LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 6/1 ts. 3-5
  • Kafa Saense e go Amang ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Saense e go Amang ka Gone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A SAENSE KE MAKGONATSOTLHE?
  • Lobopo le Botshelo di Nnile Gone Jang?
    Tsogang!—2002
  • Go Letlanya Saense le Bodumedi
    Tsogang!—2002
  • Basupi ba ga Jehofa ba Ikutlwa Jang ka Saense?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 6/1 ts. 3-5
Kgatelopele ya saense e akaretsa dikoloi, GPS, disathalaete, difofane, dilo tse di dirisiwang go bona boboko

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A SAENSE E TSEETSE BAEBELE MAEMO?

Kafa Saense e go Amang ka Gone

Tlhalosi ya Medi ya Setswana ya re saense ke “dithuto le ditlhotlhomiso tsa maranyane.” Gantsi tiro eno ga e motlhofo e bile e opisa tlhogo. Go ka feta dibeke, dikgwedi kgotsa dingwaga baitsesaense ba leka go fitlhelela sengwe kgotsa ba dira diteko. Ka dinako dingwe ga ba kgone go bona tharabololo mme mo makgetlong a le mantsi ba tla ka dilo tse di solegelang batho molemo. Bona dikai di le mmalwa.

Khampani nngwe kwa Yuropa e dirisa polasetiki e e thata le disefenyana tsa polasetiki go dira sedirisiwa se se thusang motho gore a se ka a bobodisiwa ke go nwa metsi a a leswe. Didirisiwa tse di ntseng jalo di dirisitswe ka nako ya masetlapelo a tlholego, jaaka ka nako ya thoromo ya lefatshe ya kwa Haiti ka 2010.

Mo lefaufaung go na le dithulaganyo tsa disathalaete tse di bopang se go tweng ke Global Positioning System (GPS). Le fa gone GPS e ne e diretswe go thusa mo sesoleng, gape e thusa le ba ba dirisang dikoloi, bakgweetsi ba difofane, balaoladikepe, batho ba ba tsamayang mo dithabeng le batsomi go bona tsela. Re leboga baitsesaense ba ba tlhamileng GPS ka gonne e dira gore go nne motlhofo go ya gope fela kwa motho a batlang go ya gone.

A o dirisa founo, khomputara kgotsa Internet? A melemo mengwe e tokafaditse botsogo jwa gago kgotsa e go fodisitse? A o tle o palame sefofane? Fa go le jalo, o solegelwa molemo ke dingwe tsa ditsela tse saense e tokafatsang botshelo jwa batho ka tsone. Saense e amile botshelo jwa gago ka ditsela tse dintsi tse di molemo.

A SAENSE KE MAKGONATSOTLHE?

Baitsesaense ba motlha wa rona ba tsaya matsapa a go oketsa kitso ya bone ka go dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka popo. Bomankge b a fisikisi ya nuklea ba dira dipatlisiso tse dintsi go bona gore diatomo di dira jang, fa baithutadinaledi bone ba leka go tlhaloganya gore lobopo lo simologile leng ka go leba se se diragetseng mo dingwageng di le dibilione tse di fetileng. Fa baitsesaense ba dira dipatlisiso tse di tseneletseng mo dilong tse di sa bonweng le tse di ka se tshwarweng, ba re fa e le gore Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng o teng ba tshwanetse go mmona.

Baitsesaense le baitsefilosofi bangwe ba ba itsegeng ba dira dipatlisiso tse di oketsegileng. Ba dira se mokwadi mongwe wa saense yo o bidiwang Amir D. Aczel a reng ke “go batla bosupi jwa gore Modimo o teng.” Ka sekai, moitsefisikisi yo o itsegeng thata mo lefatsheng o ne a re “e re ka go se na bosupi jwa gore Modimo o bopile lobopo, seo se bontsha sentle gore ga go na modimo.” Bangwe ba re se Modimo a se dirileng ke “masaitseweng” le “maatla a a fetang a tlholego.”a

Le fa go ntse jalo, re ka botsa jaana: A saense e kgonne go dira dipatlisiso ka sengwe le sengwe ka popo mo e ka kgonang go dira ditshwetso tse di tlhomameng? Karabo e e motlhofo ke nnyaa. Saense e gatetse pele thata, mme baitsesaense ba le bantsi ba lemoga gore go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse di sa itsiweng gongwe e bile di tla nna e le masaitsiweng. Moitsefisikisi le mogapi wa sekgele sa Nobel e bong Steven Weinberg a re “re ka se kgone go tlhaloganya popo ka botlalo.” Molaodimogolo wa baithutadinaledi wa kwa Great Britain e bong Porofesa Martin Rees o ne a kwala jaana: “Go ka tswa go na le dilo tse batho ba ka se tsogeng ba di tlhalogantse.” Boammaaruri ke gore saense ga e kgone go tlhalosa dilo tse dintsi tsa tlhago, go tloga ka sele e nnye thata go fitlha ka lobopo lo logolo. Bona dikai tse di latelang:

  • DNA

    Baithutatshelo ga ba tlhaloganye ka botlalo se se diregang mo diseleng. Saense ga e ise e itse gore disele di bona maatla jang, di ntsha diporoteine jang le gore di ikgaoganya jang.

  • Mosimane a latlhela bolo fa fatshe

    Motsotswana mongwe le mongwe maatlakgogedi a ama botshelo jwa rona. Mme ke masaitseweng mo baitsefisikising. Ga ba itse sentle gore go tla jang gore maatlakgogedi a gogele motho kwa tlase fa a tlola kgotsa gore a dira jang gore ngwedi e nne e dikologa lefatshe.

  • Lobopo

    Baithutalobopo ba re mo e ka nnang diperesente di le 95 tsa dilo tse di dirang lobopo ga di bonale e bile didirisiwa tsa saense ga di kgone go di lemoga. Ba tlhalosa seno ka ditsela tse pedi, e le dilo tse go tsewang gore di dirile gore lobopo lo nne teng mme di sa bonale gape e le maatla a a laolang se se mo lefaufaung. Dilo tseno di sa ntse di sa itsiwe.

Go na le dilo tse dingwe tse di sa itsiweng tse di tlhakanyang baitsesaense tlhogo. Goreng re tshwanetse go itse seno? Mokwadi mongwe yo o itsegeng wa saense a re: “Dilo tse re sa di itseng di feta tse re di itseng kgakala. Ke akanya gore saense e tshwanetse go re kgatlha e bo e dire gore re batle go ithuta mo go oketsegileng go na le go gana dikgopolo tse disha.”

Ka jalo, fa e le gore o ipotsa gore a saense e tseela Baebele maemo e bile e dira gore batho ba se ka ba dumela mo Modimong, akanya ka seno: Fa e le gore baitsesaense ba ba botlhale ba ba dirisang didirisiwa tse di maatla ga ba kgone go tlhaloganya popo ka botlalo, a go tla bo go utlwala gore re se ka ra dira dipatlisiso tsa sengwe se se fetang se baitsesaense ba paletsweng ke go se bona? Buka ya tshedimosetso ya Encyclopedia Britannica e bua jaana e sa potapote kwa bofelong jwa setlhogo se se buang ka hisitori le go tlhabologa ga thutodinaledi: “Morago ga go dira dipatlisiso tsa thutodinaledi ka dingwaga di ka nna 4 000, lobopo lo sa ntse lo sa tlhaloganngwe jaaka mo motlheng wa Bababelona.”

Basupi ba ga Jehofa ba tsaya gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itirela tshwetso mo kgannyeng eno. Re ikemiseditse go latela kaelo eno ya Baebele: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Ke gone ka moo re go kgothaletsang gore o sekaseke bosupi jwa kafa Baebele le saense di dumalanang le go tshegetsana ka gone.

a Dithuto tsa kereke tse di neng di rutiwa mo nakong e e fetileng le gompieno, tse di jaaka gore lobopo lo simologile mo lefatsheng kgotsa gore Modimo o bopile lefatshe mo malatsing a le marataro a diura tse 24, di dirile gore batho ba tlhokomologe Baebele.—Bona lebokose le le reng “Dintlha Tsa Baebele Tse Saense e Dumalanang le Tsone.”

Dintlha Tsa Baebele Tse Saense e Dumalanang le Tsone

Baebele ga se buka ya saense. Le fa go ntse jalo, bakwadi ba yone ba akg ela ka dilo tse di ka kgatlhang baitsesaense gompieno. Dingwe tsa tsone ke tseno.

  • Lobopo

    Lefatshe le lobopo di na le nako e kae di le teng?

    Baitsesaense ba fopholetsa gore lefatshe le na le mo e ka nnang dingwaga di le dibilione di le 4, mme lobopo lone lo na le dingwaga di ka nna dibilione di le 13 go ya go 14 lo le teng. Baebele ga e na letlha le le bontshang gore lobopo lo bopilwe leng e bile ga go gope mo e reng lefatshe le na le dingwaga di le diketenyana fela le le teng. Temana ya ntlha ya Baebele ya re: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Mafoko ano a thusa baitsesaense go fopholetsa gore lefatshe le na le nako e kae le le teng ba dirisa melao ya bone ya saense.

  • Dithaba, dijalo le metsi

    Go bopa lefatshe gore batho ba nne mo go lone

    Genesise kgaolo 1 e dirisa lefoko “letsatsi” go tlhalosa dikgato tse di tserweng go bopa lefatshe gore ditshedi tse di farologaneng di nne mo go lone. Tiragalo ya bofelo ke ya go bopiwa ga batho. Baebele ga e bue gore “malatsi” a marataro a popo ke lobaka lo lo kae. Go na le moo, e letla baitsesaense go dira dipatlisiso le go tlhalosa gore ke lobaka lo lo kae. Ka jalo re a itse gore “malatsi” a popo a ne a le maleele go feta malatsi a diura di le 24.

  • Lefatshe

    Lefatshe ga le a tshegediwa ke sepe

    Baebele ya re lefatshe le ‘lepeletse mo go se nang sepe.’ (Jobe 26:7) Ga e bue sepe ka gore lefatshe le ntse mo magetleng a seganka sengwe kgotsa mo mekwatleng ya ditlou tse di emeng mo godimo ga khudu jaaka ditlhamane dingwe tsa bogologolo tse di tumileng di ne di bua. Mme Baebele e letla baitsesaense gore ba dire dipatlisiso. Fa nako e ntse e tsamaya, Nicolaus Copernicus le Johannes Kepler ba ne ba tlhalosa gore maatlakgogedi a dira jang gore dipolanete di dikologe letsatsi. Moragonyana Isaac Newton o ne a bontsha kafa maatlakgogedi a laolang dilo tsotlhe tse di mo lefaufaung ka gone.

  • Baketeria

    Ditaelo ka malwetse le bophepa

    Buka ya Lefitiko e na le ditaelo tse di neng di neilwe Baiseraele tsa gore ba ka thibela jang go anama ga malwetse, tse di akaretsang gore molwetse a nne kgakala le batho. Malebana le go tlosa leswe le go thibela malwetsi, molao o o mo go Duteronome 23:12, 13 o ne o laela Baiseraele gore ba ntshetse leswe kwa ntle ga bothibelelo jwa bone. Ba ne ba tshwanetse go ‘bipa mantle a bone’ mo mmung. Ke gone baitsesaense le dingaka ba neng ba lemoga botlhokwa jwa melao eo mo dingwageng di le 200 tse di fetileng.

Tshedimosetso ya Baebele e o sa tswang go e bala e kwadilwe makgolokgolo a mantsi a dingwaga a a fetileng. Go tlile jang gore bakwadi bao ba kwale tshedimosetso e e botlhokwa jalo fa batho ba ba rutegileng ba ne ba sa e itse? Mokwadi wa Baebele o araba jaana: “Jaaka magodimo a le kwa godimo ga lefatshe, fela jalo ditsela tsa me di kwa godimo ga ditsela tsa lona, le dikakanyo tsa me di kwa godimo ga dikakanyo tsa lona.”—Isaia 55:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela