MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 PETERE 1-3
Nnang “lo Akantse Thata ka go Nna Gone ga Letsatsi la ga Jehofa”
Jehofa o tla diragatsa tshiamiso ka bonako le ka nako e e tshwanetseng. A ditiro tsa rona di bontsha gore re ipaakanyeditse letsatsi la ga Jehofa?
Go kaya eng go dira “[ditiro] tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo”?
Re tshwanetse go tshela ka melao ya ga Jehofa le go emela tumelo ya rona
Ka metlha re tshwanetse go dira ditiro tse di amanang le kobamelo ya rona, mme re tshwanetse go dira jalo re bonwa ke batho kgotsa re sa bonwe ke ope