LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr19 January ts. 1-13
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2019
  • Ditlhogwana
  • JANUARY 7-13
  • JANUARY 14-20
  • JANUARY 21-27
  • JANUARY 28–FEBRUARY 3
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2019
mwbr19 January ts. 1-13

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

JANUARY 7-13

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 21-22

“A Thato ya ga Jehofa e Diragale”

(Ditiro 21:8-12) Letsatsi le le latelang ra bolola mme ra goroga kwa Kaesarea, mme ra tsena mo ntlong ya ga Filipo moefangedi, yo o neng a le mongwe wa banna ba ba supa, mme ra nna le ene. 9 Monna yono o ne a na le bana ba le banè ba basetsana, makgarebane, a a neng a porofeta. 10 Ya re re ntse malatsi a le mantsi thata, moporofeti mongwe yo o neng a bidiwa Agabuse a tla a tswa kwa Judea, 11 a tla mo go rona mme a tsaya moitlamo wa ga Paulo, a bofa dinao le diatla tsa gagwe mme a re: “Moya o o boitshepo o bua jaana wa re, ‘Monna yo moitlamo ono e leng wa gagwe Bajuda ba tla mmofa ka mokgwa ono kwa Jerusalema ba bo ba mo tsenya mo diatleng tsa batho ba ditšhaba.’” 12 Jaanong e rile re utlwa seno, rona mmogo le ba lefelo leo ra simolola go mo rapela gore a se ka a tlhatlogela kwa Jerusalema.

bt 177-178 ¶15-16

“A Thato ya ga Jehofa e Diragale”

15 Fa Paulo a ntse a nna le Filipo, go ne ga goroga moeng yo mongwe yo o tlotlegang—Agabuse. Batho ba ba neng ba kokoane kwa ntlong ya ga Filipo ba ne ba itse gore Agabuse e ne e le moporofeti; o ne a boleletse pele ka leuba le legolo le le neng la nna gone fa go busa Kalaudio. (Dit. 11:27, 28) Gongwe ba ne ba ipotsa gore: ‘Ke eng fa Agabuse a tlile? O tshwere molaetsa ofe?’ Fa ba ntse ba mo lebile ka tlhoafalo, o tsaya moitlamo wa ga Paulo—letsela le letelele le e ke teng lebante, le le kgonang go tshwara madi le dilwana tse dingwe le le neng le bofiwa mo lothekeng. Agabuse o ne a ipofa mo dinaong le mo diatleng ka one. Go tswa foo o ne a bua. Molaetsa wa gagwe o ne o le masisi: “Moya o o boitshepo o bua jaana wa re, ‘Monna yo moitlamo ono e leng wa gagwe Bajuda ba tla mmofa ka mokgwa ono kwa Jerusalema ba bo ba mo tsenya mo diatleng tsa batho ba ditšhaba.’”—Dit. 21:11.

16 Boporofeti jono bo ne bo tlhomamisa gore Paulo o ne a tla ya kwa Jerusalema. Gape bo ne bo bontsha gore o ne a tla tsenngwa “mo diatleng tsa batho ba ditšhaba” ka ntlha ya go rerela Bajuda ba koo. Batho ba ba neng ba le foo ba ne ba amiwa thata ke boporofeti jono. Luke a re: “Jaanong e rile re utlwa seno, rona mmogo le ba lefelo leo ra simolola go mo rapela gore a se ka a tlhatlogela kwa Jerusalema. Foo Paulo a araba a re: ‘Lo dirang ka go lela le go nkoafatsa mo pelong? Nnang lo tlhomamisegile gore, ke iketleeleditse e seng fela go bofiwa mme le go swela leina la Morena Jesu kwa Jerusalema.’”—Dit. 21:12, 13.

(Ditiro 21:13) Foo Paulo a araba a re: “Lo dirang ka go lela le go nkoafatsa mo pelong? Nnang lo tlhomamisegile gore, ke iketleeleditse e seng fela go bofiwa mme le go swela leina la Morena Jesu kwa Jerusalema.”

bt 178 ¶17

“A Thato ya ga Jehofa e Diragale”

17 Akanya fela ka se se neng sa direga. Bakaulengwe bangwe, go akaretsa le Luke, ba kopa Paulo gore a se ka a tsamaya. Bangwe ba bone ba a lela. Paulo o lemoga tsela e ba mo ratang ka yone le gore ba amegile thata ka ene, mme ka bopelonomi o ba bolelela gore ba mo ‘koafatsa pelo,’ kgotsa jaaka dithanolo dingwe di ranola mafoko ano a Segerika, ba mo “phatlola pelo.” Le fa go ntse jalo, o ikemiseditse go tsamaya, mme fela jaaka a ile a dira fa a ne a kopane le bakaulengwe ba kwa Ture, ga a kitla a letla dikopo kgotsa dikeledi di mo dira gore a fetole maikemisetso a gagwe. Go na le moo, o ba tlhalosetsa lebaka la go bo a tshwanetse go tsamaya. Ruri o ne a bontsha gore o pelokgale le gore o ikemiseditse! Fela jaaka Jesu a ile a dira, Paulo le ene o ne a ikemiseditse go ya kwa Jerusalema. (Baheb. 12:2) Paulo o ne a sa batle go swela tumelo, mme fa seo se ne se ka direga, o ne a tla tsaya go swa e le molatedi wa ga Keresete Jesu jaaka tshiamelo.

(Ditiro 21:14) Ya re go sa kgonege gore a thibelwe, ra dumela fela ka mafoko a a reng: “A thato ya ga Jehofa e diragale.”

bt 178 ¶18

“A Thato ya ga Jehofa e Diragale”

18 Bakaulengwe ba ile ba itshwara jang? Ba ne ba tlotla tshwetso ya gagwe. Re bala jaana: “Ya re go sa kgonege gore a thibelwe, ra dumela fela ka mafoko a a reng: ‘A thato ya ga Jehofa e diragale.’” (Dit. 21:14) Ba ba neng ba leka go dira gore Paulo a se ka a ya kwa Jerusalema ga ba a ka ba tatalala gore a dire dilo ka tsela ya bone. Ba ne ba reetsa Paulo mme ba amogela tshwetso ya gagwe, ba lemoga se thato ya ga Jehofa e leng sone mme ba e amogela, tota le fa go ne go se motlhofo go dira jalo. Paulo o ne a tlhophile botshelo jo bo neng bo tla dira gore kgabagare a bolawe. Go ka bo go nnile motlhofo mo go Paulo fa batho ba ba mo ratang ba ne ba sa leka go mo thibela go ya kwa kabelong ya gagwe.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Ditiro 21:23, 24) Jalo dira seno se re se go bolelelang: Re na le banna ba le banè ba ba nang le ikano. 24 Tsaya banna bano o tsamaye le bone mme o intlafatse le bone kafa mokgweng o bo o duelele ditshenyegelo tsa bone, gore ba ipeole ditlhogo. Mme jalo mongwe le mongwe o tla itse gore ga go na sepe sa magatwe a ba neng ba a bolelelwa kaga gago, mme gore o tsamaya ka thulaganyo, le gore wena ka bowena gape o boloka Molao.

bt 184-185 ¶10-12

“Utlwang go Iphemela ga Me”

10 Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a bontsha go akanyetsa batho ba ba neng ba sa bone sepe se se phoso ka go boloka ditlwaelo dingwe tsa Sejuda, tse di jaaka go sa dire tiro epe ka letsatsi la Sabata kgotsa go ithiba mo dijong dingwe. (Bar. 14:1-6) Mme ga a ka a tlhoma melao epe malebana le go rupa. Tota e bile, Paulo o ne a rupisa Timotheo ka gonne a ne a sa batle go kgopisa Bajuda ba ba neng ba itse gore rraagwe Timotheo e ne e le Mogerika. (Dit. 16:3) Motho o ne a ka itirela tshwetso ka kgang ya go rupa. Paulo o ne a raya Bagalatia a re: “Go rupa ga go na mosola ope le fa e le go sa rupang, mme tumelo e e dirang ka lorato e na le mosola.” (Bagal. 5:6) Le fa go ntse jalo, fa motho a ne a rupa ka boikaelelo jwa go boloka Molao kgotsa a dira e kete go rupa go botlhokwa gore motho a amogelwe ke Jehofa, seo se tla bo se bontsha gore ga a na tumelo.

11 Mme gone, le fa magatwe ao e ne e le maaka a matala, a ne a sa ntse a kgopisitse badumedi ba Bajuda. Ka ntlha ya seo, banna ba bagolwane ba ne ba gakolola Paulo jaana: “Re na le banna ba le banè ba ba nang le ikano. Tsaya banna bano o tsamaye le bone mme o intlafatse le bone kafa mokgweng o bo o duelele ditshenyegelo tsa bone, gore ba ipeole ditlhogo. Mme jalo mongwe le mongwe o tla itse gore ga go na sepe sa magatwe a ba neng ba a bolelelwa kaga gago, mme gore o tsamaya ka thulaganyo, le gore wena ka bowena gape o boloka Molao.”—Dit. 21:23, 24.

12 Paulo o ne a ka nna a ganetsa gore tota bothata e ne e se magatwe a a neng a buiwa ka ene mme e ne e le badumedi ba Bajuda ba ba neng ba sa ntse ba ngangatletse Molao wa ga Moshe. Go na le moo, o ne a ikemiseditse go latela taelo ya bagolwane, fa fela seo se ne se sa reye gore a dire dilo tse di kgatlhanong le melaometheo ya Modimo. Pelenyana ga moo, o ile a kwala jaana: “Mo go ba ba kafa tlase ga molao ke ne ka nna jaaka yo o kafa tlase ga molao, le fa nna ka bonna ke se kafa tlase ga molao, gore ke gape ba ba leng kafa tlase ga molao.” (1 Bakor. 9:20) Mo kgannyeng eno, Paulo o ne a dirisana le bagolwane ba kwa Jerusalema mme a nna “jaaka yo o kafa tlase ga molao.” Ka go dira jalo, o ne a re tlhomela sekao se se molemo gompieno gore re dirisane sentle le bagolwane mme re se ka ra gatelela gore dilo di dirwe ka tsela ya rona.—Baheb. 13:17.

(Ditiro 22:16) Mme jaanong ke ka ntlha yang o diega? Nanoga, kolobediwa mme o tlhatswe maleo a gago ka go bitsa leina la gagwe’

ntlha e e mo go Dit 22:16 mo nwtsty

O tlhatswe maleo a gago ka go bitsa leina la gagwe: Kgotsa “o tlhatswe maleo a gago o bo o bitsa leina la gagwe.” Metsi a kolobetso ga a tlhatswe maleo a motho, mme maleo a motho a tlhatswiwa ke go bitsa leina la ga Jesu. Seno se akaretsa go dumela mo go Jesu le go bontsha tumelo eo ka ditiro.—Dit 10:43; Jak 2:14, 18.

Mmalo wa Baebele

(Ditiro 21:1-19) Jaanong e rile re sena go tswa mo go bone e bile re tlogile ka mokoro, ra tsaya tsela e e tlhamaletseng mme ra tla mo Kosa, mo letsatsing le le latelang ra tla mo Rodesa, mme go tswa koo ra tla mo Patara. 2 E rile re sena go bona mokoro o o neng o kgabaganyetsa kwa Fonikia, ra o palama mme ra tloga ka one. 3 Fa re sena go tla fa go bonalang setlhaketlhake sa Kupero gone ra se tlogela kwa morago kafa letlhakoreng la molema mme ra tswelela pele ka mokoro ra ya kwa Siria, re ne ra fologa kwa Ture, gonne mokoro o ne o tshwanetse go folosa thoto ya one koo. 4 Re ne ra bona barutwa ka go ba batla mme ra nna fano malatsi a le supa. Mme ka moya ba ne ba bolelela Paulo kgapetsakgapetsa gore a se ka a tlhoma lonao kwa Jerusalema. 5 Jalo e rile re sena go digela malatsi, ra tswa ra tsamaya; mme bone botlhe, mmogo le basadi le bana, ba re buledisa go ya go fitlha kwa ntle ga motse. Re ne ra khubama fa fatshe mo lotshitshing ra rapela 6 ra ba ra sadisana sentle, mme ra ya go tsena mo teng ga mokoro mme bone ba boela kwa magaeng a bone. 7 Go tswa foo ra digela loeto ka mokoro go tswa kwa Ture mme ra goroga kwa Petolomai, mme ra dumedisa bakaulengwe re bo re nna letsatsi le le lengwe le bone. 8 Letsatsi le le latelang ra bolola mme ra goroga kwa Kaesarea, mme ra tsena mo ntlong ya ga Filipo moefangedi, yo o neng a le mongwe wa banna ba ba supa, mme ra nna le ene. 9 Monna yono o ne a na le bana ba le banè ba basetsana, makgarebane, a a neng a porofeta. 10 Ya re re ntse malatsi a le mantsi thata, moporofeti mongwe yo o neng a bidiwa Agabuse a tla a tswa kwa Judea, 11 a tla mo go rona mme a tsaya moitlamo wa ga Paulo, a bofa dinao le diatla tsa gagwe mme a re: “Moya o o boitshepo o bua jaana wa re, ‘Monna yo moitlamo ono e leng wa gagwe Bajuda ba tla mmofa ka mokgwa ono kwa Jerusalema ba bo ba mo tsenya mo diatleng tsa batho ba ditšhaba.’” 12 Jaanong e rile re utlwa seno, rona mmogo le ba lefelo leo ra simolola go mo rapela gore a se ka a tlhatlogela kwa Jerusalema. 13 Foo Paulo a araba a re: “Lo dirang ka go lela le go nkoafatsa mo pelong? Nnang lo tlhomamisegile gore, ke iketleeleditse e seng fela go bofiwa mme le go swela leina la Morena Jesu kwa Jerusalema.” 14 Ya re go sa kgonege gore a thibelwe, ra dumela fela ka mafoko a a reng: “A thato ya ga Jehofa e diragale.” 15 Jaanong morago ga malatsi ano re ne ra baakanyetsa loeto mme ra simolola go tlhatlogela kwa Jerusalema. 16 Mme bangwe ba barutwa ba ba tswang Kaesarea le bone ba ne ba tsamaya le rona, go re tlisa kwa monneng yo re neng re tshwanetse go amogelwa kwa legaeng la gagwe jaaka baeng, Monasone mongwe wa kwa Kupero, morutwa wa kwa tshimologong. 17 E rile re fitlha mo Jerusalema, bakaulengwe ba re amogela ka boitumelo. 18 Mme mo letsatsing le le latelang Paulo a tsena le rona kwa go Jakobe; mme banna ba bagolwane botlhe ba ne ba le gone. 19 Mme a ba dumedisa a ba a simolola go naya pego ya dintlha tsotlhe kaga dilo tse Modimo a neng a di dira mo gare ga ditšhaba ka bodiredi jwa gagwe.

JANUARY 14-20

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 23-24

“Paulo o Bidiwa Motho yo o Letshwenyo Le yo O Tlhotlheletsang Batho go Tsuologela Puso”

(Ditiro 23:12) Jaanong e rile go nna motshegare, Bajuda ba loga leano la boferefere ba bo ba ipofa ka phutso, ba re ga ba kitla ba ja le fa e le go nwa go fitlha ba sena go bolaya Paulo.

(Ditiro 23:16) Le fa go ntse jalo, morwa kgaitsadia Paulo a utlwa ka go lalela ga bone, mme a tla a tsena kwa bonnong jwa masole mme a begela Paulo seno.

bt 191 ¶5-6

“Nna le Bopelokgale jo Bogolo!”

5 Kgothatso e Paulo a neng a e newa e ne ya tla ka nako e e tshwanetseng. Mo letsatsing le le latelang, banna ba ba fetang 40 ba Bajuda ba ne “ba loga leano la boferefere ba bo ba ipofa ka phutso, ba re ga ba kitla ba ja le fa e le go nwa go fitlha ba sena go bolaya Paulo.” “Leano leno la go ipofa ka ikano” le ne le bontsha kafa Bajuda bao ba neng ba ikemiseditse ka gone go bolaya moaposetoloi yono. Ba ne ba dumela gore fa leano la bone le ne le ka se atlege, ba ne ba tla hutsega kgotsa ba diragalelwe ke sengwe se se bosula. (Dit. 23:12-15) Leano la bone, le baperesiti ba bagolo le banna ba bagolwane ba neng ba le amogetse, e ne e le gore Paulo a busediwe kwa Sanehederine gore a botsolodiwe gape, ba dira e kete ba batla go tlhomamisa gore a dikgang dingwe tse di buiwang ka ene di boammaaruri. Mme fa Paulo a le mo tseleng e e yang koo, banna ba ba logileng leano leo ba ne ba tla mo lalela mme ba mo kgogogele ba mmolaye.

6 Le fa go ntse jalo, setlogolo sa ga Paulo se ne sa utlwela ka leano leno mme sa ya go mmegela. Paulo o ne a laela lekawana leno gore le begele molaodi wa masole e bong Kalaudio Lisiase ka kgang eno. (Dit. 23:16-22) Ga go pelaelo gore Jehofa o rata basha ba jaaka setlogolo sa ga Paulo se se sa umakiwang ka leina, ba nnang le bopelokgale jwa go baya matshelo a bone mo kotsing go sireletsa batho ba Modimo le go dira sotlhe se ba ka se kgonang ka boikanyegi go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi.

(Ditiro 24:2) E rile a bidiwa, Teretulo a simolola go mo latofatsa, a re: “E re ka re ipelela kagiso e kgolo ka wena e bile diphetogo di diragala mo setšhabeng seno ka ntlha ya go akanyetsa pele ga gago,

(Ditiro 24:5, 6) Gonne re fitlhetse monna yono e le motho yo o letshwenyo e bile a tlhotlheletsa go tsuologela taolo ga Bajuda botlhe mo lefatsheng le le nang le banni e bile e le yo o di gogang kwa pele mo lekokong la Banasaretha, 6 yo gape a neng a leka go itshepolola tempele e bile e le yo re neng ra mo tshwara.

bt 192 ¶10

“Nna le Bopelokgale jo Bogolo!”

10 Fa Paulo a le kwa Kaesarea, o ne ‘a nna a disitswe mo ntlong ya segosi ya mmusimogolo ya ga Herode,’ a letetse batho ba ba mo latofatsang ba ba tswang kwa Jerusalema. (Dit. 23:35) Malatsi a le matlhano moragonyana, ba ne ba goroga—Moperesiti yo o kwa Godimo e bong Ananiase, sebui sa phatlalatsa Teretulo mmogo le setlhopha sa banna ba bagolwane. Teretulo o ne a simolola ka go akgolela Felise dilo tse a neng a di direla Bajuda, mme go bonala sentle gore o ne a mo fora fela gore a tle a mo rate. Morago ga moo, fa Teretulo a tlhalosetsa kgotla molato wa ga Paulo, o ne a re Paulo ke “motho yo o letshwenyo e bile a tlhotlheletsa go tsuologela taolo ga Bajuda botlhe mo lefatsheng le le nang le banni e bile e le yo o di gogang kwa pele mo lekokong la Banasaretha, yo gape a neng a leka go itshepolola tempele e bile e le yo re neng ra mo tshwara.” Bajuda ba bangwe le bone ba ne “ba kopanela mo tlhaselong eno, ba gatelela gore dilo tseno di ne di ntse jalo.” (Dit. 24:5, 6, 9) Go tlhotlheletsa batho go tsuologela puso, go etelela pele lekoko le le kotsi le go itshepolola tempele—tseno e ne e le ditatofatso tse di masisi le tse di neng di ka dira gore motho a atlholelwe loso.

(Ditiro 24:10-21) Mme Paulo, e rile molaodi a mo gwetlha ka tlhogo gore a bue, a araba a re: “Ka ke itse sentle gore setšhaba seno se ntse se go dirile moatlhodi dingwaga di le dintsi, ga ke okaoke go bua dilo tse di leng kaga me ke iphemela, 11 ka o le mo boemong jwa go batlisisa gore ga e ise e nne malatsi a a fetang a le lesome le bobedi fa e sale ke tlhatlogela kwa Jerusalema go ya go obama; 12 mme ba ne ba se ka ba mphitlhela mo tempeleng ke ngangisana le ope le fa e le go baka segopa sa batho gore se kubuge mmogo, mo disinagogeng kgotsa mo motseng otlhe. 13 Le gone ga ba ka ke ba go ntshetsa bosupi jwa dilo tse ba ntatofatsang ka tsone gone jaanong jaana. 14 Mme ruri ke ipolela seno mo go wena, gore, go ya ka tsela e ba e bitsang ‘lekoko,’ ka mokgwa ono ke direla Modimo wa borremogologolwane tirelo e e boitshepo, ka ke dumela dilo tsotlhe tse di tlhalosiwang mo Molaong le tse di kwadilweng mo Baporofeting; 15 mme ke na le tsholofelo mo Modimong, tsholofelo e banna bano ka bobone le bone ba nang le yone, gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang. 16 Eleruri, ka ga seno, ke ikatisa ke sa kgaotse gore ke nne kelotlhoko gore ke se ka ka direla Modimo le batho tlolomolao epe. 17 Jalo morago ga dingwaga di le dintsi thata ke ne ka goroga go tlisa dimpho tsa kutlwelobotlhoko mo setšhabeng sa me, le ditshupelo. 18 Fa ke ne ke ntse ke le mo dilong tseno ba ne ba mphitlhela ke intlafaditse kafa mokgweng mo tempeleng, mme go se na boidiidi kgotsa khuduego. Mme go ne go na le Bajuda bangwe ba ba tswang kwa kgaolong ya Asia, 19 ba ba neng ba tshwanetse go nna gone fa pele ga gago le go ntatofatsa fa ba ka nna le sengwe se ba ka ntatofatsang ka sone. 20 Kgotsa, a banna ba ba fano ba ipuelele gore ke phoso efe e ba neng ba e bona fa ke ne ke eme fa pele ga Sanehederine, 21 fa e se ka ga mafoko a le mangwe ano a ke neng ka a goa fa ke ne ke eme mo gare ga bone ke re, ‘Gompieno ke atlholwa fa pele ga lona ka ntlha ya tsogo ya baswi!’”

bt 193-194 ¶13-14

“Nna le Bopelokgale jo Bogolo!”

13 Paulo o re tlhometse sekao se se molemo se re ka se latelang fa go ka direga gore re isiwe fa pele ga balaodi ba lefatshe ka ntlha ya kobamelo ya rona re latofadiwa ka maaka ka dilo tse di jaaka go tlhotlheletsa dikhuduego, boepapuso, kgotsa gore re maloko a “lekoko le le kotsi.” Paulo ga a ka a leka go ithapeletsa mo mmusing, a mo fora jaaka Teretulo. O ne a ritibetse fela e bile a bontsha tlotlo. O ne a naya bosupi jo bo utlwalang sentle le jo bo boammaaruri a le kelotlhoko. Paulo o ne a re ‘Bajuda ba ba tswang kwa kgaolong ya Asia’ ba ba neng ba mo latofatsa ka gore o leswafatsa tempele ba ne ba seyo le gore go ya ka molao, o ne a tshwanetse go ba botsa gore ba mo latofatsa ka eng mme a utlwe dilo tse ba mo latofatsang ka tsone.—Dit. 24:18, 19.

14 Selo se se kgatlhang thata ke gore Paulo ga a ka a ikgogona go naya bosupi ka dilo tse a di dumelang. Moaposetoloi yono o ne a nna pelokgale mme a ba bolelela gape ka tumelo e a neng a na le yone mo tsogong ya baswi, e leng yone kgang e e neng ya tsosa dikhuduego fa a ne a le fa pele ga Sanehederine. (Dit. 23:6-10) Fa Paulo a iphemela, o ne a gatelela tsholofelo ya tsogo ya baswi. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a naya bosupi ka Jesu le gore o tsositswe mo baswing—kgang e baganetsi bao ba neng ba se kitla ba e amogela. (Dit. 26:6-8, 22, 23) Ee, kgangkgolo e ne e le tsogo ya baswi, gore a totatota batho ba ne ba tshwanetse go dumela mo go Jesu le gore a o ne a tsositswe mo baswing.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Ditiro 23:6) Jaanong e rile Paulo a lemoga gore karolo e nngwe e ne e le ya Basadukae mme e nngwe ya Bafarasai, a goa mo Sanehederineng a re: “Banna, bakaulengwe, ke Mofarasai, morwa Bafarasai. Ke atlholwa ka ntlha ya tsholofelo ya tsogo ya baswi.”

ntlha e e mo go Dit 23:6 mo nwtsty

ke Mofarasai: Go na le bangwe ba ba neng ba reeditse ba ba neng ba itse Paulo. (Dit 22:5) Ba ka tswa ba ne ba tlhaloganya gore Paulo o ne a raya jang fa a ipitsa morwa Bafarasai. E re ka e ne e le Mofarasai pele a nna Mokeresete, o ne a bontsha gore le ene o dumela mo tsogong ya baswi fela jaaka Bafarasai. Bafarasai ba e neng e le maloko a Sanehederine ba ne ba itse gore Paulo ga a bue maaka. Paulo ga a ka a ipitsa Mosadukae ka gonne o ne a dumela mo tsogong ya baswi fela jaaka Bafarasai. O ne a batla go tsosa manganga magareng ga Bafarasai le Basadukae gore Bafarasai ba tle ba mo utlwele botlhoko. Mme go ile ga diragala fela jalo. (Dit 23:7-9) Tsela e Paulo a ileng a itlhalosa ka yone mo go Dit 23:6 e tshwana le kafa a ileng a itlhalosa ka gone fa a bua le Kgosi Ageripa. (Dit 26:5) Fa Paulo a le kwa Roma o ile a kwalela Bakeresete ba kwa Filipi a umaka gore ke Mofarasai. (Baf 3:5) Gape mo go Dit 15:5 re ka bona kafa Bakeresete ba e kileng ya nna Bafarasai ba tlhalosiwang ka gone.

(Ditiro 24:24) Morago ga malatsinyana Felise a goroga le Durusila mosadi wa gagwe, yo e neng e le mosadi wa Mojuda, mme a roma gore go ye go bidiwa Paulo mme a mo reetsa kaga tumelo mo go Keresete Jesu.

(Ditiro 24:27) Mme, e rile dingwaga di le pedi di sena go feta, Felise a tlhatlhangwa ke Porekio Feseto; mme ka gonne Felise a ne a eletsa go bona kamogelo ya Bajuda, a tlogela Paulo a golegilwe.

ntlha e e mo go Dit 24:24 mo nwtsty

Durusila: Ke ngwana wa boraro e bile e le wa bofelo mo baneng ba basetsana ba ga Herode Ageripa I yo go buiwang ka ene mo go Dit 12:1. O tshotswe ka ngwaga wa 38 C.E. E ne e le kgaitsadia Ageripa II e bile e le monnawe Berenise. Monna wa gagwe wa bobedi e ne e le molaodi Felise. O ne a nyetswe pele ke Kgosi ya Siria e bong Azizus wa kwa Emesa a bo a mo tlhala mme ka 54 C.E., fa a le 16, o ne a nyalwa ke Felise. Durusila a ka tswa a ne a le teng fa Paulo a bua le Felise “kaga tshiamo le boikgapo le katlholo e e tla tlang.” (Dit 24:25) Fa Felise a sena go tlhatlhangwa ke Feseto, ga a ka a golola Paulo ka gonne o ne “a eletsa go bona kamogelo ya Bajuda.” (Dit 24:27) Bangwe ba akanya gore o ne a batla go itumedisa mosadi wa gagwe yo le ene e neng e le Mojuda.

Mmalo wa Baebele

(Ditiro 23:1-15) Ya re Paulo a leba Sanehederine a re: “Banna, bakaulengwe, ke ntse ke itshwere ka segakolodi se se phepa ka botlalo fa pele ga Modimo go fitlha mo letsatsing leno.” 2 Foo moperesiti yo mogolo Ananiase a laela ba ba emeng gaufi le ene gore ba mo iteye mo molomong. 3 Go tswa foo Paulo a mo raya a re: “Modimo o tlile go go itaya, lobota ke wena lo lo tshasitsweng kalaka. A o nna gore o nkatlhole tumalanong le Molao mme ka nako e le nngwe fela o bo o tlola Molao, ka go laela gore ke itewe?” 4 Ba ba emeng gaufi ba re: “A o kgala moperesiti yo mogolo wa Modimo?” 5 Mme Paulo a re: “Bakaulengwe, ke ne ke sa itse gore ke moperesiti yo mogolo. Gonne go kwadilwe ga twe, ‘O se ka wa bua mmusi wa batho ba gago ka tsela e e utlwisang botlhoko.’” 6 Jaanong e rile Paulo a lemoga gore karolo e nngwe e ne e le ya Basadukae mme e nngwe ya Bafarasai, a goa mo Sanehederineng a re: “Banna, bakaulengwe, ke Mofarasai, morwa Bafarasai. Ke atlholwa ka ntlha ya tsholofelo ya tsogo ya baswi.” 7 Ka gonne a ne a bua seno, ga tsoga go sa utlwane mo gare ga Bafarasai le Basadukae, mme batho ba le bantsi ba kgaogana. 8 Gonne Basadukae ba re ga go na tsogo ya baswi le fa e le moengele le fa e le moya, mme Bafarasai bone ba di bolela phatlalatsa tsotlhe. 9 Jalo batho ba simolola go goela kwa godimo thata, mme bangwe ba bakwadi ba lekoko la Bafarasai ba ema mme ba simolola go ganela ka bogale jo bo tshabegang, ba re: “Re bona go se na sepe se se phoso mo monneng yono; mme fa e le gore moya kgotsa moengele o ne a bua le ene, —.” 10 Jaanong e rile go tlhoka go utlwana mono go nna go golo, molaodi wa sesole a boifa gore ba ne ba tla kgaoganya Paulo dikarolwana, mme a laola setlhopha sa masole gore se ye go mo swatola mo gare ga bone se mo tlise mo bonnong jwa masole. 11 Bosigo jo bo latelang Morena a ema fa go ene mme a re: “Nna le bopelokgale jo bogolo! Gonne fela jaaka o ntse o neela bosupi ka botlalo ka dilo tse di leng kaga me mo Jerusalema, jalo o tshwanetse go naya bosupi le kwa Roma.” 12 Jaanong e rile go nna motshegare, Bajuda ba loga leano la boferefere ba bo ba ipofa ka phutso, ba re ga ba kitla ba ja le fa e le go nwa go fitlha ba sena go bolaya Paulo. 13 Go ne go na le banna ba ba fetang masome a manè ba ba neng ba loga leano leno la go ipofa ka ikano; 14 mme ba ya kwa baperesiting ba bagolo le banna ba bagolwane mme ba re: “Re ipofile ka phutso ka tsela e e masisi gore re se ka ra ngatha dijo go fitlha re sena go bolaya Paulo. 15 Jalo, jaanong, lona mmogo le Sanehederine tlhalosetsang molaodi wa sesole ka phepafalo lebaka la go bo a tshwanetse go mo tlisa kwa go lona jaaka e kete lo ne lo ikaeletse go tlhomamisa sentlentle dikgang tse di mo amang. Mme pele ga a fitlha gautshwane re tla bo re iketleeleditse go mmolaya.”

JANUARY 21-27

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 25-26

“Paulo o Ikuela Kwa go Kaesara A bo A Rerela Kgosi Herode Ageripa”

(Ditiro 25:11) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore tota ke modiraphoso e bile ke dirile le fa e le eng se se tshwanetseng loso, ga ke ikgogone go swa; kafa letlhakoreng le lengwe, fa go se na sepe sa dilo tse banna bano ba ntatofatsang ka tsone, ga go na motho ope yo o ka nneelang bone e le thuso. Ke ikuela kwa go Kaesara!”

bt 198 ¶6

“Ke Ikuela Kwa go Kaesara!”

6 Keletso ya ga Feseto ya go batla go amogelwa ke Bajuda e ne e ka felela ka gore Paulo a bolawe. Ka jalo, Paulo o ne a dirisa tshwanelo ya semolao e a neng a na le yone ka go bo e le Moroma. O ne a raya Feseto a re: “Ke eme fa pele ga setulo sa katlholo sa ga Kaesara, fa ke tshwanetseng go atlholelwa gone. Ga ke a direla Bajuda phoso epe, fela jaaka le wena o lemoga sentle tota . . . Ke ikuela kwa go Kaesara!” Gantsi boikuelo jo bo ntseng jalo bo ne bo sa kgone go fetolwa. Feseto o ne a gatelela seo ka go re: “O ikuetse kwa go Kaesara; o tla ya kwa go Kaesara.” (Dit. 25:10-12) Paulo o ne a tlhomela Bakeresete ba boammaaruri sekao se se molemo fa a ne a kopa go ikuela kwa moatlhoding yo mogolo wa molao. Fa baganetsi ba leka go epa lemena la go “rera mathata ka taelo,” Basupi ba ga Jehofa ba dirisa tshwanelo e ba nang le yone ya semolao go femela dikgang tse di molemo.—Pes. 94:20.

(Ditiro 26:1-3) Ageripa a raya Paulo a re: “O letlwa go ipuelela.” Foo Paulo a otlolola seatla sa gagwe mme a simolola go bua jaana a iphemela: 2 “Ka ga dilo tsotlhe tse Bajuda ba ntatofatsang ka tsone, Kgosi Ageripa, ke ikaya ke itumetse go bo e le fa pele ga gago ke tshwanetseng go iphemela mo letsatsing leno, 3 segolobogolo ka o le setswerere mo mekgweng yotlhe mmogo le mo dikganetsanong tsa Bajuda. Jalo ke go kopa gore o nkutlwe ka bopelotelele.

bt 198-201 ¶10-16

“Ke Ikuela Kwa go Kaesara!”

10 Paulo o ne a leboga Kgosi Ageripa ka tlotlo ka go bo a mo neile tshono ya gore a iphemele fa pele ga gagwe, mme a bolela gore kgosi e ne e le setswerere mo mekgweng yotlhe le mo dikganetsanong tsa Bajuda. Go tswa foo Paulo o ne a tlhalosa botshelo jo a neng a bo tshela pele a re: “Go ya ka lekoko le le gagamaditseng molao thata la mofuta wa rona wa kobamelo ke ne ke tshela jaaka Mofarasai.” (Dit. 26:5) E re ka Paulo e ne e le Mofarasai, o ne a na le tsholofelo ya gore Mesia o tla tla. Jaanong ka e le Mokeresete, o ne a bolela ka bopelokgale gore Jesu ke ene Mesia yo o neng a sa bolo go letelwa. Mo letsatsing leo Paulo o ne a sekisediwa selo se ene le batho ba ba neng ba mo latofatsa ba neng ba se dumela—ke gore, tsholofelo ya go diragadiwa ga tsholofetso e Modimo a neng a e solofeditse borraabonemogologolwane. Tlhaloso eno ya ga Paulo e ne ya dira gore Ageripa a kgatlhegele le go feta go utlwa se Paulo a neng a tlile go se bua.

11 Fa Paulo a gakologelwa tsela e e setlhogo e a neng a tshwere Bakeresete ka yone, o ne a re: “Mme nna, tota ke ne ka akanya ka bonna gore ke tshwanetse go dira ditiro di le dintsi tsa go ganetsa leina la ga Jesu Monasaretha . . . E re ka ke ne ke tsenwa mo go feteletseng ka bone [balatedi ba ga Keresete], ke ne ka ya bokgakaleng jwa go ba bogisa le eleng mo metseng e e kwa ntle.” (Dit. 26:9-11) Paulo o ne a sa feteletse dilo. Batho ba le bantsi ba ne ba itse kafa a neng a bogisa Bakeresete setlhogo ka gone. (Bagal. 1:13, 23) Gongwe Ageripa o ne a ipotsa gore, ‘Ke eng se tota se neng se ka fetola monna yo o ntseng jaana?’

12 Mafoko a a latelang a ga Paulo a re naya karabo: “Fa ke ne ke tsere loeto ke ya Damaseko ka taolo ya baperesiti ba bagolo le thomo ya bone, mo tseleng go le sethoboloko, wena kgosi, ke ne ka bona lesedi le le tsabakelang go feta letsatsi le phatsima go ntikologa le tswa legodimong le go dikologa ba ba neng ba tsere loeto le nna. Mme e rile rotlhe re sena go wela fa fatshe ka utlwa lentswe le nthaya le re ka puo ya Sehebera, ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang? Go nna o ragakaka ditlhabo go a go thatafaletsa.’ Mme ka re, ‘O mang, Morena?’ Mme Morena a re, ‘Ke nna Jesu, yo o mmogisang.’”—Dit. 26:12-15.

13 Pele Paulo a bona ponatshegelo eno e e bontshang maatla a a fetang a tlholego, o ne a ntse a “ragakaka ditlhabo,” ka tsela ya tshwantshetso. Fela jaaka phologolo e e belesediwang e ne e ka ikutlwisa botlhoko go sa tlhokege ka go raga karolo e e bogale e e kwa bofelong jwa setlhabapholo, Paulo le ene o ne a ikutlwisa botlhoko semoyeng ka go ganetsana le thato ya Modimo. Fa Jesu yo o tsositsweng mo baswing a bonala mo go Paulo fa a ne a le mo tseleng a ya Damaseko, o ne a dira gore monna yono yo o neng a tlhoafaletse go bogisa Bakeresete mme ene a ithaya a re o direla Modimo, a fetole mogopolo.—Joh. 16:1, 2.

14 Ruri Paulo o ne a dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. Fa a bua le Ageripa, o ne a re: “Ke ne ka se ka ka nna yo o sa utlweng pono eno ya selegodimo, mme ke ne ka tlisa molaetsa kwa go ba ba kwa Damaseko pele le kwa go ba ba kwa Jerusalema, le mo nageng yotlhe ya Judea, le kwa ditšhabeng, wa gore ba ikwatlhaye ba bo ba retologele mo Modimong ka go dira ditiro tse di tshwanelang boikwatlhao.” (Dit. 26:19, 20) Go setse go fetile dingwaga Paulo a ntse a diragatsa thomo e Jesu Keresete a neng a mo naya yone mo ponatshegelong e a neng a e bona ka sethoboloko. Go ne ga nna le matswela afe? Batho ba ba neng ba reetsa dikgang tse di molemo tse Paulo a neng a di rera ba ne ba ikwatlhaela ditiro tsa bone tsa boitsholo jo bo sa siamang le go sa ikanyege mme ba boela mo Modimong. Batho bao ba ne ba nna baagi ba ba molemo, ba ikobela melao le dithulaganyo e bile ba di tlotla.

15 Le fa go ntse jalo, Bajuda ba ba neng ba ganetsa Paulo ba ne ba sena sepe le matswela ao a a molemo. Paulo o ne a re: “Ka ntlha ya dilo tseno Bajuda ba ne ba ntshwara mo tempeleng ba bo ba leka go mpolaya. Le fa go ntse jalo, ka gonne ke bone thuso e e tswang kwa Modimong ke tswelela go fitlha mo letsatsing leno ke naya bosupi mo go ba bannye le ba bagolo.”—Dit. 26:21, 22.

16 Rona Bakeresete ba boammaaruri re tshwanetse gore ‘ka metlha re iketleeletse go femela’ tumelo ya rona. (1 Pet. 3:15) Fa re bua le baatlhodi le babusi ka dilo tse re di dumelang, re ka nna ra fitlhela go thusa go etsa mokgwa o Paulo a neng a o dirisa fa a ne a bua le Ageripa le Feseto. Fa re bua le babusibagolo bano ka tlotlo mme re ba tlhalosetsa kafa boammaaruri jwa Baebele bo fetotseng matshelo ka gone gore a nne botoka—matshelo a rona mmogo le a batho ba ba reetsang molaetsa wa rona—re ka nna ra ama dipelo tsa bone.

(Ditiro 26:28) Mme Ageripa a raya Paulo a re: “Mo nakong e khutshwane o tla ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete.”

bt 202 ¶18

“Ke Ikuela Kwa go Kaesara!”

18 Mme gone Paulo o ne a araba mmusi yono a re: “Ga ke tsenwe, Motlotlegi Feseto, mme ke bua mafoko a boammaaruri le a mogopolo o o itekanetseng. Totatota, kgosi e ke buang le yone ka kgololesego ya go bua e itse sentle kaga dilo tseno . . . A wena, Kgosi Ageripa, o dumela Baporofeti? Ke a itse gore o a dumela.” Mme Ageripa a raya Paulo a re: “Mo nakong e khutshwane o tla ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete.” (Dit. 26:25-28) Le fa mafoko ano a ka tswa a ne a buiwa ka bopeloephepa kgotsa a sa buiwe ka jone, a bontsha gore bosupi jwa ga Paulo bo ne jwa ama kgosi eno pelo fela thata.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Ditiro 26:14) Mme e rile rotlhe re sena go wela fa fatshe ka utlwa lentswe le nthaya le re ka puo ya Sehebera, ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang? Go nna o ragakaka ditlhabo go a go thatafaletsa.’

ntlha e e mo go Dit 26:14 mo nwtsty

ragakaka ditlhabo: Setlhabo ke thobane e e motswi e e dirisediwang go kaela phologolo gore e tsamaye jang. (Baatl 3:31) Mafoko a a reng “go ragakaka ditlhabo” ke seane se se fitlhelwang mo dibukeng tsa Segerika. Ke setshwantsho sa poo e e sekwere kgotsa e e sa katisiwang sentle e e feleletsang e ikgobaditse ka go ragakaka thobane eo. Saulo o ne a ntse fela jalo pele a nna Mokeresete. O ne a bogisa balatedi ba ga Jesu ba ba neng ba kaelwa ke Jehofa Modimo, mme ka go dira jalo, o ne a ipakela mathata a a seng kana ka sepe. (Bapisa Dit 5:38, 39; 1Ti 1:13, 14.) Mo go Mor 12:11, “ditlhabapholo” di tshwantshetsa mafoko a a botlhale a a tlhotlheletsang motho yo o reeditseng gore a dirise kgakololo e e mo mafokong ao.

tlhaloso ya lefoko mo nwt-E

Setlhabo. Thobane e e telele e e nang le motswi wa tshipi. Badisa ba e dirisetsa go kaela diphologolo. Setlhabo se tshwantshetsa mafoko a a botlhale a a tlhotlheletsang motho yo o reeditseng gore a dirise kgakololo e e molemo ya mafoko ao. “Go . . . ragakaka ditlhabo” ke seane sa setshwantsho sa poo e e sekwere kgotsa e e sa katisiwang sentle e e feleletsang e ikgobaditse ka go ragakaka thobane eo.—Dit 26:14; Baatl 3:31.

(Ditiro 26:27) A wena, Kgosi Ageripa, o dumela Baporofeti? Ke a itse gore o a dumela.”

w03 11/15 16-17 ¶14

Thusa ba Bangwe go Amogela Molaetsa wa Bogosi

14 Paulo o ne a itse gore Ageripa o ne a itsaya e le Mojuda. O ne a dirisa kitso e Ageripa a nang le yone ka Bojuda go tlhalosa gore tota tiro ya gagwe ya go rera e ne e akaretsa go se “bue sepe fa e se dilo tse Baporofeti mmogo le Moshe ba neng ba bolela gore di ne di tlile go diragala” malebana le loso le tsogo ya ga Mesia. (Ditiro 26:22, 23) Paulo o ne a botsa Ageripa jaana ka tlhamalalo: “A wena, Kgosi Ageripa, o dumela Baporofeti?” Ageripa o ne a lebane le bothata. Fa a ne a ka re ga a dumele baporofeti o ne a tla bo a itshenya leina e re ka a itsege e le motho yo o dumelang mo Bojudeng. Mme fa a ne a ka dumalana le tsela ya ga Paulo ya go tlhalosa dilo, o ne a tla bo a dumalana phatlalatsa le moaposetoloi yono mme a ipaya mo maemong a go tsewa e le Mokeresete. Paulo o ne a nna botlhale mme a araba potso eo ka go re: “Ke a itse gore o a dumela.” Ageripa o ne a tlhotlheletsega go araba jang? O ne a re: “Mo nakong e khutshwane o tla ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete.” (Ditiro 26:27, 28) Le fa gone Ageripa a se kile a fetoga Mokeresete, go bonala Paulo a ile a kgona go mo ama pelo ka selekanyo se se rileng ka molaetsa wa gagwe.—Bahebera 4:12.

Mmalo wa Baebele

(Ditiro 25:1-12) Jalo Feseto, fa a sena go tsena mo pusong ya kgaolo ya lefatshe leo, malatsi a le mararo moragonyana a tlhatlogela kwa Jerusalema a tswa mo Kaesarea; 2 mme baperesiti ba bagolo le banna ba bagolo ba Bajuda ba mo naya tatofatso ka Paulo. Jalo ba simolola go mo rapela, 3 ba ikopela e le thuso mo go bone kaga monna yono gore a bidiwe a tle mo Jerusalema, fa bone ba ne ba loga maano a go mo lalela gore ba mmolaye mo tseleng. 4 Le fa go ntse jalo, Feseto a araba gore Paulo o ne a tshwanetse go lesiwa kwa Kaesarea le gore ene ka boene o ne a tloga a ya gone mo bogautshwaneng. 5 A re: “Ka gone a ba ba nang le taolo mo gare ga lona ba tle le nna mme ba mo latofatse, fa go na le sengwe se se duleng mo tseleng kaga monna yono.” 6 Jalo e rile a sena go nna malatsi a a sa feteng a le robedi kgotsa a le lesome mo gare ga bone, a ya kwa Kaesarea, mme letsatsi le le latelang a nna mo setulong sa katlholo mme a laela gore Paulo a tlisiwe. 7 E rile a goroga, Bajuda ba ba neng ba tlile ba tswa Jerusalema ba ema go mo dikologa, ba mo latofatsa ka ditatofatso di le dintsi le tse di masisi tse ba neng ba sa kgone go ntsha bosupi jwa tsone. 8 Mme Paulo a bua jaana a iphemela: “Ga ke a direla Molao wa Bajuda kgotsa tempele kgotsa Kaesara boleo bope.” 9 Feseto, ka a ne a eletsa go amogelwa ke Bajuda, a fetola Paulo ka go re: “A o eletsa go tlhatlogela kwa Jerusalema le go atlholelwa gone fa pele ga me ka ga dilo tseno?” 10 Paulo a re: “Ke eme fa pele ga setulo sa katlholo sa ga Kaesara, fa ke tshwanetseng go atlholelwa gone. Ga ke a direla Bajuda phoso epe, fela jaaka le wena o lemoga sentle tota. 11 Kafa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore tota ke modiraphoso e bile ke dirile le fa e le eng se se tshwanetseng loso, ga ke ikgogone go swa; kafa letlhakoreng le lengwe, fa go se na sepe sa dilo tse banna bano ba ntatofatsang ka tsone, ga go na motho ope yo o ka nneelang bone e le thuso. Ke ikuela kwa go Kaesara!” 12 Go tswa foo Feseto, fa a sena go bua le setlhopha sa bagakolodi, a fetola a re: “O ikuetse kwa go Kaesara; o tla ya kwa go Kaesara.”

JANUARY 28–FEBRUARY 3

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 27-28

“Paulo o ya Roma”

(Ditiro 27:23, 24) Gonne mo bosigong jono moengele wa Modimo yo ke leng wa gagwe e bile e le yo ke mo direlang tirelo e e boitshepo o ne a ema gaufi le nna, 24 a re, ‘Se boife, Paulo. O tshwanetse go ema fa pele ga ga Kaesara, mme, bona! Modimo o go neile ka kgololesego botlhe ba ba tsamayang le wena ka mokoro.’

bt 208 ¶15

“Ga go Moya Ope wa Lona o o Tla Latlhegang”

15 Paulo o tshwanetse a bo a ne a bolelela batho ba le bantsi ba ba neng ba le mo sekepeng ka “tsholofelo ya tsholofetso e Modimo a neng a e dira.” (Dit. 26:6; Bakol. 1:5) E re ka go ne go bonala gore sekepe se ka nna sa thubega, Paulo o ne a ka kgona go ba naya lebaka le le utlwalang la gore ba nne le tsholofelo ya gore ba tla falola maemo ao a a kotsi. O ne a re: “Gonne mo bosigong jono moengele . . . o ne a ema gaufi le nna, a re, ‘Se boife, Paulo. O tshwanetse go ema fa pele ga ga Kaesara, mme, bona! Modimo o go neile ka kgololesego botlhe ba ba tsamayang le wena ka mokoro.’” Paulo o ne a ba kgothatsa jaana: “Jalo itumeleng thata, banna; gonne ke dumela Modimo gore go tla nna fela jaaka ke boleletswe. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go latlhelwa kwa losing mo setlhaketlhakeng sengwe.”—Dit. 27:23-26.

(Ditiro 28:1, 2) E rile re sena go falola, foo ra utlwalela gore setlhaketlhake seno se ne se bidiwa Maleta. 2 Mme batho ba ba buang puo e sele ba re bontsha bopelonomi jo bo sa tlwaelegang, gonne ba ne ba gotsa molelo ba bo ba re amogela rotlhe ka thuso ka ntlha ya pula e e neng e na le ka ntlha ya serame.

bt 209 ¶18

“Ga go Moya Ope wa Lona o o Tla Latlhegang”

18 Bafalodi ba ne ba iphitlhela ba le mo setlhaketlhakeng sa Maleta, kafa borwa jwa Sisili. (Bona lebokose le le reng, “Maleta—E Kwa Kae?”) Batho ba setlhaketlhake seno ba ba buang puo e bafalodi bano ba sa e itseng ba ne ba ba bontsha “bopelonomi jo bo sa tlwaelegang.” (Dit. 28:2) E re ka bafalodi bano ba ne ba kolobile e bile ba roroma, ba ne ba ba gotsetsa molelo le fa ba ne ba sa ba itse. Molelo o ne wa ba thuthafatsa e re ka go ne go le tsididi e bile pula e na. Gape o ne wa dira gore go nne le kgakgamatso nngwe.

bt 210 ¶21

“Ga go Moya Ope wa Lona o o Tla Latlhegang”

21 Go ne go na le monna mongwe wa mohumi yo o bidiwang Pubelio yo o neng a nna mo lefelong leo. E ka tswa e ne e le mookamedi wa masole a Roma mo Maleta. Luke a re ke “monna mongwe yo mogolo wa setlhaketlhake,” e leng sone sereto se se neng sa fitlhelwa mo mekwalong e mebedi ya kwa Maleta. Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba fetsa malatsi a le mararo kwa legaeng la gagwe. Le fa go ntse jalo, rraagwe Pubelio o ne a lwala. Le mo lekgetlong leno, Luke o tlhalosa sentle bolwetse jo bo neng bo mo tshwere. A re o ne “a letse fa fatshe a tshwenngwa ke letshoroma le letshololo,” a tlhalosa malwetse ano ka tsela e a leng ka yone. Paulo o ne a rapelela monna yono a mmeile diatla, mme a fola. Batho ba mo lefelong leo ba ne ba kgatlhiwa thata ke kgakgamatso eo mo ba neng ba tlisa batho ba bangwe ba ba lwalang gore ba fodisiwe, mme ba tlisetsa Paulo le ditsala tsa gagwe dimpho le go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang.—Dit. 28:7-10.

(Ditiro 28:16, 17) La bofelo, e rile re tsena mo Roma, Paulo a letlwa go nna a le nosi lesole le mo disitse. 17 Le fa go ntse jalo, malatsi a le mararo moragonyana a phutha ba e neng e le banna ba bagolo ba Bajuda. E rile ba kopane, a simolola go ba raya a re: “Banna, bakaulengwe, le mororo ke ne ke sa dira sepe se se leng kgatlhanong le batho kgotsa mekgwa ya borraaronamogologolwane, ke ne ka tsenngwa mo diatleng tsa Baroma jaaka legolegwa le le tswang Jerusalema.

bt 213 ¶10

Go “Naya Bosupi ka Botlalo”

10 Kgabagare fa batsamai bano ba tsena mo Roma, “Paulo [o ne] a letlwa go nna a le nosi lesole le mo disitse.” (Dit. 28:16) Fa motho e ne e se legolegwa le le kotsi, gantsi o ne a bofelelwa ka keetane mo lesoleng le le mo disitseng gore a se ka a tshaba. Tota le fa Paulo a ne a golegilwe jalo, o ne a tswelela a rera ka Bogosi; dikeetane di ne di ka se ka tsa mo thiba go dira seo. Ka gone, fa a sena go ikhutsa malatsi a le mararo morago ga loeto lo loleele, o ne a phutha banna ba bagolo ba Bajuda ba kwa Roma gore a ikitsise mo go bone le go ba naya bosupi.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Ditiro 27:9) Ka go ne go fetile nako e telele mme mo nakong eno go ne go le diphatsa go tsamaya mo lewatleng ka gonne le go itima dijo [ga letsatsi la tetlano] go ne go setse go fetile, Paulo a dira kakantsho,

ntlha e e mo go Dit 27:9 mo nwtsty

go itima dijo [ga letsatsi la tetlano]: Kgotsa “go itima dijo ka paka ya letlhabula.” Lefoko la Segerika le le buang ka “go itima dijo” go go neng go letleletswe fa Molao wa ga Moshe o ne o sa ntse o dira, le amana le Letsatsi la Tetlano le le neng le tla gangwe mo ngwageng. Gape letsatsi leno le bidiwa Yom Kippur (Ka Sehebera ke, yohm hak·kip·pu·rimʹ, kgotsa “letsatsi la go itshwarelwa maleo”). (Lef 16:29-31; 23:26-32; Dip 29:7) Mafoko a a reng, “lo bogise meya ya lona” a a amanang le Letsatsi la Tetlano, a kaya go itima dilo tse o di ratang go akaretsa le go itima dijo. (Lef 16:29) Mafoko a a mo go Dit 27:9 a a reng “go itima dijo” a bontsha gore ka Letsatsi la Tetlano, tsela ya konokono e batho ba neng ba e dirisa go ithontsha dilo tse ba di ratang, ke ya go itima dijo. Gantsi go itima dijo ga Letsatsi la Tetlano e ne e le ka mafelo a September kgotsa masimologo a October.

(Ditiro 28:11) Dikgwedi di le tharo moragonyana re ne ra bolola ka mokoro o o neng o tswa Alekesanderia o o neng wa nna mo setlhaketlhakeng seo mariga, letshwao la one e le “Bomorwa Seuse.”

ntlha e e mo go Dit 28:11 mo nwtsty

Bomorwa Seuse: Go ya ka tumelo ya Bagerika le ya Baroma, “Bomorwa Seuse” (Ka Segerika ke Di·oʹskou·roi) e ne e le Castor le Pollux. Go ne go twe ke mawelana a modimo o o bidiwang Seuse le Kgosigadi Leda wa kwa Sparta. Gape go ne go twe mawelana ano a sireletsa batho kwa lewatleng bogolo jang fa ba gaeletswe. Go bo temana eno e tlhalosa gore mokoro oo o ne o na le letshwao la Bomorwa Seuse, ke sesupo sa gore motho yo o kwadileng pego eno, o kwadile ka dilo tse a di boneng.

Mmalo wa Baebele

(Ditiro 27:1-12) Jaanong e re ka go ne go dirilwe tshwetso gore re tloge ka mokoro go ya Itali, ba neela motlhankedi wa masole yo o neng a bidiwa Juliase, wa mophato wa ga Aguseto, Paulo le magolegwa mangwe a mangwe. 2 Ya re re palama mokoro o o tswang kwa Adaramitiama o o neng o tloga o ya kwa mafelong a a bapileng le losi lwa lewatle lwa kgaolo ya Asia, ra bolola ka mokoro, re na le Arisetareko Momakedonia yo o tswang Thesalonika. 3 Letsatsi le le latelang ra fologa kwa Sidona, mme Juliase a tshwara Paulo ka bopelonomi mme a mo letla go ya kwa ditsaleng tsa gagwe le go ipelela tlhokomelo ya bone. 4 Ya re re tloga koo ka mokoro ra tsamaya ka one re sireleditswe ke Kupero, ka gonne diphefo di ne di tlhabagana le rona; 5 mme ra tsamaya mo lewatleng re raletse bobidibidi jwa lewatle go bapa le Kilikia le Pamfilia mme ra ema fa boemelong jwa dikepe kwa Mira mo Likia. 6 Mme koo motlhankedi wa masole a bona mokoro o o tswang kwa Alekesanderia o o neng o ya Itali, mme a dira gore re o palame. 7 Mme, fa re sena go tsamaya ka bonya ka mokoro malatsi a le mantsi thata mme re tla mo Kinido ka bothata, ka gonne phefo e ne e sa re leseletse go tswelela, ra tsamaya ka one re sireleditswe ke Kereta kwa Salamone, 8 mme ya re re tsamaya go bapa le yone ka bothata ra tla mo lefelong lengwe le le bidiwang Magorogelo a Mantle, le gaufi le lone go neng go na le motse wa Lasea. 9 Ka go ne go fetile nako e telele mme mo nakong eno go ne go le diphatsa go tsamaya mo lewatleng ka gonne le go itima dijo [ga letsatsi la tetlano] go ne go setse go fetile, Paulo a dira kakantsho, 10 a ba raya a re: “Banna, ke lemoga gore go tsamaya mo lewatleng go tlile go baka tshenyegelo le tatlhegelo e kgolo e seng ya thoto le mokoro fela mme le ya meya ya rona.” 11 Le fa go ntse jalo, motlhankedi wa masole a utlwa mokgweetsi wa mokoro le mong wa sekepe go na le dilo tse di buiwang ke Paulo. 12 Jaanong e re ka boemelo jwa dikepe bo ne bo sa siamela gore go ka nniwa mo go jone mariga, bontsi jwa akantsha gore bo bolole ka mokoro go tswa koo, go bona fa e le gore ka tsela nngwe bo ne bo ka kgona go fitlha kwa Fonikise go ya go nna koo mariga, e leng boemelo jwa dikepe jwa Kereta jo bo bulegelang ntlheng ya bokonebotlhaba le ntlheng ya borwabotlhaba.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela