BOTSHELO JWA BOKERESETE
“Mpho ya ga Jehofa”
Re ka dira eng gompieno go naya Jehofa dimpho? (1Dit 29:5, 9, 14) Setlhogo seno se tlhalosa ditsela tse di farologaneng tsa go ntsha meneelo go tshegetsa tiro e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa mo nageng ya lona le mo lefatsheng lotlhe.
MENEELO E E NTSHIWANG MO INTERNET LE MO MABOKOSONG A DIRISIWA GO TSHEGETSA:
TIRO E E DIRWANG MO LEFATSHENG LOTLHE
go aga diofisi tsa makala le diofisi tsa thanolo
dikolo tse di thapisang batho ba ga Jehofa
badiredi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng e e kgethegileng
thuso ya namolo
go gatisa dikgatiso, go di rekota le go di tsenya mo Internet
DITSHENYEGELO TSA PHUTHEGO
go duela ditshenyegelo tse di jaaka motlakase le metsi le go tlhokomela Holo ya Bogosi
maitlamo a a dirilweng ke phuthego a go romela madi kwa ofising ya lekala malebana le:
go aga Diholo Tsa Bogosi le Diholo Tsa Dikopano mo lefatsheng lotlhe
thulaganyo ya go thusa diphuthego go aga Diholo Tsa Bogosi
ditiro tse dingwe tse di dirwang mo lefatsheng lotlhe
DIKOPANO
Meneelo e e ntshiwang kwa dikopanong tsa tikologo e ntshediwa tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Seno se dira gore go kgone go duelelwa ditshenyegelo tsa dikopano tsa tikologo, dikopano tse di kgethegileng le tsa boditšhabatšhaba.
Meneelo e e ntshiwang kwa dikopanong tsa potologo e dirisediwa go hira lefelo le go tshwarelwang kopano mo go lone, go tlhokomela dikago tsa dikopano le go duelela ditshenyegelo tse dingwe tsa potologo. Fa go na le madi a a setseng, potologo e ka dira tshwetso ya gore madi ao a ntshediwe tiro e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.