse Bajuda mme o ne a raya gore ba diragatse maikarabelo a bone a go rerela batho.
Mmalo wa Baebele
(Mareko 6:1-13) Mme a tloga koo a tla mo karolong ya naga ya gagabo, mme barutwa ba gagwe ba mo sala morago. 2 E rile go nna sabata, a simolola go ruta mo sinagogeng; mme ba le bantsi ba ba reeditseng ba tshwarwa ke kgakge mme ba re: “Monna yono o tsere kae dilo tseno? Mme ke ka ntlha yang fa botlhale jono bo neilwe monna yono, le ditiro tsa maatla tse di ntseng jaana di dirwa ka diatla tsa gagwe? 3 Yono ke mmetli wa dikgong morwa Marea le morwarraagwe Jakobe le Josefa le Judase le Simone, ga ke re? Le bokgaitsadie ba fano le rona, ga ke re?” Jalo ba simolola go kgotšwa ka ntlha ya gagwe. 4 Mme Jesu a tswelela a ba raya a re: “Moporofeti o a tlotlwa mme e seng mo karolong ya naga ya gagabo le mo go ba losika lwa gagwe le mo ntlong ya gagwe.” 5 Jalo o ne a sa kgone go dira tiro epe ya maatla koo fa e se go baya diatla ba ba boboletseng ruri ba le mmalwa le go ba alafa. 6 Eleruri, o ne a gakgamalela go tlhoka tumelo ga bone. Mme a ya mo tikologong mo metsaneng e e dirang potologo, a ruta. 7 Jaanong a bitsa ba ba lesome le bobedi, a simolola go ba roma ka bobedi le bobedi, mme a ba naya taolo ya go laola meya e e seng phepa. 8 Gape, o ne a ba naya ditaelo tsa gore ba se ka ba tsholela loeto sepe fa e se lore lo le losi, le fa e le senkgwe, le fa e le kgetsana ya dijo, le fa e le madi a kopore mo dikgwameng tsa bone tsa moitlamo, 9 ba bofe bompaatšhane, mme ba se ka ba apara diaparo tsa kafa teng di le pedi. 10 Gape, a ba raya a re: “Gongwe le gongwe fela kwa lo tsenang mo legaeng gone, nnang koo go fitlha lo tswa mo lefelong leo. 11 Mme gongwe le gongwe kwa lefelong le batho ba se kitlang ba lo amogela kwa go lone le fa e le go lo utlwa, e re lo tswa koo lo tlhotlhoreng lerole le le kafa tlase ga dinao tsa lona gore e nne bosupi mo go bone.” 12 Jalo ba bolola mme ba rera gore batho ba tle ba ikwatlhaye; 13 mme ba ne ba tle ba leleke madimona a le mantsi ba bo ba tlotse batho ba ba boboletseng ruri ba le bantsi ka leokwane mme ba ba alafe.