Pina 68
Thapelo ya Motho wa Maemo a a Kwa Tlase
E e Gatisitsweng
1. Ke’ikuela kwa go wena Jah,
‘Utlwa thapelo’a me.’
Ke tshwenyegile tlhe
Rara gape ke imetswe.
Ke kgobegile marapo
ke lapile pelo.
Nkutlwele botlhoko,
wena Modimo’a kgomotso.
(KHORASE)
Nthuse Rara; ke itshoke.
Fa ke boga, o nnonotshe.
Ke tlaletswe, Rara nthuse.
Jehofa tlhe, o nkarabe.
2. ’Foko la ’go le’a nkgomotsa
fa ke tshwenyegile,
Mafoko’a lone a
kgomotso’a nametsa pelo.
Ke kopa o mphe tumelo
ke tshepe Baebele.
’Rato la ’go le legolo
go feta pelo’a me.
(KHORASE)
Nthuse Rara; ke itshoke.
Fa ke boga, o nnonotshe.
Ke tlaletswe, Rara nthuse.
Jehofa tlhe, o nkarabe.
(Bona le Pes. 42:6; 119:28; 2 Bakor. 4:16; 1 Joh. 3:20.)