LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • th thuto 13 ts. 16
  • Thusa Bareetsi go Dirisa Se ba Se Ithutang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa Bareetsi go Dirisa Se ba Se Ithutang
  • Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matseno a a Tsosang Kgatlhego
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Leka go Fitlhelela Pelo
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Nna Matlhagatlhaga
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Bua Dintlha Tse di Rutang Bareetsi
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
th thuto 13 ts. 16

THUTO 13

Thusa Bareetsi go Dirisa Se ba Se Ithutang

Temana e e umakilweng

Diane 3:21

KGANGKGOLO: Thusa bareetsi go tlhaloganya gore se o se buang se ba ama jang le kafa ba ka se dirisang ka gone.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Akanya ka bareetsi. Akanya ka lebaka la go bo ba tlhoka tshedimosetso eo le gore ke ntlha efe mo puong ya gago e e tla ba thusang thata.

  • Thusa bareetsi go lemoga se ba tshwanetseng go se dira. Mo puong ya gago, thusa moreetsi mongwe le mongwe gore a nne le boikutlo jwa gore, ‘Kgang eno e bua le nna.’ Fa o bua ka ntlha nngwe ya botlhokwa, thusa bareetsi go bona gore ba ka e dirisa jang. Se potologe, tlhamalatsa dintlha tsa gago.

    Kakantsho

    Thusa bareetsi ba gago go tlhaloganya melaometheo ya Baebele mme o dira jalo ka lorato le ka tsela e e bontshang gore o tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone. Go na le go dira gore bareetsi ba ikutlwe molato, ba thuse go nonotsha tumelo ya bone le tsela e ba ratang Modimo ka yone, o tlhatswegile pelo gore ba tla dirisa dilo tse ba di ithutileng.

MO BODIREDING

Fa o ipaakanyetsa go ya bodireding, akanya ka dilo tse go buiwang ka tsone mo dikgannyeng tsa bosheng le dilo tse batho ba ba mo tshimong ya lona ba ka kgatlhegelang go bua ka tsone. Tlotla ka dilo tse batho ba tshwenyegileng ka tsone. Botsa dipotso tse di tla dirang gore motho a bue ka dilo tse di mo tshwenyang le tse a di ratang. Fa a sena go araba, leka go bona gore o ka mo thusa jang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela