LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr20 January ts. 1-12
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2020
  • Ditlhogwana
  • JANUARY 6-12
  • JANUARY 13-19
  • JANUARY 20-26
  • JANUARY 27–FEBRUARY 2
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2020
mwbr20 January ts. 1-12

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

JANUARY 6-12

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 1-2

“Jehofa o Dirile Gore go Nne le Botshelo mo Lefatsheng”

(Genesise 1:3, 4) Mme Modimo a re: “A go nne lesedi.” Mme ga nna lesedi. 4 Morago ga moo Modimo a bona gore lesedi le ne le le molemo, mme Modimo a dira gore lesedi le lefifi di kgaogane.

(Genesise 1:6) Mme Modimo a tswelela a re: “A go nne le phuthologo fa gare ga metsi mme a metsi a kgaogane le metsi.”

(Genesise 1:9) Mme Modimo a tswelela a re: “A metsi a a kafa tlase ga magodimo a phuthelwe mo lefelong le le lengwe mme a go bonale mmu o o omileng.” Mme ga nna jalo.

(Genesise 1:11) Mme Modimo a tswelela a re: “A lefatshe le dire gore bojang bo tlhoge, dimela tse di ntshang peo, ditlhare tsa maungo tse di ungwang maungo kafa mefuteng ya tsone, a peo ya one e leng mo go one, mo lefatsheng.” Mme ga nna jalo.

it-1-E 527-528

Popo

Mo Letsatsing la Ntlha fa Modimo a ne a re, “A go nne lesedi,” go ne ga nna le lesedi le le neng la bonesa mo marung le mo lefatsheng, le fa gone go ne go ise go bonale gore lesedi leo le tswa mo go eng. Go lebega seno se diragetse ka iketlo, fela jaaka moranodi mongwe yo o bidiwang J. W. Watts a ne a re: “Mme go ne ga nna le lesedi ka iketlo.” (Ge 1:3, A Distinctive Translation of Genesis) Modimo o ne a kgaoganya lesedi le lefifi, mme a bitsa lesedi a re ke Motshegare le lefifi a re ke Bosigo. Seno se raya gore lefatshe le ne le ntse le potologa letsatsi mme le tsamaya jalo lone ka bolone le ntse le dikologa. Mme seno se ne se dira gore mafelo a a kwa botlhaba le a a kwa bophirima a nne le lesedi le lefifi.—Ge 1:3, 4.

Mo Letsatsing la Bobedi, Modimo o ne a dira phuthologo kgotsa loapi gore “metsi a kgaogane le metsi.” Metsi a mangwe a ne a sala mo lefatsheng mme a le mantsi a ne a ya kwa godimo ga lefatshe mme karolo e e fa gare ga metsi ano e ne ya nna phuthologo kgotsa loapi. Modimo o ne a bitsa phuthologo kgotsa loapi Legodimo, mme ga se legodimo le le nang le dinaledi kgotsa masedi a mangwe ka gonne metsi a a neng a ya kwa godimo ga lefatshe ga a tlhalosiwe a na le dilo tseno.—Ge 1:6-8, Tswana Central.

Mo Letsatsing la Boraro, Modimo o ne a dirisa maatla a gagwe go phuthela metsi a a mo lefatsheng mo lefelong le le lengwe mme mmu o o omileng o ne wa bonala, Modimo o ne a o bitsa Lefatshe. Mo go lone letsatsi leo, ga go a itiragalela fela gore dilo di bo le di le gone kgotsa gore di iphetogele ka botsone go nna ditshedi tse dingwe, Modimo o ne a dira gore bojang, dimela le ditlhare di kgone go nna teng le gore di kgone go ata. Bojang, dimela le ditlhare, di ne di kgona go gola le go ungwa go ya “kafa mofuteng wa tsone.”—Ge 1:9-13.

(Genesise 1:14) Mme Modimo a tswelela a re: “A go nne le masedi mo phuthologong ya magodimo gore a kgaoganye motshegare le bosigo; mme a a nne ditshupo tsa dipaka le malatsi le dingwaga.

(Genesise 1:20) Mme Modimo a tswelela a re: “A metsi a nyeule bontsintsi jwa meya e e tshelang mme a dibopiwa tse di fofang di fofe fa godimo ga lefatshe mo phuthologong ya magodimo.”

(Genesise 1:24) Mme Modimo a tswelela a re: “A lefatshe le ntshe meya e e tshelang kafa mefuteng ya yone, seruiwa le phologolo e e tsamayang le sebatana sa naga sa lefatshe kafa mofuteng wa sone.” Mme ga nna jalo.

(Genesise 1:27) Mme Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.

it-1-E 528 ¶5-8

Popo

Gape mo go Genesise 1:16, ga go a dirisiwa lefoko la Sehebera e leng ba·raʼʹ, le le kayang “bopa” mme go dirisitswe lefoko ʽa·sahʹ, le le kayang “dira.” E re ka “magodimo” a a umakilweng mo go Genesise 1:1 a akaretsa letsatsi, ngwedi le dinaledi, seno se raya gore di ne di sa bolo go bopiwa pele ga Letsatsi la Bonê. Mo letsatsing la bonê, Modimo o ne a “dira” gore masedi ano a bonale mo lefatsheng le mo loaping. Fa go twe Modimo o ne a baya “masedi mo phuthologong ya magodimo gore a phatsime mo lefatsheng,” seno se raya gore a ne a simolola go bonala mo lefatsheng jaaka e kete a mo loaping. Gape masedi ano a ne a tla nna “ditshupo tsa dipaka le malatsi le dingwaga,” mme mo nakong e e tlang a ne a tla kaela batho ka ditsela tse di farologaneng.—Ge 1:14.

Mo Letsatsing la Botlhano, Modimo o ne a bopa diphologolo mo lefatsheng. Modimo ga a ka a dira gore setshedi se le sengwe se fetoge go nna ditshedi tse dingwe tse di farologaneng, mme o ne a dirisa maatla a gagwe go bopa ditshedi tse dintsi tota. Baebele ya re: “Mme Modimo a bopa ditshedi tse ditonatona tsa lewatle le meya yotlhe e e tshelang e e tsamayatsamayang, e metsi a neng a e nyeudisa kafa mefuteng ya yone, le sebopiwa sengwe le sengwe se se fofang se se nang le diphuka kafa mofuteng wa sone.” Modimo o ne a itumeletse dilo tse a neng a di bopile, ka jalo o ne a di segofatsa a bo a re, “lo ntsifale.” Mme seno se ne se ka kgonega ka gonne Modimo o bopile ditshedi tseno tse di farologaneng di na le bokgoni jwa go tsala go ya ‘kafa mefuteng ya tsone.’—Ge 1:20-23.

Mo Letsatsing la Borataro, “Modimo a dira sebatana sa naga sa lefatshe kafa mofuteng wa sone le seruiwa kafa mofuteng wa sone le phologolo nngwe le nngwe e e tsamayang ya lefatshe kafa mofuteng wa yone.” Dilo tseno di ne di le molemo fela jaaka dilo tse dingwe tsotlhe tse Modimo a neng a di bopile.—Ge 1:24, 25.

Kwa bofelong jwa letsatsi la borataro la fa Modimo a ntse a bopa dilo, o ne a bopa setshedi se sengwe se se sa tshwaneng le diphologolo mme se gaisiwa ke baengele. E ne e le motho yo o dirilweng mo setshwanong sa Modimo. Genesise 1:27 ya re Modimo o ne a “bopa monna le mosadi” mme pego e e tsamaisanang le yone ya Genesise 2:7-9 e tlhalosa gore Jehofa Modimo o ne a bopa motho ka mmu a bo a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe mme motho a nna moya o o tshelang. O ne a nna mo paradaiseng a bo a newa le dijo. Jehofa o ne a dirisa mmu fa a bopa Adame, go tswa foo o ne a dirisa kgopo ya gagwe go bopa mosadi. (Ge 2:18-25) Fa mosadi a sena go bopiwa, monna le mosadi ba ne ba kgona go ata go ya “kafa mofuteng” wa bone.—Ge 5:1, 2.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Genesise 1:1) Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.

w15 6/1 5

Kafa Saense e go Amang ka Gone

Lefatshe le lobopo di na le nako e kae di le teng?

Baitsesaense ba fopholetsa gore lefatshe le na le mo e ka nnang dingwaga di le dibilione di le 4, mme lobopo lone lo na le dingwaga di ka nna dibilione di le 13 go ya go 14 lo le teng. Baebele ga e na letlha le le bontshang gore lobopo lo bopilwe leng e bile ga go gope mo e reng lefatshe le na le dingwaga di le diketenyana fela le le teng. Temana ya ntlha ya Baebele ya re: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Mafoko ano a thusa baitsesaense go fopholetsa gore lefatshe le na le nako e kae le le teng ba dirisa melao ya bone ya saense.

(Genesise 1:26) Mme Modimo a tswelela a re: “A re dire motho mo setshwanong sa rona, kafa tshwanong ya rona, mme a ba laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le diruiwa le lefatshe lotlhe le phologolo nngwe le nngwe e e tsamayang mo lefatsheng.”

it-2-E 52

Jesu Keresete

Ga a bopa dilo ka boene. Le fa Morwa a ile a nna le seabe mo tirong ya go bopa le Rraagwe, seo ga se reye gore ke ene Mmopi. Maatla a go bopa a ne a tswa mo Modimong a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo, kgotsa maatla a gagwe a a dirang. (Ge 1:2; Pes 33:6) E re ka Jehofa e le Motswedi wa botshelo, ke ene a neileng ditshedi tsotlhe botshelo, tse di bonalang le tse di sa bonaleng. (Pes 36:9) Morwa e ne e se Mmopi, mme o ne a dira mmogo le Mmopi e bong Jehofa kgotsa Jehofa o ne a mo dirisa go bopa dilo tse dingwe. Jesu o ne a re Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe, mme Dikwalo tsotlhe di tlhalosa jalo.—Mat 19:4-6.

Mmalo wa Baebele

(Genesise 1:1-19) Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe. 2 Jaanong lefatshe le ne le tobekane fela le kgakgabetse e bile go le lefifi mo godimo ga bodiba jo bo boteng jwa metsi; mme maatla a a dirang a Modimo a ne a ya kwa le kwa mo godimo ga metsi. 3 Mme Modimo a re: “A go nne lesedi.” Mme ga nna lesedi. 4 Morago ga moo Modimo a bona gore lesedi le ne le le molemo, mme Modimo a dira gore lesedi le lefifi di kgaogane. 5 Modimo a simolola go bitsa lesedi Motshegare, mme lefifi lone a le bitsa Bosigo. Ga nna maitseboa ga ba ga nna moso, letsatsi la ntlha. 6 Mme Modimo a tswelela a re: “A go nne le phuthologo fa gare ga metsi mme a metsi a kgaogane le metsi.” 7 Mme Modimo a dira phuthologo a bo a kgaoganya metsi a a tshwanetseng go nna kwa tlase ga phuthologo le metsi a a tshwanetseng go nna kwa godimo ga phuthologo. Mme ga nna jalo. 8 Mme Modimo a simolola go bitsa phuthologo Legodimo. Ga nna maitseboa ga ba ga nna moso, letsatsi la bobedi. 9 Mme Modimo a tswelela a re: “A metsi a a kafa tlase ga magodimo a phuthelwe mo lefelong le le lengwe mme a go bonale mmu o o omileng.” Mme ga nna jalo. 10 Mme Modimo a bitsa mmu o o omileng Lefatshe, mme metsi a a phuthilweng a a bitsa Mawatle. Mo godimo ga moo, Modimo a bona fa go le molemo. 11 Mme Modimo a tswelela a re: “A lefatshe le dire gore bojang bo tlhoge, dimela tse di ntshang peo, ditlhare tsa maungo tse di ungwang maungo kafa mefuteng ya tsone, a peo ya one e leng mo go one, mo lefatsheng.” Mme ga nna jalo. 12 Mme lefatshe la simolola go ntsha bojang, dimela tse di ntshang peo kafa mofuteng wa tsone le ditlhare tse di ungwang maungo, a peo ya one e leng mo go one kafa mofuteng wa one. Mme Modimo a bona fa go le molemo. 13 Ga nna maitseboa ga ba ga nna moso, letsatsi la boraro. 14 Mme Modimo a tswelela a re: “A go nne le masedi mo phuthologong ya magodimo gore a kgaoganye motshegare le bosigo; mme a a nne ditshupo tsa dipaka le malatsi le dingwaga. 15 Mme e nne masedi mo phuthologong ya magodimo gore a phatsime mo lefatsheng.” Mme ga nna jalo. 16 Mme Modimo a dira masedi a mabedi a magolo, lesedi le legolwane gore le laole motshegare le lesedi le lebotlana gore le laole bosigo, a dira le dinaledi. 17 Modimo a a baya jalo mo phuthologong ya magodimo gore a phatsime mo lefatsheng, 18 le gore a laole motshegare le bosigo a bo a kgaoganye lesedi le lefifi. Mme Modimo a bona fa go le molemo. 19 Mme ga nna maitseboa ga ba ga nna moso, letsatsi la bonè.

JANUARY 13-19

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 3-5

“Ditlamorago Tse di Botlhoko Tsa Maaka a Ntlha”

(Genesise 3:1-5) Jaanong noga ya itshupa e le botlhajana thata mo dibataneng tsotlhe tsa naga tse Jehofa Modimo a di dirileng. Ka jalo ya raya mosadi ya re: “A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?” 2 Foo mosadi a raya noga a re: “Re ka ja leungo la ditlhare tsa tshingwana. 3 Mme fa e le go ja leungo la setlhare se se fa gare ga tshingwana, Modimo o rile, ‘Lo se ka lwa ja mo go sone, nnyaa, lo se ka lwa se ama gore lo se ka lwa swa.’” 4 Foo noga ya raya mosadi ya re: “Ruri ga lo kitla lo swa. 5 Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.”

w17.02 5 ¶9

Boikaelelo Jwa ga Jehofa bo Tla Diragadiwa!

9 Satane Diabolo o ne a dirisa noga go tsietsa Efa gore a se ka a ikobela Rraagwe e bong Jehofa. (Bala Genesise 3: 1-5; Tshen. 12:9) Satane o ne a tlhomolola ntlha ya gore batho ba ne ba sa letlelelwa go “ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana.” Go ne go ntse jaaka e kete o ne a raya Efa a re: ‘O raya gore ga lo kgone go dira se lo se batlang?’ Morago ga moo o ne a aketsa Efa jaana: “Ruri ga lo kitla lo swa.” Go tswa foo, o ne a leka go dira gore Efa a se ka a reetsa Modimo ka go mo raya a re: “Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega.” Satane o ne a dira gore go nne e kete Jehofa o ne a sa batle gore Adame le Efa ba je leungo leo ka gonne ba ne ba tla nna botlhale. Mo godimo ga moo, Satane o ne a baya Efa bobi mo matlhong ka go mo raya a re: “Lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.”

(Genesise 3:6) Ka gone mosadi a bona fa setlhare se le molemo go ka jewa le gore e ne e le selo se se eletsegang mo matlhong, ee, setlhare se ne se eletsega go lejwa. Ka jalo a tsaya leungo la sone mme a le ja. Morago ga moo a le naya le monna wa gagwe fa a ne a na le ene mme a le ja.

w00 11/15 25-26

Re ka Ithuta Sengwe mo Banyalaning ba Ntlha

A boleo jwa ga Efa e ne e le jo bo neng bo ka se ka jwa tilwa? Le e seng! Ipeye mo boemong jwa gagwe. Se noga e neng ya se bolela se ne se sokamisa sengwe le sengwe se Modimo le Adame ba se buileng. Wena o ne o tla ikutlwa jang fa motswakwa a latofatsa mongwe yo o mo ratang e bile o mo ikanya ka gore ga a ikanyege? Efa o ne a tshwanetse go itshwara ka tsela e e farologaneng, a tenege mme a galefe a bo a gane le go reetsa. Tota e bile, noga e ne e na le tshwanelo efe ya gore e belaele go siama ga Modimo le lefoko la monna wa gagwe? Ka go tlotla molaomotheo wa botlhogo, Efa o ne a tshwanetse go batla kgakololo pele ga a ka dira tshwetso. Le rona re tshwanetse go dira jalo fa go ka direga gore re fiwe tshedimosetso e e thulanang le ditaelo tse re di filweng ke Modimo. Le fa go ntse jalo, Efa o ne a ikanya mafoko a Moraedi, a batla go itirela tshwetso ka boene gore se se molemo le se se bosula ke sefe. Fa a ntse a nnela go akanya ka seo, kgang eo e ne ya mo kgatlha le go feta. A bo a ile a dira phoso jang ne ka go nnela go eletsa selo se se sa siamang, go na le gore a tlose kgang eo mo mogopolong wa gagwe kana go tlotla ka yone le tlhogo ya lelapa!—1 Bakorintha 11:3; Jakobe 1:14, 15.

Adame o Reetsa Lentswe la Mosadi wa Gagwe

Go ise go ye kae Efa o ne a tlhotlheletsa Adame gore a kopanele le ene mo boleong jwa gagwe. Re ka tlhalosa jang go nna bokoa ga gagwe a bo a ineela? (Genesise 3:6,17) Adame o ne a lebana le kgwetlho ya gore a ikanyege mo go mang. A o ne a tla utlwa Mmopi wa gagwe, yo o neng a mo file sengwe le sengwe, mmogo le molekane wa gagwe yo o rategang e bong Efa? A Adame o ne a tla batla kaelo ya Modimo malebana le gore a dire eng jaanong? Kana a monna yono o ne a tla kopanela le mosadi wa gagwe mo boleong? Adame o ne a itse sentle gore se mosadi wa gagwe a neng a solofetse go se bona ka go ja loungo lo lo ileditsweng a ka se ka a se bona. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale jaana: “Adame o ne a sa tsiediwa, mme mosadi o ne a tsiediwa ka botlalo mme a simolola go nna mo tlolong.” (1 Timotheo 2:14) Ka jalo Adame o ne a tlhopha ka boomo go tlontlolola Jehofa. Go bonala fa go boifa ga gagwe go kgaogana le mosadi wa gagwe go ne go gaisa tumelo ya gagwe ya gore Modimo o tla baakanya boemo.

(Genesise 3:15-19) Mme ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” 16 A raya mosadi a re: “Ke tla oketsa botlhoko jwa go ima ga gago fela thata; o tla tshola bana ka ditlhabi tsa pelegi, mme keletso ya gago e tla nna mo monneng wa gago, mme o tla go laola.” 17 Mme a raya Adame a re: “E re ka o reeditse lentswe la mosadi wa gago mme wa ja mo setlhareng se ke neng ka go naya taolo eno malebana le sone, ‘O se ka wa ja mo go sone,’ go hutsegile mmu ka ntlha ya gago. O tla ja maungo a one ka botlhoko malatsi otlhe a botshelo jwa gago. 18 O tla go medisetsa mitlwa le sitlwasitlwane, mme o tla ja dimela tsa naga. 19 O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.”

w12 9/1 4 ¶2

A Modimo o Amega ka Basadi?

A Modimo o hutsitse basadi?

Nnyaa. Go na le moo, Modimo o ‘hutsitse’ “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo.” (Tshenolo 12:9; Genesise 3:14) Fa Modimo a ne a re Adame o tla “laola” mosadi wa gagwe, o ne a sa bontshe gore o batla gore monna a gatelele mosadi. (Genesise 3:16) O ne a bolelela pele fela ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa boleo jwa banyalani ba ntlha.

w04 1/1 29 ¶2

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—I

3:17—Mmu o ne o hutsitswe ka tsela efe, e bile e le ka lobaka lo lo kana kang? Go hutsiwa ga mmu go ne go raya gore jaanong go ne go tla nna thata go o lema. Ditlamorago tsa mmu o o hutsitsweng, o o neng o na le mitlwa le sitlwasitlwane, di ne tsa utlwiwa thata ke ditlogolwana tsa ga Adame, mo e leng gore Lameke rraagwe Noa o ne a bua ka tsone a re ke “[botlhoko] jwa diatla tsa rona jo bo tswang mo mmung o Jehofa a o hutsitseng.” (Genesise 5:29) Jehofa o ne a segofatsa Noa le barwa ba gagwe morago ga Morwalela, a bo a ba itsise maikaelelo a gagwe a gore ba tlatse lefatshe. (Genesise 9:1) Go bonala phutso ya Modimo mo mmung e ne ya fela ka nako eo.—Genesise 13:10.

it-2-E 186

Ditlhabi Tsa Pelegi

Ke botlhoko jo mosadi a nnang le jone fa a belega. Fa mosadi wa ntlha e bong Efa a sena go leofa, Modimo o ne a mmolelela se se neng se tla direga fa a belega. Fa a ka bo a ile a reetsa, Modimo a ka bo a ile a mo segofatsa e bile o ne a tla itumela fa a ne a belega go se na botlhoko bope jo a bo utlwang ka gonne “tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.” (Dia 10:22) Mme jaanong seno se ne se tla raya gore mmele o ne o tla nna le ditlhabi ka gonne o na le boleo. Ka jalo, Modimo o ne a re (gantsi dilo tse Modimo a di letlang, di tlhalosiwa e le ene a di dirang): “Ke tla oketsa botlhoko jwa go ima ga gago fela thata; o tla tshola bana ka ditlhabi tsa pelegi.”—Ge 3:16.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Genesise 4:23, 24) Ka gone Lameke o ne a tlhamela basadi ba gagwe Ada le Sila mafoko ano: “Utlwang lentswe la me, lona basadi ba ga Lameke; Sekegelang lefoko la me tsebe: Ke bolaile monna ka ntlha ya go nkgobatsa, Ee, lekau ka ntlha ya go ntitaya. 24 Fa Kaine a tshwanetse go busolosediwa makgetlo a le supa, Lameke ene o tla busolosediwa makgetlo a le masome a supa le bosupa.”

it-2-E 192 ¶5

Lameke

Leboko le Lameke a neng a le tlhamela basadi ba gagwe (Ge 4:23, 24) le bontsha gore batho ba ne ba rata ntwa mo motlheng wa gagwe. Leboko la ga Lameke le ne le re: “Utlwang lentswe la me, lona basadi ba ga Lameke; sekegelang lefoko la me tsebe: Ke bolaile monna ka ntlha ya go nkgobatsa, ee, lekau ka ntlha ya go ntitaya. Fa Kaine a tshwanetse go busolosediwa makgetlo a le supa, Lameke ene o tla busolosediwa makgetlo a le masome a supa le bosupa.” Go lebega Lameke a ne a ipuelela gore ga a ka a bolaya motho ka boomo jaaka Kaine a ne a dira, mme o ne a iphemela. Lameke o ne a re o ne a iphemela ka go bolaya monna yo o neng a mo itaya a bo a mo gobatsa. Ka jalo, Lameke o ne a tlhama leboko leno gore a itshireletse mo mothong ope fela yo a neng a ka batla go ipusolosetsa ka gonne a bolaile monna yo o neng a mo tlhasela.

(Genesise 4:26) Le Sethe o ne a tsholelwa ngwana wa mosimane mme a mo raya leina a re Enoshe. Ka nako eo go ne ga simololwa go bitsa leina la ga Jehofa.

it-1-E 338 ¶2

Go Tlhapatsa

“Go bitsa leina la ga Jehofa” mo go neng ga simololwa ka nako ya ga Enoshe pele ga Morwalela, go tshwanetse ga bo go ne go sa dirwe ka tsela e e siameng ka gonne Abele o ne a sa bolo go bitsa Modimo ka leina la gagwe. (Ge 4:26; Bah 11:4) Go na le baitse bangwe ba ba reng go bitsa leina la Modimo ka tsela eo e ne e le go sa le dirise sentle e bile leina la ga Jehofa le ne le dirisiwa go bitsa motho yo mongwe kgotsa medingwana. Fa e le gore go ntse jalo, seo se raya gore fa motho a ne a dira jalo o ne a tlhapatsa.

Mmalo wa Baebele

(Genesise 4:17–5:8) Morago ga moo Kaine a tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe mme a ima a ba a belega Enoke. Mme a tshwarega mo go ageng motse mme a bitsa leina la motse oo ka leina la ga morwawe e bong Enoke. 18 Moragonyana Enoke a tsholelwa Irade. Mme Irade a nna rraagwe Mehujaele, Mehujaele a nna rraagwe Methushaele, Methushaele a nna rraagwe Lameke. 19 Mme Lameke a itseela basadi ba babedi. Leina la wa ntlha e ne e le Ada mme leina la wa bobedi e le Sila. 20 Fa nako e ntse e tsamaya Ada a belega Jabale. O ne a nna mosimolodi wa ba ba nnang mo megopeng e bile ba na le diruiwa. 21 Mme leina la ga morwarraagwe e ne e le Jubale. O ne a nna mosimolodi wa botlhe ba ba tsholang harepa le lotlhaka. 22 Fa e le Sila, le ene o ne a belega Tubale-kaine, mothudi wa sedirisiwa sa mofuta mongwe le mongwe sa kgotlho le tshipi. Mme kgaitsadie Tubale-kaine e ne e le Naama. 23 Ka gone Lameke o ne a tlhamela basadi ba gagwe Ada le Sila mafoko ano:

“Utlwang lentswe la me, lona basadi ba ga Lameke; sekegelang lefoko la me tsebe: Ke bolaile monna ka ntlha ya go nkgobatsa, ee, lekau ka ntlha ya go ntitaya. 24 Fa Kaine a tshwanetse go busolosediwa makgetlo a le supa, Lameke ene o tla busolosediwa makgetlo a le masome a supa le bosupa.” 25 Mme Adame a tlhakanela dikobo gape le mosadi wa gagwe mme a belega ngwana wa mosimane mme a mo raya leina a re Sethe, ka gonne, jaaka fa a ne a bolela: “Modimo o ntlhometse losika lo longwe mo boemong jwa ga Abele, ka gonne Kaine o ne a mmolaya.” 26 Le Sethe o ne a tsholelwa ngwana wa mosimane mme a mo raya leina a re Enoshe. Ka nako eo go ne ga simololwa go bitsa leina la ga Jehofa.

5 Eno ke buka ya polelo ya botshelo jwa ga Adame. Mo letsatsing le Modimo a neng a bopa Adame ka lone o ne a mo dira mo setshwanong sa Modimo. 2 A ba bopa monna le mosadi. Morago ga moo a ba segofatsa mme a ba raya leina a re Motho, mo letsatsing la go bopiwa ga bone. 3 Mme Adame a tswelela go tshela dingwaga di le lekgolo le masome a mararo. Mme a nna le ngwana wa mosimane yo o tshwanang le ene, a na le setshwano sa gagwe, mme a mo raya leina a re Sethe. 4 Mme malatsi a ga Adame fa a sena go nna rraagwe Sethe, a nna dingwaga di le makgolo a le robedi. Fa go sa ntse go ntse jalo, a nna le bana ba basimane le ba basetsana. 5 Ka jalo malatsi otlhe a ga Adame a a a tshetseng a ne a fitlha go dingwaga di le makgolo a le robongwe le masome a mararo mme a swa. 6 Sethe a tswelela go tshela dingwaga di le lekgolo le botlhano. Mme a nna rraagwe Enoshe. 7 Morago ga go nna rraagwe Enoshe, Sethe a tswelela go tshela dingwaga di le makgolo a le robedi le bosupa. Fa go sa ntse go ntse jalo, a nna le bana ba basimane le ba basetsana. 8 Ka jalo malatsi otlhe a ga Sethe a ne a fitlha go dingwaga di le makgolo a le robongwe le lesome le bobedi mme a swa.

JANUARY 20-26

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 6-8

“O ne A Dira Fela Jalo”

(Genesise 6:9) Eno ke polelo ya botshelo jwa ga Noa. Noa e ne e le monna yo o siameng. O ne a itshupa a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe. Noa o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.

(Genesise 6:13) Morago ga moo Modimo a raya Noa a re: “Bokhutlo jwa nama yotlhe bo tlile fa pele ga me, ka gonne lefatshe le tletse thubakanyo ka ntlha ya bone; mme bona, ke a ba senya mmogo le lefatshe.

w18.02 4 ¶4

Etsa Tumelo ya ga Noa, Daniele le Jobe

4 Dikgwetlho tse Noa a ileng a lebana le tsone. Ka nako ya ga rremogologolwane wa ga Noa e bong Enoke, batho ba ne ba dira dilo tse di bosula fela thata. Ba ne ba bua dilo “tse di tsitsibanyang” ka Jehofa. (Jude 14, 15) Batho ba ne ba rata ntwa. Tota e bile Baebele ya re ‘lefatshe le ne le tletse thubakanyo.’ Baengele ba ba bosula ba ile ba iphetola batho ba bo ba nyala basadi, mme ba ne ba nna le bana ba diganka ba ba ratang ntwa e bile ba le setlhogo. (Gen. 6:2-4, 11, 12) Noa o ne a sa tshwane le batho ba motlha oo. Baebele ya re: “Noa a bona kamogelo mo matlhong a ga Jehofa. . . . O ne a itshupa a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe. Noa o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.”—Gen. 6:8, 9.

(Genesise 6:14-16) Itirele araka ka dikgong tsa setlhare sa boroku. O dire diphaposana mo arakeng, mme o e bipe ka tere kafa teng le kafa ntle. 15 Mme eno ke tsela e o tla e dirang ka yone: boleele jwa araka e nne dikubita di le makgolo a le mararo, boatlhamo jwa yone dikubita di le masome a matlhano, mme bogodimo jwa yone dikubita di le masome a mararo. 16 O direle araka tso′har [borulelo; kgotsa, fensetere], mme o e wetse gore go sale selekanyo sa kubita go ya kwa godimo, mme o beye kgoro ya araka kafa letlhakoreng la yone; o e dire gore e nne le letlhatlaganyane le le kwa tlase, letlhatlaganyane la bobedi le letlhatlaganyane la boraro.

w13 4/1 14 ¶1

O ne A “Tsamaya le Modimo wa Boammaaruri”

Go aga araka go ne ga tsaya masome a dingwaga, gongwe dingwaga di le 40 go ya go di le 50. Ba ne ba tshwanetse go diga ditlhare, ba goga dikota, ba rema mesipuri ba e betla le go e kopanya. Araka e ne e tshwanetse go nna le dikarolo tse tharo tsa boalo, diphaposi di le mmalwa le kgoro ka fa letlhakoreng. Ga go pelaelo gore go ne go na le difensetere kwa godimo le borulelo jo bo neng bo dira setlhoa se se kwa godimonyana fa gare gore metsi a elele mo go jone.—Genesise 6:14-16.

(Genesise 6:22) Noa a dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. A dira fela jalo.

w11 9/15 18 ¶13

Sianang Lobelo ka Boitshoko

13 Ke eng se se thusitseng batlhanka bano ba ga Jehofa gore ba itshoke ba bo ba atlege mo lobelong? Ela tlhoko se Paulo a se kwadileng ka ga Noa. (Bala Bahebera 11:7.) Noa ‘o ne a ise a bone’ ‘morwalela wa metsi mo lefatsheng o o neng o tla senya nama yotlhe.’ (Gen. 6:17) E ne e le sengwe se se iseng se ko se direge pele ga foo. Le fa go ntse jalo, Noa ga a ka a tsaya gore ke sengwe se se ka se diregeng kgotsa se e bileng se ka se kgonege. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a na le tumelo ya gore Jehofa o tla diragatsa sengwe le sengwe se a se buileng. Noa ga a ka a akanya gore tiro e a neng a kopilwe go e dira, e ne e le thata. Go na le moo, o ne “a dira fela jalo.” (Gen. 6:22) Fa re akanya ka sotlhe se Noa a neng a tshwanetse go se dira—go aga araka, go phutha diphologolo, go kokoanya dijo tse batho le diphologolo ba neng ba tla di ja mo arakeng, go rera molaetsa wa tlhagiso le go boloka lelapa la gagwe le nonofile semoyeng—e ne e se kgetsi e e potlana go dira “fela jalo.” Le fa go ntse jalo, tumelo ya ga Noa le go itshoka ga gagwe go ne ga felela ka gore a tshele a bo segofadiwe, ene le lelapa la gagwe.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Genesise 7:2) O tseele kwa go wena phologolo nngwe le nngwe e e phepa ka bosupa le bosupa, e tonanyana le molekane wa yone; mme phologolo nngwe le nngwe e e seng phepa di le pedi fela, e tonanyana le molekane wa yone;

w04 1/1 29 ¶7

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—I

7:2—Pharologanyo e ne e le fa kae mo goreng a phologolo e phepa kana ga e phepa? Go bonala pharologanyo e ne e le mo tseleng e ditlhabelo di neng di dirisiwa ka yone mo kobamelong mme e seng mo goreng ke diphologolo dife tse di neng di ka jewa le gore ke dife tse di neng di ka se jewe. Nama ya diphologolo e ne e se karolo ya dijo tsa batho pele ga Morwalela. Dijo di ne tsa bolelwa di le “phepa” kana di “se phepa” fela fa go ne go kwalwa Molao wa ga Moshe, mme go ne ga khutla fa Molao oo o fedisiwa. (Ditiro 10:9-16; Baefeso 2:15) Go bonala fa Noa a ne a itse gore ke eng se se neng se tshwanelwa go ntshiwa setlhabelo mo kobamelong ya ga Jehofa. E ne ya re fela fa a sena go tswa mo arakeng, o ne a “simolola go agela Jehofa sebeso a bo a tsaya dingwe tsa diphologolo tsotlhe tse di phepa le tsa dibopiwa tsotlhe tse di fofang tse di phepa a bo a isa ditshupelo tse di fisiwang mo sebesong.”—Genesise 8:20.

(Genesise 7:11) Mo ngwageng wa bomakgolo a le marataro wa botshelo jwa ga Noa, mo kgweding ya bobedi, mo letsatsing la bolesome le bosupa la kgwedi, mo letsatsing leno metswedi yotlhe ya bodiba jo bogolo jo bo boteng jwa metsi e ne ya phunyega le dikgoro tsa morwalela tsa magodimo di ne tsa bulega.

w04 1/1 30 ¶1

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—I

7:11—Metsi a a neng a baka Morwalela wa lefatshe lotlhe a ne a tswa kae? Ka paka, kana “letsatsi” la bobedi la popo, fa “phuthologo” ya lefaufau ya lefatshe e ne e bopiwa, go ne go na le metsi “kwa tlase ga phuthologo” le metsi “kwa godimo ga phuthologo.” (Genesise 1:6, 7) Metsi a a “kwa tlase” e ne e le a a neng a ntse a le mo lefatsheng. Metsi a a “kwa godimo” e ne e le bongola jo bogolo jo bo neng bo le mo godimodimo ga lefatshe, a dira “bodiba jo bogolo jo bo boteng jwa metsi.” Metsi ano a ne a wela mo lefatsheng ka nako ya ga Noa.

Mmalo wa Baebele

(Genesise 6:1-16) Jaanong go ne ga diragala gore fa batho ba ne ba simolola go oketsega ka palo mo godimo ga lefatshe e bile ba tshola bana ba basetsana, 2 foo bomorwa Modimo wa boammaaruri ba simolola go bona bomorwadia batho, gore ba ne ba le bantle; mme ba itseela basadi, e leng, botlhe ba ba neng ba ba tlhopha. 3 Morago ga moo Jehofa a re: “Moya wa me ga o kitla o itshokela motho ka bosakhutleng ka gore le ene ke nama. Ka jalo malatsi a gagwe a tla fitlha go dingwaga di le lekgolo le masome a mabedi.” 4 Banefilime ba ne ba le mo lefatsheng mo metlheng eo, mme gape morago ga moo, fa bomorwa Modimo wa boammaaruri ba ne ba robala le bomorwadia batho mme ba ba tsholela bana ba basimane, e ne e le ba ba thata ba bogologolo, banna ba ba tumileng. 5 Ka gone Jehofa o ne a bona gore bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo ya gagwe e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe. 6 Mme Jehofa a ikutlwa a ikwatlhaya go bo a dirile batho mo lefatsheng, a utlwa botlhoko mo pelong. 7 Ka jalo Jehofa a re: “Ke tlile go nyeletsa batho ba ke ba bopileng ke ba tlosa mo godimo ga lefatshe, go simolola ka motho go fitlha ka seruiwa, go fitlha ka phologolo e e tsamayang le go fitlha ka sebopiwa se se fofang sa magodimo, ka gonne tota ke a ikwatlhaya go bo ke di dirile.” 8 Mme Noa a bona kamogelo mo matlhong a ga Jehofa. 9 Eno ke polelo ya botshelo jwa ga Noa. Noa e ne e le monna yo o siameng. O ne a itshupa a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe. Noa o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri. 10 Fa nako e ntse e tsamaya Noa a nna le bana ba le bararo ba basimane, Sheme, Hame le Jafethe. 11 Mme lefatshe le ne la senyega mo ponong ya Modimo wa boammaaruri, gape lefatshe le ne la tlala thubakanyo. 12 Ka jalo Modimo a leba lefatshe mme, bona! le ne le senyegile, ka gonne nama yotlhe e ne e sentse tsela ya yone mo lefatsheng. 13 Morago ga moo Modimo a raya Noa a re: “Bokhutlo jwa nama yotlhe bo tlile fa pele ga me, ka gonne lefatshe le tletse thubakanyo ka ntlha ya bone; mme bona, ke a ba senya mmogo le lefatshe. 14 Itirele araka ka dikgong tsa setlhare sa boroku. O dire diphaposana mo arakeng, mme o e bipe ka tere kafa teng le kafa ntle. 15 Mme eno ke tsela e o tla e dirang ka yone: boleele jwa araka e nne dikubita di le makgolo a le mararo, boatlhamo jwa yone dikubita di le masome a matlhano, mme bogodimo jwa yone dikubita di le masome a mararo. 16 O direle araka tso′har [borulelo; kgotsa, fensetere], mme o e wetse gore go sale selekanyo sa kubita go ya kwa godimo, mme o beye kgoro ya araka kafa letlhakoreng la yone; o e dire gore e nne le letlhatlaganyane le le kwa tlase, letlhatlaganyane la bobedi le letlhatlaganyane la boraro.

JANUARY 27–FEBRUARY 2

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 9-11

“Lefatshe Lotlhe Le ne La Tswelela Le na Le Puo e le Nngwe Fela”

(Genesise 11:1-4) Jaanong lefatshe lotlhe la tswelela le na le puo e le nngwe fela le mafoko a le mangwe fela. 2 Mme ga diragala gore fa ba tsere loeto ba ela ntlheng ya botlhaba kgabagare ba bona lebala la mokgatšha mo lefatsheng la Shinare, mme ba nna mo go lone. 3 Mme ba simolola go raana ba re: “Tlang! A re direng ditena mme re di beseng ka go di fisa.” Ka jalo setena e ne e le leje la bone, mme bitumena e ne e le seretse sa bone. 4 Jaanong ba re: “Tlang! A re ikageleng motse le tora e bogodimo jwa yone bo fitlhang kwa magodimong, mme a re itireleng leina le le tumileng, e se re kgotsa ra gasama mo godimo ga lefatshe lotlhe.”

it-1-E 239

Babelona yo Mogolo

Motse wa Bogologolo wa Babelona O ne O Ntse Jang? Motse wa Babelona o ile wa agiwa mo lefelong la Shinare le le bulegileng le le se nang ditlhare mme ka nako eo batho ba ile ba simolola go aga Tora ya Babele. (Ge 11:2-9) Maikaelelo a bone a go aga tora eo le motse oo e ne se gore ba batla go tlotlomatsa leina la Modimo mme ba ne ba batla go ‘itirela leina le le tumileng’. Go ile ga fitlhelwa ditora kgotsa dikago tse di bidiwang ziggurat kwa maropeng a Babelona wa Bogologolo le mafelo a mangwe kwa Mesopotamia. Seno se ile sa thusa babatlisisi gore ba lemoge gore Tora ya Babele e ne e amana le bodumedi. Jehofa Modimo o ne a thibela go agiwa ga Tora ya Babele, seno se bontsha gore o ne a sa dumalane le se se neng se dirwa kwa motseng oo wa Babele ka gonne bodumedi jwa maaka bo simologile koo. Ka Sehebera leina la motse oo ke Babele mme le kaya “Tlhakatlhakano.” Ka se Sumere (Ka-dingir-ra) le ka se Akkad (Bab-ilu) leina la motse oo le kaya “Kgoro ya Modimo.” Seno re raya gore batho ba ba ileng ba sala koo ba ile ba fetola leina la motse oo go leka go bipa boatla jo ba bo dirileng mme le morago ga gore leina leo le fetolwe, bokao jwa lone bo ne bo sa ntse bo amana le bodumedi.

it-2-E 202 ¶2

Puo

Pego ya lokwalo lwa Genesise e tlhalosa gore batho ba ba neng ba batla go tshela morago ga morwalela ba ne ba batla go aga tora mme maikaelelo a bone a ne a le kgatlhanong le thato ya Modimo e a neng a e boleletse Noa. (Ge 9:1) Go na le gore ba ate mme ba ‘tlatse lefatshe,’ ba ne ba batla gore batho ba tlale mo lefelong le le lengwe mme lefelo leo le ne la itsiwe e le Mabala a Shinare kwa Mesopotamia. Lefelo leo le tora eo, di ne di tla itsege ka bodumedi.—Ge 11:2-4.

(Genesise 11:6-8) Morago ga moo Jehofa a re: “Bona! Ke setšhaba se le sengwe fela e bile botlhe ba na le puo e le nngwe fela, mme seno ke se ba simololang go se dira. Aitsane, jaanong ga go na sepe se ba ka tswang ba gopotse go se dira se ba ka se kang ba se fitlhelela. 7 Tlang jaanong! A re fologeng mme re tlhakatlhakanyeng puo ya bone gore yo mongwe a se ka a reetsa puo ya yo mongwe.” 8 Ka jalo go tswa koo Jehofa a ba gasamisetsa mo godimo ga lefatshe lotlhe, mme kgabagare ba tlogela go aga motse.

it-2-E 202 ¶3

Puo

Modimo Mothatayotlhe o ile a dira gore batho ba ba neng ba aga Tora ya Babele ba se ka ba kgona go e fetsa, mme o ile a dira seo ka go tlhakatlhakanya puo ya bone. Dithulaganyo tsa bone di ile tsa itaya se fololetse mme ba ile ba feleletsa ba gasame mo lefatsheng lotlhe. Fa Modimo a ne a tlhakatlhakanya puo ya bone, o ile a dira gore ba se ka ba kgona go kopantsha ditlhogo, ba tla ka maano a bone ba dira dilo go ya ka kitso ya bone mme e seng ya Modimo. Jaanong seno se raya gore maikaelelo a bone a go nna kgatlhanong le taelo ya Modimo a ile a kgoreletsega. (Bapisa le Mor 7:29; Dut 32:5.) Le fa gone tlhakatlhakano eno ya dipuo e ile ya baka dikgaogano mo bathong, e ile ya thusa batho gore ba se ka ba fitlhelela maikaelelo a bone a a bosula. (Ge 11:5-9; bapisa le Isa 8:9, 10.) Gompieno batho ba na le kitso e ntsi, mme ba e dirisetsa go dira dilo tse di bosula. Fa re akanya ka seno, go raya gore Modimo ga a bolo go itse gore batho ba tla nna le kitso e ntsi ba bo ba sa e dirise sentle, ke ka moo a ileng a thibela batho go aga Tora ya Babele.

(Genesise 11:9) Ke gone ka moo leina la one le neng la bidiwa Babele, ka gonne Jehofa o ne a tlhakatlhakantse puo ya lefatshe lotlhe gone, e bile go tswa koo Jehofa o ne a ba gasamiseditse mo godimo ga lefatshe lotlhe.

it-2-E 472

Ditšhaba

E re ka jaanong batho ba ne ba bua dipuo tse di farologaneng, seno se ile sa dira gore ba dire dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng e bile go nne le ditso le madumedi a a farologaneng. (Lef 18:3) Batho ba ne ba tlogetse Modimo, ba bo ba itirela medingwana e mentsi.—Dut 12:30; 2Dik 17:29, 33.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Genesise 9:20-22) Jaanong Noa a simolola e le molemirui mme a jala tshimo ya mofine. 21 A simolola go nwa beine a ba a tlhapelwa, mme a ikapola a le mo teng ga mogope wa gagwe. 22 Moragonyana Hame rraagwe Kanana a bona bosaikategang jwa ga rraagwe mme a ya go bolelela bomorwarraagwe ba babedi kwa ntle.

(Genesise 9:24, 25) La bofelo Noa a tsoga mo beineng ya gagwe mme a itse se morwawe yo mmotlana thata a neng a se mo dirile. 25 Foo a re:“A go hutsege Kanana. A a nne motlhanka wa maemo a a kwa tlasetlase wa bomorwarraagwe.”

it-1-E 1023 ¶4

Hame

Go ka dira gore Kanana le ene a bo a dirile sengwe kgatlhanong le Noa mme rraagwe e bong Hame a bo a sa mo kgalemele. Kgotsa Noa a ka tswa a ile a bonela pele gore maikaelelo a a sa siamang a ga Hame a ne a fetetse mo go Kanana, ka jalo, go raya gore le losika lwa ga Kanana lo ne lo tla nna le maikaelelo ao a a sa siamang. Phutso eo e ile ya diragadiwa ka tsela nngwe fa Baiseraele bangwe ba ile ba dira gore Bakanana ba nne ka fa tlase ga taolo ya bone. Bakanana ba ileng ba se ka ba bolawa (ka sekai, Bagibeone [Jos 9]) ba ile ba nna makgoba a Baiseraele. Morago ga dingwaga di le dintsi, phutso eo e ile ya diragadiwa gape fa ditlogolwana tsa ga morwa Hame e bong Kanana di ne di nna ka fa tlase ga taolo ya ga Jafethe, ka nako ya puso ya Bameda le Baperesia, Gerika le ya Roma.

(Genesise 10:9, 10) O ne a iponatsa a le motsomi yo o thata kgatlhanong le Jehofa. Ke gone ka moo go nang le polelo e e reng: “Fela jaaka Nimerode motsomi yo o thata kgatlhanong le Jehofa.” 10 Mme tshimologo ya bogosi jwa gagwe e ne ya nna Babele le Ereke le Akade le Kalene, mo lefatsheng la Shinare.

it-2-E 503

Nimerode

Nimerode o ne a simolola go busa mo motseng wa Babele, Ereke, Akade le Kalene mo lefatsheng la Shinare. (Ge 10:10) E ka tswa e ne e le ene a ileng a ntsha taelo ya gore go agiwe motse wa Babele le tora ya one. Seno se dumalana le se Bajuda ba neng ba se dumela. Josephus o ne a kwala jaana: “[Nimerode] o ile a fetola tsela e dilo di neng di dirwa ka yone, o ne a dira seno ka go dira gore batho ba ikaega ka maatla a gagwe mme ba se ka ba tlhola ba boifa Modimo. O ne a re fa Modimo a ka tlisa morwalela gape; o ne a tla aga tora e morwalela o neng o ka se ka wa o khurumetsa gore a tle a ipusolosetse mo Modimong ka ntlha ya se se diragaletseng borraabonemogologolwane. Batho ba ne ba tlhopha go reetsa [Nimerode] ka gonne ba ne ba akanya gore fa o reetsa Modimo o lekgoba; ka jalo ba ile ba aga tora . . . mme ba ile ba e aga ka bonako tota.”—Jewish Antiquities, I, 114, 115 (iv, 2, 3).

Mmalo wa Baebele

(Genesise 10:6-32) Mme bomorwa Hame e ne e le Kushe le Miseraime le Pute le Kanana. 7 Mme bomorwa Kushe e ne e le Seba le Hafila le Sabatahe le Raama le Sabateka. Mme bomorwa Raama e ne e le Sheba le Dedane. 8 Mme Kushe a nna rraagwe Nimerode. E ne e le wa ntlha go nna yo o thata mo lefatsheng. 9 O ne a iponatsa a le motsomi yo o thata kgatlhanong le Jehofa. Ke gone ka moo go nang le polelo e e reng: “Fela jaaka Nimerode motsomi yo o thata kgatlhanong le Jehofa.” 10 Mme tshimologo ya bogosi jwa gagwe e ne ya nna Babele le Ereke le Akade le Kalene, mo lefatsheng la Shinare. 11 O ne a ya Asiria a tswa mo lefatsheng leo mme a simolola go aga Ninife le Rehobothe-Ire le Kala 12 le Resene fa gare ga Ninife le Kala: ono ke motse o mogolo. 13 Mme Miseraime a nna rraagwe Ludime le Anamime le Lehabime le Nafetuhime 14 le Paterusime le Kaseluhime (ba go duleng Bafilisitia mo go bone) le Kafetorime. 15 Mme Kanana a nna rraagwe Sidona leitibolo la gagwe, le Hethe 16 le Bajebuse le Baamore le Bagiregashe 17 le Bahife le Baarika le Basine 18 le Baarefade le Basemare le Bahamathe; morago ga moo malapa a Bakanana a gasama. 19 Ka jalo molelwane wa Bakanana o ne wa simolola kwa Sidona go fitlha kwa Gerare, gaufi le Gasa, go fitlha kwa Sodoma le Gomora le Adema le Seboima, gaufi le Lasha. 20 Bano e ne e le bomorwa Hame kafa malapeng a bone, kafa ditemeng tsa bone, mo mafatsheng a bone, ka ditšhaba tsa bone. 21 Mme Sheme, rremogologolwane wa bomorwa Ebere botlhe, morwarraagwe Jafethe yo mogolo mo go botlhe, le ene a tsholelwa bana. 22 Bomorwa Sheme e ne e le Elama le Aseshure le Arepakeshade le Lude le Arame. 23 Mme bomorwa Arame e ne e le Use le Hule le Gethere le Mashe. 24 Mme Arepakeshade a nna rraagwe Shela, mme Shela a nna rraagwe Ebere. 25 Mme Ebere a tsholelwa bana ba babedi ba basimane. Leina la yo mongwe e ne e le Pelege, ka gonne mo metlheng ya gagwe lefatshe le ne le kgaogane; mme leina la ga morwarraagwe e ne e le Joketane. 26 Mme Joketane a nna rraagwe Alemodade le Shelefe le Hasaremafethe le Jera 27 le Hadorame le Usale le Dikela 28 le Obale le Abimaele le Sheba 29 le Ofire le Hafila le Jobabe; botlhe bano e ne e le bomorwa Joketane. 30 Mme lefelo la bone la bonno le ne le simolola kwa Mesha le ya go fitlha kwa Sefare, kgaolo e e dithaba ya Botlhaba. 31 Bano e ne e le bomorwa Sheme kafa malapeng a bone, kafa ditemeng tsa bone, mo mafatsheng a bone, kafa ditšhabeng tsa bone. 32 Ano e ne e le malapa a bomorwa Noa kafa ditshikeng tsa malapa a bone, ka ditšhaba tsa bone, mme ditšhaba di ne tsa anama mo lefatsheng di tswa mo go bano morago ga morwalela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela