Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
JUNE 4-10
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MAREKO 15-16
“Jesu O ne A Diragatsa Boporofeti”
(Mareko 15:3-5) “Mme baperesiti ba bagolo ba simolola go mo latofatsa ka dilo di le dintsi. 4 Jaanong Pilato a simolola go mmotsa gape, a re: “A ga o arabe? Bona gore ba go latofatsa ka ditatofatso di le dintsi jang.” 5 Mme Jesu a se ka a araba go ya pele, mo Pilato a neng a simolola go gakgamala.”
(Mareko 15:24) “Ba mmapola ba bo ba aba diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle ka go di tshela bola malebana le gore ke mang yo o tsayang eng.”
(Mareko 15:29, 30) “Mme ba ba fetang foo ba ne ba bua le ene ba mo kgoba, ba thukutha ditlhogo ba re: “Wai! Wena yo o reng o ka digela tempele fa fatshe mme o e age mo malatsing a le mararo, 30 ipoloke ka go fologa mo koteng ya tlhokofatso.”
ntlha e e mo go Mar 15:24, 29 mo nwtsty
ba aba diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle: Pego e e mo go Joh 19:23, 24 e tlhalosa dintlha dingwe tse di sa tlhalosiweng mo go Mathaio, Mareko le Luke: go lebega masole a Roma a ne a kgaoganya diaparo tsa ga Jesu tsa ka fa ntle le tsa ka fa teng ka go tshela bola; masole a ne a tsaya diaparo tsa kafa ntle mme a “di kgaoganya dikarolo di le nnè, lesole lengwe le lengwe karolo e le nngwe”; ba ne ba sa batle go gagola seaparo sa ka fa teng mme ba ne ba dira tshwetso ya gore se tla nna sa ga mang ka go tshela bola; go kgaoganya diaparo tsa ga Mesia ka go tshela bola go ile ga diragatsa boporofeti jo bo mo go Pes 22:18. Ka nako eo, go ne go tlwaelegile gore fa motho a tloga a bapolwa, ba ba mmapolang ba mo apole ba bo ba itseela diaparo le dithoto tsa gagwe gore ba mo tlhabise ditlhong le go feta.
ba nnela go thukutha tlhogo ya bone: Gantsi fa motho a thukutha tlhogo o a bo a bontsha gore ga a rate sengwe kgotsa o bontsha lonyatso. Bafetikatsela ba ne ba sa lemoge gore se ba neng ba se dira se ne se diragatsa boporofeti jo bo mo go Pes 22:7.
(Mareko 15:43) ga tla Josefa wa Arimathea, leloko le le tseelwang kwa godimo la Lekgotla, yo le ene ka boene a neng a letetse bogosi jwa Modimo. A nna pelokgale go tsena a ya fa pele ga ga Pilato mme a mo kopa mmele wa ga Jesu.
(Mareko 15:46) Jalo a reka leloba le le boleta a ba a mo folosa, a mo phutha ka leloba le le boleta a ba a mo latsa mo lebitleng le le neng le gabilwe mo lefikeng; a ba a pitikololela leje go fitlha kwa kgorong ya lebitla la kgakologelo.
ntlha e e mo go Mar 15:43 mo nwtsty
Josefa: Tsela e bakwadi ba Diefangele ba farologanang ka yone e bonala kafa ba tlhalosang Josefa ka gone. E re ka Mathaio e ne e le mokgethisi, o ile a mo tlhalosa a re ke “monna yo o humileng”; Pego ya ga Mareko e ne e lebisitswe kwa bathong ba Roma, ka jalo, o ile a mo tlhalosa a re ke “leloko le le tseelwang kwa godimo la Lekgotla” le le neng letetse Bogosi Jwa Modimo; Luke e ne e le ngaka e e neng e utlwela batho botlhoko ka jalo o ile a tlhalosa Josefa a re ke “monna yo o molemo le yo o siameng” yo neng a sa dumalane le tshwetso ya Lekgotla ya gore Jesu a bolawe; Johane ke ene fela a mo tlhalosang e le “morutwa wa ga Jesu mme a loba seno ka ntlha ya go bo a boifa Bajuda.”—Mat 27:57-60; Mar 15:43-46; Luk 23:50-53; Joh 19:38-42.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Mareko 15:25) Jaanong e ne e le ura ya boraro, mme ba mmapola.
ntlha e e mo go Mar 15:25 mo nwtsty
ura ya boraro: Ke mo e ka nnang ka 9:00 mo mosong. Batho bangwe ba re go na le pharologanyo magareng ga pego eno ya ga Mareko le e e mo go Joh 19:14-16 e mo go yone Pilato a ileng a re Jesu a bolawe “mo e ka nnang [ka] ura ya borataro.” Le fa gone Dikwalo di sa tlhalose pharologanyo eno, go na le dilo dingwe tse re tlhokang go di akanyetsa: Bakwadi ba Diefangele ba a dumalana fa ba bua se se diragetseng mo letsatsing la ga Jesu la bofelo mo lefatsheng. Bakwadi ba Diefangele tseno tse nnê ba bua ka nako e le nngwe e baperesiti le bagolwane ba ileng ba kopana ka yone mo mosong, go tswa foo ba bo ba isa Jesu kwa Molaoding wa Baroma e bong Ponto Pilato. (Mat 27:1, 2; Mar 15:1; Luk 22:66–23:1; Joh 18:28) Pego ya ga Mathaio, Mareko le Luke di bontsha gore go nnile lefifi Jesu a setse a le mo koteng go simologa ka “ura ya borataro . . . go fitlha ka ura ya borobongwe.” (Mat 27:45, 46; Mar 15:33, 34; Luk 23:44) Sengwe se se ka tswang se dirile gore Jesu a swe ka bonako ke gore o ile a itewa, pele a bapolwa. Ka dinako tse dingwe motho o ne a itewa thata mo a neng a swa. Jesu o ile a itewa thata jaana mo a neng a palelwa ke go sikara kota ya gagwe mme a tshwanelwa ke go thusiwa ke motho yo mongwe. (Luk 23:26; Joh 19:17) Fa e le gore batho ba ne ba itewa pele ba bolawa, go raya gore go ile ga feta nako pele ga Jesu a kokotelwa mo koteng. Dipego tse di mo go Mat 27:26 le Mar 15:15 di tlhalosa gore Jesu o ile a itewa pele a bapolwa. Seno se raya gore batho ba ba farologaneng ba ka nna ba re naya dinako tse di sa tshwaneng ka go bapolwa ga ga Jesu, go ikaegile ka tsela e ba lebang kgang ya gore Jesu o simolotse go itewa le go bapolwa leng. Dintlha tseno di ka tswa di tlhalosa lebaka la go bo Pilato a ile a gakgamala fa a ne a utlwa gore Jesu o sule ka bonako morago ga go kokotelwa mo koteng. (Mar 15:44) Gape Baebele e tlhalosa mokgwa o bakwadi ba Baebele ba neng ba o dirisa wa go kgaoganya dinako tsa motshegare (ka bo6:00 mo mosong go fitlha ka bo6:00 maitseboa) ka dikarolo di le nnê, mme karolo nngwe le nngwe e na le diura di le tharo. Ba ne ba dira se se tshwanang le ka dinako tsa bosigo. Go kgaoganya dinako tsa motshegare jaana go tlhalosa lebaka la go bo ka dinako tse dingwe go buiwa ka ura ya boraro, ya borataro le ya borobongwe, mme di balwa go simologa ka bo6:00 mo mosong fa letsatsi le tlhaba. (Mat 20:1-5; Joh 4:6; Dit 2:15; 3:1; 10:3, 9, 30) Gape ka nako eo, batho ba ne ba sa tlhalose nako ka tsela e re e tlhalosang ka yone gompieno, ke ka moo ba neng ba dirisa mafoko a re a fitlhelang mo go Joh 19:14 a a reng “mo e ka nnang” fa ba tlhalosa nako. (Mat 27:46; Luk 23:44; Joh 4:6; Dit 10:3, 9) Ka bokhutshwane re ka re Mareko a ka tswa a tlhalositse dintlha tsa gagwe go simologa ka nako e Jesu a neng a itewa ka yone a bo a ya go kokotelwa mo koteng, fa Johane ene a simolotse go tlhalosa dintlha tsa gagwe ka nako ya fa Jesu a kokotelwa mo koteng. Mareko a ka tswa a dirisitse nako e e gaufi le ura ya boraro fa Johane a dirisitse e e gaufi le ura ya borataro a bo a dirisa mafoko a a reng “mo e ka nnang” go tlhalosa nako e a neng a bua ka yone. Mabaka ano a ka tswa a tlhalosa dinako tse di farologaneng tse bakwadi bano ba buang ka tsone. Boammaaruri ke gore pego ya ga Johane e kwadilwe dingwaga di le dintsi morago ga ya ga Mareko. Le fa go ntse jalo, Johane ga a ka a kopolola dintlha tsa ga Mareko mme o ne a dirisa nako e go bonalang e farologana le e e dirisitsweng ke Mareko.
(Mareko 16:8) Jalo e rile ba tswa, ba tshaba fa lebitleng la kgakologelo, gonne go roroma le letshogo di ne di ba tshwere tota. Mme ba ne ba se ka ba bolelela ope sepe, gonne ba ne ba boifa.
ntlha e e mo go Mar 16:8 mo nwtsty
gonne ba ne ba boifa: Go ya ka mekwalo ya bogologolo, karolo ya bofelo mo pegong ya ga Mareko e felela ka mafoko ano a a mo go temana 8. Bangwe ba dumela gore tsela e buka ya Mareko e konelang ka yone e khutshwane thata le gore ga e felele jalo. Mme gone, fa re lebelela tsela e Mareko a kwalang ka yone, go a bonala gore ke mokwadi yo o mafoko makhutshwane. Gape bakanoki bangwe ba ba bidiwang Jerome le Eusebius, ba re pego ya ntlha ya buka eno e konela ka mafoko ano a a reng “gonne ba ne ba boifa.”
Go na le mekwalo mengwe ya Segerika le e mengwe e e ranoletsweng mo dipuong tse dingwe e e tsenyang konelo e telele kgotsa e khutshwane morago ga temana 8. Konelo e telele (e e nang le ditemana tse dingwe tse 12) e tlhagelela mo mekwalong ya Codex Alexandrinus, Codex Ephraemi Syri rescriptus le Codex Bezae Cantabrigiensis tse di kwadilweng ka dingwaga tse di magareng ga 401 le 500. Gape e tlhagelela mo mekwalong ya Latin Vulgate, Curetonian Syriac le ya Syriac Peshitta. Le fa go ntse jalo, konelo e telele ga e tlhagelele mo mekwalong e mebedi ya Segerika e e kwadilweng magareng ga dingwaga tsa 301 le 400 e e bidiwang Codex Sinaiticus le Codex Vaticanus. Gape ga e yo mo mekwalong e e kwadilweng magareng ga dingwaga tsa 301 le 400 (kgotsa tsa 401 le 500) e e bidiwang Codex Sinaiticus Syriacus le mo mokwalong wa ntlhantlha wa Sahidic Coptic o o kwadilweng magareng ga dingwaga tsa 401 go ya go 500. Mekwalo ya bogologolo ya pego ya Mareko ka Se-Armenia le ya Se-Georgia e felela ka temana 8.
Moragonyana, mekwalo e mengwe ya Segerika le e mengwe e e ranoletsweng mo dipuong tse dingwe e ile ya tsenya konelo e khutshwane (e e nang le diele di se kae). Mokwalo wa Codex Regius o o kwadilweng magareng ga dingwaga tsa 701 le 800 o tsentse konelo e khutshwane le e telele. Konelo nngwe le nngwe e simolola ka go tlhalosa gore e tswa mo mekwalong e mengwe le fa gone go ka se tlhomamisiwe gore e ne e le karolo ya mekwalo ya ntlhantlha.
KONELO E KHUTSHWANE
Konelo e khutshwane e e tlhagelelang morago ga Mar 16:8 ga se karolo ya Dikwalo Tse di Boitshepo. E balega jaana:
Mme ka bokhutshwane ba bolelela ba ba dikologileng Petere dilo tsotlhe tse di neng di laoletswe. Mo godimo ga moo, morago ga dilo tseno, Jesu ka boene a romela ka bone go tswa botlhaba go ya bophirima polelo e e boitshepo le e e sa senyegeng ya poloko ya bosakhutleng.
KONELO E TELELE
Konelo e telele e e tlhagelelang morago ga Mar 16:8 ga se karolo ya Dikwalo Tse di Boitshepo. E balega jaana:
9 Fa a sena go tsoga go le phakela mo letsatsing la ntlha la beke a bonala pele kwa go Marea Magadalena, yo a neng a lelekile madimona a le supa mo go ene. 10 A ya a begela ba ba neng ba ntse ba na le Jesu, e re ka ba ne ba hutsafetse e bile ba lela. 11 Mme bone, e rile ba utlwa gore o ne a tshela le gore o ne a bonwe ke ene, ba se ka ba dumela. 12 Mo godimo ga moo, morago ga dilo tseno a bonala ka sebopego se sengwe kwa go ba le babedi ba bone ba ba neng ba tsamaya mmogo, jaaka ba ne ba ya kwa lefelong la selegae; 13 mme ba boa ba begela ba bangwe botlhe. Le bone ba se ka ba dumela bano. 14 Moragonyana a bonala kwa go ba ba lesome le bongwe ka bobone fa ba ne ba ntse ka go sekama fa tafoleng, mme a kgoba go tlhoka tumelo ga bone le go nna dipelo di logwadi, ka gonne ba ne ba se ka ba dumela ba ba neng ba mmone jaanong a tsositswe mo baswing. 15 Mme a ba raya a re: “Yang mo lefatsheng lotlhe lo rerele popo yotlhe dikgang tse di molemo. 16 Yo o dumelang a ba a kolobediwa o tla bolokwa, mme yo o sa dumeleng o tla bonwa molato. 17 Mo godimo ga moo, ditshupo tseno di tla pata ba ba dumelang: Ba tla leleka madimona, ba tla bua ka diteme ba dirisa leina la me, 18 mme ba tla tshwara dinoga ka diatla tsa bone, mme fa ba ka nwa sepe se se bolayang ga se na go ba utlwisa botlhoko ka gope. Ba tla baya batho ba ba bobolang diatla, mme bano ba tla fola.”
19 Jalo, he, Morena Jesu, ya re a sena go bua le bone, a tseelwa kwa godimo kwa legodimong mme a nna kafa seatleng sa moja sa Modimo. 20 Jalo bone, ba tswa ba ya go rera gongwe le gongwe, fa Morena ene a ne a ntse a dira le bone e bile a tshegetsa molaetsa ka ditshupo tse di o patang.
Mmalo wa Baebele
(Mareko 15:1-15) Mme ka yone nako eo fa bo sa baperesiti ba bagolo mmogo le banna ba bagolwane le bakwadi, le e leng Sanehederine yotlhe, ba tshwara puisano, mme ba bofa Jesu ba tsamaya ka ene ba mo neela Pilato. 2 Jalo Pilato a mo tlhoma potso a re: “A o kgosi ya Bajuda?” Fa a mo araba a re: “Wena ka bowena wa rialo.” 3 Mme baperesiti ba bagolo ba simolola go mo latofatsa ka dilo di le dintsi. 4 Jaanong Pilato a simolola go mmotsa gape, a re: “A ga o arabe? Bona gore ba go latofatsa ka ditatofatso di le dintsi jang.” 5 Mme Jesu a se ka a araba go ya pele, mo Pilato a neng a simolola go gakgamala. 6 Ebu, moletlo le moletlo o ne a na le go ba gololela legolegwa le le lengwe, le ba neng ba le kopa. 7 Ka nako eo go ne go na le motho yo go tweng Barabase a le mo dikgoleng a na le batho ba ba tsuologelang taolo, bao mo go tsuologeleng taolo ga bone ba neng ba bolaile. 8 Jalo boidiidi jwa tlhatloga mme jwa simolola go kopa go ya ka se a neng a na le go se ba direla. 9 Pilato a ba araba, a re: “A lo batla gore ke lo gololele kgosi ya Bajuda?” 10 Gonne o ne a lemoga gore baperesiti ba bagolo ba ne ba mo neetse ka ntlha ya lefufa. 11 Mme baperesiti ba bagolo ba fudua boidiidi gore bo dire gore mo boemong jwa moo, a ba gololele Barabase. 12 Gape fa Pilato a fetola a ba raya a re: “Jaanong, ke tla dirang ka yo lo mmitsang kgosi ya Bajuda?” 13 Ba boa gape ba goa ba re: “Mmapole!” 14 Mme Pilato a tswelela a ba raya a re: “Ka ntlha yang, ke selo sefe se se bosula se a se dirileng?” Le fa go ntse jalo ba goa le go feta ba re: “Mmapole!” 15 Foo Pilato, a batla go kgotsofatsa boidiidi, a ba gololela Barabase, mme, fa a sena go dira gore Jesu a itewe ka seme, a ba mo neela gore a bapolwe.
JUNE 11-17
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LUKE 1
“Etsa Tsela e Marea a Neng a le Boikokobetso ka Yone”
(Luke 1:38) Foo Marea a re: “Bona! Lelata la ga Jehofa! E kete go ka ntiragalela kafa polelong ya gago.” Foo moengele a tloga fa go ene.
“Bona! Lelata la ga Jehofa!”
12 Tota le gompieno batho ba le bantsi ba ba nang le tumelo ba itse karabo ya gagwe e e bontshang boikokobetso le go nna kutlo. O ne a raya Gabariele a re: “Bona! Lelata la ga Jehofa! E kete go ka ntiragalela kafa polelong ya gago.” (Luke 1:38) Lelata e ne e le lone motlhanka wa maemo a a kwa tlasetlase; botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo diatleng tsa mong wa gagwe. Eo ke tsela e Marea a neng a ikutlwa ka yone ka Mong wa gagwe, Jehofa. O ne a itse gore o bolokesegile mo diatleng tsa gagwe, gore Jehofa o ikanyega mo go ba ba ikanyegang mo go ene le gore o tla mo segofatsa fa a ntse a iteka ka natla go dira kabelo eno e e gwetlhang e a neng a e neilwe.
(Luke 1:46-55) Marea a re: “Moya wa me o godisa Jehofa, 47 le pelo ya me ga e kgone go ithiba mo go ipeleng mo gogolo e ipelela Modimo Mmoloki wa me; 48 ka gonne o lebile boemo jo bo kwa tlase jwa lelata la gagwe. Gonne, bona! go tloga jaanong go ya pele dikokomana tsotlhe di tla mpolela ke le yo o itumetseng; 49 ka gonne Yo o maatla o ntiretse ditiro tse dikgolo, e bile go boitshepo leina la gagwe; 50 mme boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo mo go ba ba mmoifang mo dikokomaneng go ya go dikokomana. 51 O dirile ka thata ka lebogo la gagwe, o gasamiseditse kgakala ba ba mabela mo boikaelelong jwa dipelo tsa bone. 52 O folositse banna ba ba nang le thata mo ditulong tsa bogosi mme a godisa batho ba maemo a a kwa tlase; 53 o kgorisitse ka botlalo ba ba tshwerweng ke tlala ka dilo tse di molemo mme o tsamaisitse ba ba neng ba na le khumo ba iphotlhere. 54 O thusitse Iseraele motlhanka wa gagwe, gore a gakologelwe kutlwelobotlhoko, 55 fela jaaka a ne a bolela mo go borraaronamogologolwane, mo go Aborahame le losika lwa gagwe, ka bosaengkae.”
“Bona! Lelata la ga Jehofa!”
15 Morago ga moo Marea o ne a araba. Mafoko a gagwe a bolokilwe mo Lefokong la Modimo. (Bala Luke 1:46-55.) Mafoko ano ke one a maleele a Marea a kileng a a bua a a begilweng mo Baebeleng mme a senola go le gontsi ka ene. Tsela e a bakang Jehofa ka yone go bo a mo segofaditse ka tshiamelo ya gore e nne ene mmaagwe Mesia, e bontsha kafa a tletseng tebogo le kanaanelo ka gone. E bontsha kafa a nang le tumelo e kgolo ka gone fa a re Jehofa o folosa ba ba mabela le gore o maatla e bile o thusa batho ba maemo a a kwa tlase le ba ba humanegileng ba ba batlang go mo direla. Gape e senola kafa a nang le kitso ka gone. Go ya kafa go fopholediwang ka gone, o ne a umaka Dikwalo tsa Sehebera ka makgetlo a feta 20!
16 Ga go pelaelo gore Marea o ne a tlhatlhanya thata ka Lefoko la Modimo. Le fa go ntse jalo, go na le gore a bue megopolo ya gagwe, o ne a ikokobetsa mme a letla gore Dikwalo e nne tsone di buang. Letsatsi lengwe morwa yo ka nako eo a neng a ntse a gola mo popelong ya gagwe le ene o ne a tla nna le boikutlo jo bo tshwanang mme a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Joh. 7:16) Go molemo gore re ipotse: ‘A ke bontsha tlotlo e e ntseng jalo le tshisimogo mo Lefokong la Modimo? Kana a ke bona go le molemo go buelela dikgopolo le dithuto tsa me?’ Re itse sentle se Marea a ileng a se dira.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Luke 1:69) Mme o re tsoseditse lonaka lwa poloko mo ntlong ya ga Dafide motlhanka wa gagwe,
ntlha e e mo go Luk 1:69 mo nwtsty
lonaka lwa poloko: Kgotsa “mmoloki yo o maatla.” Gantsi dinaka mo Baebeleng di tshwantshetsa maatla le phenyo. (1Sa 2:1; Pes 75:4, 5, 10; 148:14; dintlha tse di kwa tlase mo NW.) Gape dikgosi le magosi a ne a tshwantshediwa ke dinaka, e ka ne e le dikgosi tse di direlang Jehofa kgotsa di sa mo direle. Fa dikgosi tseno di fenya, phenyo ya tsone e ne e tshwantshangwa le go kgorometsa ditšhaba ka dinaka. (Dut 33:17; Dan 7:24; 8:2-10, 20-24) Mafoko a a reng “lonaka lwa poloko” mo temaneng eno, a bua ka Mesia gore ke ene yo o nang le maatla a go boloka batho.
(Luke 1:76) Mme fa e le wena, ngwana yo mmotlana, o tla bidiwa moporofeti wa Mogodimodimo, gonne o tla tsamaela pele fa pele ga ga Jehofa go baakanya ditsela tsa gagwe,
ntlha e e mo go Luk 1:76 mo nwtsty
o tla tsamaela pele fa pele ga ga Jehofa: Johane Mokolobetsi o ne a “tla tsamaela pele fa pele ga ga Jehofa” e nna ene yo o etelelelang Jesu pele. Mme Jesu o ne a tla emela Rraagwe e bile o na a tla dira dilo ka leina la ga Rraagwe.—Joh 5:43; 8:29.
Mmalo wa Baebele
(Luke 1:46-66) Marea a re: “Moya wa me o godisa Jehofa, 47 le pelo ya me ga e kgone go ithiba mo go ipeleng mo gogolo e ipelela Modimo Mmoloki wa me; 48 ka gonne o lebile boemo jo bo kwa tlase jwa lelata la gagwe. Gonne, bona! go tloga jaanong go ya pele dikokomana tsotlhe di tla mpolela ke le yo o itumetseng; 49 ka gonne Yo o maatla o ntiretse ditiro tse dikgolo, e bile go boitshepo leina la gagwe; 50 mme boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo mo go ba ba mmoifang mo dikokomaneng go ya go dikokomana. 51 O dirile ka thata ka lebogo la gagwe, o gasamiseditse kgakala ba ba mabela mo boikaelelong jwa dipelo tsa bone. 52 O folositse banna ba ba nang le thata mo ditulong tsa bogosi mme a godisa batho ba maemo a a kwa tlase; 53 o kgorisitse ka botlalo ba ba tshwerweng ke tlala ka dilo tse di molemo mme o tsamaisitse ba ba neng ba na le khumo ba iphotlhere. 54 O thusitse Iseraele motlhanka wa gagwe, gore a gakologelwe kutlwelobotlhoko, 55 fela jaaka a ne a bolela mo go borraaronamogologolwane, mo go Aborahame le losika lwa gagwe, ka bosaengkae.” 56 Mme Marea a nna le ene dikgwedi di ka nna tharo, mme a boela kwa legaeng la gagabo. 57 Nako jaanong ya fitlha ya gore Elisabetha a belege, mme a nna le ngwana wa mosimane. 58 Mme baagelani le ba losika lwa gagwe ba utlwa gore Jehofa o ne a mo godiseditse kutlwelobotlhoko ya gagwe, mme ba simolola go ipela le ene. 59 Mo letsatsing la borobedi ba tla go rupisa ngwana yo mmotlana, mme ba ne ba tlile go mmitsa ka leina la ga rraagwe, e bong Sekarea. 60 Mme mmaagwe a araba a re: “Legoka! o tla bidiwa Johane.” 61 Foo ba mo raya ba re: “Ga go na ope mo go ba losika lwa gago yo o bidiwang ka leina leno.” 62 Foo ba botsa rraagwe ba bua ka mabogo gore o ne a batla a bidiwa mang. 63 Mme a kopa sekwalelo, a kwala jaana: “Leina la gagwe ke Johane.” Foo botlhe ba gakgamala. 64 Ka ponyo ya leitlho molomo wa gagwe wa bulega le loleme lwa gagwe lwa bofologa mme a simolola go bua, a baka Modimo. 65 Poifo ya wela botlhe ba ba nnang gaufi le bone; mme mo nageng yotlhe e e dithaba ya Judea dilo tseno tsotlhe tsa simolola go buiwa gongwe le gongwe, 66 mme botlhe ba ba neng ba utlwa ba go tshwaya mo dipelong tsa bone, ba re: “Tota ngwana yo mmotlana yono o tla nna eng?” Gonne seatla sa ga Jehofa eleruri se ne se na le ene.
JUNE 18-24
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LUKE 2-3
“Basha—Nonotshang Kamano ya Lona le Jehofa”
(Luke 2:41, 42) Jaanong batsadi ba gagwe ba ne ba tlwaetse go ya kwa Jerusalema ngwaga le ngwaga ba ela moletlo wa tlolaganyo. 42 E rile a nna le dingwaga di le lesome le bobedi, ba tlhatlogela gone go ya ka mokgwa wa moletlo
ntlha e e mo go Luk 2:41 mo nwtsty
batsadi ba gagwe ba ne ba tlwaetse: Molao o ne o re basadi ga ba tlhoke go ya moletlong wa Tlolaganyo. Le fa go ntse jalo, Marea o ne a tlwaetse go tseisa Josefa tsela ngwaga le ngwaga fa a ya moletlong ono kwa Jerusalema. (Ek 23:17; 34:23) Ba ne ba tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 300 e le lelapa.
(Luke 2:46, 47) Ebu, morago ga malatsi a mararo ba mo fitlhela mo tempeleng, a ntse mo gare ga barutisi, a ba reeditse e bile a ba botsa dipotso. 47 Mme botlhe ba ba mo reeditseng ruri ba ne ba gakgamadiwa ke tlhaloganyo ya gagwe le dikarabo tsa gagwe.
ntlha e e mo go Luk 2: 46, 47 mo nwtsty
a ba botsa dipotso: Batho ba ba neng ba reeditse Jesu ba ne ba gakgamaditswe ke dipotso tsa gagwe, mme seno se bontsha gore o ne a sa botse dipotso fela tse di ka bodiwang ke mosimanyana. (Luk 2:47) Lefoko la Segerika le le kayang “go botsa dipotso,” gantsi le bua ka dipotso tse di tseneletseng tse di bodiwang kwa kgotsatshekelong fa motho a seka. (Mat 27:11; Mar 14:60, 61; 15:2, 4; Dit 5:27) Baithutahisitori ba re baeteledipele ba bodumedi ba ba di gogang kwa pele ba ne ba rata go sala kwa tempeleng morago ga meletlo gore ba kgone go ruta batho. Batho ba ne ba nna fa fatshe ba ba reetsa le go ba botsa dipotso.
ba gakgamadiwa: Lefoko la Segerika le le kayang “go gakgamadiwa” le ka tswa le bua ka motho yo o akabadiwang ke sengwe kgapetsakgapetsa.
(Luke 2:51, 52) Mme a fologa le bone a tla mo Nasaretha, a tswelela a le mo taolong ya bone. Gape, mmaagwe a boloka mafoko ano otlhe mo pelong ya gagwe ka kelotlhoko. 52 Mme Jesu a tswelela a gatela pele mo botlhaleng le mo kgolong ya mmele le mo kamogelong ya Modimo le batho.
ntlha e e mo go Luk 2:51, 52 mo nwtsty
a tswelela a le mo taolong ya bone: Kgotsa “a tswelela a ba ikobela.” Mafoko ano a Segerika a bontsha gore Jesu o ile a tlogela barutisi ba kwa tempeleng ba gakgamaditswe ke kitso ya gagwe e e tseneletseng ya Lefoko la Modimo. O ne a boela gae mme a tswelela a ikobela batsadi ba gagwe. Go farologana le bana ba bangwe ba ba ikobelang batsadi ba bone, Jesu ene o ne a dira jalo a latela Molao wa ga Moshe ka botlalo.—Ek 20:12; Bag 4:4.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Luke 2:14) “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimong jo bo kwa godimo, mme mo lefatsheng go nne kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang.”
ntlha e e mo go Luk 2:14 mo nwtsty
mme mo lefatsheng go nne kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang: Go na le Dibaebele dingwe tse di ranotseng mafoko ano go tswa mo mekwalong mengwe ya bogogololo e e reng “mme mo lefatsheng go nne le kagiso, magareng ga batho ba ba amogelwang.” Mafoko a a dirisitsweng mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ke one a a fitlhelwang mo mekwalong ya seatla ya bogologolo. Mafoko ano a a neng a buiwa ke baengele a ne a sa reye gore Modimo o amogela mongwe le mongwe fela, mme a ne a bua ka batho ba Modimo a tla ba amogelang ka ntlha ya go nna le tumelo mo go ene le go sala Morwawe morago.—Bona ntlha e e buang ka batho ba ba amogelwang.
batho ba ba amogelwang: Lefoko go “amogela” ka Segerika (eu·do·kiʹa) le ka ranolwa e le “kamogelo; go itumedisa.” Go dirisitswe lediri la lefoko leno (eu·do·keʹo) mo go Mat 3:17; Mar 1:11 le Luk 3:22 (bona dintlha tse di mo go Mar 1:11 mo nwtsty), fa Modimo a ne a bua le Morwawe morago ga go kolobediwa. Lefoko leno le kaya “go amogela; go itumedisiwa ke mongwe.” Mafoko ano a a builweng ke baengele ga a bue ka go amogelwa ke batho ba bangwe mme a bua ka batho ba ba amogelwang ke Modimo ka gonne ba na le tumelo mo go ene e bile ba sala Morwawe morago. Le fa ka dinako tse dingwe lefoko la Segerika la eu·do·kiʹa le dirisiwa go bua ka keletso e e molemo e bathong ba nang le yone (Bar 10:1; Baf 1:15), gantsi le amangwa le go amogelwa ke Modimo (Mat 11:26; Luk 10:21; Bae 1:5, 9; Baf 2:13; 2Bath 1:11). Mo Baebeleng ya Septuagint mo go Pes 51:18 [50:20, LXX], lefoko leno le bua ka bomolemo jwa Modimo.
(Luke 3:23) Mo godimo ga moo, Jesu ka boene, e rile a simolola tiro ya gagwe, a bo a na le dingwaga di ka nna masome a mararo, a le morwa, jaaka go ne go gopolwa, wa ga Josefa, morwa Heli,
A o Ne o Itse?
Rraagwe Josefa e ne e le mang?
Josefa, mmetli wa kwa Nasaretha, e ne e le rraagwe Jesu yo a mo godisitseng. Mme rraagwe Josefa ene e ne e le mang? Tatelano ya losika lwa ga Jesu e e mo Efangeleng ya ga Mathaio e umaka monna mongwe yo o bidiwang Jakobe, mme Efangele ya ga Luke yone e tlhalosa gore Josefa ke “morwa Heli.” Goreng go bonala e kete ditemana tseno ga di dumalane?—Luke 3:23; Mathaio 1:16.
Pego ya ga Mathaio ya re: “Jakobe a nna rraagwe Josefa,” ka go rialo e dirisa lefoko la Segerika le le bontshang sentle gore Jakobe e ne e le rraagwe Josefa yo a mo tshotseng. Ka jalo, Mathaio o ne a latedisa tatelano ya losika lwa ga Josefa, losika lwa ga Dafide lwa segosi, lo lo neng lo tla dirisiwa go fetisetsa tshwanelo ya go busa mo go morwa Josefa yo a mo godisitseng e bong Jesu.
Ka fa letlhakoreng le lengwe, pego ya ga Luke ya re: “Josefa, morwa Heli.” Polelwana eo e e reng, “morwa,” e ka kaya “mogwe wa ga.” Pego e e tshwanang le eo e fitlhelwa mo go Luke 3:27, e mo go yone Shelatiele, yo rraagwe wa mmatota e leng Jekonia, a tlhalosiwang e le “morwa Neri.” (1 Ditiragalo 3:17; Mathaio 1:12) Go bonala Shelatiele a ne a nyetse morwadia Neri yo o sa umakiwang ka leina, ka jalo a nna mogwe wa gagwe. Ka tsela e e tshwanang, Josefa le ene e ne le “morwa” Heli, e re ka a ne a nyetse Marea, morwadia Heli. Ka jalo, Luke o latedisa tatelano ya losika lwa ga Jesu “ka fa nameng,” ka fa go mmaagwe yo a mo tshotseng e bong Marea. (Baroma 1:3) Ka gone, Baebele e re naya ditlhaloso tse pedi tse di farologaneng e bile di le mosola, tsa tatelano ya losika lwa ga Jesu.
Mmalo wa Baebele
(Luke 2:1-20) Jaanong mo malatsing ao Kaesara Aguseto a ntsha taelo ya gore lefatshe lotlhe le le nang le banni le kwadisiwe; 2 (kwadiso eno ya ntlha e ne ya diragala fa Kwirinio a ne a le molaodi wa Siria;) 3 mme batho botlhe ba tsaya loeto ba ya go kwadisiwa, mongwe le mongwe kwa motseng wa gagabo. 4 Ee, Josefa le ene a tlhatloga go tswa Galalea, a tswa kwa motseng wa Nasaretha, a ya Judea, kwa motseng wa ga Dafide, o o bidiwang Bethelehema, ka gonne a le leloko la ntlo le la lelapa la ga Dafide, 5 go ya go kwadisiwa le Marea, yo a neng a mo neetswe ka nyalo jaaka go ne go solofeditswe, mo nakong eno a goletswe. 6 Fa ba ntse ba le koo, malatsi a wela a gore a belege. 7 Mme a belega morwawe, leitibolo, a mo phuthela ka dihapo tsa matsela a bo a mo latsa mo bojelong jwa diruiwa, ka gonne ba ne ba se na bonno mo phaposing ya baeng. 8 Gape mo go yone naga eo go ne go na le badisa ba nna kwa nageng mme ba ntse ba dira ka ditebelo mo matsomaneng a bone bosigo. 9 Mme ka tshoganyetso moengele wa ga Jehofa a ema fa go bone, mme kgalalelo ya ga Jehofa ya nyedima go ba dikologa, mme ba boifa thata. 10 Moengele a ba raya a re: “Se boifeng, gonne, bonang! ke lo bolelela dikgang tse di molemo tsa boipelo jo bogolo jo batho botlhe ba tla nnang le jone, 11 ka gonne lo tsaletswe Mmoloki gompieno, yo e leng Keresete Morena, mo motseng wa ga Dafide. 12 Mme seno ke sesupo mo go lona: lo tla fitlhela lesea le phuthetswe ka dihapo tsa matsela mme le letse mo bojelong jwa diruiwa.” 13 Ka tshoganyetso lesomo le lentsi la selegodimo la bo le na le moengele yono, le baka Modimo le re: 14 “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimong jo bo kwa godimo, mme mo lefatsheng go nne kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang.” 15 Jalo e rile baengele ba sena go tloga mo go bone ba ya legodimong, badisa ba raana ba re: “A re yeng go fitlha fela kwa Bethelehema mme re bone selo seno se se diragetseng, se Jehofa a se re itsisitseng.” 16 Ba tsamaya ka potlako mme ba fitlhela Marea mmogo le Josefa, le lesea le letse mo bojelong jwa diruiwa. 17 E rile ba le bona, ba itsise lefoko le le neng le builwe le bone ka ga ngwana yo mmotlana yono. 18 Mme botlhe ba ba neng ba utlwa ba gakgamala ka ntlha ya dilo tse ba neng ba di bolelelwa ke badisa, 19 mme Marea a simolola go boloka mafoko ano otlhe, a dira ditshwetso mo pelong ya gagwe. 20 Go tswa foo badisa ba boela morago, ba galaletsa e bile ba baka Modimo ka ntlha ya dilo tsotlhe tse ba neng ba di utlwa ba bo ba di bona, fela jaaka ba ne ba di bolelelwa.
JUNE 25–JULY 1
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LUKE 4-5
“Etsa Jesu Ka go Sa Ineele fa o Lekwa”
(Luke 4:1-4) Jaanong Jesu, ka a tletse moya o o boitshepo, a tloga kwa Joredane, mme a gogelwa kwa le kwa ke moya mo nageng 2 ka malatsi a le masome a manè, a ntse a raelwa ke Diabolo. Mo godimo ga moo, a se ka a ja sepe mo malatsing ao, mme jalo, e rile malatsi a sena go wela, a utlwa a tshwerwe ke tlala. 3 Foo Diabolo a mo raya a re: “Fa e le gore o morwa Modimo, raya leje leno o re le fetoge senkgwe.” 4 Mme Jesu a mo fetola a re: “Go kwadilwe ga twe, ‘Motho ga a a tshwanela go tshela ka senkgwe se le sosi.’”
Ela Tlhoko Gore o Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe
8 Satane o ne a dirisa lone leano leo go raela Jesu kwa nageng. Fa Jesu a sena go itima dijo ka malatsi a le 40 le masigo a le 40, Satane o ne a leka go mo raela a dirisa keletso ya dijo. Satane o ne a mo raya a re: “Fa e le gore o morwa Modimo, raya leje leno o re le fetoge senkgwe.” (Luke 4:1-3) Jesu o ne a ka tlhopha gareng ga dilo tse pedi: O ne a ka tlhopha go dirisa maatla a gagwe ka kgakgamatso go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya dijo, kgotsa o ne a ka tlhopha go se a dirise. Jesu o ne a itse gore ga a tshwanela go dirisa maatla ao go kgotsofatsa dikeletso tsa bopelotshetlha. Le fa a ne a tshwerwe ke tlala, go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya dijo go ne go se botlhokwa go feta go boloka kamano ya gagwe le Jehofa. Jesu o ne a araba Satane jaana: “Go kwadilwe ga twe, ‘Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.’”—Math. 4:4.
(Luke 4:5-8) Jalo a mo tlhatlosetsa kwa godimo mme a mmontsha magosi otlhe a lefatshe le le nang le banni ka nako e khutshwanyane; 6 mme Diabolo a mo raya a re: “Ke tla go naya taolo eno yotlhe le kgalalelo ya yone, ka gonne e neilwe nna, mme ke e naya ope fela yo ke eletsang go e mo naya. 7 Jalo, wena, fa o ka obama fa pele ga me, yotlhe e tla nna ya gago.” 8 Fa Jesu a fetola a mo raya a re: “Go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.’”
Ela Tlhoko Gore o Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe
10 Mme go tweng fa a ne a raela Jesu? Satane o ne a “mmontsha magosi otlhe a lefatshe le le nang le banni ka nako e khutshwanyane; mme Diabolo a mo raya a re: ‘Ke tla go naya taolo eno yotlhe le kgalalelo ya yone.’” (Luke 4:5, 6) Jesu o ne a ka se kgone go bona magosi ao otlhe ka tsela ya mmatota ka yone nako eo, mme Satane a ka tswa a ne a akanya gore ka tsela nngwe, kgalalelo ya magosi ao e ne e ka ngoka Jesu fa a e bona mo ponatshegelong. Satane ga a ka a tlhabiwa ke ditlhong go mo raya a re: “Fa o ka obama fa pele ga me, yotlhe e tla nna ya gago.” (Luke 4:7) Jesu o ne a sa batle go nna motho yo Satane a neng a batla gore e nne ene. O ne a mo araba ka yone nako eo. O ne a re: “Go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.’”—Luke 4:8.
(Luke 4:9-12) Jaanong a mo isa kwa Jerusalema a ba a mo emisa mo setlhoeng sa tempele mme a mo raya a re: “Fa e le gore o morwa Modimo, ipiriganyetse kwa tlase go tswa fano; 10 gonne go kwadilwe ga twe, ‘O tla naya baengele ba gagwe taelo ka ga gago, go go boloka,’ 11 ga ba ga kwalwa ga twe, ‘Ba tla go tshwara ka diatla, gore le fa e le ka nako epe o se ka wa itaaganya lonao lwa gago le leje lepe.’” 12 Fa Jesu a araba a mo raya a re: “Ga twe, ‘O se ka wa leka Jehofa Modimo wa gago.’”
setshwantso se se mo nwtsty
Setlhoa sa Tempele
Satane a ka tswa a ile a tsaya Jesu a bo a mo isa kwa “setlhoeng sa [kgotsa “godimodimo ga”] tempele,” a bo a mo raya a re a itatlhele kwa tlase. Boammaaruri ke gore ga go itswe gore Jesu o ne a eme fa kae. Lefoko, tempele, le le dirisitsweng mo temaneng eno le ka tswa le bua ka kago yotlhe ya tempele. Jesu a ka tswa a ne a eme kwa khoneng e e kwa borwabotlhaba (1) jwa tempele. Gongwe a ka tswa a ne a eme kwa khoneng e nngwe ya tempele. Fa motho a ne a ka wa a eme mo go nngwe ya dikhona tseno, o ne a tla swa fa Jehofa a ne a ka se mo thuse.
Ela Tlhoko Gore o Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe
12 Go farologana le Efa, ruri Jesu ene o re tlhometse sekao se se molemo sa go nna boikobo! Satane o ne a leka go mo raela ka tsela e nngwe gape, le fa go ntse jalo, Jesu o ne a gana a sa tikatike go dira sengwe se se ka kgatlhang ba bangwe mme gone se ka leka Modimo. Ruri go dira jalo e ne e tla bo e le go ikgogomosa! Go na le moo, karabo eno ya ga Jesu e ne e utlwala e bile e tlhamaletse: “Ga twe, ‘O se ka wa leka Jehofa Modimo wa gago.’”—Bala Luke 4:9-12.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Luke 4:17) Jalo a newa lokwalo lwa momeno lwa ga moporofeti Isaia, mme a bula lokwalo lwa momeno a bona fa go neng go kwadilwe go twe:
ntlha e e mo go Luk 4:17 mo nwtsty
lokwalo lwa momeno lwa ga moporofeti Isaia: Momeno wa ga Isaia wa Lewatle le le Suleng o boleele jwa dimetara di le 7,3 o na le dikholomo di le 54 le ditsebe tse di kopantsweng mmogo di le 17 tse di dirilweng ka letlalo la phologolo. Momeno o o neng o dirisiwa kwa sinagogeng ya Nasaretha, o ka tswa o ne o lekana le one ka boleele. Ka motlha wa ga Jesu, Lefoko la Modimo le ne le sa kgaoganngwa ka dikgaolo le ditemana, ka jalo, Jesu o ne a tla tshwanelwa ke go batla karolo e a neng a tla e bala. E re ka a kgonne go bona mafoko ano a boporofeti, seno se bontsha gore o ne a itse Lefoko la Modimo sentle.
(Luke 4:25) Ammaaruri ke a lo bolelela, ka sekai, Go ne go na le batlholagadi ba le bantsi mo Iseraele mo malatsing a ga Elija, fa legodimo le ne le tswetswe dingwaga di le tharo le dikgwedi di le thataro, mo leuba le legolo le neng la wela lefatshe lotlhe,
ntlha e e mo go Luk 4:25 mo nwtsty
dingwaga di le tharo le dikgwedi di le thataro: Lokwalo lwa 1Dik 18:1 lo bontsha gore “mo ngwageng wa boraro,” Elija o ile a itsise gore leuba le tla khutla. Ka jalo, batho bangwe ba re mafoko a ga Jesu ga a dumalane le pego e e mo go 1 Dikgosi. Le fa go ntse jalo, pego eno ga e re leuba le tsere dingwaga tse di ka fa tlase ga tse tharo. Mafoko a a reng, “mo ngwageng wa boraro” a ka tswa a bua ka nako ya fa Elija a ne a bolelela Ahabe ka leuba lekgetlo la ntlha. (1Dik 17:1) Fa Elijah a ne a bua le Ahabe mo lekgetlong leno, go lebega leuba le ne le setse le simolotse. Gantsi leuba le ne le tsaya dikgwedi di le thataro mme leuba leno le ka tswa le tsere lobaka lo loleele thata. Mo godimo ga moo, Elija o ne a boela kwa go Ahabe “mo ngwageng wa boraro,” mme leuba ga le a ka la fela ka yone nako eo, le ile la fela morago ga kgakgamatso ya molelo wa kwa Thabeng ya Karemele. (1Dik 18:18-45) Seno se bontsha gore mafoko a ga Jesu a a mo go Luk 4:25 le a ga morwarraagwe a a mo go Jak 5:17, a dumalana sentle le ditiragalo tse go buiwang ka tsone mo go 1Dik 18:1.
Mmalo wa Baebele
(Luke 4:31-44) A fologela kwa Kaperenama, motse wa Galalea. Mme a bo a ba ruta go le sabata; 32 mme ba tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta, ka gonne puo ya gagwe e ne e na le taolo. 33 Jaanong mo sinagogeng ga bo go na le monna mongwe a na le moya, e leng ledimona le le seng phepa, mme a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: 34 “Ao! Re dirang ka wena Jesu wena Monasaretha? A o tletse go re senya? Ke itse sentlentle gore o mang, o Moitshepi wa Modimo.” 35 Mme Jesu a o kgalema, a re: “Didimala, mme o tswe mo go ene.” Jalo, fa ledimona le sena go latlhela monna yono fa fatshe mo gare ga bone, la tswa mo go ene kwantle ga go mo utlwisa botlhoko. 36 Foo, botlhe ba akabala, mme ba simolola go tlotla mmogo, ba re: “Ke puo ya mofuta ofe eno, ka gonne o laela meya e e seng phepa ka taolo le maatla, mme e a tswa?” 37 Jalo dikgang ka ga gagwe tsa nna tsa tswela kwa sekhutlong sengwe le sengwe sa naga e e mo tikologong. 38 Fa a sena go ema a tswa mo sinagogeng a tsena mo legaeng la ga Simone. Jaanong mogogwadia Simone o ne a tshwenngwa ke letshoroma le legolo, mme ba mo mo kopela. 39 Jalo a mo okama mme a kgala letshoroma leno ka bogale, mme la mo tlogela. Ka ponyo ya leitlho a ema mme a simolola go ba direla. 40 E rile letsatsi le phirima, botlhe ba ba neng ba na le batho ba ba bobolang malwetse a a farologaneng ba ba tlisa kwa go ene. A ba alafa ka go baya mongwe le mongwe wa bone diatla. 41 Madimona le one a ne a tswa mo go ba le bantsi, a goa a re: “O Morwa Modimo.” Mme, a a kgalema, a sa a letle go bua, ka gonne a ne a itse fa e le Keresete. 42 Le fa go ntse jalo, e rile go nna motshegare, a tswa a ya kwa lefelong le le se nang batho. Mme boidiidi jwa simolola go mo tsomaka mme jwa tswa jwa ya go fitlha kwa a neng a le gone, mme jwa leka go mo kganela gore a se ka a tswa mo go bone. 43 Mme a ba raya a re: “Le kwa metseng e mengwe ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” 44 Jalo a tswelela a rera mo disinagogeng tsa Judea.