LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr18 May ts. 1-12
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2018
  • Ditlhogwana
  • MAY 7-13
  • MAY 14-20
  • MAY 21-27
  • MAY 28–JUNE 3
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2018
mwbr18 May ts. 1-12

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

MAY 7-13

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MAREKO 7-8

“Tsaya Kota ya Gago ya Tlhokofatso Mme o Ntshale Morago o sa Kgaotse”

(Mareko 8:34) Jaanong a biletsa boidiidi kwa go ene le barutwa ba gagwe a ba raya a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 8:34 mo Baebeleng ya Study Edition

a a iitatole: Kgotsa a itime tshwanelo ya go nna le dilo dingwe. Seno se bontsha gore motho o iketleeleditse go iitatola kgotsa gore ga a tlhole a itshelela mme o tshelela Modimo. Mafoko ano a Segerika a ka ranolwa e le “a a itime dilo dingwe,” mme go a tshwanela ka gonne go na le dilo tse a di ratang tse a se kitlang a di dira. (2Bak 5:14, 15) Mareko le ene o ne a dirisa lediri leno la Segerika fa a ne a tlhalosa se Petere a neng a se dira fa a ne a itatola Jesu.—Mar 14:30, 31, 72.

w92 8/1 17 ¶14

O Siana Jang mo Lobelong lwa Botshelo?

14 “Fa mongwe a batla go ntshala morago,” go ne ga rialo Jesu Keresete a bolelela balatedi ba gagwe ba kokoane le ba bangwe, “a a iitatole [kana, “o tshwanetse go ithaya a re ‘Nnyaa,’” go ya ka thanolo ya ga Charles B. Williams] mme a tseye mokgoro wa gagwe a bo a tswelela pele go ntshala morago.” (Mareko 8:34, NW) Fa re amogela taletso eno, re tshwanetse gore re bo re iketleeditse go “tswelela pele” re dira jalo, e seng ka gonne go itima dilo dingwe ka bogone go na le tuelo nngwe e e kgethegileng, mme e le ka gonne go sa lebe dilo sentle ka nakwana fela, go sa dire tshwetso e e tshwanetseng gangwe fela, go ka nna ga senya gotlhe mo go setseng go dirilwe, ga bo ga re tsenya mo kotsing ya gore re se ka ra atlega ka bosakhutleng. Go gatela pele semoyeng gantsi go dirwa ka bonya, mme abo go ka busediwa kwa morago ka bofefo jang ne fa re sa nne re itisitse ka metlha!

(Mareko 8:35-37) Gonne le fa e le mang yo o batlang go boloka moya wa gagwe o tla mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke moya wa gagwe ka ntlha ya me le dikgang tse di molemo o tla o boloka. 36 Tota, motho o solegelwa molemo ke eng gore a gape lefatshe lotlhe mme a latlhe moya wa gagwe? 37 Ke eng tota, se motho a ka se ntshang a se ananya ka moya wa gagwe?

w08 10/15 25-26 ¶3-4

O Tla Ithontsha Eng Gore o Nne o Tshela?

3 Ka lone lekgetlho leo, Jesu o ne a botsa dipotso tse pedi tse di dirang gore motho a akanye: “Tota, motho o solegelwa molemo ke eng gore a gape lefatshe lotlhe mme a latlhe moya wa gagwe?” le e e reng, “Ke eng tota, se motho a ka se ntshang a se ananya ka moya wa gagwe?” (Mareko 8:36, 37) Karabo ya potso ya ntlha ga e gake. Ga go na mosola gore motho a gape lefatshe lotlhe a bo a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe, kgotsa moya wa gagwe. Dithoto di na le mosola fa fela motho a tshela gore a di dirise. Potso ya ga Jesu ya bobedi: “Ke eng tota, se motho a ka se ntshang a se ananya ka moya wa gagwe?” e ka tswa e ile ya gopotsa bareetsi ba gagwe tatofatso e Satane a neng a e dira mo metlheng ya ga Jobe: “Sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.” (Jobe 2:4) Bangwe ba ba sa obameleng Jehofa ba ka nna ba bo ba tshela go dumalana le mafoko ao a ga Satane. Ba le bantsi ba ka dira sengwe le sengwe, le gone go tlola molao le fa e le ofe wa boitsholo, fela gore ba nne ba tshela. Mme Bakeresete bone ba leba dilo ka tsela e sele.

4 Re itse gore Jesu o ne a sa tlela mo lefatsheng go tla go re naya botsogo jo bontle, khumo le botshelo jo boleele mo lefatsheng leno. O ne a tletse go re naya tshiamelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha mme tsholofelo eo ke yone e re e tseelang kwa godimo thata. (Johane 3:16) Mokeresete a ka tlhaloganya gore potso ya ga Jesu ya ntlha e ne e kaya gore, “Tota motho o solegelwa molemo ke eng fa a gapa lefatshe lotlhe mme a latlhegelwa ke tsholofelo ya gagwe ya go tshelela ruri?” Karabo ke gore, Ga a solegelwe molemo ka gope. (1 Johane 2:15-17) Fa re batla go araba potso ya ga Jesu ya bobedi, go ka nna molemo gore re ipotse jaana, ‘Ke iketleeditse go ithontsha dilo go le kana kang gone jaanong gore ke tlhomamisege gore ke tla tshela mo lefatsheng le lesha?’ Tsela e re arabang potso eo ka yone, e e bontshiwang ke tsela e re tshelang ka yone, e senola kafa tsholofelo eo e itsetsepetseng ka teng mo dipelong tsa rona.—Bapisa Johane 12:25.

(Mareko 8:38) Gonne le fa e le mang yo o ntlhabelwang ke ditlhong e bile a tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya mafoko a me mo kokomaneng e e akafalang eno le e e nang le boleo, Morwa motho le ene o tla mo tlhabelwa ke ditlhong fa a goroga ka kgalalelo ya ga Rraagwe a na le baengele ba ba boitshepo.”

jy-E 143 ¶4

Morwa Motho ke Mang?

Balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go nna pelokgale e bile ba tshwanetse go intsha setlhabelo gore a tle a ba amogele. Jesu a re: “Le fa e le mang yo o ntlhabelwang ke ditlhong e bile a tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya mafoko a me mo kokomaneng e e akafalang eno le e e nang le boleo, Morwa motho le ene o tla mo tlhabelwa ke ditlhong fa a goroga ka kgalalelo ya ga Rraagwe a na le baengele ba ba boitshepo.” (Mareko 8:38) Ke boammaaruri gore fa Jesu a tla, “o tla lefetsa mongwe le mongwe go ya ka boitshwaro jwa gagwe.”—Mathaio 16:27.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mareko 7:5-8) Jalo Bafarasai bano le bakwadi ba mmotsa ba re: “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba gago ba sa itshware go ya ka ngwao ya batho ba dinako tsa pele, mme baa ja dijo ka diatla tse di leswe?” 6 A ba raya a re: “Isaia o ne a porofeta sentle ka ga lona baitimokanyi ke lona, jaaka go kwadilwe go twe, ‘Batho bano ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di katogetse kgakala le nna. 7 Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.’ 8 Ka go tlogela taelo ya Modimo, lo ngangatlela ngwao ya batho.”

w16.08 30 ¶1-4

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa baganetsi ba ga Jesu ba ne ba buelela kgang ya go tlhapa diatla?

Eno ke nngwe ya dikgang tse baba ba ga Jesu ba neng ba mo latofatsa ka tsone. Molao wa ga Moshe o ne o umaka se se neng se tshwanetse go dirwa fa motho a itshekologile, jaaka fa go na le sengwe se se elelang mo serweng, motho a na le lepero kgotsa a tshwere setopo sa motho kgotsa sa phologolo. Gape o ne o tlhalosa ditaelo tse di tshwanetseng go latelwa gore motho a itsheke gape. Seno se ne se dirwa ka go ntsha setlhabelo, go tlhapa kgotsa go kgatshiwa.—Lefi. kgao. 11-15; Dipa. kgao. 19.

Borabi ba Bajuda ba ne ba tlhalosa karolo nngwe le nngwe ya melao eo. Buka nngwe ya re fa motho a itshekologile, o ne a “botsolodiwa gore go tlile jang gore a itshekologe, gore boitshekologo jwa gagwe bo ne bo tla anamela jang kwa bathong ba bangwe, le gore ke didirisiwa dife tse di neng di ka itshekologa le tse di neng di ka se itshekologe le meetlo e e neng e tshwanetse go latelwa gore motho a boe a itsheke gape.”

Baganetsi ba ga Jesu ba ne ba mmotsa ba re: “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba gago ba sa itshware go ya ka ngwao ya batho ba dinako tsa pele, mme ba ja dijo ka diatla tse di leswe?” (Mareko 7:5) Baganetsi bao ba ne ba sa bue ka kgang ya go tlhapa diatla tse di leswe pele motho a ja. Borabi ba ne ba latela moetlo, ka jalo, ba ne ba batla go tshelwa metsi mo diatleng pele ba ja. Buka e re e umakileng fa godimo ya re: “Gape go ne go sekasekiwa gore ke didirisiwa dife tse di tshwanetseng go dirisiwa go tshela metsi, gore ke metsi afe a a tshwanetseng go dirisiwa, gore ke mang yo o tshwanetseng go a tshela le gore metsi a tshwanetse go tshelwa go fitlha fa kae mo seatleng.”

Jesu o ne a araba jang baeteledipele bao ba bodumedi ba Bajuda ba ba neng ba itiretse melao e mentsintsi? O ne a re: “Isaia o ne a porofeta sentle ka ga lona baitimokanyi ke lona, jaaka go kwadilwe gotwe, ‘Batho bano ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di katogetse kgakala le nna [Jehofa]. Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.’ Ka go tlogela taelo ya Modimo, lo ngangatlela ngwao ya batho.”—Mareko 7:6-8.

(Mareko 7:32-35) Fano ba mo tlisetsa monna yo o neng a le susu e bile a na le bothata jwa go bua, mme ba mo rapela gore a mmeye seatla. 33 Mme a mo tlosa mo boidiiding a mo isa kwa thoko mme a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa monna yono mme, fa a sena go kgwa mathe, a ama loleme lwa gagwe. 34 Ya re a lelaletse kwa legodimong a fegelwa thata mme a mo raya a re: “Efefatha,” ke gore, “Bulega.” 35 Ebu, maatla a gagwe a go utlwa a bulega, le go kgweleana ga loleme lwa gagwe ga bofologa, mme a simolola go bua ka tsela e e tlwaelegileng.

w00 2/15 17-18 ¶9-11

A o Na le “Mogopolo wa ga Keresete”?

9 Monna yono e ne e le susu e bile a sa kgone go bua. Jesu a ka tswa a ile a lemoga kafa monna yono a neng a tshogile ka teng kana a le ditlhong. Ka nako eo Jesu o ne a dira selo se se sa tlwaelegang. O ile a tseela monna yono kwa thoko, a mo tlosa mo boidiiding jwa batho a ya le ene kwa lefelong le le kwa thoko. Go tswa foo Jesu o ne a bua la monna yono ka diatla go mo tlhalosetsa se a tla tlogang a se dira. O ne “a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa monna yono mme, fa a sena go kgwa mathe, a ama loleme lwa gagwe.” (Mareko 7:33) Go tswa foo Jesu o ne a lelalela kwa legodimong mme a rapela a fegelwa thata. Dilo tseno tse Jesu a neng a di dira di ne di tla raya monna yono di re, ‘Se ke tlogang ke go direla sone ke ka thuso ya maatla a Modimo.’ Kwa bofelong Jesu o ile a re: “Bulega.” (Mareko 7:34) Ka nako eo monna yono o ne a simolola go utlwa a ba a kgona go bua sentle.

10 A bo Jesu a ne a bontsha go akanyetsa batho ba bangwe thata jang ne! O ne a amega ka maikutlo a bone, mme tsela eno e a neng a le kutlwelobotlhoko ka yone e ne ya mo tlhotlheletsa go dira dilo ka tsela e e neng e ba namola mo maikutlong a ba neng ba le mo go one. Rona Bakeresete re tshwanetse go leka go nna le mogopolo wa ga Keresete le go mo etsa mo kgannyeng eno. Baebele e re gakolola jaana: “Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe, lo na le katamalano e e bothitho ya bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka tlekeetso, lo le boikokobetso mo mogopolong.” (1 Petere 3:8) Ruri seno se re tlhoka gore re bue le go dira dilo ka tsela e e bontshang gore re akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe.

11 Mo phuthegong, re ka bontsha gore re akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe ka go ba tshwara ka seriti, re ba tshwara ka tsela e re ka ratang go tshwarwa ka yone. (Mathaio 7:12) Seno se akaretsa go ela tlhoko se re se buang le tsela e re se buang ka yone. (Bakolosa 4:6) Se lebale gore ‘go bua ka kgakgabuelo go ka nna jaaka ditlhabo tsa putlela.’ (Diane 12:18) Go tweng ka mo lelapeng? Monna le mosadi ba ruri ba ratanang ba amega ka maikutlo a yo mongwe. (Baefeso 5:33) Ba tila go dirisa mafoko a a tlhabang, go nnela go tshwaana diphoso le go kgobana ka mafoko—e leng dilo tse tsotlhe fela di ka bakang kutlobotlhoko e go seng motlhofo go e alafa. Bana le bone ba na le maikutlo, mme batsadi ba ba lorato ba akanyetsa seno. Fa bana ba tlhoka go otlhaiwa, batsadi ba ba ntseng jalo ba tla dira jalo ka go bontsha gore ba tlotla seriti sa bone le go tila go ba tlhabisa ditlhong go sa tlhokege. (Bakolosa 3:21) Ka jalo fa re bontsha go akanyetsa batho ba bangwe, re bontsha gore re na le mogopolo wa ga Keresete.

Mmalo wa Baebele

(Mareko 7:1-15) Jaanong Bafarasai le bangwe ba bakwadi ba ba neng ba tlile ba tswa kwa Jerusalema ba phuthegela gaufi le ene. 2 E rile ba bona bangwe ba barutwa ba gagwe baa ja dijo ka diatla tse di leswe, ke gore, tse di sa tlhapiwang— 3 gonne Bafarasai le Bajuda botlhe ga ba je ba sa tlhapa diatla go fitlha fa sekgonong, ka ba ngangatletse ngwao ya batho ba dinako tsa pele, 4 mme, fa ba boa kwa marekisetsong, ga ba je fa ba sa intlafatsa ka go ikgatšha; gape go na le dingwao tse dingwe tse dintsi tse ba di amogetseng gore ba di ngangatlele, dikolobetso tsa dinwelo le dinkgo le dijana tsa kopore;— 5 jalo Bafarasai bano le bakwadi ba mmotsa ba re: “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba gago ba sa itshware go ya ka ngwao ya batho ba dinako tsa pele, mme baa ja dijo ka diatla tse di leswe?” 6 A ba raya a re: “Isaia o ne a porofeta sentle ka ga lona baitimokanyi ke lona, jaaka go kwadilwe go twe, ‘Batho bano ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di katogetse kgakala le nna. 7 Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.’ 8 Ka go tlogela taelo ya Modimo, lo ngangatlela ngwao ya batho.” 9 Gape, a tswelela a ba raya a re: “Ka botlhajana lo beela kwa thoko taelo ya Modimo gore lo tshegetse ngwao ya lona. 10 Ka sekai, Moshe o ne a re, ‘Tlotla rrago le mmago,’ a ba a re, ‘A yo o gobololang rraagwe kgotsa mmaagwe a swe.’ 11 Mme lona lwa re, ‘Fa motho a raya rraagwe kgotsa mmaagwe a re: “Le fa e le eng se ke nang le sone se o ka bonang molemo mo go nna ka sone ke korobane, (ke gore, mpho e e tshwaetsweng Modimo,)”’— 12 lona ga lo tlhole lo mo letla gore a direle rraagwe kgotsa mmaagwe le fa e le selo se le sengwe, 13 mme ka gone lo dira lefoko la Modimo lefela ka ngwao ya lona e lo neng lwa e fetisa. Le dilo tse dintsi tse di tshwanang le seno lo a di dira.” 14 Jalo, ya re a biletsa boidiidi kwa go ene gape, a tswelela a ba raya a re: “Ntheetsang, lona lotlhe, lo bo lo bone bokao. 15 Ga go na sepe se se tswang ka kwa ntle ga motho se se fetelang mo teng ga gagwe se se ka mo leswafatsang; mme dilo tse di tswang mo mothong ke tsone dilo tse di leswafatsang motho.”

MAY 14-20

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MAREKO 9-10

“Ponatshegelo e e Nonotshang Tumelo”

(Mareko 9:1) Go feta moo, a tswelela a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, Go na le bangwe ba ba ba emeng fano ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope go fitlha ba bona bogosi jwa Modimo pele bo setse bo tlile ka maatla.”

w05 1/15 12 ¶9-10

Keresete—Ene yo Boporofeti bo Buang Thata ka Ene

9 Go setse go fetile ngwaga fa e sa le Jesu a ntshitse bosupi jo bo umakilweng fa godimo jwa go re ke ene Mesia. Tlolaganyo ya 32 C.E. e setse e fetile. Batho ba le bantsi ba ba neng ba dumela mo go ene ba tlogetse go mo sala morago, gongwe e le ka ntlha ya go bogisiwa, go rata dikhumo kana ditlhobaelo tse dingwe tsa botshelo. Ba bangwe ba ka tswa ba tlhakane tlhogo kana ba swabile ka gonne Jesu a ile a gana fa batho ba ne ba leka go mo dira kgosi. Fa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba re a ikgalaletse ka go ba bontsha sesupo se se tswang legodimong, o ne a gana. (Mathaio 12:38, 39) Bangwe ba ka tswa ba ile ba gakgamadiwa ke go bo a ile a gana. Mo godimo ga moo, Jesu o simolotse go senolela barutwa ba gagwe sengwe se go neng go le thata gore ba se tlhaloganye—“o tshwanetse go ya Jerusalema mme a boge dilo di le dintsi go tswa mo banneng ba bagolwane le baperesiti ba bagolo le bakwadi, a ba a bolawe.”—Mathaio 16:21-23.

10 Mo dikgweding tse dingwe di ka nna robonngwe kana lesome, e ne e tla bo e le nako ya “gore [Jesu] a fuduge mo lefatsheng leno a ye kwa go Rara.” (Johane 13:1) E re ka Jesu a amegile thata ka barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang, o solofetsa bangwe ba bone sone selo se a neng a gana go se bontsha Bajuda ba ba sa ikanyegeng—sesupo se se tswang legodimong. Jesu a re: “Ammaaruri ke a lo raya ka re go na le bangwe ba bao ba emeng fano ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope go fitlha ba bona Morwa motho pele a tla a le mo bogosing jwa gagwe.” (Mathaio 16:28) Ga go pelaelo gore, Jesu ga a bolele gore bangwe ba barutwa ba gagwe ba tla tswelela ba tshela go fitlha Bogosi jwa ga Mesia bo tlhongwa ka 1914. Jesu o akantse go naya barutwa ba gagwe ba bararo, ba a atamalaneng thata le bone, ponelopele e e gakgamatsang ya kgalalelo ya gagwe fa a tla bo a busa mo Bogosing. Ponatshegelo eno ya kgalalelo e a tla nnang le yone e bidiwa go fetolwa ponalo.

(Mareko 9:2-6) Jalo malatsi a le marataro moragonyana Jesu a tsaya Petere le Jakobe le Johane, mme a tlhatlogela le bone kwa thabeng e e kwa godimo kwa go leng bone fela gone. Mme o ne a fetolwa ponalo fa pele ga bone, 3 diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle tsa tsabakela, tsa nna ditshweu thatathata go gaisa kafa motho le fa e le ofe yo o phepafatsang diaparo mo lefatsheng a neng a ka di sweufatsa ka gone. 4 Gape, Elija a bonala kwa go bone a na le Moshe, mme ba ne ba tlotla le Jesu. 5 Mme fa Petere a arabela seo a raya Jesu a re: “Rabi, go molemo go bo re le fano, jalo a re tlhomeng megope e le meraro, o mongwe e le wa gago mme o mongwe e le wa ga Moshe mme o mongwe e le wa ga Elija.” 6 Totatota, o ne a sa itse gore a arabele ka go reng, gonne ba ne ba boifa thata.

w05 1/15 12 ¶11

Keresete—Ene yo Boporofeti bo Buang Thata ka Ene

11 Malatsi a le marataro moragonyana, Jesu o tsaya Petere, Jakobe le Johane go ya le bone kwa thabeng e e goletsegileng—gongwe e le setlhoa sa Thaba ya Heremone. Fa ba le koo, Jesu o “fetolwa ponalo fa pele ga bone, sefatlhego sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle tsa tsabakela jaaka lesedi.” Mme go tlhaga le moporofeti Moshe le Elija ba tlotla le Jesu. Tiragalo eno e e gakgamatsang go ka direga gore e diragetse go le bosigo, e leng se se dirang gore e bonale sentle le go feta. E lebega e le selo sa mmatota thata jaana mo Petere a ithaopelang go tlhoma megope e meraro—wa ga Jesu, wa ga Moshe le wa ga Elija. Fa Petere a sa ntse a bua, leru le le phatsimang le a ba okama mme go utlwala lentswe mo lerung le re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng; mo reetseng.”—Mathaio 17:1-6.

(Mareko 9:7) Mme ga bopega leru, la ba okama, mme lentswe la tswa mo lerung la re: “Yono ke Morwaake, moratwa; mo reetseng.”

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 9:7 mo Baebeleng ya Study Edition

lentswe: Leno ke lekgetlo la bobedi mo go a le mararo a a fitlhelwang mo dipegong tsa Diefangele a mo go one Jehofa a buang le batho ka tlhamalalo.—Bona dintlha tse di mo go Mar 1:11; Joh 12:28.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mareko 10:6-9) Le fa go ntse jalo, go tswa kwa tshimologong ya popo ‘O ne a ba dira monna le mosadi. 7 Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe, 8 mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’; mo ba sa tlholeng ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. 9 Jalo se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se ka a se kgaoganya.”

w08 2/15 30 ¶8

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Mareko

10:6-9. Boikaelelo jwa Modimo ke gore banyalani ba nnele ruri mmogo. Ka jalo, go na le gore ba itlhaganelele go tlhalana, banna le basadi ba tshwanetse go lwela go dirisa melaometheo ya Baebele go fenya mathata ape a a ka nnang teng mo lenyalong.—Math. 19:4-6.

(Mareko 10:17, 18) Ya re a tswa a tsena mo tseleng, monna mongwe a siana mme a wela ka mangole fa pele ga gagwe a ba a mo tlhoma potso a re: “Moruti yo o Molemo, ke eng se ke tshwanetseng go se dira gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?” 18 Jesu a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa o mpitsa yo o molemo? Ga go na ope yo o molemo, fa e se a le mongwe, e bong Modimo.

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 10:17, 18 mo Baebeleng ya Study Edition

Moruti yo o Molemo: Monna yono o ne a dirisa mafoko ano a a reng, “Moruti yo o Molemo” e le tsela ya go mmoka le go mo reta. Tsela eno ya go tlotlomadiwa e ne e ratiwa thata ke baeteledipele ba bodumedi. Le fa gone Jesu a ne a se na lebaka la go gana go bidiwa “Moruti” le “Morena” (Joh 13:13), o ile a lebisa kgalalelo yotlhe kwa go Rraagwe.

Ga go na ope yo o molemo, fa e se a le mongwe, e bong Modimo: Jesu o ne a tlhalosa gore Jehofa ke sekao se se di gaisang tsotlhe sa go dira molemo, e bile o na le taolo ya go swetsa ka go re ke eng se se siameng le se se sa siamang. Adame le Efa ba ne ba tsuologela Modimo ka go ja mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula, mme ba ne ba akanya gore ba na le tshwanelo ya go swetsa ka go re ke eng se se siameng le se se sa siamang. Go farologana le bone, Jesu ene o ne a bontsha gore o boikokobetso ka go tlotla bolaodi jwa ga Rraagwe. Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe go re tlhalosetsa gore ke eng se se siameng le se se sa siamang.—Mar 10:19.

Mmalo wa Baebele

(Mareko 9:1-13) Go feta moo, a tswelela a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, Go na le bangwe ba ba ba emeng fano ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope go fitlha ba bona bogosi jwa Modimo pele bo setse bo tlile ka maatla.” 2 Jalo malatsi a le marataro moragonyana Jesu a tsaya Petere le Jakobe le Johane, mme a tlhatlogela le bone kwa thabeng e e kwa godimo kwa go leng bone fela gone. Mme o ne a fetolwa ponalo fa pele ga bone, 3 diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle tsa tsabakela, tsa nna ditshweu thatathata go gaisa kafa motho le fa e le ofe yo o phepafatsang diaparo mo lefatsheng a neng a ka di sweufatsa ka gone. 4 Gape, Elija a bonala kwa go bone a na le Moshe, mme ba ne ba tlotla le Jesu. 5 Mme fa Petere a arabela seo a raya Jesu a re: “Rabi, go molemo go bo re le fano, jalo a re tlhomeng megope e le meraro, o mongwe e le wa gago mme o mongwe e le wa ga Moshe mme o mongwe e le wa ga Elija.” 6 Totatota, o ne a sa itse gore a arabele ka go reng, gonne ba ne ba boifa thata. 7 Mme ga bopega leru, la ba okama, mme lentswe la tswa mo lerung la re: “Yono ke Morwaake, moratwa; mo reetseng.” 8 Le fa go ntse jalo, ka tshoganyetso, ba lebaleba mo tikologong mme ba bona ba sa tlhole ba na le ope, fa e se Jesu a le esi. 9 Ya re ba fologa mo thabeng, a ba laela ka tsela e e utlwalang sentle gore ba se ka ba bolelela ope se ba se boneng, go fitlha Morwa motho a sena go tsoga mo baswing. 10 Mme ba isa lefoko leno pelong, mme ba tlotla ka ga gore go tsoga mo baswing mono go ne go kayang. 11 Mme ba simolola go mmotsa, ba re: “Ke ka ntlha yang fa bakwadi ba re Elija o tshwanetse go tla pele?” 12 A ba raya a re: “Elija ruri o tla pele a ba a busetsa dilo tsotlhe; mme go tla jang gore go bo go kwadilwe ka ga Morwa motho gore o tshwanetse go tlelwa ke dipogo di le dintsi a ba a tshwarwe jaaka yo o seng wa sepe? 13 Mme ke a lo raya ka re, tota e bile, Elija, o tlile, mme ba ne ba mo dira dilo tsotlhe fela tse ba neng ba batla go di dira, fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe.”

BOTSHELO JWA BOKERESETE

(Mareko 10:4) Ba re: “Moshe o ne a letlelela go kwalwa ga lekwalo la go mo naya tsela le go mo tlhala.”

(Mareko 10:11) Mme a ba raya a re: “Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe mme a nyala yo mongwe o mo direla boaka,

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 10:4, 11 mo Baebeleng ya Study Edition

lekwalo la go mo naya tsela: Kgotsa “lekwalo la tlhalo.” Molao o ne o laela monna yo o akanyetsang go tlhala mosadi wa gagwe gore a kwale lekwalo la semolao le go bua le banna ba bagolwane ka kgang eo. Seno se ne se mo naya nako ya gore a akanyetse kgang eno ka thata. Boikaelelo jwa Molao ono e ka tswa e ne e le go thusa motho gore a se ka a tsaya tshwetso ka lepotlapotla e bile o ne o sireletsa mosadi yo o tlhalwang. (Dut 24:1) Mme ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba dira gore go nne motlhofo gore motho a tlhale mosadi wa gagwe. Rahisitori mongwe wa Mofarasai e bong Josephus le ene o ile a tlhala mosadi wa gagwe e bile a re motho o ne a kgona go tlhala “ka mabaka mangwe le mangwe fela (mme banna ke bone ba gantsi ba neng ba dira jalo.)”

yo o tlhalang mosadi wa gagwe: Kgotsa “yo o tsamaisang mosadi wa gagwe.” Mafoko ano a a mo go Mar 10:11 a tsamaisana le a mangwe a Jesu a a buileng mo go Mat 19:9 a a reng: “fa e se ka lebaka la kgokafalo.” Mafoko a ga Jesu a Mareko a a nopotseng malebana le tlhalo, a tlhalosa gore tlhalo e letleletswe fela fa molekane wa lenyalo a dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo (ka Segerika ke por·neiʹa).

o mo direla boaka: Mo temaneng eno Jesu o bontsha gore ga a dumalane le dithuto tsa di anameng tsa Borabi tsa gore banna ba letleletswe go tlhala basadi ba bone “ka lebaka le fa e ka nna la mofuta ofe.” (Mat 19:3, 9) Bajuda ba le bantsi ba ne ba akanya gore ga go kgonege gore banna ba ka direla basadi ba bone boaka. Borabi ba ne ba ruta gore ga go kgonege gore monna yo o nyetseng a dire boaka, go na le moo, ba ruta gore basadi ba ba nyetsweng ke bone fela ba ka dirang boaka. Jesu o ne a bontsha gore o tlotla basadi le go ba tseela kwa godimo ka go tlhalosa gore molao ono o akaretsa banna le basadi.

MAY 21-27

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MAREKO 11-12

“O Latlhetse go Feta Botlhe”

(Mareko 12:41, 42) Mme a nna fa fatshe bolebana le matlole a matlotlo mme a lepa kafa boidiidi bo neng bo latlhela madi ka gone mo matloleng a matlotlo; mme batho ba le bantsi ba ba humileng ba ne ba latlhela madi a tshipi a le mantsi. 42 Jaanong motlholagadi mongwe wa mohumanegi a tla mme a latlhela madinyana a le mabedi a tshipi, a a nang le boleng jo bo kwa tlase thata.

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 12:41, 42 mo Baebeleng ya Study Edition

matlole a matlotlo: Go ya ka dipatlisiso tsa bogologolo tsa Sejuda, go tlhalosiwa gore matlole a matlotlo a ne a lebega jaaka diteromepeta kgotsa dinaka mme mo godimo a bulegile go le gonnye. Batho ba ne ba tsenya meneelo mo go one. Polelwana eno ya Segerika e tlhagelela gape mo go Joh 8:20 mme e ranolwa e le ‘bobolokelamatlotlo.’ Go akanngwa gore ke lefelo le le mo teng ga Lolwapa Lwa Basadi. (Bona ntlha e e mo go Mat 27:6 mo Baebeleng ya Study Edition le Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo, karolo 15.) Dibuka tsa Bajuda di tlhalosa gore matlole a le 13 a ne a beilwe go dikologa dipota tsa lolwapa. Go dumelwa gore tempele le yone e ne e na le letlole le legolo le go neng go tsenngwa madi a a tswang mo matloleng a mangwe mo go lone.

madinyana a le mabedi a tshipi: Kgotsa di lepetone tse pedi ka Segerika. Lepetone ke lefoko la Segerika le le kayang sengwe se sennye e bile se le se tshesane. Lepetone ke ledi le le nnye thata le le neng le dirisiwa kwa Iseraele mme le tsena ga 128 mo leding la denario.—Bona lefoko “Lepton,” mo Glossary ya NW, le Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo, karolo 18.

a a nang le boleng jo bo kwa tlase thata: Seo se kaya kwaderane e le nngwe. Lefoko leno la Segerika e leng ko·dranʹtes le le tswang mo lefokong la Selatine la quadrans le kaya ledi le le tsenang ga 64 mo leding la Roma la denario. Mareko o dirisa madi a kwa Roma go leka go re tlhalosetsa ka boleng jwa madi a a neng a dirisiwa ke Bajuda ka nako eo.—Bona Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo, karolo 18.

(Mareko 12:43) Jalo a biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene mme a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya ka re motlholagadi yono wa mohumanegi o latlhetse go feta botlhe ba ba latlhelang madi mo matloleng a matlotlo.

w97 10/15 16-17 ¶16-17

Jehofa o Rata Tirelo E o E Dirang ka Moya Otlhe

16 Malatsi a le mmalwa morago ga moo, ka Nisane 11, Jesu o ne a le mo tempeleng letsatsi lotlhe, koo go neng ga belaelwa bolaodi jwa gagwe gone mme a araba dipotso tse di thata tse a neng a sa rulaganyetsa go di araba tse di malebana le makgetho, tsogo ya baswi, le dikgang tse dingwe. Gareng ga dilo tse dingwe, o ne a kgalela bakwadi le Bafarasai ‘go tsuputsa matlo a batlholagadi.’ (Mareko 12:40) Go tswa foo Jesu o ne a nna fa fatshe, go bonala a ne a nna mo Lelwapeng la Basadi, koo, go ya ka ngwao ya Sejuda, go neng go na le matlole a matlotlo a le 13. O ne a nna ka nakwana, a etse tlhoko fa batho ba ntse ba latlhela meneelo ya bone. Batho ba le bantsi ba ba humileng ba ne ba tla, gongwe ba bangwe ba batla go bonwa ba le tshiamo, tota le go batla go itshupa. (Bapisa Mathaio 6:2.) Jesu o ne a tlhoma matlho mo mosading mongwe. Matlho a motho fela a ne a ka se bone sepe se se sa tlwaelegang ka ene kana mpho ya gagwe. Mme Jesu, yo o itseng dipelo tsa ba bangwe, o ne a itse gore ke ‘motlholagadi wa mohumanegi.’ Gape o ne a itse gore mpho ya gagwe e ne e le bokae tota—“madinyana a le mabedi a tshipi, a a nang le tlhotlhwa e nnye thata.”—Mareko 12:41, 42.

17 Jesu o ne a bitsa barutwa ba gagwe, ka gonne o ne a batla gore ba iponele ka bobone thuto e a neng a tla tloga a e ruta. O “latlhetse go feta botlhe ba ba latlhelang madi mo matloleng a matlotlo,” Jesu o ne a bolela jalo. Go ya ka ene, o ne a tsentse go feta ba bangwe botlhe ba kopane. O latlhetse “gotlhe mo a neng a na le gone”—madi a gagwe a bofelo. Ka go dira jalo, o ne a dira gore Jehofa a mo tlhokomele. Ka gone motho yo o neng a tlhophiwa e le sekao sa go neela Modimo ke yo mpho ya gagwe e neng e se ya boleng gotlhelele. Le fa go ntse jalo, mo matlhong a Modimo e ne e le tlhwatlhwakgolo!—Mareko 12:43, 44; Jakobe 1:27.

(Mareko 12:44) Gonne botlhe ba latlhetse se se tswang mo go se se setseng sa bone, mme ene, go tswa mo letlhokong la gagwe, o latlhetse gotlhe mo a neng a na le gone, gotlhe mo a tshelang ka gone.”

w97 10/15 17 ¶17

Jehofa o Rata Tirelo E o E Dirang ka Moya Otlhe

17 Jesu o ne a bitsa barutwa ba gagwe, ka gonne o ne a batla gore ba iponele ka bobone thuto e a neng a tla tloga a e ruta. O “latlhetse go feta botlhe ba ba latlhelang madi mo matloleng a matlotlo,” Jesu o ne a bolela jalo. Go ya ka ene, o ne a tsentse go feta ba bangwe botlhe ba kopane. O latlhetse “gotlhe mo a neng a na le gone”—madi a gagwe a bofelo. Ka go dira jalo, o ne a dira gore Jehofa a mo tlhokomele. Ka gone motho yo o neng a tlhophiwa e le sekao sa go neela Modimo ke yo mpho ya gagwe e neng e se ya boleng gotlhelele. Le fa go ntse jalo, mo matlhong a Modimo e ne e le tlhwatlhwakgolo!—Mareko 12:43, 44; Jakobe 1:27.

w87 12/1 30 ¶1

A go Aba ga Gago go Tshwana le go Ntsha Setlhabelo?

Go na le dilo tse dintsi tse re di ka di ithutang mo pegong eno. Thuto ya botlhokwa ke gore le fa rotlhe re tshegetsa kobamelo ya boammaaruri re dirisa dithoto tsa rona, Jehofa o anaanela thata fa re mo naya dilo tse re di tsayang di le botlhokwa. Ka mafoko a mangwe, a re ntsha dilo tse re se kitlang re di tlhoka go le kalo? Kana re ntsha dilo tse re di tsayang di le botlhokwa?

cl 185 ¶15

Botlhale mo ‘Lefokong la Modimo’

15 A ga se selo sa botlhokwa thata gore mo bathong botlhe ba ba neng ba tlile kwa tempeleng mo letsatsing leo, go bo go ile ga tlhophiwa motlholagadi yono fela gore a umakwe mo Baebeleng? Ka sekai seno, Jehofa o re ruta gore ke Modimo yo o anaanelang. O itumelela go amogela dimpho tse re di abang ka moya otlhe, le fa di ka tswa di le dinnye jang mo go tse batho ba bangwe ba kgonang go di aba. Go ne go se na tsela e nngwe e e botoka go gaisa eno e Jehofa a neng a ka e dirisa go re ruta boammaaruri jono jo bo amang pelo!

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mareko 11:17) Mme a nna a ruta a re: “A ga go a kwalwa go twe, ‘Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe’? Mme lona lo e dirile logaga lwa dinokwane.”

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mar 11:17 mo Baebeleng ya Study Edition

ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe: Mo bakwading ba Diefangele tse tharo ba ba ileng ba nopola Isa 56:7, ke Mareko fela yo o ileng a kwala mafoko a a reng, “ya ditšhaba tsotlhe [kgotsa batho botlhe].” (Mat 21:13; Luk 19:46) Tempele e e kwa Jerusalema e ne e diretswe gore Baiseraele le batswakwa ba kgone go obamela le go rapela Jehofa mo go yone. (1Dik 8:41-43) Ke ka moo, Jesu a ileng kgala Bajuda ba ba neng ba dirisetsa tempele go dira kgwebo, ba e dira logaga lwa dinokwane. Seno se ne se dira gore batho ba ditšhaba tsotlhe ba tshabe go ya go direla Jehofa kwa tempeleng.

(Mareko 11:27, 28) Mme ba tla gape mo Jerusalema. Mme ya re a tsamaya mo tempeleng, baperesiti ba bagolo le bakwadi le banna ba bagolwane ba tla kwa go ene 28 mme ba simolola go mo raya ba re: “O dira dilo tseno ka taolo efe? kgotsa ke mang yo o neng a go naya taolo eno ya go dira dilo tseno?”

jy-E 244 ¶7

Jesu o Dirisa Setlhare sa Mofeige go ba Ruta ka Tumelo

Morago ga moo, Jesu le barutwa ba gagwe ba goroga kwa Jerusalema. Fela jaaka a ne a tlhola a dira, Jesu o ya kwa tempeleng a bo a simolola go ruta. Ka nako eo, gongwe baperesiti ba bagolo le bagolwane ba ne ba akantse ka se Jesu a letseng a se dira fa a ne a leleka bagwebi kwa tempeleng, ka jalo ba mmotsa jaana: “O dira dilo tseno ka taolo efe? kgotsa ke mang yo o neng a go naya taolo eno ya go dira dilo tseno?”—Mareko 11:28.

Mmalo wa Baebele

(Mareko 12:13-27) Morago ga moo ba romela bangwe ba Bafarasai le ba lekoko la balatedi ba ga Herode kwa go ene, gore ba mo tshware mo puong ya gagwe. 14 Fa bano ba goroga ba mo raya ba re: “Moruti, re a itse gore o na le boammaaruri le gore ga o kgathalele ope, gonne ga o lebe ponalo ya kafa ntle ya batho, mme o ruta tsela ya Modimo tumalanong le boammaaruri: A go kafa molaong go duela Kaesara lekgetho la tlhogo kgotsa nnyaa? 15 A re duele, kgotsa re se ka ra duela?” Ya re a lemoga boitimokanyo jwa bone, a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo nteka? Ntlisetsang denario gore ke e bone.” 16 Ba e tlisa. Mme a ba raya a re: “Setshwantsho seno le mokwalo ke tsa ga mang?” Ba mo raya ba re: “Ke tsa ga Kaesara.” 17 Ka jalo Jesu a re: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” Mme ba mo gakgamalela. 18 Jaanong Basadukae ba tla kwa go ene, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi, mme ba mo tlhoma potso ba re: 19 “Moruti, Moshe o ne a re kwalela gore fa morwarramotho a swa mme a tlogela mosadi kwa morago mme a sa tlogele ngwana ope, morwarraagwe o tshwanetse go tsaya mosadi yono mme a tsosetse morwarraagwe losika ka ene. 20 Go ne go na le bana ba motho ba le supa; mme wa ntlha a tsaya mosadi, mme e rile a swa a se ka a tlogela bana bape. 21 Mme wa bobedi a mo tsaya, mme a swa a sa tlogela bana; le wa boraro ka tsela e e tshwanang. 22 Mme ba ba supa bano ba ne ba se ka ba tlogela bana bape. La bofelo mosadi le ene a swa. 23 Mo tsogong ya baswi o tla nna mosadi wa ofe wa bone? Gonne ba ba supa bano ba ne ba mo tsaya go nna mosadi wa bone.” 24 Jesu a ba raya a re: “A seno ga se lebaka la go bo lo fositse, go bo lo sa itse Dikwalo kgotsa maatla a Modimo? 25 Gonne fa banna ba tsoga mo baswing, ga ba nyale le gone basadi ga ba neelwe mo nyalong, mme ba tshwana le baengele kwa magodimong. 26 Mme ka ga baswi, gore ba a tsosiwa, a lo ne lwa se ka lwa bala mo bukeng ya ga Moshe, mo polelong e e buang kaga setlhatshana se se mitlwa, kafa Modimo a neng a mo raya ka gone a re, ‘Ke nna Modimo wa ga Aborahame le Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe’? 27 Ke Modimo, e seng wa baswi, mme wa batshedi. Lo fositse tota.”

MAY 28–JUNE 3

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MAREKO 13-14

“Tila go Boifa Batho”

(Mareko 14:29) Mme Petere a mo raya a re: “Le fa ba bangwe botlhe ba ka kgotšwa, le fa go ntse jalo nna ga ke na go kgotšwa.”

(Mareko 14:31) Mme a simolola go bua jaana ka go gatelela: “Fa e le gore ke tshwanela go swa le wena, ga ke na go go itatola ka gope.” Gape, botlhe ba bangwe ba simolola go bua fela jalo.”

(Mareko 14:50) Mme botlhe ba mo tlogela ba tshaba.

(Mareko 14:47) Le fa go ntse jalo, mongwe wa ba ba neng ba eme gaufi a somola tšhaka ya gagwe a ba a itaya motlhanka wa moperesiti yo mogolo mme a kgaola tsebe ya gagwe.

(Mareko 14:54) Mme Petere, a le kgakajana, a mo sala morago go ya go fitlha kwa lolwapeng lwa moperesiti yo mogolo; o ne a ntse mmogo le batlhokomedi ba ntlo a ikomosa fa pele ga molelo o o bonesitseng.

(Mareko 14:66-72) Jaanong fa Petere a ne a sa ntse a le kwa tlase mo lolwapeng, mongwe wa malata a moperesiti yo mogolo a tla, 67 mme, ya re a bona Petere a ikomosa, a mo tlhoma matlho mme a re: “Le wena o ne o na le Monasaretha yono, Jesu yono.” 68 A latola, a re: “Ga ke mo itse le gone ga ke tlhaloganye se o se buang,” mme a tswela kwa ntle kwa maribelong. 69 Koo fa lelata le mmona, la simolola gape go raya ba ba emeng gaufi la re: “Yono ke mongwe wa bone.” 70 A latola gape. Mme morago ga lobakanyana gape ba ba neng ba eme gaufi ba raya Petere ba re: “Eleruri o mongwe wa bone, gonne, tota e bile, o Mogalalea.” 71 Mme a simolola go tlhapatsa a ba a ikana a re: “Ga ke itse monna yono yo lo buang ka ene.” 72 Mme ka yone nako eo mokoko wa lela lekgetlo la bobedi; mme Petere a gakologelwa lefoko le Jesu a neng a le bua le ene a re: “Pele ga mokoko o lela gabedi, o tla intatola makgetlo a le mararo.” A utlwa botlhoko thata mme a thubega ka selelo.

ia 200 ¶14

O ne A Ithuta go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe

14 Petere o ne a sala Jesu morago a le kelotlhoko go fitlha ba goroga kwa kgorong ya ntlo nngwe e kgolo kwa Jerusalema. E ne e le ntlo ya ga Kaiafase, moperesiti yo mogolo yo o neng a humile thata e bile a na le tlhotlheletso e kgolo mo setšhabeng. Gantsi matlo a a ntseng jalo a ne a agiwa go dikologa lolwapa, mme kgoro e le kwa pele. Petere o ne a goroga fa kgorong mme ga a ka a letlelelwa go tsena. Johane, yo o neng a setse a tsene mo teng mme a itse moperesiti yo mogolo, o ne a tla go kopa motlhokomedi gore a bulele Petere. Go bonala Petere a sa ka a tsamaya le Johane; e bile ga a ka a leka go tsena mo ntlong gore a eme go bapa le Mong wa gagwe. O ne a nna mo lolwapeng, kwa batlhanka le badiredi bangwe ba neng ba ntse ba tsamaisa nako mo bosigong joo jo bo tsididi ka go ikomosa mo molelong o mogolo, a ntse a lebile fa basupi ba maaka ba ba supang kgatlhanong le Jesu ba ntse ba tsena ba tswa fa tsheko e ntse e tsweletse mo teng.—Mareko 14:54-57; Johane 18:15, 16, 18.

it-2-E 619 ¶6

Petere

Morutwa mongwe yo o neng a tsamaya le Petere, o ne a thusa Petere gore a kgone go tsena kwa lolwapeng lwa moperesiti yo mogolo. (Joh 18:15, 16) Petere ga a ka a nna a iphitlhile kwa lefifing, go na le moo, o ne a ya go ikomosa kwa molelong. Lesedi la molelo le ne la dira gore a bonale sentle gore ke molatedi wa ga Jesu. Gape, e re ka e ne e le Mogalalea, tsela ya gagwe ya go bua le yone e ne e dira gore batho ba mo belaele. Petere o ne a itatola Jesu makgetlo a le mararo, mme kwa bofelong o ne a tlhapatsa a bo a ikana gore ene ga a itse Jesu. Fa mokoko o ne o lela lekgetlo la bobedi, Jesu o ne “a retologa a leba Petere.” Ka yone nako eo, Petere o ne a tswela kwa ntle mme a lela mo go botlhoko. (Mat 26:69-75; Mar 14:66-72; Luk 22:54-62; Joh 18:17, 18) Le fa go ntse jalo, thapelo ya ga Jesu ya fa a ne a rapelela Petere e ne ya arabiwa ka gonne Petere ga a ka a felelwa ke tumelo.—Luk 22:31, 32.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mareko 14:51, 52) Mme lekau lengwe le le neng le apere seaparo sa leloba le le boleta mo mmeleng wa lone o o sa ikategang la simolola go mo sala morago gautshwanyane; mme ba leka go le tshwara, 52 mme la tlogela seaparo sa lone sa leloba kwa morago la tshaba le sa ikatega.

w08 2/15 30 ¶6

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Mareko

14:51, 52—Lekau le le neng la “tshaba le sa ikatega” e ne e le mang? Mareko ke ene fela a begang ka tiragalo eno, ka jalo re ka swetsa ka gore o ne a bua ka ga gagwe ka boene.

(Mareko 14:60-62) La bofelo moperesiti yo mogolo a ema mo gare ga bone mme a botsa Jesu, a re: “A ga o fetole ka go bua sepe? Ke eng se bano ba se supang ka gago?” 61 Mme a didimala fela a se ka a fetola ka gope. Gape moperesiti yo mogolo a simolola go mmotsa a mo raya a re: “A o Keresete Morwa wa Yo o Bakwang?” 62 Foo Jesu a re: “Ke ene; mme lo tla bona Morwa motho a ntse kafa seatleng sa moja se se maatla mme a tla ka maru a legodimo.”

jy-E 287 ¶4

Jesu o Isiwa Kwa go Anase le Kwa go Kaiafase

Kaiafase o a itse gore Bajuda ga ba rate fa motho a ipitsa a re ke Morwa Modimo. Nako nngwe, Jesu o ne a re Modimo ke Rraagwe mme Bajuda ba ne ba batla go mmolaya ka gonne ba re o “itira yo o lekanang le Modimo.” (Johane 5:17, 18; 10:31-39) E re ka Kaiafase a tlhaloganya tsela e Bajuda ba ikutlwang ka yone, o leka go tsietsa Jesu ka go mo raya a re: “Ka Modimo yo o tshelang ke a go ikanisa gore o re bolelele gore a o Keresete Morwa Modimo!” (Mathaio 26:63) Gone Jesu o ne a setse a rile ke Morwa Modimo. (Johane 3:18; 5:25; 11:4) Jaanong fa a sa dire jalo mo lekgetlong leno, go ka lebega e kete o itatola Modimo le gore ke Keresete. Jesu o mo raya a re: “Ke ene; mme lo tla bona Morwa motho a ntse kafa seatleng sa moja se se maatla mme a tla ka maru a legodimo.”—Mareko 14:62.

Mmalo wa Baebele

(Mareko 14:43-59) Mme ka yone nako eo, ya re a sa ntse a bua, Judase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, a goroga a na le boidiidi ka ditšhaka le melamu ba tswa kwa baperesiting ba bagolo le bakwadi le banna ba bagolwane. 44 Jaanong yo o mo okang o ne a ba neile sesupo se go neng go dumalanwe ka sone, a re: “Le fa e le mang yo ke mo atlang, ke ene; lo mo tshware lo tsamaye ka ene mme a se ka a tšhwamoga.” 45 Mme a tla ka tlhamalalo a mo atamela a ba a re: “Rabi!” mme a mo atla ka bonolo tota. 46 Jalo ba mo tsenya diatla ba mo tshwara. 47 Le fa go ntse jalo, mongwe wa ba ba neng ba eme gaufi a somola tšhaka ya gagwe a ba a itaya motlhanka wa moperesiti yo mogolo mme a kgaola tsebe ya gagwe. 48 Fa Jesu a araba a ba raya a re: “A lo tlile ka ditšhaka le melamu jaaka e kete lo tsogologetse senokwane go tla go ntshwara? 49 Ke ne ke na le lona malatsi ka go latelana mo tempeleng ke ruta, le fa go ntse jalo lo ne lwa se ka lwa ntshwara. Le fa go ntse jalo, ke gore Dikwalo di tle di diragadiwe.” 50 Mme botlhe ba mo tlogela ba tshaba. 51 Mme lekau lengwe le le neng le apere seaparo sa leloba le le boleta mo mmeleng wa lone o o sa ikategang la simolola go mo sala morago gautshwanyane; mme ba leka go le tshwara, 52 mme la tlogela seaparo sa lone sa leloba kwa morago la tshaba le sa ikatega. 53 Jaanong ba isa Jesu kwa moperesiting yo mogolo, mme baperesiti botlhe ba bagolo le banna ba bagolwane le bakwadi ba kopana. 54 Mme Petere, a le kgakajana, a mo sala morago go ya go fitlha kwa lolwapeng lwa moperesiti yo mogolo; o ne a ntse mmogo le batlhokomedi ba ntlo a ikomosa fa pele ga molelo o o bonesitseng. 55 Fa go sa ntse go ntse jalo baperesiti ba bagolo le Sanehederine yotlhe ba ne ba batla bosupi kaga Jesu gore ba mmolaye, mme ba ne ba sa bo bone. 56 Eleruri, ba le bantsi ba ne ba ntsha bosupi jwa maaka ka ene, mme bosupi jwa bone bo ne bo sa dumalane. 57 Gape, bangwe ba ne ba ema ba naya bosupi jwa maaka ka ene, ba re: 58 “Re ne ra mo utlwa a re, ‘Ke tla digela tempele eno fa fatshe e e neng ya dirwa ka diatla mme mo malatsing a le mararo ke tla aga e nngwe e e sa dirwang ka diatla.’” 59 Mme le mo mabakeng ano bosupi jwa bone bo ne bo sa dumalane.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela