LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • th thuto 19 ts. 22
  • Leka go Fitlhelela Pelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leka go Fitlhelela Pelo
  • Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna Matlhagatlhaga
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Go Leka go Fitlhelela Pelo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Thusa Bareetsi go Dirisa Se ba Se Ithutang
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Kgothatsa Bareetsi e Bile o ba Age
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
th thuto 19 ts. 22

THUTO 19

Leka go Fitlhelela Pelo

Temana e e umakilweng

Diane 3:1

KGANGKGOLO: Thusa bareetsi go tlhaloganya se o se rutang le gore ba se dirise.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Thusa bareetsi go itlhatlhoba. Botsa bareetsi dipotso tse di tla ba thusang go itlhatlhoba.

  • Ba thuse gore ba nne le maitlhomo a a siameng. Rotloetsa bareetsi go itlhatlhoba, gore ba bone gore ke eng fa ba dira ditiro tse di molemo. Ba thuse gore ba dire dilo tse di molemo ka ntlha ya go bo ba rata Jehofa, ba rata batho le dithuto tsa Baebele. Ba thuse go bona gore Baebele ya reng. O se ka wa ba kgala. Go na le go ba tlhabisa ditlhong kgotsa go dira gore ba ikutlwe molato, ba kgothatse le go ba thusa gore ba dire ka natla.

  • Dirisa Baebele. Thusa bareetsi go tlhaloganya gore dithuto tsa Baebele, melaometheo le ditaelo tsa Modimo di bontsha dinonofo tsa gagwe le gore o a re rata. Dira gore bareetsi ba eletse go leba dilo jaaka Jehofa le go batla go mo itumedisa.

    Kakantsho

    Gopola gore Jehofa ke ene a gogelang batho mo phuthegong. Dirisa Lefoko la gagwe go kgothatsa bareetsi.

MO BODIREDING

Fa go kgonega, botsa dipotso go bona gore motho yo o buang le ene o dumela eng. Ela tlhoko tebego ya gagwe ya sefatlhego le segalo sa lentswe go bona gore o ikutlwa jang. Nna pelotelele. Fa o batla gore a go bulele mafatlha, o tshwanetse go dira gore a go tshepe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela