LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • th thuto 1 ts. 4
  • Matseno a a Tsosang Kgatlhego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Matseno a a Tsosang Kgatlhego
  • Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matseno a a Tsosang Kgatlhego
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Thusa Bareetsi go Dirisa Se ba Se Ithutang
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
th thuto 1 ts. 4

THUTO 1

Matseno a a Tsosang Kgatlhego

Temana e e umakilweng

Ditiro 17:22

KGANGKGOLO: Matseno a gago a tshwanetse go tsosa kgatlhego. Tlhomolola ntlha ya konokono mme o bontshe bareetsi lebaka la go bo e le botlhokwa mo go bone.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Dira gore bareetsi ba kgatlhegele se o se buang. Tlhopha potso, ntlha nngwe, maitemogelo kgotsa kgang nngwe ya mo dikgannyeng tsa bosheng e e tla kgatlhang bareetsi.

    Kakantsho

    Akanya ka dilo tse bareetsi ba di kgatlhegelang kgotsa tse ba tshwenyegileng ka tsone o bo o dira gore matseno a gago a tsamaisane le dilo tseo.

  • Tlhomolola ntlha ya konokono. Dira gore matseno a gago a thuse bareetsi go lemoga ntlha ya konokono le maikaelelo a puo ya gago.

  • Bontsha lebaka la go bo ntlha ya konokono e le botlhokwa. Dira gore puisano ya gago e tshwanele dilo tse bareetsi ba di tlhokang. Ba tshwanetse go tlhaloganya gore ntlha ya konokono e ka ba thusa jang.

    Kakantsho

    Fa o baakanyetsa puo, ipotse jaana: ‘Bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya me ba lebane le maemo afe?’ Go tswa foo, dira gore matseno a gago a tsamaisane le maemo a bone.

MO BODIREDING

Fa o batla go lemoga se motho a se kgatlhegelang, ela tlhoko dilo tse a di dirang kgotsa tikologo ya gagwe. Simolola motlotlo ka go mmotsa potso kgotsa ka go bua ka dilo tseo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela